Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Dipatlisiso Malebana le Dipalopalo Tsa Baagi, Baebele le Isagwe di Amanang ka Gone

Kafa Dipatlisiso Malebana le Dipalopalo Tsa Baagi, Baebele le Isagwe di Amanang ka Gone

 Kafa Dipatlisiso Malebana le Dipalopalo Tsa Baagi, Baebele le Isagwe di Amanang ka Gone

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SWEDEN

PALO ya batho e oketsegile go tswa go dibilione di le 1,65 kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga go fitlha go dibilione di le 6 mo bofelong jwa lekgolo leo la dingwaga. A palo ya batho ba lefatshe e tla tswelela pele e gola ka selekanyo seno se se gakgamatsang? A go tla nna le palo e ntsi ya batho mo mileniamong ono? Bomankge ba ba lekang go araba dipotso tse di ntseng jalo tse di raraaneng ba bidiwa babatlisisi ba dipalopalo tsa baagi; mme se ba se dirang se bidiwa patlisiso ka dipalopalo tsa baagi.

Fa re bua ka patlisiso malebana le dipalopalo tsa baagi re a bo re bua ka go batlisisa palo ya batho bogolo jang malebana le bogolo jwa lefelo le ba leng mo go lone le mo ba leng bantsi thata teng, mo ba anameng teng le dipalopalo tse dingwe ka batho. Bomankge ba ithuta ka mabaka a le mararo a a amang dipalo tsa bana ba ba tsholwang; dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang; le dipalo tsa batho ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe.

Dipatlisiso malebana le dipalopalo tsa baagi tsa mo nakong e e fetileng ke go batlisisa ka go oketsega ga palo ya baagi mo nakong e e fetileng le go fetofetoga ga  yone. Babatlisisi ba dipalopalo tsa baagi tsa mo nakong e e fetileng ba batlisisa thata kafa ba ka kgonang ka teng ka mokgwa wa botshelo wa bogologolo mme ba dira seno ka go sekaseka ka kelotlhoko dilo tse di kwadilweng, matlotla, marapo a ditopo le dilo tse dingwe tse di dirilweng ke batho. Dipatlisiso malebana le dipalopalo tsa baagi tsa mo nakong e e fetileng di ikaegile ka go fopholetsa le kitsonyana e e rileng. Atlas of World Population History ya re: “Dipalopalo tse di ntshiwang ke babatlisisi mo lobakeng lono ga di kake tsa tlhomamisiwa gore di boammaaruri go le kana kang mme mo lobakeng lono motho ga a kake a ikanya ka botlalo dipalo tse ba di ba ntshang.” Le fa go ntse jalo, baithuti ba Baebele bone ba kgatlhegela thata dipalopalo tseno tsa baagi. Eleruri, dikgopolo tseno gantsi di dumalana le dipego tsa Baebele.

Go Oketsega ga Palo ya Batho Morago ga Morwalela

Baebele e bolela gore ke batho ba le robedi fela ba ba falotseng Morwalela wa motlha wa ga Noa. Babatlisisi bangwe ba dipalopalo tsa baagi ba fopholetsa gore morago ga dingwaga tse di ka nnang 1 400, palo ya batho mo lefatsheng e ka tswa e ile ya fitlha go dimilione di le 50. A go a kgonega gore batho ba le 8 ba oketsege go nna palo ya dimilione tse di ka nnang 50 ka dingwaga di le 1 400?

Sa ntlha, palo ya batho ba le dimilione di le 50 ke go fopholetsa fela. Le fa go ntse jalo, go a kgatlha go ela tlhoko se se bolelwang mo Baebeleng mo go Genesise 9:1: “Modimo a segofatsa Noa le bomorwawe mme a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.’” Morago ga moo, mo kgaolong ya 10 le 11, re bala ka malapa a le 70 a a tswang mo go bomorwa Noa—e bong Sheme, Hame le Jafethe. Fa re bala go ya pele, re fitlha mo losikeng lwa batho go tswa go Sheme go ya go Aborahame, yo ‘o neng a nna le bana ba basimane le ba basetsana.’ Eno e ka tswa e ne e le nako ya go tsholwa ga bana ba le bantsi go dumalana le taelo ya Modimo ya go ‘tlatsa lefatshe.’

Go tweng ka palo ya batho ba ba tlhokafalang? Tsone dikgaolo tseno tsa Genesise di bontsha kafa batho ba neng ba tshela lobaka lo loleele thata ka teng mo makgolong a le mmalwa a ntlha a dingwaga morago ga Morwalela. * Fa palo ya batho ba le bantsi ba ba tsholwang e kopanngwa le palo e e kwa tlase ya ba ba tlhokafalang, seno se dira gore palo ya batho e oketsege ka bofefo.

Lobaka lo Baiseraele ba lo Ntseng Kwa Egepeto

Babatlisisi bangwe ba belaela pego ya Baebele ya go oketsega ga palo ya batho e e nnileng gone mo Baiseraeleng fa ba ne ba nna kwa nageng ya Egepeto. Baebele e bolela gore fa basadi ba bomorwa Jakobe ba sa akarediwe, “meya yotlhe ya ntlo ya ga Jakobe e e neng ya tla mo Egepeto e ne e le masome a supa.” (Genesise 46:26, 27) Le fa go ntse jalo, fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto morago ga dingwaga di le 215, e ne e le palo e e gakgamatsang ya “banna ba ba nonofileng ba le dikete di le makgolo a le marataro ba ba tsamayang ka dinao, kwantle ga bana ba bannye.” (Ekesodo 12:37) Fa re akaretsa le basadi le bana ba bannye, ba ka tswa ba ne ba le dimilione di le tharo botlhe! A go a kgonega gore go nne le koketsego e e ntseng jalo?

Go araba potso eo, ela tlhoko se Baebele e se bolelang ka go oketsega ga palo ya Baiseraele kwa Egepeto: “Mme bomorwa Iseraele ba ata mme ba nna boidiidi; ba nna ba ntsifala ba bo ba nna thata go feta pele ka selekanyo se segolo fela thata, mo lefatshe le neng la tlala ka bone.” Go oketsega ga Baiseraele ka nako eo go ne go sa tlwaelega.—Ekesodo 1:7.

Se se kgatlhang ke gore go nnile le koketsego e e ntseng jalo mo palong ya batho ba segompieno, jaaka batho ba kwa Kenya mo dingwageng tsa bo1980. Le fa go ntse jalo, se se dirileng gore palo ya Baiseraele e oketsege ka tsela e e sa tshwaneng le epe e ne e le gore koketsego eo e nnile gone ka lobaka lo loleele lwa nako.

 Baebele ka boyone e re naya lebaka le lengwe la go oketsega ka bonako ga Baiseraele. Dijo di ne di sa tlhaele fa Baiseraele ba ne ba le kwa Egepeto. Go phepafetse gore fa leuba le nna gone, batho ba le bantsi ba tlhokafala ba sa ntse ba le bannye. Ka ntlha ya moo, go tsholwa palo e e kwa tlase ya bana ka nako eo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore Baiseraele ba ne ba na le dijo tse dintsi. Fa ba lelapa la gaabo Josefa ba ne ba tla kwa Egepeto, Faro o ne a raya Josefa a re: “Dira gore rrago le bomorwarrago ba nne mo lefelong le le a gaisang otlhe la lefatshe. A ba nne mo lefatsheng la Goshene.” (Genesise 47:6) Tota le fa Baiseraele e ntse e le makgoba mo Egepeto, go bonala ba ne ba na le dijo tse di lekaneng. Eleruri, fa Baiseraele ba sena go gololwa mo bokgobeng, ba ne ba gakologelwa senkgwe, tlhapi, makgomane, magapu, diliki, dieie, gareleke le dipitsa tsa nama tse ba neng ba di ja fa ba le kwa bokgobeng.—Ekesodo 16:3; Dipalo 11:5.

Mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga C.E.

Dipatlisiso ka dipalopalo tsa batho di oketsa tsela e re tlhaloganyang Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka yone. Ka sekai, fa re bala ka taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa’ re ka nna ra ipotsa gore ‘Tiro eo ya go rera e ne e le e kana kang?’ (Mathaio 28:19) Ke batho ba le kae ba ba neng ba le mo Pusong ya Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Bangwe ba fopholetsa gore palo ya batho e ne e le go tloga ka dimilione di le 50 go ya go di le 60. Fa go le jalo, bareri bao ba pele ba Bakeresete ba ne ba na le tiro e kgolo!

Fa re bala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, re ithuta gore moaposetoloi Petere o ne a etela Babelona e e kgakala go rera dikgang tse di molemo gone. (1 Petere 5:13) Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhopha Babelona? Kakgelo nngwe e e mo The New Encyclopædia Britannica e a re sedimosetsa: “Mafelo a konokono a Bajuda kwantle ga Palesetina a ne a le kwa Siria, Asia Minor, Babelona le Egepeto, e nngwe le nngwe ya one go fopholediwang gore e ka tswa e ne e na le Bajuda ba le 1 000 000.” E re ka Petere a ne a abetswe go rerela Bajuda segolobogolo, go ne go utlwala gore a etele setlhopha sa Bajuda se se kwa Babelona. (Bagalatia 2:9) Mme ka go bo go ne go na le Bajuda ba le bantsi koo, o ne a na le tiro e kgolo fela thata!

Go Tla Diragala Eng mo Isagweng?

Jaaka re bone, babatlisisi ba dipalopalo tsa batho ba kgatlhegela dilo dingwe tse di rileng tsa batho tsa nako e e fetileng. Ba a reng ka isagwe? Ba ipotsa dipotso tse di botlhokwa. A go tla nna le batho ba le bantsi mo mileniamong ono? Ga go na ope yo o tlhomamisegang. Ka gonne palo ya batho ba ba tsholwang e fokotsega mo dinageng dingwe di le mmalwa, babatlisisi ba bolelela pele gore palo ya baagi ba lefatshe e tla tshwana.

Le fa go ntse jalo, ga se bomankge botlhe ba ba dumalanang le seno. Kgatiso ya Population Today ya re: “Gompieno, dinaga di ka kgaoganngwa ka ‘ditlhopha’ tse pedi tsa go oketsega ga palo ya batho: dinaga tse mo go tsone banyalani ba tsholang bana ba le babedi kgotsa ba ba kafa tlase ga ba le babedi le dinaga tse di nang le selekanyo sa batho ba ba tsholang bana ba le bantsi. ‘Mafatshe a mo go one batho ba tsholang bana ba babedi kgotsa ba ba kafa tlase ga palo eo’ a akaretsa Yuropa, United States, Canada, Japane le dinaga di le mmalwa tse di tlhabologang ka bonako . . . Go farologana le moo, ‘mafatshe a mo go one palo ya batho e golang ka bonako’ a akaretsa bontsi jwa dinaga tsa Afrika, Asia le Latin America, mo balekane ba lenyalo ba tsholang bana ba ba fetang ba babedi. Mo dinageng tseno, tse go nnang batho ba ba fetang halofo ya palo ya batho botlhe ba lefatshe mo go tsone, ka kakaretso mosadi mongwe le mongwe o tshola bana ba le banè.”

Le fa mo dinageng dingwe go oketsega ga batho go fokotsegile, mo dinageng tse dingwe palo eo e oketsegile kgotsa e batla e tshwana. Fa Population Today e sobokanya se se tla diragalang mo isagweng ya re: “Mo dinageng tse dintsi tse di tlhabologang, batho ba sa ntse ba oketsega ka lobelo lo logolo thata. Selo se tota se tla thusang ‘go laola go ntsifala ga batho’ mo lefatsheng lotlhe, e seng se se ikakanyediwang fela, e tla ikaega ka gore dinaga tse di farologaneng di simolola ka bonako go le kana kang le ka selekanyo se se kana kang go dirisa thulaganyo ya go fokotsa go swa ga bana, go ruta basadi, le go thusa batho ka thibela pelegi.”

A lefatshe le tla feta palo ya gone jaanong ya baagi ba le dibilione di le thataro? Re tla bona mo isagweng. Mme re itse gore boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe le tlale—e seng gore batho ba gatane mo go lone. (Genesise 1:28) Mme re na le mabaka a a utlwalang a go solofela gore mo Bogosing jwa Modimo seno se tla direga.—Isaia 55:10, 11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Moragonyana, nako ya go tshela ga motho e ne ya fokotsega go nna dingwaga di le 70 kgotsa di le 80 jaaka Moshe a bontshitse mo e ka nnang ka ngwaga wa 1500 B.C.E.—Pesalema 90:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Bafalodi ba Morwalela ba simolotse palo ya baagi ba lefatshe e gone jaanong e fetang batho ba le dibilione di le thataro

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mo dingwageng di le 215, palo e nnye ya Baiseraele kwa Egepeto e ne ya oketsega go nna dimilione di le tharo