Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

dinako tse dingwe ke ipotsa gore a go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go maswe go le kalo, segolobogolo fa ke ikutlwa ka tsela e e sa tlwaelegang ka go bo ke ise ke tsamaye ke tlhakanele dikobo le ope.”—Jordon. *

Kelly a re: “Ke utlwa e kete nka tlhakanela dikobo le mongwe. Ke akanya gore rotlhe re na le maikutlo a tlholego a go tlhakanela dikobo.” O tswelela pele jaana: “Gongwe le gongwe kwa o yang gone, sengwe le sengwe ke ka tlhakanelodikobo!”

A O A tle o ikutlwe jaaka Jordon le Kelly? Totatota, dingwao tsa bogologolo le melao tse pele di neng di kgala tlhakanelodikobo pele ga lenyalo di nyeletse. (Bahebera 13:4) Patlisiso nngwe kwa nageng nngwe ya kwa Asia e ne ya senola gore bontsi jwa basimane ba dingwaga di le 15 go ya go 24 ba ne ba dumela gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga se fela gore go a amogelega mme gape go ne go lebeletswe gore ba go dire. Ga go gakgamatse gore go ralala lefatshe lotlhe basha ba le bantsi ba kile ba tlhakanela dikobo pele ga ba tshwara dingwaga di le 19.

Go na le basha ba ba tilang go tlhakanela dikobo mme ba dira ditiro tse dingwe tsa tlhakanelodikobo tse di tshwanang le go tshwaratshwarana dirwe tsa tlhakanelodikobo. Pego nngwe e e sa itumediseng mo The New York Times e bontsha gore “tlhakanelodikobo e e dirwang ka molomo e setse e le sengwe se se dirwang se se isang mo go tlhakaneleng dikobo, se basha ba le bantsi ba se tsayang e le mokgwa o o dirang gore motho a se ka a atamalana thata le yo mongwe, o o seng kotsi go le kalo jaaka tlhakanelodikobo . . . [mme] e le tsela ya go tila go ima le gore ba se ka ba latlhegelwa ke bokgarebane jwa bone.”

Mme Mokeresete o tshwanetse go leba jang go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? Go tweng ka ditiro tse dingwe tsa tlhakanelodikobo? A Modimo wa di amogela? A go babalesegile go di dira? A ke boammaaruri gore di dira gore ba se ka ba latlhegelwa ke bokgarebane jwa bone?

Se Kgokafalo e se Akaretsang

Karabo e e tshwanetseng malebana le dipotso tseno e ka tswa fela mo Mmoping wa rona—Jehofa Modimo. Mme mo Lefokong la gagwe o re bolelela gore re ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Totatota seno se bolelang? Lefoko la Segerika le le ranolwang ka gore “kgokafalo” ga le a lebisiwa fela mo go tlhakaneleng dikobo mme le akaretsa le ditiro di le dintsi tse di maswe tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo fa batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo ka molomo kgotsa ba tshwaratshwarana dirwe tsa tsalo, ba gokafala.

A mme tota ba sa ntse ba ka tsewa gore e sa ntse e le makgarebane—ke gore mo matlhong a Modimo? Mo Baebeleng lefoko “kgarebane” le dirisiwa go tshwantshetsa go itsheka mo boitsholong. (2 Bakorintha 11:2-6) Mme gape le dirisiwa ka tsela ya mmatota. Baebele e bua ka lekgarebe le le bidiwang Rebeka. Ya re e ne e le “kgarebane, e bile go ne go se na monna ope yo o kileng a tlhakanela dikobo le ene.” (Genesise 24:16) Se se kgatlhang ke gore mo Sehebereng sa ntlhantlha, go bonala lefoko “tlhakanelodikobo” le ne le akaretsa ditiro tse dingwe kwantle  ga go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi. (Genesise 19:5) Ka jalo, go ya ka Baebele, fa mosha a dira kgokafalo ka tsela epe fela, a ka se tsewe e le lekgarebane.

Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba tshabe e seng fela kgokafalo mme gape le ditiro tsotlhe tsa boitsholo jo bo seng phepa tse di ka felelang ka kgokafalo. * (Bakolosa 3:5) Ba bangwe ba ka nna ba go sotla ka go bo o sweditse jalo. Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Kelly a re: “‘Ga o itse gore o foswa ke eng!’ ke se ba bangwe ba neng ba nthaya sone fa ke le kwa sekolong se segolwane.” Le fa go ntse jalo, tota go tlhakanela dikobo pele ga—lenyalo ke “go ja monate wa boleo ka nakwana.” (Bahebera 11:25) Go ka baka kotsi e e nnelang ruri ya mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng.

Dikotsi Tse di Masisi

Baebele e re bolelela gore Kgosi Solomone o kile a bona lekau lengwe le raelwa gore le tlhakanele dikobo pele ga lenyalo. Solomone o ne a tshwantshanya lekau leno le “poo e e tlang go tlhabiwa.” Poo e e yang go tlhabiwa ga e itse gore go tlile go direga eng ka yone. Gantsi basha ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo ba itshwara ka tsela e e tshwanang—ba bonala ba itse go se kae kgotsa ba sa itse gotlhelele gore go na le diphelelo tse di kotsi ka se ba se dirang! Solomone o ne a re ka lekawana leno: “Ga a ise a itse gore go ama moya wa gagwe.” (Diane 7:22, 23) Ee, “moya” wa gago—botshelo jwa gago—bo mo kotsing.

Ka sekai, ngwaga le ngwaga basha ba le dimilione ba tsenwa ke malwetse a tlhakanelodikobo. Lydia a re: “Fa ke ne ke lemoga gore ke na le bolwetse jwa herpes, e ne e ka re nka sia.” O bolela jaana ka kutlobotlhoko, “Ke bolwetse jo bo botlhoko jo bo se kitlang bo alafega.” Palo e e fetang halofo ya batho ba ba tsenwang ke HIV mo lefatsheng lotlhe (ba le 6 000 ka letsatsi) ke ba dingwaga tse di magareng ga 15 le 24.

Basadi ke bone ba segolobogolo ba tshwaediwang ke malwetse a a amanang le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Tota e bile, malwetse a a tshwaetsanang ka tlhakanelodikobo (go akaretsa le HIV) a tshwaetsa thata basadi go na le banna. Fa mosetsanyana a ima, o ipaya mo kotsing ene le ngwana wa gagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne mmele wa mosetsanyana yono ga o ise o gole sentle mo o ka kgonang go tshola ngwana ka pabalesego.

Tota le fa mmè yo mmotlana a ka se ka a diragalelwa ke dilo tse di maswe, o sa ntse a tshwanelwa ke go lebana le maikarabelo a magolo a botsadi. Basetsana ba le bantsi ba fitlhela gore go itlamela le go  tlamela ngwana yo o sa tswang go tsholwa go boima go gaisa kafa ba neng ba akantse ka teng.

Kwantle ga moo go na le ditlamorago tse di sa itumediseng tsa semoya le tsa maikutlo. Boleo jwa ga Kgosi Dafide bo ne jwa senya botsalano jwa gagwe le Modimo mme jwa batla bo senya le bomoya jwa gagwe. (Pesalema 51) Mme le fa Dafide a ne a boa a nonofa gape semoyeng, o ne a boga matswela a boleo jwa gagwe mo dingwageng tse di neng di setse tsa botshelo jwa gagwe.

Gompieno basha ba ka diragalelwa ke se se tshwanang. Ka sekai, Cherie fa a ne a le dingwaga tse 17 fela, o ne a tlhakanela dikobo le mosimane mongwe. O ne a tsaya gore mosimane yono o a mo rata. Dingwaga moragonyana, o sa ntse a ikwatlhaela se a se dirileng. A re: “Ke ne ka tlhokomologa dithuto tsa Baebele mme ka boga ka ntlha ya seo. Ke ne ke sa tlhole ke amogelwa ke Jehofa mme seo se ne se utlwisa botlhoko thata.” Mosha yo o bidiwang Trish le ene o dumela jaana: “Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo e ne e le phoso e kgolo e ke e dirileng mo botshelong jwa me. Nka rata thata gore ke nne lekgarebane gape.” Ee, go utlwa botlhoko mo maikutlong go ka tsaya lobaka, go dira gore o gatelelwe thata mo maikutlong le go ngomoga pelo.

Go Ithuta go Ikgapha

Shanda yo mmotlana o botsa potso eno e e botlhokwa, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a naya basha keletso ya go tlhakanela dikobo, a itse gore ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo go fitlha morago ga lenyalo?” Ke boammaaruri gore keletso ya go tlhakanela dikobo e ka nna kgolo ka “nako ya bosha.” (1 Bakorintha 7:36) Tota e bile, basha ba dingwaga tsa bolesome ba ka nna le keletso ya go tlhakanela dikobo go sa re sepe fela. Mme seno ga se selo se se bosula. Ke tsela e e tlwaelegileng ya go gola ga dirwe tsa tsalo. *

Gape go boammaaruri gore Jehofa o dirile gore go tlhakanela dikobo go itumedise. Seno se ne se dumalana le boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba tlatse lefatshe. (Genesise 1:28) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a sa ikaelela gore re dirise maatla a rona a go tshola bana ka tsela e e sa siamang. Baebele ya re: ‘Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.’ (1 Bathesalonika 4:4) Go kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe ya go tlhakanela dikobo e tla bo e le boeleele fela jaaka go itaya motho nako le nako fa o galefa.

Go tlhakanela dikobo ke mpho e e tswang mo Modimong, mpho e e tshwanetseng go itumelelwa ka nako e e tshwanetseng—fa motho a nyetse. Modimo o ikutlwa jang fa re leka go itumelela tlhakanelodikobo re sa nyala? Akanya o reketse tsala ya gago mpho nngwe. Pele ga o e neela tsala ya gago, o a e utswa! A o ne o se kitla o galefa? Jaanong akanya kafa Modimo a ikutlwang ka gone fa motho a tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, a sa dirise mpho e Modimo a mo neileng yone ka tshwanelo.

O tshwanetse go dira eng fa o na le keletso ya go tlhakanela dikobo? Fa re bua re tlhamaletse fela, ithute go e laola. Ikgopotse gore “Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” (Pesalema 84:11) Mosha yo o bidiwang Gordon a re: “Fa ke simolola go akanya gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga go maswe go le kalo, ke akanya ka diphelelo tse di bosula tsa semoya mme ke lemoga gore botsalano le Jehofa ga se selo se nka se latlhang motlhofo fela ka go dira boleo.” Go ka nna ga bo go se motlhofo go ithiba. Mme fela jaaka Adrian yo mmotlana a re gakolola, “go ithiba go go tlogela ka segakolodi se se phepa le kamano e e molemo le Jehofa, go go thusa gore o kgone go leba dilo tse di botlhokwa thata, e bile o se na molato kgotsa go ikwatlhaela ditiro tsa nako e e fetileng.”—Pesalema 16:11.

Go na le mabaka a le mantsi a gore o “ithibe mo kgokafalong” le fa e ka nna ka tsela efe fela ya yone. (1 Bathesalonika 4:3) Gone ke boammaaruri, seno ga se motlhofo ka dinako tsotlhe. Setlhogo se se tlang se tla tlotla ka ditsela tse di molemo tse ka tsone o ka ‘ipolokang o itshekile.’—1 Timotheo 5:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso ka kgokafalo, bomaswe le boitshwaro jo bo repileng, bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . ’Fa o Feteleditse’ Ke Fa o Ile Bokgakaleng Bofe?” se se mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 1993.

^ ser. 20 Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa Seno se Diragala mo Mmeleng wa Me?” mo makasineng wa February 8, 1990.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Fa mosha a dira kgokafalo ya mofuta ope fela, a a ka tsewa e le lekgarebane mo matlhong a Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka senya segakolodi sa mosha yo o boifang Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo ba itsenya mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse a tlhakanelodikobo