Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarolo Tse di Farologaneng Tsa Tlhaolele

Dikarolo Tse di Farologaneng Tsa Tlhaolele

 Dikarolo Tse di Farologaneng Tsa Tlhaolele

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

“Le fa o ka ntsha mekgwa yotlhe ya tlhaolele ka kgoro, e tla boa e tsena gape ka letlhabaphefo.”—Frederick yo Mogolo, Kgosi ya Prussia.

RAJESH o nna kwa Paliyad, e leng motsana mongwe kwa India. Fela jaaka go ntse le ka Maindia a mangwe a maemo a a kwa tlase, o tshwanelwa ke go tsamaya metsotso e le 15 go ya go gela ba kwa ga bone metsi. O tlhalosa jaana: “Ga re a letlelelwa go dirisa dipompo tsa mo motseng tse di dirisiwang ke bahumi.” Fa Rajesh a ne a sa ntse a tsena sekolo, ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba sa kgone le go tshwara bolo e bana ba bangwe ba neng ba tshameka ka yone. A re: “Rona re ne re tshameka ka matlapa.”

Christina ene, mosha mongwe yo o tswang kwa Asia mme a nna kwa Yuropa, a re: “Ke utlwa e kete batho ba ntlhoile, mme ga ke itse gore ba ntlhoetseng.” O oketsa jaana: “Go kgoba marapo tota. Mme gantsi fa ba dira jalo le nna ke innela fela ke le esi, mme seo le sone ga se nthuse ka sepe.”

Stanley, go tswa kwa Afrika Bophirima, ene a re: “Lekgetlho la ntlha fa ke lemoga ka tlhaolele ke fa ke ne ke na le dingwaga di le 16. Batho fela ba ke neng ke sa ba itse ba ne ba mpolelela gore ke tswe mo toropong e ke nnang mo go yone. Batho bangwe ba garona ba ne ba fisetswa matlo. Akhaonto ya ga rre ya banka e ne ya tswalwa. Mme seno sa dira gore ke tlhoe batho ba lotso lo lo neng lo re ila jaana.”

Rajesh, Christina le Stanley ba ne ba bontshiwa letlhoo la tlhaolele, mme ga se bone fela. Koichiro Matsuura, yo e leng mokaedi kakaretso wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization (UNESCO) o tlhalosa jaana: “Batho ba le dimilione di le makgolokgolo ba sa ntse ba boga ka ntlha ya go tlhaolwa ka ntlha ya lotso lwa bone, ba ilwa ka gonne e le batswakwa, le eleng go kgaphelwa kwa thoko. Mekgwa eno ya go tshwara batho jaaka e kete ke diphologolo, e e tlhotlhelediwang ke botlhokakitso le tlhaolele, e bakile dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa mo dinageng di le dintsi ya ba ya bakela batho pogisego e e seng kana ka sepe.”

Fa e le gore ga o ise o ke o tsamaye o bontshiwe tlhaolele epe, o ka nna wa go fitlhela go le thata go tlhaloganya gore go utlwala jang. Buka ya Face to Face Against Prejudice ya re: “Bangwe ba tshwanelwa ke go e itshokela ka tidimalo fela. Ba bangwe ba ipusolosetsa ka go bontsha tlhaolele e e feteletseng.” Tlhaolele e senya matshelo a batho ka ditsela dife?

Fa o le wa setlhotshwana se sennye, o ka nna wa fitlhela gore batho ba le bantsi ba a go efoga, ba go leba ka go go dilola, kgotsa ba bua dilo tse di nyatsang ka lotso lwa ga lona. Go ka nna ga nna boima go bona tiro, tiro fela e motho a ka e bonang e le ya maemo a a kwa tlase e ba bangwe botlhe ba sa e batleng. Ka dinako tse dingwe go nne thata le go bona bonno jo bo tshwanetseng. Bana ba gago ba ka nna ba ikutlwa e kete ke matlhaodi e bile ba kgaphetswe  kwa thoko ke bana ba bangwe ba ba tsenang sekolo le bone.

Se se maswe le go feta, tlhaolele e ka tlhotlheletsa batho go thubakana le eleng go bolaya ba bangwe. Ee, hisitori e tletse ka dikai di le dintsi tse di garolang pelo tsa thubakanyo e e bakwang ke tlhaolele—tse di akaretsang go bolawa ga batho ka dipalo tse dikgolo, go bolawa ga ditšhaba le se go tweng ke go ganyaolwa ga morafe.

Tlhaolele go Ralala Makgolokgolo a Dingwaga

Ka nako nngwe Bakeresete e kile ya bo e le bone batho ba bagolo ba letlhoo leno la tlhaolele le neng le bontshiwa mo go bone. Ka sekai, e ne ya re go ise go ye kae morago ga loso lwa ga Jesu, ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo. (Ditiro 8:3; 9:1, 2; 26:10, 11) Makgolo a le mabedi a dingwaga moragonyana ba ba neng ba ipitsa Bakeresete le bone ba ne ba tshwarwa setlhogo fela thata. Tertullian, yo e neng e le mokwadi wa lekgolo la boraro la dingwaga, o ne a kwala jaana: “Fela fa go na le leroborobo gongwe, ka bonako fela batho ba ne ba goa ba re, ‘A Bakeresete ba latlhelwe mo Ditaung.’”

Le fa go ntse jalo, go simolola ka lekgolo la bo11 la dingwaga fa go ne go simolola Dintwa Tsa Botlhabanelatumelo, Bajuda e ne ya nna bone setlhotshwana sa batho ba ba neng ba sa ratiwe mo Yuropa. Fa leroborobo la go ruruga ga dikgeleswa le ne le tlhasetse Kontinente eno, le bolaya mo e ka nnang kwatara ya batho mo dingwageng di le mmalwa fela, go ne ga nna motlhofo go pega Bajuda molato, ka ba ne ba ntse ba tlhoilwe go le gale. Jeanette Farrell mo bukeng ya gagwe ya Invisible Enemies o kwala jaana: “Leroborobo leno le ne la dira gore batho ba nne le lebaka la letlhoo, mme letlhoo leno le ne la dira gore batho ba ba tshabang leroborobo leno ba nne le yo ba ka mo pegang molato.”

Kgabagare monna mongwe wa Mojuda kwa borwa jwa Fora o ne a “ipobola” ka gonne a ne a tlhokofatswa, a bega gore Bajuda ke bone ba bakileng leroborobo leno ka go tshela botlhole mo didibeng. Gone mme seno e ne e se boammaaruri, mme se ne sa tsamaya se phasaladiwa go twe se boammaaruri. Go ise go ye kae Bajuda ba ne ba tsamaya ba bolawa kwa Spain, Fora le Jeremane. Go bonala go ne go se na ope yo o elang tlhoko se tota se bakang leroborobo leno—magotlo. E bile ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba lemoga gore Bajuda le bone ba ne ba swa fela jaaka ba bangwe botlhe, ba bolawa ke lone leroborobo leno!

Fela fa tlhase e le nngwe ya tlhaolele e ka simolola, e ka tswelela ka makgolokgolo a dingwaga e sa  iponatse. Mo garegare ga lekgolo la bo20 la dingwaga, Adolf Hitler o ne a tlhotlheletsa maikutlo a go ila Bajuda ka go pega Bajuda molato wa gore ke bone ba dirileng gore Jeremane e fenngwe mo Ntweng ya Lefatshe I. Kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II, Rudolf Hoess—molaodi wa masole a Banasi wa kampa ya pogisetso ya Auschwitz—o ne a dumela jaana: “Dilo tse re neng re di rutiwa mo sesoleng le tse re neng re rutiwa go di dumela di ne tsa dira gore re amogele fela gore re tshwanetse go sireletsa Jeremane mo Bajudeng.” Gore ‘go sirelediwe Jeremane,’ Hoess o ne a okametse letsholo la go nyeletsa batho ba ka nna 2 000 000, ba bontsi jwa bone e neng e le Bajuda.

Maswabi ke gore jaaka fa masome a dingwaga a ntse a feta, ditiro tsa bosetlhogo jo bo feteletseng ga di a ka tsa khutla. Ka sekai, ka 1994 go ne ga runya letlhoo le legolo kwa Afrika Botlhaba mo gare ga Batutsi le Bahutu, mme la bolaya bobotlana batho ba le halofo ya milione. Makasine wa Time o ne wa bega jaana: “Go ne go se na kwa batho ba ka tshabelang gone. Madi a ne a elela mo dikagong tsa dikereke, tsone dikereke tse batho ba le bantsi ba neng ba re ba tshabela mo go tsone. . . . Batho ba ne ba lwa ka matsogo, motho a lwa le motho, e bile e le ntwa e e tshosang, mofuta wa tshololo ya madi e e dirileng gore ba ba kgonneng go falola ba ipotse gore go diregang e bile ba feletswe le ke mafoko.” Tota le bana ba ne ba utlwisiwa botlhoko fela thata ke thubakanyo e e setlhogo eno. Moagi mongwe wa teng o ne a akgela a re: “Rwanda ke lefelo le lennye thata. Mme gone re na le letlhoo lotlhe le o ka le fitlhelang mo lefatsheng.”

Dintwa tse di bakileng go wa ga se e kileng ya bo e le Yugoslavia di ne tsa dira gore go bolawe batho ba feta 200 000. Batho ba ba neng ba tshedisana mmogo ka kagiso ka dingwagangwaga ba ne ba simolola go bolaana. Basadi ba le diketekete ba ne ba betelelwa, mme dimilionemilione tsa batho ba ne ba ntshiwa ka kgang mo magaeng a bone go dirisiwa molao o o setlhogo wa go ganyaolwa ga morafe.

Le mororo mefuta e le mentsi ya tlhaolele e sa felele ka gore batho ba bolawe, ka dinako tsotlhe e kgaoganya batho e bo e bake letlhoo mo gare ga bone. Pego nngwe e e neng ya tswa bosheng jaana ya UNESCO e ne ya tlhalosa gore le fa dinaga tsa lefatshe di kgona go dirisana mmogo, ‘go bonala tlhaolele ya mmala le lotso e ntse e oketsega mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.’

A go na le se se ka dirwang go fokotsa tlhaolele? Gore re arabe potso eo, re tshwanetse go bona gore tlhaolele e simolola jang mo megopolong le mo dipelong tsa batho.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Ditsela Tse Tlhaolele e Iponatsang ka Tsone

Mo bukeng ya gagwe ya The Nature of Prejudice, Gordon W. Allport o tlhalosa dilo di le tlhano tse motho a di dirang fa a na le tlhaolele. Gantsi motho yo o nang le tlhaolele o bontsha se le sengwe kgotsa go feta sa dilo tseno.

1. Puo e e nyatsang. Motho o bua ka go nyatsa ka batho ba setlhopha sengwe se a sa se rateng.

2. Go tila batho. O leka go se kopane le mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng seo.

3. Tlhaolele. O tima batho ba setlhopha seo ditshiamelo dingwe tsa tiro, tsa mafelo a go nna, kgotsa ditshwanelo tse di tshwanetseng go newa batho ba setšhaba.

4. Go ba tlhasela. O kopanela mo thubakanyong, e boikaelelo jwa yone e leng go tshosetsa batho ba a ba tlhoileng.

5. Kgailo ya batho. O kopanela mo mekgweng ya go bolawa ga digopa tsa batho e se kafa molaong, go bolaya ka kgailo, kgotsa dithulaganyo tse dingwe tsa go ripitla batho.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kampa ya batshabi ya Benaco, kwa Tanzania, ka May 11, 1994

Mosadi mongwe o ikaegile ka metomo ya gagwe ya metsi. Batshabi ba feta 300 000, ba bontsi jwa bone e leng Bahutu ba kwa Rwanda, ba kgabaganyetsa kwa Tanzania

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by Paula Bronstein/Liaison