Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ka Tlholego ba Rata go Ithuta

Batho ka Tlholego ba Rata go Ithuta

 Batho ka Tlholego ba Rata go Ithuta

“Dinonyane di a fofa, ditlhapi di a thuma; batho ba a akanya le go ithuta.”—JOHN HOLT, MOKWADI LE MORUTISI.

TLHOLEGO e dira gore kgama e e sa tswang go tsalwa e eme ka maoto a yone a maleele a a sa itsetsepelang e bo e latela mmaayone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, lesea lone le ka nna la fetsa ngwaga otlhe le ise le kgone go tsamaya. Le fa go ntse jalo, batho ba filwe mpho ya boboko jo bo gakgamatsang jo bo gaisang jwa phologolo epe fela kgakala. Seno se bonala mo tseleng e ngwana a ratang thata ka yone go botsa le go batla go itse dilo di le dintsi a sa kgaotse.

Masea a a itekanetseng sentle a kgotsofatsa keletso eo ka go fetola tikologo e a leng mo go yone go nna lefelo le a ka sekasekang le go tlhatlhoba dilo mo go lone. Fa o ba naya sengwe, ba tla se keleka ka ditsela tsotlhe ba bo ba se latswe! Mme go lekeletsa ga bone ga go felele foo. Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe a itse, masea a tla oba dilo, a di itaaganye, a di kgotlhokgotshe le go di roba—gantsi a dira jalo a itumetse tota—gore a kgone go tlhaloganya tikologo e a leng mo go yone.

Tsela e ngwana a eletsang thata ka yone go nna le kitso e bonala thata fa a simolola go bua—e leng sengwe se se gakgamatsang ka bosone! Ka bonako fela go bonala bana ba simolola go nna dipotsopotso. Ba botsa ba sa kgaotse dipotso tse di jaaka, ‘Ke eng fa go ntse jaana?’ ‘Ke eng fa go sa nna jaana?’ mme dipotso tseno di ka lapisa batsadi ba le bantsi. Mokwadi John Holt o ne a bolela gore ba “ithuta dilo di le dintsi ka boitumelo le ka matlhagatlhaga.”

Dingwaga di sekae morago ga moo, bana mo dinageng di le dintsi ba simolola go rutiwa ka ditsela tse disha—go rutiwa ke barutabana, go ithuta ka dibuka, go nna mo tesekeng le go ithuta mmogo le bana ba bangwe ba le bantsi. Ka maswabi, basha ba le bantsi fa ba sena go fetsa dingwaga tse dintsi kwa sekolong, ga ba tlhole ba nna matlhagatlhaga go le kalo go ithuta ka tsela eo. E bile bangwe ba simolola go tsaya sekolo e le sengwe se se ba gatelelang maikutlo le se se lapisang. Ba ka tswa ba sa kgatlhwe ke dithuto dingwe kgotsa ke barutabana bangwe. Kgotsa gongwe ba tlhobaediwa thata ke go batla go bona maduo a a kwa godimo mo dithutong tsa bone.

 Bana ba ba nang le boikutlo jo bo sa siamang malebana le mokgwa ono wa go ithuta ba ka tswelela ba na le jone fa ba godile, tota le fa ba setse ba tsofetse, mme seno se ka dira gore ba se ka ba ikopisa tlhogo ka dilo dipe tse di tlhokang gore ba akanye thata, ba ithute kgotsa ba dire dipatlisiso. Go na le sengwe gape se batho ba ba godileng ba tshwanetseng go lwa le sone—kgopolo ya gore ka tlholego fela botsofe bo kgoreletsa motho go ithuta. Mme jaaka re tla bona, kgopolo eo ga se yone.

A o batla go oketsa bokgoni le keletso ya gago ya go ithuta, le fa o ka tswa o na le dingwaga tse kae? Fa o le motsadi, a o batla gore bana ba gago e nne baithuti ba ba tlhoafetseng mme ba itumelele go ithuta mo dingwageng tsotlhe tsa bone tsa sekolo le ka kwa ga tsone? Fa e le gore go ntse jalo, tsweetswee nna o balele pele.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bana ba rata go ithuta

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ka maswabi, basha ba le bantsi ba ikutlwa ba gateletswe mo maikutlong e bile ba tshwenyegile ka nako ya fa ba tsena sekolo