Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Baitsesaense Bangwe ba Dumela mo Modimong

Lebaka La go Bo Baitsesaense Bangwe ba Dumela mo Modimong

 Lebaka La go Bo Baitsesaense Bangwe ba Dumela mo Modimong

SAENSE e nna e senola dilo tse disha ka lobopo le ditshedi tse di leng mo polaneteng ya rona. Le fa go ntse jalo, baitsesaense le batho fela ba bangwe ba sa ntse ba lebane le dipotso tseno tsa botlhokwa: Go tlile jang gore lobopo lo nne teng? Go ne go na le eng pele ga lobopo lo nna teng? Ke eng fa lobopo lo lebega lo diretswe go tshegetsa ditshedi tse di mo go lone? Go tlile jang gore botshelo bo nne teng mo lefatsheng?

Saense e sa ntse e sa kgone go araba dipotso tseno sentle. Batho bangwe ba ipotsa gore a jaana e tla tsamaya e di araba. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ile ba ikutlwa ba tlhotlheletsega go sekaseka sesha tsela e ba lebang dilo le ditumelo tsa bone ka yone. A re sekasekeng dilo di le tharo tse di akabatsang baitsesaense, tse di dirang gore ba ipotse gore a Mmopi o teng.

A Lobopo lo lo Lomaganeng ka Manontlhotlho lo Itiragaletse Fela?

Nngwe ya dipotso tsa botlhokwa e amana le tsela e lobopo lwa rona lo lomaganeng ka manontlhotlho ka yone. Ke eng fa lobopo lo na le melao e e sa fetogeng ya tlholego e e tshwanelang sentle go ka tshegetsa polanete e e tshwanang le ya rona le botshelo jotlhe jo bo mo go yone?

Re bua ka eng fa re bua ka go lomagana ka manontlhotlho? Ka sekai, akanya ka tsela e maatla a manè a magolo a tlholego a lomaganeng sentle ka yone: maatla a a gogelang a motlakase, maatlakgogedi, maatla a a nonofileng a nuklea le maatla a a bokoa a nuklea. * Maatla ano a ama sengwe le sengwe mo lobopong. A tlhomilwe le go lekanngwa sentle jaana mo e leng gore fa a ka fetolwa go sekae fela, seno se ka dira gore go se ka ga nna le botshelo mo lobopong.

Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba dumela gore kgang eno e ka se tlhalosiwe ka gore go itiragaletse fela gore lobopo lo lomaganngwe sentle jalo. John Polkinghorne, yo pele e neng e le moitse wa fisikisi kwa Cambridge University o ne a swetsa jaana: “Fa o lemoga gore maatla a tlholego a tshwanetse a bo a lomagane ka tsela e e manontlhotlho gore go nne le lobopo lo re lo bonang, seno se tshwanetse sa go bontsha gore lobopo ga lo a itiragalela fela, mme lo tshwanetse lwa bo lo dirilwe ka boikaelelo bongwe.”

Moitse mongwe wa fisikisi kwa Australia e bong Paul Davies o ne a tlhalosa se se tshwanang a re: “Ga go na pelaelo gore baitsesaense ba le bantsi . . . ba nyatsa kgopolo ya gore go ka tswa go na le Modimo kgotsa le e leng motswedi mongwe yo o bopileng dilo mme e se motho.” O ne a tswelela a re: “Nna ga ke nyatse jaaka bone. . . . Ga ke dumele gore go itiragaletse fela ka tshoganyetso gore re nne gone mo lobopong lono lo lo kgatlhang.”

Mathata a a Bakwang Ke go Bo Dilo di Raraane

Bothata jwa bobedi jo baitsesaense ba gompieno ba lebaneng le jone bo amana le tsela e dilo tsa tlholego di raraaneng thata ka yone. Fa re akanya sentle, re lemoga gore fa sengwe se raraane thata go ka se ka ga direga gore se bo se itiragaletse fela. Akanya ka sekai seno.

Go na le diphetogo di le dintsi tota tsa dikhemikale tse di tshwanetseng tsa direga ka tlhomamo go bopa DNA, e e bopang setshedi. Dingwaga di le masome a le mararo tse di fetileng, Dr. Frank Salisbury wa kwa Utah State University kwa United States of America, o ne a batlisisa gore a go ka direga gore  molekhule wa DNA, o o tlhokegang gore botshelo bo nne teng, o ipope fela ka tshoganyetso. Dipatlisiso tsa gagwe di ile tsa bontsha gore fa go dirisiwa dipalo, seno se ka se kgonege. *

Go raraana gono go bonala sentle thata fa ditshedi di na le dikarolo tse di raraaneng tse di ka se kang tsa thusa sepe fa go se na dikarolo tse dingwe tse le tsone di raraaneng. A re akanye ka sekai se se amanang le tsalo.

Go ya ka thutotlhagelelo, dilo tse di tshelang di ile tsa tswelela di ikatisa fa di ntse di raraanela go ya pele. Le fa go ntse jalo, golo gongwe mo tiragalong eno ya tsalo, ditshedi tse di namagadi mo mefuteng e le mentsinyana ya ditshedi, di ne tsa tshwanelwa ke go nna le disele tsa tsalo tse di neng di tlhoka go kopanngwa le peo ya ditshedi tse ditona tse di nang le disele tse di tsamaisanang tsa tsalo. Gore disele tseno tsa tsalo tsa batsadi boobabedi di kgone go naya bana ba tsone palo e e tshwanetseng ya di-chromosome, di tshwanelwa ke go feta mo kgatong nngwe e e gakgamatsang tota e e bidiwang meiosis, e leng kgato e mo go yone disele tsa batsadi boobabedi di salang di na le halofo ya palo e e tlwaelegileng ya di-chromosome. Thulaganyo eno e dira gore bana bano ba se ka ba nna le di-chromosome di le dintsi thata.

Gone ke boammaaruri gore thulaganyo eno e ne e tla tshwanelwa ke gore e nne teng le mo mefuteng e mengwe ya ditshedi. Ka gone, go tlile jang gore “mmè wa ntlha” wa mofuta mongwe le mongwe wa setshedi a kgone go tsala a thusiwa ke “rre wa ntlha” yo o godileng ka botlalo? Go tlile jang gore ka tshoganyetso fela boobabedi ba bo ba setse ba kgona go arola palo ya di-chromosome tse di leng mo diseleng tsa bone tsa tsalo ka halofo ka tsela e e tlhokegang gore go tsalwe ngwana yo o itekanetseng sentle yo o nang le mekgwa ya batsadi ba gagwe ka bobedi jwa bone? E bile, fa e le gore dikarolo tseno tsa tsalo di ile tsa nna tsa gola ka iketlo, go ne go tla direga jang gore ditshedi tse ditona le tse di namagadi tsa mofuta mongwe le mongwe wa ditshedi di tswelele di tshela fa dikarolo tseno tsa botlhokwa di ne di sa ntse di ise di bopege ka botlalo?

Tota le mo mofuteng o le esi wa ditshedi, go ka se kgonege gore tirisano e kana ya tsalo e bo e itiragaletse fela. Ga go dire tlhaloganyo gore re bo re ka re tirisanommogo eno mo dikarolong tseno tsa tsalo e ile ya nna ya tlhaga fa mefuta e e farologaneng ya ditshedi e ntse e bopega. A kgopolo ya gore dilo di itlhagetse fela, e leng kgopolo e e ikakanyediwang fela mme e se na bosupi, e ka kgona go tlhalosa gore go tla jang gore ditshedi di bo di raraane ka tsela eno? Go ka direga jang gore dilo tse di itiragaletseng fela kwantle ga boikaelelo bope di feleletse di na le dithulaganyo tse di lomaganeng ka tsela e e raraaneng jaana? Dilo tse di tshelang di na le dilo di le dintsi tse di bontshang gore di ile tsa akanyediwa le go rulaganyediwa pele, mme seo se supa gore go na le Morulaganyi yo o botlhale.

Bakanoki ba le bantsi ba fitlheletse tshwetso eo. Ka sekai, moitse dipalo William A. Dembski o ne a kwala gore “tsela e e botlhale e dilo di tlhamilweng ka yone” e e bonalang mo “dilong tse re di bonang tsa tlholego . . . e ka tlhalosiwa sentle fela ka gore di dirilwe ke mongwe yo o botlhale.” Moitse wa saense ya ditshedi e e amanang le dimolekhule Michael Behe o sobokanya bosupi jono jaana: “Motho a ka nna Mokatoliki yo o molemo, mme gone a bo a sa ntse a dumela mo kgopolong ya ga Darwin. Le fa go ntse jalo, saense ya ditshedi e dirile gore go nne thata le go feta gore motho a nne moitsesaense yo o akanyang sentle a bo a sa ntse a dumela mo kgopolong eo [ya ga Darwin].”

 Rekoto e e sa Tlhomamang ya Dilo Tsa Bogologolo

Selo sa boraro se se akabatsang baitsesaense bangwe se amana le rekoto ya dilo tsa bogologolo. Fa e le gore gone ke boammaaruri gore mo dingwageng tse dintsintsi tse di fetileng dilo di ne di ntse di iphetogela fela, re tshwanetse go lebelela go bona ditshedi di le dintsi tse di golaganyang ditshedi tse di farologaneng tse dikgolo tse di leng teng gone jaanong. Le fa go ntse jalo, dilo di le dintsintsi tsa bogologolo tse di neng tsa epololwa fa e sa le ka motlha wa ga Darwin, ga di a thusa ka sepe. Ee, ga go na sepe se se golaganyang mefuta e megolo e e farologaneng ya ditshedi e e leng teng gone jaanong!

Ka jalo, baitsesaense ba le bantsinyana ba ile ba swetsa ka gore bosupi jwa thutotlhagelelo bo a ikganetsa e bile bo bokoa thata gore bo ka supa gore botshelo bo itlhagetse fela. Moenjeniri wa disutlhalefaufau Luther D. Sutherland o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Darwin’s Enigma: “Bosupi jwa saense bo bontsha gore nako le nako fa mofuta ope fela o mongwe wa setshedi o ne o tlhaga la ntlha mo Lefatsheng, go tloga fela ka protozoa e e nang le sele e le nngwe go fitlha ka motho, o ne o tlhaga o feletse mme dirwe tsa one le  dipopego tsa one di ne di feletse e bile di dira ka botlalo. Ntlha e e ka se kang ya ganediwa malebana le seno ke gore go ne go na le mofuta mongwe wa botlhale o o nnileng gone pele botshelo bo nna teng mo Lefatsheng.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, rekoto ya dilo tsa bogologolo e batla e bontsha sentle tsela e ditshedi di tlileng di latelana ka yone jaaka fa e tlhalosiwa ke buka ya Baebele ya Genesise. Donald E. Chittick, yo e leng moitse wa khemiseteri yo o neng a amogela dikirii ya bongaka kwa Oregon State University, a re: “Go leba rekoto ya dilo tsa bogologolo ka kelotlhoko go ka dira gore motho a swetse ka gore diphologolo di ne tsa ikatisa go ya ka mefuta ya tsone jaaka pego ya Genesise e bontsha. Ga di a ka tsa fetoga go tswa mo mofuteng o mongwe go ya go o mongwe. Bosupi jo re nang le jone gone jaanong, fela jaaka go ne go ntse le mo motlheng wa ga Darwin, bo dumalana le pego ya Genesise e e bontshang gore dilo di bopilwe. Diphologolo le dimela di ntse di ikatisa go ya ka mefuta ya tsone. Tota e bile, tsela e saense ya dilo tsa bogologolo e sa tsamaisaneng ka yone le kgopolo ya ga Darwin e kgolo thata jaana mo baitsesaense bangwe ba simololang go dumela gore go ka se tsoge go bonwe se se golaganyang ditshedi tse di farologaneng tse dikgolo tse di leng teng gone jaanong.”

Go Lemoga Bosupi

Dintlha tse di umakilweng fa godimo ke lemme fela la dipotso di le dintsi tse di sa kgoneng go arabiwa tse di akabatsang batho ba ba ganetsang bosupi jo bo bontshang gore Mmopi o teng. Baitsesaense bangwe ba lemoga gore go ganetsa gore Modimo o teng ke tsela e batho ba e latelang ka ntlha ya dilo tse di ikakanyeditsweng fela, e seng ka ntlha ya bosupi jo bo popota le go akanyetsa dilo ka kelotlhoko.

Ka gone, moithutadinaledi Allan Sandage o ne a bolela jaana fa a sena go fetsa lobaka lo loleele a dira dipatlisiso le ditiro tsa saense ka tsela e e nang le matswela: “Go ithuta ga me saense ke gone go dirileng gore ke swetse ka gore lefatshe le raraane thata jaana mo le ka se kang la kgona go tlhalosiwa ke saense. Nka kgona go tlhaloganya masaitseweng a botshelo fa fela nka thusiwa ke maatla a a fetang a tlholego.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona kgaolo 2 ya buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 O ne a e akanyetsa a re: A re tseye gore ka sekai mo lobakeng lwa dingwaga di le dibilione di le nnè, molekhule ono o ne o ka kgona go dirisa melao ya tlholego go bopega mo dipolaneteng di le 100 000 000 000 000 000 000 (1020) “tse di o siametseng.” Go ne go ka direga go le kana kang gore go tswe molekhule o le mongwe fela wa DNA? Diphopholetso tsa gagwe di bontsha gore go ne go ka tswa o le mongwe fela mo go e le 10415!

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Dipotso tse di palelang baitsesaense

▪ Ke ka ntlha yang fa maatla a manè a magolo a tlholego a lomagane ka manontlhotlho jaana, e leng se se dirang gore lobopo le botshelo di nne teng?

▪ Go tla jang gore ditshedi di bo di raraane thata jaana e bile di dirilwe ka tsela e e leng gore o ka se ka wa kgona go tlhofofatsa tsela e di dirilweng ka yone?

▪ Ke ka ntlha yang fa rekoto ya ditshedi tsa bogologolo e sa tlhalose dintlha ka botlalo, mme go ka bonwa kae bosupi jwa gore go na le ditshedi tse dingwe tse di golaganyang mefuta e e farologaneng e megolo ya ditshedi tse di leng teng gone jaanong?

[Lebokoso mo go tsebe 16]

A go itiragaletse fela?

Bosheng jaana fa makasine wa National Geographic o sena go gatisa mo tsebeng e e ka fa ntle setshwantsho se se kgatlhang se se bontshang kamano e e lorato e mmè a nang le yone le ngwana wa gagwe, mmadi mongwe o ne a kwalela bagatisi ba makasine ono jaana: “Setshwantsho sa mmè le ngwana se se mo tsebeng e e ka fa ntle se dirilwe ka botswerere tota. Ga ke kgone go tlhaloganya gore ke eng se se ka dirang gore motho a lebe ngwana yo montlentle yono yo dikgwedi di le robongwe fela pele ga a tsholwa e neng e le lee le lennyennye fela, go tswa foo motho yono a bo a re lee leno le tshogane fela la gola go nna selo se sentlentle jaana.”

Batho ba le bantsi ba ne ba tla dumalana le mmadi yono. Mokwadi Dr. Gerald Schroeder, yo gape a kileng a nna porofesa wa fisikisi ya nuklea a re go dumela mo go reng lobopo le botshelo di itlhagetse fela go tshwana le go dumela mo go reng motho a ka fenya motshameko wa lothari makgetlho a le mararo a a latelanang: “Pele o ya go tsaya madi a o a fentseng lekgetlho la boraro, o tla bo o isiwa kwa kgolegelong o tshwarelwa gore o fetotse dipholo tsa motshameko ka boferefere. Go thata go akanya ka motho a fenya makgetlho a le mararo a a latelanang kgotsa a fenya gararo mo botshelong, mo e leng gore e bile ga nke re akanya ka gone.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Fa mefuta eno e menè ya maatla e ne e sa lomagana le go lekalekanngwa ka manontlhotlho, go ne go se kitla go nna le botshelo

Maatla a a bokoa a nuklea a dira gore letsatsi la rona le nne le fisa ka selekanyo se se sa fetofetogeng

Maatlakgogedi a dira gore dilo di boele mo lefatsheng

Maatla a a nonofileng a nuklea a tshwaraganya nyutlease ya diatomo mmogo

Maatla a a gogelang a motlakase a baka dikgadima

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go ne go ka direga jang gore maatla a a sa rulaganngwang sentle a dire gore go nne le sengwe se se raraaneng thata jaana jaaka sele e le nngwe e e nang le DNA, re sa bue sepe ka motho?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Rekoto ya dilo tsa bogologolo e paletswe ke go supa gore botshelo bo itlhagetse fela