Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moshe—A ke Motho wa Mmatota Kgotsa Tlhamane?

Moshe—A ke Motho wa Mmatota Kgotsa Tlhamane?

FA Moshe a ne a tsholwa, o ne a le mo kotsing ya gore a ka bolawa. Batho ba gagabo e ne e le setlhopha sa malapa a bakgarakgatshegi, ba ka ntlha ya tlala ba neng ba ya go nna kwa Egepeto le rraabone Jakobe, kgotsa Iseraele. Ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi ba nna ka kagiso le baagelani ba bone ba Baegepeto. Mme maemo a ne a fetoga ka tsela e e boifisang. Pego e e ikanyegang ya hisitori ya re: “Ga tsoga kgosi e ntšha mo Egepeto . . . Mme ya raya batho ba yone ya re: ‘Bonang! Batho ba bomorwa Iseraele ba bantsi e bile ba thata go re feta. Tlang! A re dirisaneng le bone ka botlhale, e se re kgotsa ba ntsifala.’” Ba ne ba loga leano lefe? La go laola palo ya Baiseraele ka go ba dira “batlhanka ba ba patikwang” le ka go laela babelegisi ba Bahebera go bolaya bana botlhe ba basimane ba ba neng ba tsholwa. (Ekesodo 1:8-10, 13, 14) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba ntsifala ka ntlha ya bopelokgale jwa babelegisi ba bone ba ba neng ba gana go ikobela taelo eo. Ka jalo, kgosi ya Egepeto e ne ya laela jaana: “Ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o sa tswang go tsholwa lo mo latlhele mo Nokeng ya Nile.”—Ekesodo 1:20-22.

Banyalani bangwe ba Baiseraele e bong Amerame le Jokebede ba ne “ba se ka ba boifa taelo ya kgosi.” (Bahebera 11:23) Jokebede o ne a tshola ngwana wa mosimane yo moragonyana a neng a tlile go tlhalosiwa a le “montle ka tsela ya bomodimo.” * (Ditiro 7:20) Gongwe ba ile ba lemoga ka tsela nngwe gore Modimo o ne a rata ngwana yono. Le fa seemo e ka tswa e ne e le sefe, ga ba a ka ba neela ngwana wa bone gore a bolawe. Ba ne ba swetsa ka gore ba mo fitlhe le fa seno se ne se ka tsenya matshelo a bone mo kotsing.

Morago ga dikgwedi di le tharo, batsadi ba ga Moshe ba ne ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha. E re ka ba ne ba sa tlhole ba na le kgoro ya botso, ba ne ba loga leano. Jokebede o ne a tsenya lesea mo serotong sa koma mme a le kokobatsa ka sone mo Nokeng ya Nile. O ne a sa itse gore ka go dira jalo o ne a boloka botshelo jwa motho yo o neng a tlile go fetola hisitori!—Ekesodo 2:3, 4.

A Ditiragalo Tseno di Boammaaruri?

Gompieno bakanoki ba le bantsi ba re ditiragalo tseno ke tlhamane fela. Buka ya Christianity Today ya re: “Boammaaruri ke gore, ga go na bosupi bope jwa baithutamarope jo bo bontshang [dingwaga] tse bana ba Iseraele ba di ntseng kwa Egepeto.” Le mororo go se na bosupi jwa dilo tse di ka bonwang, go na le bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore pego ya Baebele e boammaaruri. Moithuti wa dilo tsa bogologolo tsa Egepeto e bong James K. Hoffmeier o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Israel in Egypt: “Dipego tsa baithutamarope di bontsha sentle gore Egepeto e ne e aga e etelwa ke batho ba [dinaga tse di kwa molelwaneng wa botlhaba jwa Mediterranean], segolobogolo ka ntlha ya mathata a tlelaemete e e neng e baka komelelo . . . Ka jalo, mo e ka nnang go tloga ka 1800 go ya go 1540 B.C., Egepeto e ne e le lefelo le lentle tota le batho ba ba buang Se-Semite ba kwa Asia bophirima ba neng ba ka fudugela kwa go lone.”

Mo godimo ga moo, e sa le go dumelwa bogologolo gore tsela e Baebele e tlhalosang bokgoba jwa kwa Egepeto ka yone e boammaaruri. Buka ya Moses—A Life e bega jaana: “Go lebega pego ya Baebele ya go gatelelwa ga Baiseraele e tlhomamisiwa ke mokwalo o o mo letlapeng lengwe la phupu o o agang o kwalololwa wa Egepeto ya bogologolo, o o bontshang sentle kafa setlhopha sengwe sa makgoba se neng se dira ditena ka seretse ka teng.”

 Tsela e Baebele e tlhalosang ka yone seroto se sennye se Jokebede a neng a se dirisa le yone e boammaaruri. Baebele e bolela gore se ne se dirilwe ka koma, e go ya ka Commentary ya ga Cook, “Baegepeto ba neng ba tlwaetse go e dirisa mo mekorong ya bone e e motlhofo le e e bofefo.”

Le fa go ntse jalo, a go motlhofo go dumela gore moeteledipele wa setšhaba a ka laela gore masea a bolawe setlhogo? Mokanoki George Rawlinson o re gakolola jaana: “Go bolawa ga masea . . . go ile ga ata thata mo metlheng le mo mafelong a a farologaneng, mme batho ba ne ba sa re sepe ka gone.” Eleruri, le mo metlheng ya gompieno go sa ntse go na le ditiragalo tse di ntseng jalo tsa go gailwa ga batho. Pego eno ya Baebele e ka tswa e tsitsibanya mmele, mme gone e boammaaruri.

O Godiseditswe mo Lelapeng la ga Faro

Jokebede ga a ka a tlogela lesea la gagwe mo metsing gore a bone fela gore le tla diragalelwa ke eng. O ne a “baya [seroto] mo gare ga matlhaka fa lotshitshing lwa noka ya Nile.” Go bonala leno e ne e le lefelo le a neng a solofetse gore seroto seno se ka bonwa ke mongwe gone. Ke gone kwa morwadie Faro a neng a tlhapela gone, gongwe ka metlha. *Ekesodo 2:2-4.

Seroto seno se sennye se ne sa bonwa ka bonako. “E rile [morwadie Faro] a se bula a bona  ngwana, mme bona, mosimane o ne a lela. Foo a mo tlhomogela pelo, le mororo a ne a re: ‘Yono ke mongwe wa bana ba Bahebera.’” Ka jalo, morwadiakgosi yono wa Moegepeto o ne a swetsa ka gore a mo ikgodisetse. Leina lepe fela le batsadi ba gagwe ba neng ba mo neile lone kwa tshimologong ga le bolo go lebalwa. Gompieno o itsege mo lefatsheng lotlhe ka leina le mmaagwe yo a mo godisitseng a mo reileng lone—Moshe. *Ekesodo 2:5-10.

Le fa go ntse jalo, a ga go thata go dumela gore morwadiakgosi yono wa Egepeto a ka tlhokomela ngwana yo o ntseng jalo? Nnyaa, ka gonne bodumedi jwa Egepeto bo ne bo ruta gore go dira ditiro tsa bopelonomi e ne e le selo se se tlhokegang thata gore motho a tsene kwa legodimong. Moithutamarope Joyce Tyldesley o bolela jaana malebana le kgang ya go ikgodisetsa bana: “Basadi ba Baegepeto ba ne ba lekana ka maemo le banna ba Baegepeto. Go bolelwa gore ba ne ba na le ditshwanelo tse di tshwanang tsa semolao le tsa itsholelo, mme . . . basadi ba ne ba ka itseela bana go ba godisa.” Tota e bile mokwalo mongwe wa bogologolo wa papirase o o buang ka go itseela bana go ba godisa o bua ka mosadi mongwe wa Moegepeto yo o neng a ikgodisetsa batlhanka. The Anchor Bible Dictionary e bolela jaana malebana le kgang ya go hiriwa ga ga mmaagwe Moshe gore e nne moamusi: “Madi a mmaagwe Moshe a neng a a duelwa go mo amusa . . . a re gopotsa dilo tse di tlhalosiwang mo ditumalanong tse di neng di dirwa kwa Mesopotamia tsa go ikgodisetsa bana.”

E re ka jaanong Moshe a tserwe ke lelapa le lengwe go mo godisa, a o ne a tla lobelwa boammaaruri jwa gore ke Mohebera? Difilimi dingwe tsa Hollywood di dirile gore go lebege go ntse jalo. Mme Dikwalo tsone di bontsha sengwe se se farologaneng le seo. Kgaitsadie Moshe e bong Miriame, o ne a rulaganya ka botlhale gore Moshe a amusiwe ke mmaagwe e bong Jokebede. Ga go pelaelo gore mosadi yono yo o boifang Modimo o ne a ka se ka a lobela morwawe boammaaruri! Mme e re ka gantsi mo metlheng ya bogologolo bana ba ne ba amusiwa dingwaga di sekae, Jokebede o ne a na le sebaka se se lekaneng sa go ruta Moshe ka ga ‘Modimo wa ga Aborahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe.’ (Ekesodo 3:6) Go godisiwa ka tsela eo ya semoya go ne ga thusa Moshe thata, ka gonne e ne ya re fa a sena go newa morwadie Faro, “Moshe o ne a rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” Mafoko a mokwalahisitori Josephus a a bontshang gore Moshe o ne a nna mojenerale fa Baegepeto ba lwa le Baethiopia a ka se tlhomamisiwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore Moshe “o ne a le maatla mo mafokong a gagwe le mo ditirong.” *Ditiro 7:22.

Fa Moshe a le dingwaga tse 40, go bonala a ne a siametse go nna moeteledipele yo mogolo wa Egepeto. O ne a ka newa maatla le dikhumo fa a ne a ka tswelela a nna mo ntlong ya ga Faro. Mme go ne ga direga sengwe se se neng sa fetola botshelo jwa gagwe thata.

O Tshabela Kwa Midiana

Ka letsatsi lengwe Moshe o ne “a bona Moegepeto mongwe a itaya Mohebera mongwe wa bomorwarraagwe.” Moshe a ne a feditse dingwaga di le dintsi a itumelela melemo ya go nna Mohebera le ya go nna Moegepeto. Mme Moshe o ne a tlhotlheletsega go dira tshwetso e kgolo fa a bona Moiseraele ka ene a itewa—gongwe ka tsela e e  neng e ka mmolaya. (Ekesodo 2:11) O ne “a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.”—Bahebera 11:24, 25.

Moshe o ne a tsaya kgato ka bonako e bile e le e e sa fetogeng: “A bolaya Moegepeto a bo a mo fitlha mo motlhabeng.” (Ekesodo 2:12) Kgato eno ga e a tsewa ke mongwe yo o “ratang go phatloga fela ka bogale,” jaaka motshwayadiphoso mongwe a ile a rialo. Go bonala e tserwe ke mongwe yo o neng a na le tumelo—le fa e ne e sa tshwanela—mo tsholofetsong ya Modimo ya gore Baiseraele ba ne ba tla gololwa mo Egepeto. (Genesise 15:13, 14) Gongwe Moshe, ka go tlhoka maitemogelo o ne a akanya gore se a neng a se dira se ne se tla tlhotlheletsa batho ba gaabo gore ba tsuologe. (Ditiro 7:25) Le fa go ntse jalo, o ne a swaba fa a bona Baiseraele ka ene ba gana go amogela boeteledipele jwa gagwe. Fa Faro a utlwa gore Moshe o bolaile mongwe, Moshe o ne a patelesega go tshaba. O ne a ya go nna kwa Midiana, a nyala mosadi mongwe e bong Siphora, morwadie kgosana ya mokgarakgatshegi Jethero.

Moshe o ne a fetsa dingwaga di le 40 tse di neng di lebega di le dileele e le modisa wa maemo a a kwa tlase, a sa tlhole a na le tsholofelo ya go nna mogolodi. Le fa go ntse jalo, ka letsatsi lengwe o ne a kgweeletsa letsomane la ga Jethero kwa lefelong lengwe gaufi le Thaba ya Horeba. Moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa kwa go Moshe koo, mo setlhatshaneng se se tukang. Akanya fela gore go ne go ntse jang: Modimo o laela jaana: ‘Ntsha batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.’ Mme Moshe o araba Modimo a okaoka, a ipelaela e bile a sa itshepe. O ikuela jaana: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro le gore ke ntshe bomorwa Iseraele kwa Egepeto?” E bile o tlhalosa bokoa bongwe jwa gagwe jo badiri bangwe ba difilimi ba ileng ba bo tlhalosa ka tsela e e seng yone: Go bonala a ne a na le bothata jwa go bua. A bo Moshe a farologane thata jang ne le bagaka ba go buiwang ka bone mo ditlhamaneng tsa bogologolo! Dingwaga tse 40 tse monna yono a di feditseng e le modisa di ne tsa dira gore a nne boikokobetso le bonolo. Le mororo Moshe a sa itshepe, Modimo ga a belaele gore o setse a siametse go nna moeteledipele!—Ekesodo 3:1–4:20.

Go Gololwa mo Egepeto

Moshe o tswa mo Midiana mme o ya kwa go Faro, a mo laela gore a golole batho ba Modimo. Fa kgosi eno e e tlhogoethata e gana, Egepeto e itewa ka dipetso tse di botlhoko tse di lesome. Petso ya bolesome e bolaya maitibolo a Egepeto, mme kgabagare Faro yo o fentsweng o golola Baiseraele.—Ekesodo, kgaolo 5-13.

Babadi ba le bantsi ba itse ditiragalo tseno sentle. Mme gone, a di boammaaruri? Bangwe ba bolela gore e re ka leina la ga Faro le sa umakiwe,  pego eno e tshwanetse ya bo e le tlhamane fela. * Le fa go ntse jalo, Hoffmeier yo o nopotsweng pelenyana, o bolela gore gantsi bakwadi ba Egepeto ba ne ba sa kwale maina a baba ba ga Faro ka boomo. A re: “Ruri bakwalahisitori ba ne ba ka se bolele gore e re ka maina a kgosi ya Kadeshe le ya Megido a sa kwalwa seo se raya gore Thutmose III ga a ka a tswa letsholo kwa Megido.” Hoffmeier o bolela gore leina la ga Faro ga le umakiwe ka ntlha ya “mabaka a a utlwalang a thutabodumedi.” Lebaka le lengwe ke gore go se umake leina la ga Faro go bontsha gore pego eo e bua thata ka Modimo e seng ka Faro.

Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba ganetsa kgang ya gore go ne ga nna le khudugo e kgolo ya Bajuda ba tswa kwa Egepeto. Mokanoki Homer W. Smith o bolela gore “ga go pelaelo gore go ka bo go ile ga begwa thata [ka khudugo eo e kgolo] mo hisitoring ya Egepeto kgotsa ya Siria . . . Go bonala pego eno e e buang ka khudugo e le e e sokamisitsweng le e e ikakanyeditsweng ke batho ba le mmalwa ba ba bolelang gore batho bangwe ba ile ba tswa kwa Egepeto ba tshabela kwa Palesetina.”

Ke boammaaruri gore ga go na pego epe ya Baegepeto e e buang ka tiragalo eno. Mme ga go pelaelo gore Baegepeto ba ile ba fetola dipego tsa hisitori fa boammaaruri jwa tsone bo ne bo ba  tlhabisa ditlhong kgotsa bo ne bo sa dumalane le dilo tsa bone tsa bopolotiki. Fa Thutmose III e nna mmusi, o ne a leka go dira gore batho ba lebale ka mmusi yo o tlileng pele ga gagwe e bong Hatshepsut. Moithuti wa dilo tsa bogologolo tsa Egepeto e bong John Ray a re: “Mekwalo ya gagwe e ne ya phimolwa, difikantswe tsa gagwe tsa dikanyediwa ka lobota mme digopotso tsa gagwe tsa lebalwa. Leina la gagwe ga le tlhage mo dipegong tsa morago tsa hisitori.” Le mo metlheng ya gompieno go ile ga dirwa maiteko a a ntseng jalo a go fetola kgotsa go fitlha dintlha tse di tlhabisang ditlhong.

Malebana le kgang ya gore ga go na bosupi jwa baithutamarope jo bo bontshang gore Bajuda ba ne ba nna mo nageng, re tshwanetse go gakologelwa gore batho bano e ne e le bakgarakgatshegi. Ba ne ba sa age metse; ba sa jale sepe. Go bonala ba ne ba tlogela metlhala ya bone fela kwa morago. Mme bosupi jo bo tlhatswang pelo jo bo bontshang gore ba ne ba nna mo nageng bo ka fitlhelwa mo Baebeleng ka boyone. Kgang eno go buiwa ka yone mo bukeng eo yotlhe e e boitshepo. (1 Samuele 4:8; Pesalema 78; Pesalema 95; Pesalema 106; 1 Bakorintha 10:1-5) Sengwe sa botlhokwa ke gore Jesu Keresete le ene o ne a supela gore go na le dilo tse di neng tsa direga kwa nageng.—Johane 3:14.

Ka jalo, ga go pelaelo gore pego ya Baebele e e malebana le Moshe e ka ikanngwa e bile e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Moshe o tshedile dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Kgang ya ga Moshe e ka go ama jang gompieno?

^ ser. 3 Go ya ka The Expositor’s Bible Commentary, polelwana eno e ka nna ya se ka ya kaya fela ditebego tse dintle tsa ngwana mme gape e ka kaya “dinonofo tsa pelo ya gagwe.”

^ ser. 11 Buka ya Commentary ya ga Cook ya re go tlhapela mo nokeng ya Nile “e ne e le selo se se tlwaelegileng thata kwa Egepeto wa bogologolo. Noka ya Nile e ne e obamelwa jaaka sengwe se se tswang kwa go Osiris, mme metsi a yone a ne a tsewa a na le maatla a a kgethegileng a a dirang gore dilo di tshele di bo di ungwe.”

^ ser. 12 Kgang ya gore leina leno le tlholega kae e dira gore bakanoki ba ganetsane. Ka Sehebera, leina Moshe le kaya “O Ntshitswe; O Namotswe mo Metsing.” Mokwalahisitori Flavius Josephus o ne a bolela gore leina Moshe le kopantse mafoko a mabedi a Seegepeto a a kayang “metsi” le “go namolwa.” Gompieno, bakanoki bangwe le bone ba dumela gore leina Moshe le tswa mo leineng la Seegepeto, mme ba akanya gore go bonala le kaya “Morwa.” Le fa go ntse jalo, ba bua jalo ka ntlha ya gore go na le maina mangwe a Seegepeto a e reng fa a bidiwa a utlwala a tshwana le leina “Moshe.” E re ka go se na motho ope yo tota a itseng gore leina leno le ne le bidiwa jang ka Sehebera kgotsa ka Seegepeto, dikgopolo tseo ga di boammaaruri.

^ ser. 14 Buka ya Israel in Egypt ya re: “Kgopolo yotlhe ya gore Moshe o ne a godisediwa mo lelapeng le le tlotlegang la Baegepeto e utlwala e le tlhamane fela. Mme fa re leba ka kelotlhoko lelapa la segosi mo Bogosing jo Bosha, re bona sengwe se se farologaneng le seo. Thutmose III . . . o ne a simolola mokgwa wa go tlisa barwa ba dikgosi tse di fentsweng tsa Asia bophirima mo Egepeto gore ba tle go rutiwa dingwao tsa Baegepeto . . . Ka jalo, go ne go tlwaelegile gore go nne le barwa le barwadi ba dikgosi di sele mo malapeng a a tlotlegang a Baegepeto.”

^ ser. 22 Bakwalahisitori bangwe ba bolela gore Faro yo e neng e le mmusi ka nako ya Khudugo e ne e le Thutmose III. Ba bangwe ba re e ne e le Amenhotep II, Ramses II le ba bangwe. Ka ntlha ya tlhakatlhakano e e leng teng mo tatelanong ya ditiragalo tsa Egepeto, re ka se ka ra tlhomamisa gore tota Faro yono e ne e le mang.