Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rre yo Bana ba mo Tlhokang

Rre yo Bana ba mo Tlhokang

 Rre yo Bana ba mo Tlhokang

BANA ba tlhoka rre yo o ba ratang, yo o iketleeditseng go ba tshegetsa le yo o dirang sotlhe se a ka se kgonang go ba thusa gore e nne bagolo ba ba nang le maikarabelo le ba ba ikanyegang. Mme ntlha eno ya gore bana ba tlhoka rre yo o ntseng jalo ga e tsewe tsia.

Ke boammaaruri gore bommè ke bone ba tsholang masea, e bile go botlhokwa gore motho e nne mmè yo o molemo. The Wilson Quarterly fa e bontsha gore borre le bone ba na le seabe sa botlhokwa fela jaaka bommè e ne ya re: “Go fokotsega ga seabe sa borre mo lelapeng ke gone go bakang mathata a a tshwenyang a a tlhasetseng setšhaba sa Amerika”—mme re ka oketsa ka gore, le mathata a a tlhasetseng lefatshe lotlhe.

Lekwalodikgang la Brazil la Jornal da Tarde le bega ka patlisiso e e neng ya lemoga gore bontsi jwa mathata a go tlhoka boitshwaro ga basha—a a jaaka go rata ntwa, boganana, go se ithute kwa sekolong le go se kgatlhegele dilo—gantsi “a bakwa ke go tlhoka rre.” Buka ya kwa Italy ya Gli imperfetti genitori (Batsadi Ba ba Sa Itekanelang), e e kwadilweng ke Marcello Bernardi e gatelela gore bana ba tlhoka batsadi ka bobedi gore ba gole sentle.

Botshelo Jwa Lelapa bo ka Tokafadiwa

Tota le fa rre yo o itlhokomolosang lelapa la gagwe e ka tswa e le ene a dirang gore le nne le mathata kgotsa e le ene yo segolobogolo a leng molato, seo ga se bolele gore mathata ao a ka se baakanngwe mme botshelo jwa lelapa le jone bo tokafadiwe. Seo se ka kgonega jang? Ke eng se rre a tshwanetseng go se dira?

Ruri bana ba batla gore dilo di dirwe ka thulaganyo mo lelapeng, ba ikutlwe gore ba tlhokometswe ke mongwe yo o amegang ka bone. Fa bana ba sa newe dilo tseno tse ba di tlhokang, jaaka fa gantsi go direga gompieno, seno se ama botshelo jwa bana ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga go sepe se se ka dirwang, go ka tswa go na le rre mo lelapeng kgotsa a seyo. Baebele mo go Pesalema 68:5 ya re: “Rraagwe basimane ba ba se nang rre ke Modimo mo bonnong jwa gagwe jo bo boitshepo.” *

Kafa o ka Bonang Thuso ka Gone

Bosupi jwa gore thuso ya Modimo e botlhokwa thata gore o atlege le gore e ka bonwa bo bontshiwa ke boemo jo bo tlhalositsweng ke Lidia, mosetsana wa kwa Poland yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Botshelo jwa lelapa la gaabo bo ne bo ntse jang? Modimo o ile a thusa jang lelapa leno?

Rraagwe Lidia, e bong Franciszek o a dumela gore fa bana ba gagwe ba ne ba sa le bannye, o ne a itlhokomolosa lelapa la gagwe, fela jaaka morwadie a ile a bolela. A re: “Ke ne ke se na sepe le gore bana ba rona ba dira eng. Ke ne ke sa ba bontshe lorato, mme ke ne ke se na kamano epe le bone.” Ka gone, o ne a sa itse gore fa Lidia a ne a le dingwaga tse 14, ene le monnawe wa mosimane le wa mosetsana ba ne ba setse ba tsamaya diphathi tse di modumo, ba goga motsoko, ba nwa bojalwa e bile ba nna le seabe mo dintweng tsa digongwana.

Kwa bofelong, Franciszek o ne a lemoga bothata jo bana ba gagwe ba neng ba tsena mo go jone, mme o ne a tshwenyega thata mo a neng a swetsa ka gore a dire sengwe ka bothata jono. A re: “Ke ne ka rapela Modimo ke kopa thuso.” Se se gakgamatsang ke gore moragonyana fela fa a sena go rapela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela kwa legaeng la gagwe, mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Fa nako e ntse e ya, batsadi ba ne ba simolola go dirisa se ba se ithutang mo botshelong jwa bone. Seno se ne sa ama bana jang?

Franciszek o tlhalosa jaana: “Ba ne ba simolola go lemoga gore ke ne ke tlogetse go nwa bojalwa le gore ke ne ke nna rre yo o botoka. Ba ne ba batla go itse Basupi ba ga Jehofa botoka. Le bone ba ne ba  simolola go ithuta Baebele mme ba tlogela ditsala tse di sa siamang.” Morwawe e bong Rafal, o bolela jaana ka rraagwe: “Ke ne ka simolola go mo rata jaaka tsala.” O oketsa jaana: “Go ise go ye kae ke fa ke sa tlhole ke tsaya segongwana se ke neng ke itsalantse le sone se le botlhokwa. Re ne re tshwaregile ka dilo tsa semoya.”

Gone jaanong Franciszek ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa, mme o sa ntse a dira dilo mmogo le lelapa la gagwe le go amega ka boemo jwa semoya jwa mongwe le mongwe mo go lone. Mosadi wa gagwe le Lidia ke babulatsela, bareri ba nako e e tletseng. Rafal le kgaitsadie yo mmotlana e bong Sylwia, ba nna le seabe ka moya otlhe mo thutong ya Baebele, go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go boleleleng ba bangwe ka tumelo ya bone.

O ne A Dira Se a Se Rutang

Akanya le ka se se diragaletseng Luis, e bong rraagwe Macarena. Gakologelwa gore ke mosetsana wa dingwaga di le 21 wa kwa Spain yo a neng a nopolwa mo setlhogong se se fetileng. Luis o ne a tshela ka tsela e rraagwe wa letagwa a neng a tshela ka yone. Jaaka fa Macarena a boletse, gantsi rraagwe o ne a tsamaya le ditsala ka lobaka lwa malatsi a le mantsi. Mo godimo ga moo, o ne a tshwere mosadi wa gagwe jaaka motlhanka go na le go mo tlotla jaaka molekane yo o ratiwang. Lenyalo la bone le ne le tloga le thubega, mme Macarena le bomonnawe ba ne ba tshwenyegile thata mo maikutlong.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Luis o ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Ke ne ka simolola go ipha nako le mosadi wa me le bana ba me. Re ne re tlotla mmogo, re ja mmogo le go ithuta Baebele mmogo. Gape re ne re thusana go dira ditiro tsa lelapa le go itapolosa mmogo.” Macarena a re: “Ke ne ka simolola go utlwa gore go na le rre mo lelapeng yo o amegang le yo o kgatlhegelang lelapa la gagwe tota.”

Go bonala sentle gore Luis ga a ka a kgothatsa lelapa la gagwe fela gore le direle Modimo mme le ene o ne a dirisa se a se rutang. Macarena o tlhalosa gore rraagwe o ne a tlogela “kgwebo e e gatetseng pele e e neng e mo jela nako e ntsi ka gonne o ne a batla go tlhokomela thata dilo tse di amanang le lelapa.” Matswela e ne ya nna a magolo tota. Macarena a re: “Sekao sa gagwe se nthutile gore ke se ka ka raraanya leitlho la me le gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele.” Gone jaanong ke mmulatsela, mme mmaagwe le bomonnawe ke maloko a a tlhagafetseng a phuthego ya Bokeresete.

Tshwetso ya Motsamaisimogolo wa Seteishene sa Terena

Go bonala sentle gore rre yo bana ba mo tlhokang ke yo o dirang ditshwetso a ntse a akantse ka kafa ditshwetso tseo di tla solegelang bana ba gagwe molemo ka gone. Takeshi Tamura, motsamaisimogolo wa Mojapane yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a na le morwa wa dingwaga tsa bolesome yo o neng a tsalane le batho ba boitsholo jo bo sa siamang mme go ne go bonala gore o ne a tlile go nna le mathata a a masisi. E ne e le ka 1986 fa Takeshi a dira tshwetso ya go tlogela tiro ya gagwe ya kwa Seteisheneng sa Terena sa Naga sa Japane. Gone jaanong Takeshi o ikutlwa jang ka tshwetso e a e dirileng dingwaga di feta 18 tse di fetileng?

Bosheng jaana o ne a re: “E ka tswa e le tshwetso e e molemo go gaisa e nkileng ka e dira. Go ipha nako e ntsi le morwaake le go dira dilo mmogo le ene, go akaretsa le go ithuta Baebele go ile ga thusa fela thata. Re ne ra nna ditsala, mme o ne a tlogela ditsala tsa gagwe tse di bosula le mekgwa e e sa siamang.”

Mosadi wa ga Takeshi ene o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa dingwaga di le mmalwa pele ga monna wa gagwe, mme boitshwaro jwa gagwe jo bo tlhomang sekao ke jone bo tlhotlheleditseng monna wa gagwe go sekaseka Baebele le go ipha nako e e oketsegileng le lelapa. Kgabagare ene, morwawe, le morwadie ba ne ba nna Basupi. Gone jaanong Takeshi le morwawe ke bagolwane mo diphuthegong tsa bone, mme mosadi wa gagwe le morwadie ke babulatsela.

 Borre ba Tlhoka Thuso

Le fa gone borre ba le bantsi ba lemoga gore ba itlhokomolosa bana ba bone, ga ba itse gore ba tshwanetse ba ba direla eng. Lekwalodikgang la Spain la La Vanguardia le ne le na le setlhogo se segolo se se reng, “Diperesente di le 42 Tsa Batsadi [ba Spain] ba a Dumela Gore ga ba Itse Gore ba ka Godisa Jang Bana ba Bone ba Dingwaga Tsa Bolesome.” Mme gone go ka buiwa se se tshwanang ka borre ba ba nang le bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tsa bolesome le ba bannye. Go farologana le kafa bontsi bo akanyang ka teng, bana bano le bone ba tlhoka go nna le rraabone yo o ineetseng le yo o ba kgatlhegelang.

Ke dilo dife tse dingwe tse di ka ithutiwang malebana le kafa motho e ka nnang rre yo o molemo ka teng? Ke bomang ba e leng dikao tse di molemo go gaisa tse borre ba ka di etsang, mme ke eng se se ka ithutiwang mo go bone? Setlhogo sa rona se se konelang se tla sekaseka dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Tsweetswee bona kgaolo e e reng “Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!” mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Borre ba ba ileng ba tlamela bana ba bone ka se ba se tlhokang

Franciszek le lelapa la gagwe

Luis le lelapa la gagwe

Takeshi le lelapa la gagwe