Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Tlhagolela Lorato Lwa go Ithuta

Tsela ya go Tlhagolela Lorato Lwa go Ithuta

 Tsela ya go Tlhagolela Lorato Lwa go Ithuta

“Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”—DIANE 22:6, BAEBELE E E BOITSHEPO.

A O KILE wa leka go robatsa bana mme go na le sengwe se se kgatlhang se se diregang? Le mororo ba lapile, ba lela e bile ba sa iketla, ba tla leka ka natla gore ba nne ba thantse le go nna le seabe mo go se se dirwang. Mokwadi John Holt a re “ba tlhoka go tlhaloganya lefatshe le go nna le bokgoni mo go lone fela jaaka ba tlhoka go ja, go ikhutsa le go robala. Ka dinako tse dingwe ba tlhoka go tlhaloganya lefatshe go feta kafa ba tlhokang dilo tse dingwe tseno ka teng.”

Selo se se thata ke go dira gore bana ba tswelele ba na le keletso ya go ithuta, botshelo jotlhe jwa bone, go akaretsa le mo dingwageng tsa bone tsa sekolo. Le fa go se na mokgwa o e reng fa o o dirisa o bo o tlhomamisega gore o tla atlega, go na le ditsela di le dintsinyana tse di lekilweng tse batsadi, barutisi le bana ba ka di dirisang. Le fa go ntse jalo, tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ke go nna lorato.

Bontsha Bana Lorato Gore ba Dire Bojotlhe

Bana ba eletsa thata gore batsadi ba bone ba ba bontshe lorato. Fa batsadi ba ba rata, seno se dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile, ba bo ba iketleeletse go bua le batsadi ba bone, go ba botsa dipotso le go ithuta dilo. Lorato lo tlhotlheletsa batsadi go bua le bana ba bone ka metlha le go kgatlhegela thuto ya bone. Jaaka go bontshitswe mo bukeng ya Eager to Learn—Helping Children Become Motivated and Love Learning, dipatlisiso di bontsha gore “go lebega batsadi e le bone ba ba tlhotlheletsang bana thata go ithuta.” Ditlamorago tsa tlhotlheletso eo di bonala sentle fa batsadi ba dirisana le barutabana. Buka eno ya re: “Ga go na sepe se se ka thusang bana gore ba boe ba tlhoafalele go ithuta go feta fa batsadi le barutabana ba dirisana mmogo.”

Gape batsadi ba ama bokgoni jwa bana ba bone jwa go ithuta. Mo patlisisong e e dirilweng ka lobaka lo loleele mo malapeng a le 43, e e begilweng mo bukeng ya Inside the Brain, babatlisisi “ba ile ba lemoga gore bana ba batsadi ba bone ba neng ba bua le bone thata [mo dingwageng tsa bone tsa ntlha tse tharo tsa botshelo] ba ne ba le botlhale thata go feta bana ba batsadi ba bone ba neng ba sa bue le bone go le kalo.” Buka eno e tswelela e re “batsadi ba ba  buang le bana ba bone thata ba rata go akgola bana ba bone fa ba dirile sengwe, ba araba dipotso tsa bone, ba a ba kaela go na le go ba laela, e bile ba dirisa mafoko a mantsi a a farologaneng ba a kopanya ka ditsela tse di sa tshwaneng.” Fa o le motsadi, a o bua le bana ba gago ka metlha le ka tsela e e tla ba solegelang molemo?

Lorato lo Pelonomi e Bile lo a Akanyetsa

Bana ba na le bokgoni le ditalenta tse di sa tshwaneng. Ka tlholego fela, batsadi ba ka se ka ba batla go dira gore go se tshwane ga bana ba bone go ame tsela e ba ba bontshang lorato ka yone. Le fa go ntse jalo, gompieno gantsi batho ba lejwa go ya ka bokgoni jwa bone, mme go ya ka buka ya Thinking and Learning Skills, seno se ka dira gore bana bangwe “ba akanye gore ba tla tsewa ba le botlhokwa fa ba dira dilo botoka go feta ba bangwe.” Kgopolo eno ga e ka ke ya dira fela gore bana ba “boifisiwe motlhofo ke boikutlo jwa gore ba tla palelwa,” mme gape e ka dira gore ba ikutlwe ba tlaletswe le go ngomoga pelo. Makasine wa India Today o bolela gore tlalelo e e bakwang ke kgatelelo ya gore motho a dire sentle mo dithutong tsa gagwe le ke go se tshegediwe ke ba lelapa e dirile gore palo ya basha ba ba ipolayang e menagane gararo kwa India mo lobakeng lwa dingwaga di le 25 tse di fetileng.

Gape bana ba ka utlwa botlhoko thata fa go twe ke “dimatla” kgotsa “dieleele.” Go bua dilo tse di ntseng jalo tse di utlwisang botlhoko go kgoba bana marapo go na le gore go ba kgothaletse go ithuta. Le fa go ntse jalo, ka metlha lorato lwa motsadi lo tshwanetse go nna pelonomi, lo godise keletso ya tlholego e ngwana a nang le yone ya go ithuta—ka lobelo lwa gagwe, a sa boife gore o tla nyadiwa. (1 Bakorintha 13:4) Fa ngwana a na le bothata bongwe jwa go ithuta, batsadi ba ba lorato ba leka go mo thusa mme le ka motlha ga ba dire gore ngwana a ikutlwe e le seeleele kgotsa a se na mosola. Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa tlhoka gore batsadi ba nne pelotelele le go dira dilo ka botlhale, mme gone ga go pelaelo gore go dira jalo go ka solegela ngwana molemo thata. Motho a ka dira jang gore a nne le lorato lo lo ntseng jalo? Selo sa ntlha sa botlhokwa ke go leba dilo ka tsela ya semoya.

Go Leba Dilo ka Tsela ya Semoya go Dira Gore Motho a Nne Tekatekano

Bomoya jo bo theilweng mo Baebeleng bo solegela molemo thata ka ntlha ya mabaka a mantsinyana. Lengwe la mabaka ao ke gore bo re thusa go leba thuto ya lefatshe ka tsela e e tshwanetseng, gore re e tseye e le botlhokwa mme gone e se botlhokwa go feta dilo tsotlhe. Ka sekai, thuto ya dipalo e ka thusa motho ka ditsela tse dintsi, mme gone e ka se ka ya dira gore motho a nne le boitsholo jo bo siameng.

Gape Baebele e re kgothaletsa go nna tekatekano malebana le nako e re e dirisang mo dithutong tsa lefatshe, fa e re: “Go dirwa ga dibuka tse dintsi ga go na bokhutlo, mme go ineela thata mo go tsone go lapisa nama.” (Moreri 12:12) Ke boammaaruri gore bana ba tshwanetse go bona thuto e e siameng  ya motheo, mme seno ga se a tshwanela go ba jela nako yotlhe. Gape ba tlhoka go ipha nako ya go dira ditiro tse dingwe tse di molemo, segolo jang tsa semoya, tse di thapisang botho jwa bone.

Gape bomoya jo bo theilweng mo Baebeleng bo re thusa go nna boingotlo. (Mika 6:8) Batho ba ba boingotlo ba lemoga gore go na le dilo tse ba ka se kang ba kgona go di dira, mme ga ba raelesege go rata maemo le go nna le boikutlo jo bo sa siamang jwa go gaisana jo bo bonalang mo ditheong di le dintsi tsa thuto. Lokwalodikgang lwa India Today lo bolela gore mekgwa eno e e sa siamang “e dira gore batho ba tshwenyege thata mo maikutlong.” Le fa re ka tswa re le bannye kgotsa re le bagolo, re solegelwa molemo thata ke go tsaya tsia kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya Baebele: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.” “Mme a mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 5:26; 6:4.

Batsadi ba ka dirisa seno jang mo thutong ya bana ba bone? Ba ka dira seno ka go kgothaletsa gore mongwe le mongwe wa bone a ipeele mekgele mme a bapise tiro ya gagwe le e a setseng a e dirile. Ka sekai, fa e le gore bosheng jaana morwao o ne a kwala teko ya dipalo kgotsa ya go peleta, dira gore a bapise maduo a gagwe a gone jaanong le a nako e e fetileng. Go tswa foo mo akgole kgotsa o mo kgothatse ka tsela e e tshwanetseng. Fa o dira jalo, o mo thusa gore a ipeele mekgele e a ka kgonang go e fitlhelela, a ele tlhoko gore o gatela pele jang a bo a tokafatse mo a ka tswang a le bokoa gone, mme o sa mmapise le bana ba bangwe.

Le fa go ntse jalo, gompieno bangwe ba basha ba ba nang le bokgoni ba bona go le botoka gore ba se ka dira sentle kwa sekolong ka gonne ba boifa gore ba tla sotlwa ka mafoko. Basha bangwe ba simolola go nna le kgopolo ya gore, “Fa o dira sentle kwa sekolong o kwa morago.” A go leba dilo ka tsela ya semoya go ka thusa mo ntlheng eno? Ee ruri! Ela tlhoko Bakolosa 3:23 e e reng: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” A o akanya gore go na le lebaka le lengwe le le botlhokwa go feta la gore re ipedisa Modimo fa re dira ka natla? Go leba dilo ka tsela eno e e siameng go dira gore motho a nne le nonofo ya go emelana le kgatelelo e e sa siamang ya balekane.

Ruta Bana Gore ba Rate go Bala

Go bala le go kwala ke dilo tsa botlhokwa thata tse motho a di tlhokang go nna le thuto e e molemo—ya lefatshe le ya semoya. Batsadi ba ka dira gore bana ba rate go bala ka go ba balela dibuka go tloga boseeng. Daphne, yo tiro ya gagwe e leng go bala dikgatiso le go bona mo diphoso di leng teng, o itumelela gore batsadi ba gagwe ba ne ba mmalela ka metlha fa a sa le ngwana. A re: “Ba dirile gore ke rate go bala. Mme seno se ile sa dira gore ke kgone go bala le pele ga ke tsena sekolo. Gape batsadi ba me ba ile ba nthuta go dira dipatlisiso gore ke tle ke iponele dikarabo tsa dipotso tse ke nang le tsone. Thapiso eno e ntsholegetse molemo thata go tla go fitlha le gompieno.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Holt, yo o umakilweng kwa godimo, o tlhagisa gore go balela bana “ga se mofuta mongwe wa makgonatsotlhe.” Gape a re: “Fa e le gore batsadi le bana ga ba itumelele go bala, seno ga se kitla se tokafatsa seemo, go na le moo se tla dira gore se nne maswe le go feta. . . . Tota le bana ba ba ratang gore batsadi ba ba balele kwa godimo . . . ga ba itumele fa batsadi ba sa rate go dira jalo.” Ka gone, Holt o kgothaletsa gore batsadi ba tlhophe dibuka tse le bone ba di itumelelang, ba sa lebale gore bana ba ka nna ba batla go utlwa ba balelwa dibuka tseno gantsintsi! Dibuka tse pedi tse batsadi ba le dimilione di le dintsi mo lefatsheng ba itumelelang go di balela bana ba bone ke Ithute mo Morutising yo Mogolo le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, tse ka bobedi jwa tsone di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E re ka dikgatiso tseno di diretswe bana thata, di tletse ditshwantsho, di dira gore motho a akanye e bile di ruta melaometheo ya Modimo.

Mokeresete mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Timotheo, o ne a thusiwa thata ke go nna le mmè le mmèmogolo ba ba neng ba  kgatlhegela thuto ya gagwe thata, segolo jang ya semoya. (2 Timotheo 1:5; 3:15) Timotheo o ne a gola go nna motho yo o nang le boikarabelo ka tsela e e tlhomologileng tota e bile a ikanngwa—dinonofo tse thuto ya lefatshe ka boyone fela e ka se kang ya dira gore motho a nne le tsone. (Bafilipi 2:19, 20; 1 Timotheo 4:12-15) Gompieno, mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe go na le basha ba le bantsi ba ba molemo ba ba tshwanang le Timotheo—basimane le basetsana—ka ntlha ya batsadi ba ba lorato, ba ba ratang dilo tsa semoya.

Nna Matlhagatlhaga fa o Ruta!

Buka ya Eager to Learn e bolela gore morutisi yo o batlang gore baithuti ba gagwe ba rate go ithuta “o tlhoka fela go nna matlhagatlhaga. Ka go nna teng fela, barutisi ba ba matlhagatlhaga ba dira gore baithuti ba lemoge gore ba kgatlhegela se ba se rutang, mme seno se bonala mo tseleng e ba rutang ka tlhagafalo ka yone.”

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga se batsadi kgotsa barutabana botlhe ba ba leng matlhagatlhaga. Ka jalo, baithuti ba ba botlhale ba leka ka natla gore ba ithotloetse, ba lebe go ithuta e le boikarabelo jwa bone. Buka e e umakilweng kwa godimonyana e bolela gore tota e bile “ga go na motho ope yo o tla nnang le bana ba rona botshelo jotlhe jwa bone a ba thusa go ithuta, go dira tiro e e duleng diatla, go akanya le go dira maiteko a magolo a a dirang gore ba nne ditswerere tota.”

Ntlha eno e gatelela gape gore bana ba ka ithuta mekgwa e mentle kwa gae go feta kwa sekolong. Batsadi, a lo tlhagafalela go ithuta? A legae la lona ke lefelo le le siametseng go ithuta, lefelo le le gatelelang botlhokwa jwa dilo tsa semoya? (Baefeso 6:4) Se lebale gore sekao sa lona le tsela e lo rutang ka yone di tla tlhotlheletsa bana ba lona dingwaga di le dintsi morago ga gore ba fetse sekolo le go tswa mo gae.—Bona lebokoso le le reng “Malapa a a Kgonang go Ruta Bana,” mo go tsebe 23.

 Lemoga Gore Batho ba Ithuta ka Ditsela Tse di sa Tshwaneng

Ga go na batho ba babedi ba ba akanyang ka tsela e e tshwanang; mongwe le mongwe o na le tsela ya gagwe ya go ithuta. Se se solegelang motho yo mongwe molemo, se ka nna sa se ka sa solegela yo mongwe molemo ka tsela e e tshwanang. Ka gone, Dr. Mel Levine o bua jaana mo bukeng ya gagwe ya A Mind at a Time: “Go tshwara bana botlhe ka tsela e e tshwanang, tota ke go ba tshwara ka tsela e e sa lekaneng. Bana ba ithuta ka ditsela tse di sa tshwaneng; mme ba na le tshwanelo ya go rutwa ka tsela e e ba tshwanetseng.”

Ka sekai, batho bangwe ba tlhaloganya le go gopola dintlha botoka fa ba bona ditshwantsho. Ba bangwe ba fitlhela go le botoka go bala kgotsa go reetsa—kgotsa ba rata mekgwa eno fa e dirisiwa e le mebedi. Levine a re: “Tsela e e molemo thata ya go gakologelwa sengwe ke gore o se fetole, o fetole tshedimosetso ka tsela nngwe. Fa e le gore ke sengwe se o se bonang, dira gore e nne sengwe se o ka se tlhalosang ka mafoko, mme fa e le gore ke sengwe se o ka se tlhalosang ka mafoko, se direle setshwantsho.” Mokgwa ono o dira gore go ithuta go go solegele molemo e bile o dira gore o itumelele go ithuta.

Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa tshwanelwa ke go lekeletsa mekgwa eno go bona gore ke ofe o o ka go solegelang molemo thata. Hans, yo e leng modiredi wa Mokeresete wa nako e e tletseng, o ne a ithuta Baebele le monna mongwe  yo o godileng yo o sa rutegang go le kalo, e bong George. George o ne a na le bothata jwa go tlhaloganya dintlha le go di gakologelwa. Ka jalo, Hans o ne a leka go mmontsha dintlha tsa konokono ka go dira ditshwantshonyana mo pampiring. Hans o ne a re: “Seno se ne sa thusa George thata. Tota e bile, o ne a simolola go tlhaloganya dintlha le go di gakologelwa sentle thata mo a neng a sala a gakgametse! Fa ke sena go lemoga tsela e a akanyang ka yone, ke ne ka lemoga gore o ne a le botlhale go feta jaaka ke ne ke akanya pele. Go ise go ye kae o ne a simolola go itshepa, mme a simolola go tlhoafalela go ithuta go feta le fa e le leng pele.”

Thuto ga e Golelwe

Buka ya Inside the Brain e bolela jaana: “Se boboko bo kgonang go se dira se ikaegile ka gore bo a dirisiwa kgotsa nnyaa. Boboko ke sengwe se o tlhokang go se dirisa gore se se ka sa felelwa ke maatla, mme bo iketleeleditse go ithuta dilo tse disha.” Gape buka eno ya re: “Fela jaaka go ikatisa go dira gore batho ba ba mo dingwageng tsa bomasomeasupa le bomasomearobedi ba nne matlhagatlhaga, babatlisisi ba bontsha gore go ikatisa tlhaloganyo le gone go ka thusa boboko jwa motho yo o tsofalang. Ga go bolo go akanngwa gore motho fa a tsofala o simolola go tlhakana tlhogo ka tsela e e ka se kang ya kgona go busediwa morago. Mme gone, dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore [seno] se diragala ka go bo go ne go lebeletswe gore se tla direga, e leng se gantsi se bakwang ke go bo motho a sa dirise boboko jwa gagwe. Mo godimo ga moo, fa batho ba tsofala ga ba latlhegelwe ke disele di le dintsintsi tsa boboko letsatsi lengwe le lengwe, jaaka go ne go akanngwa pele.” Fa go ka direga gore boboko bo se dire sentle, gantsi seno e a bo e le letshwao la bolwetse, go akaretsa le bolwetse jwa pelo.

Ke boammaaruri gore tlhaloganyo ya motho e ka nna ya se ka ya bereka sentle mo dingwageng tsa botsofe, mme e seng ka selekanyo se segolo thata. Babatlisisi ba bolela gore boboko jo bo agang bo dirisiwa bo lwela gore bo se ka jwa felelwa ke maatla—mme seno se direga thata fa motho gape a na le thulaganyo e e molemo ya go ikatisa mmele ka metlha. Buka ya Elderlearning—New Frontier in an Aging Society ya re: “Fa motho a dirisa nako e ntsi a ithuta, seno se godisa bokgoni jwa gagwe jwa go ithuta. Baithuti ba ba molemo ke ba ba sa kgaotseng go ithuta.”

 Ntlha eno e ne ya bontshiwa kwa Australia mo patlisisong ya dingwaga di le 20 e e neng ya dirwa mo bathong ba ba nang le dingwaga di le 60 go ya go 80. Batho ba le bantsi ba ba neng ba dirisiwa mo patlisisong eno ba ne ba fokotsega botlhale ka peresente e le 1 fela ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, pego e bontsha gore “batho bangwe, go akaretsa le ba ba mo dingwageng tsa bo90, ba ne ba se ka ba fokotsega botlhale le e seng. Gantsi bano e ne e le batho ba ba kileng ba rutiwa ka mokgwa mongwe o o gagametseng o o akaretsang go ithuta puo e sele kgotsa seletswa sengwe sa mmino, kgotsa go di ithuta tsoopedi.”

George, yo o umakilweng kwa godimo, o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70 fa a ne a simolola go ithuta Lefoko la Modimo. Virginia, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo80, le monna wa gagwe yo o setseng a tlhokafetse e bong Robert, le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele ba setse ba tsofetse. Virginia a re: “Le fa Robert a ne a setse a batla a foufala, o ne a neela dipuo tse dikhutshwane tse di theilweng mo Baebeleng kwa Holong ya Bogosi, a di neela go tswa mo diaotlelaeneng tse a neng a di tshwere ka tlhogo. Ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke itumelele go bala, mme gone jaanong ke setse ke rata go bala thata. Tota e bile, ke phaketse ke badile makasine mongwe wa Tsogang! ka ba ka o fetsa.”

George, Robert le Virginia ke dikai di le tharo fela tsa batsofe ba le bantsi ba ba sa direng se batho ba bantsi ba tlwaetseng go se dira mme ba dirisa ditlhaloganyo tsa bone ka botlalo. Dipatlisiso di bontsha gore boboko bo na le maatla a magolo mo e leng gore dilo tse motho a di ithutileng mo dingwageng di le 70 kgotsa di le 80 di tshwana le lerothodi la metsi mo tankeng e kgolo ya metsi—di dinnye tota. Ke eng fa boboko bo na le maatla a magolo jaana? Tsweetswee nna o balele pele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21, 22]

Internet le Thelebishene—A di Mosola Kgotsa di Kotsi?

Buka ya A Mind at a Time ya re: “Go dirisa Internet go a thusa mme gape go ka nna kotsi. Go ithuta go batla tshedimosetso go ka thusa thata, mme buka eno e tlhalosa gore baithuti bangwe ba “dirisa khomputara go tsaya tshedimosetso fela jaaka e ntse ba sa e tlhaloganye kgotsa ba sa kgone go e amanya le se ba setseng ba se itse. Ka jalo, seno se ka baka kotsi ya gore motho a itlwaetse go ithuta a sa tsenye marapo dinameng kgotsa le e leng go tsaya tshedimosetso ya motho yo mongwe a bo a e dirisa jaaka e kete ke ya gagwe.”

Babatlisisi ba bolela gore fa motho a fetsa nako e ntsi thata a lebelela thelebishene, seno se ka dira gore a felelwe ke bokgoni jwa go rarabolola mathata le go reetsa sentle, se ka dira gore a se ka a dirisa tlhaloganyo ya gagwe go le kalo e bile ga se tokafetse botho jwa gagwe. Buka ya Eager to Learn ya re: “Fela jaaka go ntse ka disekerete, dithelebishene di tshwanetse go tla di kwadilwe mafoko a a tlhagisang kafa di leng kotsi ka teng mo bathong ba ba di lebelelang.”

Buka e nngwe e bolela gore se bana ba se tlhokang thata ke “go tlwaediwa puo (fa go tlotlwa le fa go balwa), go ratiwa le go tlamparelwa gantsintsi ka lorato.”

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Malapa a a Kgonang go Ruta Bana

Mekgwa le dintlha tse di latelang di ka thusa batsadi go ruta bana ba bone:

▪ Go itsise bana ka lorato e bile e le ka metlha gore o lebeletse gore ba dire sentle mo dithutong le mo boitshwarong

▪ Go thusa bana go nna le boikutlo jwa gore go dira ka natla ke gone go ka dirang gore ba atlege

▪ Go nna matlhagatlhaga mo botshelong, e seng go nna fela o sa dire sepe

▪ Go dira gore bana ba fetse diura di le dintsi ba ithutela mo gae beke nngwe le nngwe le go dira dilo tse di akaretsang tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, go itlosa bodutu ka go bala le ka ditiro tse dingwe le go ba thapisetsa go dira ditiro dingwe tsa legae

▪ Go leba lelapa e le lefelo la go tshegetsana le la go thusana go rarabolola mathata

▪ Go nna le melao ya legae e bana ba e tlhaloganyang sentle le e batsadi ba tlhomamisang gore e a dirisiwa ka metlha

▪ Go ikgolaganya gangwe le gape le barutabana

▪ Go gatelela botlhokwa jwa go gola semoyeng

[Setshwantsho]

Batsadi, a lo ruta bana ba lona gore ba itumelele go bala?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dintlha tseno di theilwe mo bukeng ya Eager to Learn—Helping Children Become Motivated and Love Learning.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ditsela Tsa go Tokafatsa Mokgwa wa go Ithuta le go Dira Gore go Nne Monate

Nna le Kgatlhego Fa o kgatlhegela sengwe, seno se dira gore go nne motlhofo gore o se ithute. Buka ya Motivated Minds—Raising Children to Love Learning e bolela jaana: “Babatlisisi ba bontshitse ka tlhomamo gore fa bana ba ithuta ka gonne ba itumelela go dira jalo, seno se dira gore se ba se ithutang se kgone go tsenelela, se nne le bokao e bile se nnele ruri. Gape ba ithuta ba sa kgaotse, ba itlhamela dilo e bile ba tlhoafalela go dira tiro e e tlhokang gore ba dirise tlhaloganyo thata.”

Bapisa Se o Se Ithutang Le se Se Diregang mo Botshelong Richard L. Weaver II yo e leng mokwadi e bile e le morutisi o kwala jaana: “Fa baithuti ba tsaya se ba se ithutang mo tlelaseng ba bo ba se amanya le se se diregang mo botshelong, seno se tshwana le tlhase ya motlakase e e tshubang lebone, mme se dira gore ba kgone go tlhaloganya se ba se ithutang.”

Leka go Tlhaloganya Fa batho ba leka go tlhaloganya sengwe, ba dirisa bokgoni jwa bone jwa go akanya le jwa go gakologelwa dilo. Ka dinako tse dingwe go siame gore o ithute ka go boaboeletsa sengwe gore o tle o se gopole, mme gone o sa ntse o tlhoka go tlhaloganya se o se ithutang. Diane 4:7, 8 ya re: “Mmogo le sotlhe se o se bapalang, o bapale tlhaloganyo. [E] tseele kwa godimo, mme [e] tla go godisa.”

Tlhoma Mogopolo Buka ya Teaching Your Child Concentration e tlhalosa jaana: “Selo sa botlhokwa thata se motho a tshwanetseng go se dira fa a ithuta ke go tlhoma mogopolo. [Go tlhoma mogopolo] go botlhokwa thata mo go ileng ga twe ke sengwe sa konokono se se tlhokegang gore motho a nne botlhale e bile go ile ga tshwantshiwa le botlhale ka bojone.” O ka kgona go ithuta go tlhoma mogopolo. Selo sa botlhokwa se se ka go thusang ke go simolola o tsaya nako e khutshwane go ithuta mme fa nako e ntse e ya o bo o oketsa nako e o ithutang ka yone.

Tlhalosa ka Mafoko a Mangwe Dr. Mel Levine o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya A Mind at a Time: “Baithuti ba ba ditswerere ke ba ba nang le bokgoni jo bogolo jwa go tlhalosa dilo ka mafoko a mangwe.” Fa motho a tlhalosa dilo ka mafoko a mangwe o sobokanya tshedimosetso, o e rulaganya ka dikarolwana tse di motlhofo go di ithuta le go di gakologelwa. Batho ba ba nang le bokgoni jwa go kwala dintlha sentle ba dirisa molaomotheo ono ka gore ba se ka ba kwala sengwe le sengwe se se buiwang.

Amanya Dintlha Mo bukeng ya The Brain Book, Peter Russell o tshwantsha dilo tse motho a di gopolang le dikgogetsi tse di tshwareletseng mo dilong tse motho a neng a di gopola mo nakong e e fetileng. Ka bokhutshwane fela, motho o kgona go godisa bokgoni jwa gagwe jwa go gakologelwa dilo fa a tsaya dilo tse disha tse a di ithutang a bo a di amanya le se a setseng a se itse. Fa o nna o amanya dintlha jalo, seno se tla dira gore o kgone go di gakologelwa motlhofo.

Itirele Setshwantsho sa Mogopolo Ditshwantsho tse di bonalang sentle di nnela ruri mo mogopolong. Ka jalo, itirele setshwantsho sa mogopolo mo go kgonegang teng. Bomankge ba ba ithutang mogopolo ba dirisa mokgwa ono, gantsi ba itirela ditshwantsho tsa mogopolo tse di feteletsang dilo kgotsa tse di tshegisang gore di ba thuse go gakologelwa dilo.

Boeletsa Dintlha Go ka direga gore mo diureng di le 24 re lebale diperesente di le 80 tsa dilo tse re neng re di ithuta. Fa re boeletsa dintlha ka bokhutshwane morago ga go ithuta, go tswa foo re bo re di boeletsa gape morago ga letsatsi, beke, kgwedi le e leng morago ga dikgwedi di le thataro, seno se re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go gakologelwa dilo, e bile se dira gore re kgone go gakologelwa mo e ka nnang sengwe le sengwe se re neng re se ithuta.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Batsadi le barutabana ba tshwanetse go dirisana mmogo go thusa bana go ithuta

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go tsofala ga go a tshwanela go kgoreletsa motho go ithuta