Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Dikarabo Kae?

O ka Bona Dikarabo Kae?

 O ka Bona Dikarabo Kae?

A O A tle o tenwe ke dikganetsano tse di agang di nna gone tse di ka ga thutotlhagelelo le popo? Fa e le gore go ntse jalo, ga se wena fela yo o nang le boikutlo jono.

Ka fa letlhakoreng le lengwe go na le baitsesaense ba ba rutegileng le batho ba ba kgothaletseng go ithuta, ba gantsi ba dirisang puo e e thata mme ba bolela gore fa o rutegile e bile o le botlhale, o tshwanetse go dumela gore kgopolo ya thutotlhagelelo e boammaaruri. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe go na le batho ba ba ratang bodumedi ba le bone ba leng boikgogomoso mme ba dirisa dipuo tse di tlhotlheletsang thata tse di bontshang gore fa o na le tumelo ya mmatota, o tshwanetse go dumalana le tsela e ba tlhalosang kgopolo ya popo ka yone.

Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ga ba ise tlhogong dikgopolo tse di ntseng jalo tsa batho ba ba ratang go feteletsa dilo. Kgang ya gore Modimo o teng, ga e a tshwanela go tlhalosiwa ka tsela eno e e supang boikgogomoso le botlhogoethata. Se lebale gore, kgang eno ga se sengwe fela se go ka ngangisanwang ka sone. Kgang eno e ka ama botshelo le isagwe ya gago.

Bothata jo bo Tlwaelegileng Jwa Baitsesaense

Jaaka re bone, go na le baitsesaense ba le bantsinyana ba ba rutegileng ba ba reng bosupi bo bontsha gore go na le Motlhami kgotsa Mmopi. Ba bangwe ba dira se se fetang seo. Ba belaela boikanyegi jwa badiri ka bone mo go tsa saense ba ka ntlha ya go nna tlhogoethata ba ganetsang gore Modimo o teng.

Ka sekai, moitse wa fisikisi ya thutafatshe e bong John R. Baumgardner a re: “Moitsesaense ope fela yo o ikanyegang a ka dumela jang gore go itiragaletse fela gore tsamaiso e e raraaneng jaana ya dilo tse di tshelang e nne teng go ntse go na le bosupi jo bo kana jo bo ganetsang seo? Go ya ka nna fa motho a  dumela jalo, mme a ntse a bona bosupi jono sentle, o a bo a sa ikanyege mo go tsa saense.”

Moitse yo o itsegeng thata wa fisikisi e bong Richard Feynman o ne a bua ka sengwe gape se se amanang le go ikanyega mo go tsa saense. Mo puong ya kalogo kwa yunibesithing nngwe, o ne a bua ka “mofuta o mongwe o o rileng wa boikanyegi.” O ne a re seno se akaretsa “go dira maiteko a a kgethegileng go bontsha gore o ka tswa o le phoso.” O ne a bolela gore “ke boikarabelo jwa rona baitsesaense” gore re ipolele diphoso “mo go baitsesaense ba bangwe e bile ke akanya gore le mo bathong ba bangwe ba e seng baitsesaense.”

Ke ga kae re utlwa babueledi ba thutotlhagelelo ba dirisa mafoko a a jaaka “nka tswa ke le phoso” mo go se ba se rutang? Ka maswabi, ba go bonalang ba ikokobeditse ka tsela eo ba a welwa. Tota boikokobetso le boikanyegi di tshwanetse tsa dira gore baitsesaense ba dumele gore saense e e rutang fela ka dilo tse di amanang le botshelo mo lefatsheng, ga e kgone go araba dipotso tse di malebana le gore go na le Mmopi. Le fa go ntse jalo, go tweng ka baeteledipele ba bodumedi ba ba buelelang kgopolo ya gore dilo di bopilwe?

Bothata jo bo Tlwaelegileng Jwa Batho ba Bodumedi

Baeteledipele ba bodumedi le bone ba tlhaela boikokobetso le boikanyegi. Tota e bile, a e a bo e le boikanyegi fa ba bolela gore Baebele e ruta sengwe se tota e sa se ruteng? A e a bo e le boikokobetso fa ba tsaya dikgopolo le ditlwaelo tsa bone di le botlhokwa go feta Baebele? Tota ke sone se batho ba le bantsi ba ba buelelang kgopolo ya gore dilo di bopilwe ba ileng ba se dira.

Ka sekai, gantsi batho bano ba ba buelelang kgopolo ya gore dilo di bopilwe ba bolela gore lobopo lotlhe lo ne lwa bopiwa dingwaga di le 6 000 tse di fetileng mo malatsing a le marataro a a tlwaelegileng a lengwe le lengwe la one le nang le diura di le 24. Ga ba tlhalose Baebele sentle ka dithuto tseno, ka gonne Baebele ya re Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe “mo tshimologong”—nako nngwe e e sa umakiwang, pele ga malatsi a a tlhomameng a popo a simolola. (Genesise 1:1) Selo sa botlhokwa ke gore pego ya Genesise e bontsha gore lefoko “letsatsi” le dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo go Genesise 2:4, nako yotlhe ya malatsi a le marataro e e tlhalosiwang mo kgaolong e e tlang pele ga eno, e tlhalosiwa e le letsatsi le le lengwe. Go a utlwala go swetsa ka gore ano e ne e se malatsi a a tlwaelegileng a lengwe le lengwe la one le nang le diura di le 24, go na le moo e ne e le dipaka tse ditelele tsa nako. Go bonala nngwe le nngwe ya dipaka tseno e ne e tsaya lobaka lwa dingwaga di le diketekete.

Ka maswabi, barutisi ba bodumedi le bone ga ba bue boammaaruri fa ba bua ka tumelo. Go bonala bangwe ba bolela gore tumelo e akaretsa go dumela ka matlhagatlhaga sengwe se se se nang bosupi jo bo tlhomameng. Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle, ba tsaya gore motho yo o nang le tumelo e e ntseng jalo ke madumelagotlhe. Baebele e tlhalosa tumelo ka tsela e e farologaneng gotlhelele le eo fa e re: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Ka jalo, tumelo ya mmatota ga se go dumela sengwe le sengwe fela. Tumelo eno e theilwe mo bosuping jo bo tlhomameng le mo mabakeng a a utlwalang.

Ka jalo, tumelo mo Modimong e theilwe mo bosuping bofe? Go na le dilo tse pedi tse di nayang bosupi jo bo maatla.

Go Sekaseka Bosupi ka Kelotlhoko

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwala gore “dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Banna le basadi ba ba botlhale ba feditse dingwaga di le dikete di le dintsi ba lemoga bosupi mo dilong tsa tlholego jo bo bontshang gore Modimo o teng.

Jaaka re setse re bone, saense e ka thusa thata mo kgannyeng eno. Fa re nna re ithuta ka tsela e lobopo lo raraaneng le go rulaganngwa ka yone, re nna le lebaka le legolo la go tlotla Ene yo o tlhamileng dilo tsotlhe. Baitsesaense bangwe ba iketleeleditse go amogela bosupi jo bo ntseng jalo mme ba fitlhela bo tlhatswa pelo. Ga go pelaelo gore ba ka re saense e ba thusitse gore ba itse Modimo. Go bonala baitsesaense ba bangwe ba se kitla ba tlhatswiwa pelo ke bosupi bope fela jo bo leng teng. Go tweng ka wena?

Fa e le gore o batla go sekaseka bosupi mo kgannyeng eno, re go kgothaletsa gore o dire jalo. Buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e diretswe go go thusa go bona dikarabo tse o di batlang. * Mo godimo ga moo, e tla go thusa go sekaseka sengwe sa bobedi se se nayang bosupi jo bo bontshang gore Modimo o teng: e leng Baebele.

Baebele e na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore e tlhotlheleditswe ke botlhale bongwe jo bo  fetang jwa batho kgakala. Ka sekai, e na le dipolelelopele tse dintsi kgotsa hisitori e e kwadilweng go sa le gale. Dingwe tsa tsone di tlhalosa one maemo a re tshelang mo go one mo lefatsheng la rona gompieno! (Mathaio 24:3, 6, 7; Luke 21:10, 11; 2 Timotheo 3:1-5) Batho ga ba kgone go bolelela pele isagwe ka tlhomamo. Modimo ke ene fela yo o ka kgonang go dira jalo.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re thuse fela go bona karabo ya gore a Modimo o teng kgotsa ga a yo. Gape e re ruta leina la gagwe, e re tlhalosetsa botho jwa gagwe le go re bolelela kafa a ileng a bontsha ka dingwaga di le dintsi ka teng gore o amega ka batho. Gape e re bolelela se a ikaeletseng go re direla sone. Mo mabakeng ano otlhe, saense ga e kgone go re thusa go bona dikarabo. Tota saense ya batho e ka se dire gore re nne le tsholofelo e e nnelang ruri mo botshelong jwa rona. Le gone e ka se dire gore batho ba nne le boitsholo le mekgwa e mentle.

Motheo wa Boitsholo le Mekgwa e Mentle

Ka maswabi, go bonala mokgwa o o latelelwang ke bangwe gompieno wa saense o dira gore batho ba se ka ba tlhola ba nna le boitsholo, mekgwa e mentle le ditekanyetso. Moitsethutotshelo Richard Dawkins, yo o sa dumalaneng le kgopolo ya gore Modimo o teng, o ne a re: “Mo lobopong lono lwa maatla a tlholego a a se nang tlhaloganyo le lwa go ata ga dijini, batho bangwe ba tlile go gobala, ba bangwe bone ba tlile go nna lesego, mme o ka se bone tlhaloso kgotsa lebaka la gone le fa e le tshiamiso epe.” A ga o akanye gore eno ke tsela e e hutsafatsang ya go leba lefatshe? A ga o akanye gore batho ba tshwanetse ba nna le molao wa boitsholo o o solegelang batho ba ba itshwarang sentle molemo mme o otlhaya ba ba sa itshwareng sentle?

Mo ntlheng eno, tsela e Baebele e tlhalosang batho ka yone e farologane thata le ya balatolamodimo ya gore dilo di itlhageletse fela. Lefoko la Modimo le gatelela gore batho ba botlhokwa thata mo popong; thutotlhagelelo e bolela gore batho ba nnile gone ka ntlha ya dithulaganyo dingwe tsa tlholego tse di neng tsa itiragalela fela. Baebele e tlhalosa gore batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo yo o tshiamo le yo o lorato e bile ba ka kgona go nna le boitshwaro le go itumelela botshelo; thutotlhagelelo e e gatelelang gore ditshedi di lwela go nna di tshela, ga e kgone go tlhalosa dinonofo tsa batho tse di jaaka lorato le go akanyetsa ba bangwe.

Thutotlhagelelo ga e ka ke ya ruta sepe se se ka nayang lefatshe le banni ba lone tsholofelo ya mmatota kgotsa boikaelelo. Baebele e tlhalosa selo se segolo se Mmopi a ikaeletseng go re direla sone mo isagweng. O tlhalositse boikaelelo jwa gagwe jaana ka tsela e e utlwalang sentle: “Ke tla lo naya isagwe e e tletseng tsholofelo.”—Jeremia 29:11, Contemporary English Version.

Ithute ka Mmopi

Mopesalema yo o botlhale o ne a tlhotlheletsega go bua jaana ka boikokobetso: “Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona.” (Pesalema 100:3) Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba tsaya mafoko ano a a supang boikokobetso a utlwala botoka thata go feta dikgopolo tsa segompieno tse di bontshang gore go itiragaletse fela gore batho ba nne gone.

Ka dinako tse dingwe saense ya segompieno e buelela thata kgopolo e e supang boikgogomoso ya gore batho ba tshwanetse ba kaelwa fela ke tsela e ba akanyang ka yone le ke kitso ya bone. Ka maswabi, eno ke phoso e bodumedi jo bo rulagantsweng bo ileng jwa e dira gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, kitso ya batho e a tlhaela e bile e tla tswelela e tlhaela. Le mororo moaposetoloi Paulo a ne a na le kitso e ntsi ka dilo tsa semoya, o ne a nna a ikokobeditse. O ne a bolela jaana: “Mo nakong eno re bona ka tsela e e letobo ka seipone . . . Kitso e ke nang le yone gone jaanong e a tlhaela.”—1 Bakorintha 13:12, The Jerusalem Bible.

Gone ke boammaaruri gore go nna le tumelo ya mmatota mo Modimong ga go a ikaega ka saense ya segompieno. Mme gone, motho yo o lebang dilo ka kelotlhoko a ka lemoga gore saense e ka mo nonotsha tumelo. Re tshwanetse go nna le tumelo ya mmatota le go anaanela dilo tsa bomodimo gore re nne le botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang. (Mathaio 5:3) Fa o dirisa Baebele go nna le kitso e e boteng ka ga Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe ka batho le lefatshe, o tla bona mabaka a go nna le sengwe se se molemo se o ka se tshelelang le motheo o o tlhomameng wa tsholofelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Se baitsesaense ba se buang

Baitsesaense ba le bantsi ba bua ba sa okaoke gore ba dumela mo Mmoping. Le mororo bangwe ba na le dikgopolo tse di farologaneng le tse di sa tlhomamang malebana le gore Modimo ke mang, ba sa ntse ba dumela gore bosupi bo bontsha gore go na le Motlhami yo o botlhale. Ela tlhoko dikakgelo tse di latelang:

“Jaaka moitsesaense, fa ke leba dilo tse di ntikologileng, ke bona dithulaganyo tsa boenjeniri tse di raraaneng ka tsela e e gakgamatsang mme seno se dira gore ke swetse ka gore thulaganyo eno e dirilwe ke motlhami yo o botlhale.”—ANDREW MCINTOSH, MOITSE DIPALO, KWA WALES, KWA UNITED KINGDOM

“Tsela e tlholego e raraaneng ka yone e bontsha sentle gore go na le Mmopi. Fa thulaganyo nngwe le nngwe ya thutotshelo le ya fisikisi e sena go tlhaloganngwa sentle, go bonala gore e raraane ka tsela e e gakgamatsang.”—JOHN K. G. KRAMER, MOITSE WA SAENSE YA DITSHEDI, KWA CANADA

“Tsela e ditshedi di rulagantsweng ka yone e bonala sentle. E ne ya nna gone ka ntlha ya Maatla a magolo, a nna ke a bitsang Modimo. Ke gone fa tumelo e tsamaisanang le boammaaruri jwa saense gone. Tumelo ga e ganetse boammaaruri jwa saense, e a bo tlatsa, e dira gore re tlhaloganye lobopo lwa rona motlhofo.”—JEAN DORST, MOITSETHUTOTSHELO, KWA FORA

“Ga ke dumele gore lobopo le botshelo jwa motho di itshimololetse fela kwantle ga motswedi o o botlhale wa maikutlo a semoya, o o kgakala le dilo tsa tlholego le melao ya yone.”—ANDREY DMITRIYEVICH SAKHAROV, MOITSE WA FISIKISI YA NUKLEA, KWA RUSSIA

“Phologolo nngwe le nngwe e tlhamilwe ka tsela e e tlhomologileng gore e tshwanele tikologo ya yone, mme ke tlhotlheletsega go dumela gore tsela e e raraaneng e di tlhamilweng ka yone e bakilwe ke Mmopi, e seng ke maatla a a sa rulaganngwang a a dirang gore dilo di itlhagele fela.”—BOB HOSKEN, MOITSETHUTOTSHELO, KWA AUSTRALIA

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Se se lemogilweng ka pego ya Genesise

Gerald Schroeder, yo pele e neng e le porofesa wa fisikisi ya nuklea o kwala jaana: “Mo ditemaneng di le masomeamararo le bongwe, Baebele e dirisa mafoko a le makgolo a makae fela go tlhalosa ditiragalo tse di tsereng dingwaga di ka nna dibilione di le lesomethataro. Tseno ke ditiragalo tse baitsesaense ba di kwadileng ka mafoko a le dimilionemilione. Tsela yotlhe e diphologolo di nnileng gone ka yone e sobokantswe mo dieleng di le robedi tsa Baebele. Fa o akanya ka tsela e Baebele e tlhalosang dilo ka bokhutshwane ka yone, go gakgamatsa thata go bona kafa dilo tse e di tlhalosang mo go Genesise 1 le tatelano ya tsone di dumalanang ka gone le dilo tse di lemogilweng ke saense ya segompieno, segolo jang fa re lemoga gore dilo tsotlhe tse Baebele e di tlhalositseng fano di ne tsa kwalwa bogologolo tala, mme ka jalo go ne go se na kafa dilo tseno di neng di ka tlhotlhelediwa ka gone ke se saense ya segompieno e se lemogileng. Saense ya segompieno ke yone e e ileng ya dumalana le pego e e mo Baebeleng e e malebana le tshimologo ya rona.”—THE SCIENCE OF GOD—THE CONVERGENCE OF SCIENTIFIC AND BIBLICAL WISDOM.

[Ditshwantsho]

Baebele e tlhalosa dipaka di le thataro tsa popo

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Baebele e na le bosupi jo bo maatla jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo