Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lavender—Selo se se Molemolemo mo Dirweng Tsa Rona Tsa Kutlo

Lavender—Selo se se Molemolemo mo Dirweng Tsa Rona Tsa Kutlo

 Lavender—Selo se se Molemolemo mo Dirweng Tsa Rona Tsa Kutlo

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Australia

QUEEN ELIZABETH I wa Engelane o ne a laela gore go nne go na le seloki se se dirilweng ka yone mo tafoleng ya gagwe. Charles VI wa Fora o ne a dula mo mesangwaneng e e neng e tsentswe yone. Queen Victoria wa Engelane o ne a tlhapa ka yone. Selo seno ke eng, se batho bano ba segosi ba neng ba se rata thata jaana? Setlhatsana se se nkgang monate se se itsegeng e le lavender. Ope fela yo o kileng a ema mo gare ga tshimo e e mebalabala ya lavender o tla tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba rata semela seno se se nkgang monate.

Go na le mefuta e e fetang 30 ya lavender. Setlhatsana seno se se kgonang go emelana le maemo a a thata se gola mo ditlelaemeteng tse di farologaneng, tse di jaaka tse di tsiditsana tsa French Alps le tse di mogote tsa Botlhabagare. Leina la setlhatsana seno e leng Lavandula le tswa mo lediring la Selatine e leng lavare le le bolelang “go tlhapa.” Le tserwe mo tlwaelong ya Baroma ba bogologolo ba ba neng ba nkgisa metsi a bone a go tlhapa monate ka go a tsenya oli ya lavender.

Motswako wa Bogologolo

Go dirisiwa ga lavender jaaka molemo go simologile dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng. Ka Metlha ya Bogare, e ne e le selo sa konokono se se neng se tsenngwa mo motswakong o o neng o itsege ka gore ke aseine ya magodu a manè, o o neng o dirisiwa go lwantsha malwetse. Go bonala motswako ono o no o bidiwa jalo ka ntlha ya gore bathukhuti ba ba padileng ba ba neng ba tle ba gape dilwana tsa batho ba ba suleng ba bolailwe ke bolwetse bongwe jwa leroborobo ba ne ba tlhapa ka motswako ono o o nang le lavender. Le fa tiro ya bone e ne e ka ba tlhagisetsa kotsi, go bonala fa ba ne ba sa tsenwe ke bolwetse.

Baepamere ba lekgolo la bo16 la dingwaga ba bolela gore lavender ga e alafe fela mofikela le go opiwa ke tlhogo mme gape e alafa le go swa ditokololo le malwetse a tlhogo. Mo godimo ga moo, ba dumela gore go rwala kepese e e dirilweng ka lavender go dira gore motho a tlhalefe thata. Bosheng jaana ka Ntwa ya  Lefatshe I, dipuso dingwe di ne tsa kopa baagi ba tsone go kokoanya lavender mo ditshingwaneng tsa bone gore oli e e ntshiwang mo go tsone e dirisediwe go alafa dintho tsa masole.

Go Sekasekiwa Mekgwa e Lavender e Neng e Dirisiwa ka Yone Bogologolo mo go Tsa Kalafi

Dioli dingwe tsa lavender, segolobogolo Lavandula angustifolia, di bonala di na le seabe mo mefuteng e le mmalwa ya dibaketeria le di-fungi. Babatlisisi bangwe ba akantsha gore oli ya lavender e ka ne e le molemo mo go alafeng go tshwaediwa ke dibaketeria tse dibolayamegare di sa kgoneng go di bolaya. Setlhogo sengwe sa bosheng jaana sa dipatlisiso sa re: “Oli ya lavender e thusa thata mo go belegiseng. Mo ditekong tse di neng di dirwa mo bookelong bongwe jo bogolo go ne ga bontshiwa gore bommè ba ba dirisang oli ya lavender [mo metsing a go tlhapa] ka metlha ba ne ba bega gore ditlhabi tsa bone di fokotsega go malatsi a le 3 go ya go 5 fa ba se na go belega . . . Gape oli ya lavender e dirisiwa mo mafelong a le mantsi a a belegisang ka gonne e okobatsa ditlhabi.”

Go tweng ka Queen Elizabeth le go bo a ne a batla gore dijo tsa gagwe di lokwe ka lavender? A tota di a jega? Judyth McLeod mo bukeng ya gagwe ya Lavender, Sweet Lavender a re: “Lavender e ne e le motswako o o rategang mo dijong tsa ga Tudor le Elizabeth wa kwa Engelane, e dirisiwa jaaka seshabo e tsholwa le nama ya diphologolo tse di tsomiwang, e dirisiwa mo nameng e e gadikilweng, mo salateng ya maungo, e tsenngwa mo teng ga phuding kgotsa mo dimonamoneng.” Gompieno mefuta mengwe ya lavender e tsenngwa mo dibisikiting, mo dikukung le mo aesekeriming. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga se mefuta yotlhe ya lavender e e rategang—segolobogolo mo ditshenekeging. Tota e bile, patlisiso nngwe e bega gore “oli ya lavender kgotsa poere ya makakaba a yone le dithunya di ka dirisiwa mo dilong tse di bolayang ditshenekegi mo mafelong a kgwebo le a selegae ka gonne go dirisiwa ga lavender go thibela diboko, ditshupa, ditshenekegi le dirurubele.”

Palo ya Batho ba ba Kgatlhegelang Lavender e a Oketsega

Mo dingwageng tsa bosheng jaana lavender e ratwa thata. Gone jaanong e lemiwa kwa Australia, Yuropa, Japane, New Zealand, le Amerika Bokone. Byron, moitsetemo yo o tlhokomelang diheketara di le 10 tsa dijalo tsa lavender kwa borwabotlhaba jwa Victoria, Australia a re: “Lavender e tshwana le beine. Oli e e tswang mo dimeleng tse di tshwanang e tla farologana go ya ka dikgaolo, e re ka e amiwa ke mmu le tlelaemete e lavender e golang mo go yone. Tota le nako ya thobo le mokgwa o e robiwang ka yone di ka ama tsela e e tla nnang ka yone.”

Go farologana le beine, oli ya lavender e ntshiwa e seng ka go silwa mme ka go bedisiwa. Byron o tlhalosa jaana: “Go tsaya dikilogerama di le 250 tsa lavender go ntsha litara e le nngwe ya oli. Dithunya tse di sa tswang go kgetlwa, lotlhaka le matlhare di silwa mo tankeng e kgolo ya tshipi. Mowa o o bolelo o pompelwa kwa tlase ga tanka eno mme jaaka fa o ntse o tlhatloga o feta ka setlhatsana seno, se ntsha oli. Mowa ono le oli di feta ka sefe mme di bo di tsena mo pitseng, koo oli e kgaoganang teng le metsi e bo e tlhatlogela kwa godimo. Oli e a ntshiwa e bo e bolokiwa mo ditankeng tse di nang le letsopa kafa gare koo e tlogelwang gone gore e loisege ka dikgwedi di le mmalwa.”

Oli ya lavender e e tswang mo polaseng ya ga Byron e dirisiwa mo disepeng, mo dikheriming le mo dikereseng. Go rekisiwa dithunya tse di sa tswang go segwa kgotsa tse di omeleditsweng le dithunya tse di potlana tse dintsi di rekisiwa ka madi a le mantsi go dira motswako wa dithunya tse di farologaneng. Bajanala ba le bantsintsi ba tla ngwaga le ngwaga go latswa dimonamone, go bona le go dupa monko wa tshimo ya lavender. Gantsi Byron o gakolola baeti bano ba ba anaanelang jaana: “Ga re dire oli; re e ntsha fela. Modiri wa lavender ke Ene a re fileng semela seno go nna selo se se molemolemo mo dirweng tsa rona tsa kutlo.”

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Go na le mefuta e le meraro ya oli ya “lavender” e e ntshiwang mo masimong

Oli ya mmatota ya “lavendere ntshiwa mo mofuteng o o itsegeng ka gore ke “Lavandula angustifolia,” mme e na le monko o monnye wa “camphor” kgotsa ga e na one gotlhelele. Ngwaga le ngwaga go ntshiwa ditone tsa oli ya “lavender” tse di ka nnang 200.

Oli ya “spike lavendere tswa mo semeleng sa “Lavandula latifolia.” Ka ngwaga go tswa ditone di ka nna 200 tsa yone.

Oli ya “Lavandine tswa mo mefuteng e le mebedi e e umakilweng fa godimo. Go rekisiwa ditone tse di fetang sekete tsa yone lefatshe ka bophara ngwaga le ngwaga.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mo dipolasing di le dintsi, go sa ntse go dirisiwa mekgwa ya bogologolo go ntsha “lavender”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Oli ya “lavender” e ntshiwa mo mafelong a magolo a go tlhotlhiwang oli mo go one

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Oli ya “lavender” e loisiwa mo ditankeng tsa tshipi tse di nang le letsopa mo go tsone pele ga di dirisiwa mo dilong tse di farologaneng