Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwela Diphetogo

Go Lwela Diphetogo

 Go Lwela Diphetogo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JEREMANE

“Fa nkabo ke le mosha, ke ne ke tla simolola letsholo la go lwela diphetogo mo Jeremane!” go ne ga bolela jalo Anna wa dingwaga tse 80 wa kwa Jeremane. “O ne o tla fetola eng?” ga botsa Robert. “Sengwe le sengwe!” ga araba Anna.

BATHO ba le bantsi ba tla dumalana le Anna. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Jeremane mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1990 e ne ya senola gore batho ba le 2 mo go bangwe le bangwe ba le 3 ba go neng ga dirwa dipatlisiso mo go bone ba ne ba akanya gore ‘diphetogo tse di akaretsang batho ba le bantsi le tsa botlhokwa mo setšhabeng’ di a tlhokega. Gongwe boemo jono bo tshwana le jwa mo nageng e o nnang mo go yone.

Fa batho ba lwela gore go nne le diphetogo, gantsi badiredibagolo ba ba solofetsa gore di tla nna gone. Frederick Hess, yo e leng motlatsa porofesa wa thuto le puso, o ne a kwala jaana malebana le diphetogo mo go tsa thuto: “Gantsi go solofetsa diphetogo ke selo se se dirwang go diragatsa molao fela go gomotsa baagi ba ba seng pelotelele.” Re na le go bala  ditlhogo tsa makwalodikgang tse di itsiseng ka dithulaganyo tse di dirwang go lere diphetogo mo go tsa ikonomi, mo go tsa boitekanelo, mo go tsa temothuo le mo dithulaganyong tsa go tlhoma melao. Re utlwa go buiwa ka diphetogo tse di akanyediwang mo go tsa thuto, tsa katlaatleloloago le dithulaganyo tsa boatlhodi. * Gape re bala ka dikgang tsa gore maloko a dikereke dingwe a batla gore go nne le diphetogo mo dithutong tsa kereke.

Diphetogo fa di Bapisiwa le Seemo sa Gone Jaanong

Ke eng se se dirang gore batho ba batle diphetogo thata jaana? Batho ba nna ba ntse ba leka go tokafatsa seemo sa setšhaba. Ba ile ba leka go dira seno ka go tlhopha baeteledipele ba dipolotiki, ka go dirisa madi, ka go tlhoma melao kgotsa ka go dirisa dikgoka. Dilo tseno tsotlhe ke matswela a keletso e kgolo e motho a nang le yone ya go batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe, go tlhomamisa gore bana ba gagwe ba nna le isagwe e e botoka kgotsa go dira gore setšhaba se nne le maemo a loago a a eletsegang, a boitsholo le a tshiamiso. Fa fela go sa ntse go na le batho ba ba kgaratlhelang go tswa mo mathateng a go tlhoka kitso, malwetse, khumanego le tlala, batho ba tla nna ba ntse ba lwela diphetogo.

Le fa gone batho ba le bantsi ba itumelela diphetogo, ba bangwe bone ba akanya ka tsela e sele ka balweladiphetogo le se ba lekang go se fitlhelela. Bangwe ba bona go le botoka gore setšhaba se tlogelwe jaaka se ntse, se se ka sa fetolwa. Ba tsaya balweladiphetogo e le batho ba ba batlang go dira diphetogo tse di sa kgonegeng. Kgatiso ya Handbuch der deutschen Reformbewegungen 1880-1933 (Buka ya Mekgatlho ya Bolweladiphetogo ya Jeremane ya 1880-1933) e tlhalosa gore gantsi balweladiphetogo “ba tshwaiwa diphoso, go dirwa ditshwantsho tsa sepolotiki tse di tshegisang ka bone e bile go buiwa ka bone ka tsela ya go sotla.” Mokwadi wa diterama wa Mofora e bong Molière o kile a re: “Mo dikgopolong tsotlhe tse di leng teng tsa boeleele ga go e e gaisang eno ya go batla go fetola lefatshe gore e nne lefelo le le botoka.”

O akanyang? A diphetogo di ka tokafatsa lefatshe? Kgotsa a balweladiphetogo ke batho fela ba ba ijesang dijo tsa ditoro? Go tweng ka diphetogo tse di dirilweng mo nakong e e fetileng? A batho ba ba di dirileng ba ile ba fitlhelela mekgele ya bone? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dikgang tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go dumalana le boikaelelo jwa yone, Tsogang! ‘ka metlha ga e itshunye nko mo dipolotiking.’ Dintlha tse go tlotliwang ka tsone fano malebana le diphetogo di diretswe go sedimosetsa babadi ba rona le go ba bontsha tharabololo e le yosi fela ya mmatota ya dilo tse batho ba di tlhokang.