Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leka ka Natla go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso mo Tirong

Go Leka ka Natla go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso mo Tirong

 Go Leka ka Natla go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso mo Tirong

KE ENG fa batho bangwe ba kgerisa ba bangwe? Baebele e re thusa go lemoga sentle gore ke eng se se bakang bothata jono. E tlhalosa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo ke ka moo re lebanang le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Batho ba le bantsi ke “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-5) Mo metlheng eno e e sa iketlang, boitshwaro jo bo ntseng jalo bo aname, mme go kgerisiwa kwa tirong ke nngwe ya matswela a gone a a sa itumediseng. Ka gone, o ka dira jang gore o tshedisane le ba bangwe ka kagiso mo tirong?

Go Rarabolola Dikgotlhang

Gantsi go tshwarana makgwakgwa go simolola fa badirimmogo ba tlogela kgotlhang nngwe e sa rarabololwa. Ka gone, ntle le gore o itshunye nko mo mererong ya batho ba bangwe, rarabolola kgotlhang e o ka tswang o na le yone le ba bangwe ka bonako. Kokobetsa motho yo o go galefetseng ka go bua le ene ka tsela e e bontshang go mo akanyetsa le ka tlotlo. Tshwara mongwe le mongwe wa badirimmogo le wena go ya kafa a leng ka teng a le nosi, e  seng go ya ka setlhopha. Fa go lebega mongwe a na le bothata le wena, leka go rarabolola bothata joo sentle. Nna o gakologetswe kgakololo eno ya ga Jesu: “Nna bofefo go rarabolola dikgang le yo o ngongoregang ka wena.”—Mathaio 5:25.

Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe mo tirong o solegelwa molemo fa a lwela gore go nne le puisano e e molemo. Ka gone, leka go buisana sentle le mookamedi wa gago ntle le go mo naya kgopolo ya gore o leka fela go dira gore a go rate. Gape gakologelwa gore go buisana ka tsela e e molemo le balekane ba gago le ba o ba okametseng go tla go thusa gore o se ka wa ngomoga pelo. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.”—Diane 15:22.

Ka gone, leka ka mo o ka kgonang ka teng go nna botsalano le batho ba o berekang le bone. Seno ga se bolele gore o nne “motho yo o dirang sengwe le sengwe e le fela gore o itumedise batho,” o dumalana le sengwe le sengwe fela se o kopiwang gore o se dire le go ineelela go dira dilo tse o sa dumalaneng le tsone e le fela gore o boloke kagiso e le gone. Mme go nna lorato le botsalano go ka kokobetsa maemo a a sa itumediseng. Ela tlhoko gore ke eng se o se buang le ba bangwe le kafa o se buang ka teng. Le mono Baebele e neela kgakololo e e molemo: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Diane 15:1) “Go ritibala ga loleme ke setlhare sa botshelo.” (Diane 15:4) “Molaodi o kgonwa ka bopelotelele.” (Diane 25:15) “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

“A go Nna Tekatekano ga Lona go Itsiwe”

Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Filipi jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Latela molaomotheo ono ka go ipeela melao ya boitshwaro e e lekalekaneng. Tila go itshepa go feta selekanyo kgotsa go nna boboi thata. Fa badirimmogo ba go sotla ka mafoko, se leke go gaisana le bone ka go ba dira se se tshwanang. Ga o na go boelwa ke sepe fa o itlhokomolosa ka boomo se eleng boitshwaro jo bo siameng le jo bo sa siamang. Tshwara ba bangwe ka tlotlo le seriti, mme go ka direga thata gore le bone ba go tshware jalo.

Akanyetsa e seng fela tsela e o itshwarang ka yone mme gape le e o aparang ka yone. Ipotse jaana: ‘Diaparo tsa me di dira gore ba bangwe ba ntebe jang? A tsela e ke lebegang ka yone e kgopisa batho ba bangwe? A ke dira gore ke lebege ke le botlhaswa? A ke tshwanetse go ipeela tsela e e siameng ya go apara fa ke ya tirong?’

Mo ditsong di le dintsi, badiri ba ba dinatla le ba ba dirang tiro ya bone ka kelotlhoko ba a tlotliwa le go tseelwa kwa godimo. Ka gone, leka go dira gore o tlotliwe ka go dira tiro ya gago sentle ka botlalo. Nna motho yo o ka tshepiwang le yo o ikanyegang. Seno ga se bolele gore o leke go dira tiro nngwe le nngwe kwantle ga diphoso. Mosadi mongwe yo o neng a tshwarwa makgwakgwa kwa tirong moragonyana o ne a dumela gore le ene o ne a ikgakaletsa dilo. A re: “Ke ne ke batla go nna motho yo o sa direng diphoso.” Mosadi yono o ne a simolola go lemoga gore ga go kgonege gore motho a ka dira dilo kwantle ga go dira diphoso ka go bolela jaana: “Ke modiri yo o molemo, mme ga go bolele gore ke batle go dira sengwe le sengwe kwantle ga go dira diphoso.”

O se ka wa kgopisiwa motlhofo fela ke dikakgelo tsa ba bangwe tse di utlwisang botlhoko. Se tseye lekgetlo lengwe le lengwe fela le o tshwaiwang phoso ka lone e le go kgerisiwa. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana  mo Baebeleng: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago . . . Gape, o se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong, . . . gonne pelo ya gago e itse sentle gore wena, e leng wena, o hutsitse ba bangwe gantsi.”—Moreri 7:9, 21, 22.

Gone ke boammaaruri gore go latela melaometheo eno e e molemo ga go go tlhomamisetse gore ga o kitla o kgerisiwa. Le fa gone o ka leka ka natla go le kana kang, bangwe ba badirimmogo ba ka nna ba go tshwara makgwakgwa. Ke eng se o ka se dirang jaanong?

Senka Tshegetso

Gregory o dumela jaana: “Fa ke ne ke itlhokomolosiwa ka dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka fuduega maikutlo.” Tsela e a neng a ikutlwa ka yone e tlwaelegile mo bathong ba ba sa tshwarweng sentle kwa tirong, ba ba itshokelang maikutlo a a farologaneng a a botlhoko—a a jaaka go galefa, go ikutlwa ba le molato, go tlhabiwa ke ditlhong, go tlhakana tlhogo le go ikutlwa e se batho ba sepe. Kgatelelo e e nnang gone ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa e ka nna ya dira gore le motho yo gantsi a leng tekatekano a felelwe ke tsholofelo. Ee ruri, Baebele e bolela gore “kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7) Ka gone, ke eng se se ka dirwang?

Dipatlisiso di bontsha gore go molemo gore motho a se ka a leka go lepalepana le go tshwarwa makgwakgwa a le nosi. Motho a ka bona tshegetso kae? Dikhampani dingwe tse dikgolo di nna le ditsela tse di di dirisang go thusa bathapiwa ba tsone ba ba tshwerweng makgwakgwa mo tirong. Dikhampani tse di ntseng jalo di a itse gore go fedisa go tshwarwa makgwakgwa gono go solegela tsone molemo. Go ya ka pego nngwe, badiri ba ba tshwarang ba bangwe makgwakgwa ba itewa tsebe ka selekanyo sa diperesente di le 10 tsa nako ya bone ya tiro. Fa go na le thulaganyo e e ntseng jalo, motho yo o kgerisiwang a ka kopa thuso e e ntseng jalo. Mogakolodi yo o sa tseyeng letlhakore—wa gone mo khampaning kgotsa yo o tswang kwa ntle—a ka dira gore batho botlhe ba ba akarediwang mo tiragalong nngwe ya go kgerisa ba buisane ka gone le go tlhoma melao ya kafa ba tshwanetseng go itshwara ka teng mo tirong.

Ga go Na Tharabololo e e Feletseng ya Bothata Jono

Ke boammaaruri gore go tshwanetse ga amogelwa ntlha ya gore ga go na tharabololo e e feletseng ya bothata jwa go kgerisiwa. Tota le batho ba ba dirisang melaometheo ya Baebele e go builweng ka yone mo ditlhogong tseno ba ka nna ba fitlhela gore go se tshwarwe sentle ga bone kwa tirong ga go kgaotse. Batho ba ba ntseng jalo ba ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o etse tlhoko go itshoka ga bone le maiteko a ba a dirang go bontsha dinonofo tsa bomodimo le fa ba lebane le maemo a a sa itumediseng.—2 Ditiragalo 16:9; Jeremia 17:10.

Batho bangwe ba ile ba swetsa go batla tiro e nngwe, go ikaegile ka gore ba tshwerwe makgwakgwa go le kana kang le gore seno se ba diragalela kgapetsakgapetsa go le kana kang. Ba bangwe ga go se ba ka se dirang, e re ka tiro e ka tswa e sa bonwe motlhofo e bile ditsela tse ba ka bonang thuso ka tsone di le mmalwa. Monika, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ile a lemoga gore fa nako e ntse e ya, bothata jwa gagwe bo ile jwa rarabologa fa motho yo o neng a di goga kwa pele mo go mo kgeriseng a ne a tlogela tiro. Ka ntlha ya moo, maemo a ne a sisibala go se kae kwa tirong, mme o ne a kgona go fetsa thapiso ya gagwe ya kwa tirong pele ga a ya go batla tiro go sele.

Fa e le Peter ene, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, o ne a gololesega gotlhelele ka ntlha ya go rola tiro pele ga nako. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Peter a ne a itshoketse go tshwarwa makgwakgwa kwa tirong, o ne a ntse a solegelwa molemo ke tshegetso ya mosadi wa gagwe. O bolela jaana: “Mosadi wa me o ne a itse bothata jo ke leng mo go jone, mme e ne e le pinagare e e nnonotshang.” Ka nako ya fa Monika le Peter ba ntse ba itshoketse diteko tsa bone, ba ne ba gomodiwa thata ke tumelo ya bone e re ka e le Basupi ba ga Jehofa. Go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa go ne ga ba nonotsha gore ba itlotle, fa kafa letlhakoreng le lengwe go kopanela le badumedimmogo le bone go ne go dira gore ba nne le botsala jo bo tlhomameng.

Le fa boemo jwa gago e ka tswa e le bofe, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne le kamano e e molemo le ba bangwe kwa tirong. Fa o tshwarwa makgwakgwa, leka ka natla go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. . . . Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Baroma 12:17-21.

[Mafoko a a mo go tsebe 8, 9]

Go nna botsalano go ka kokobetsa maemo a a sa itumediseng

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—BAROMA 12:18

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Rarabolola go se utlwane go o ka tswang o na le gone le ba bangwe ka bonako