Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boloka Nako!

Boloka Nako!

 Boloka Nako!

MAKASINE wa USA Today o bega jaana: “Baokamedibagolo ba na le bothata jo bogolo jwa go se boloke nako.” Fa o umaka patlisiso nngwe e e dirilweng ka baokamedi ba bagolo ba le 2 700 o oketsa ka gore “mo dipokanong di le 10 ba fitlha morago ga nako mo go di le thataro tsa tsone.”

Mo bathong ba kgwebo, go se boloke nako ga go bontshe fela gore motho ga a na maitseo. Patlisiso nngwe e ne ya konela jaana ka bakopatiro ba le 81 000: “Mabaka a magolo a a dirang gore madi a senyege ke diura tsa tiro tse di senyegang ka ntlha ya go sa boloke nako le go sa tle tirong kwantle ga tetla.” Gone mme, go sa boloke nako ga go bake mathata fela mo go tsa kgwebo. Patlisiso nngwe ya bagokgo ba sekolo sa sekontari e senotse gore “selo se segolo se gantsi baithuti ba neng ba se otlhaelwa e ne e le go se boloke nako.”

Mmopi wa rona o ne a batla gore re tlhokomele nako. O ne a baya “masedi a mabedi a magolo”—letsatsi le ngwedi—go re thusa go lekanyetsa nako. (Genesise 1:14-16) Gompieno, didirisiwa tsa segompieno tsa nako di re thusa go bona nako ya rona ka metsotso le metsotswana. Le fa botegeniki jono bo le gone, batho ba le bantsi ba sa ntse ba na le bothata jwa go boloka nako—ya go ya tirong, sekolong kgotsa ya ditumalano dingwe tse di botlhokwa.

A bothata ke gore nako ga e yo? Gone ke boammaaruri gore tiro ya rona le lelapa di tlhoka nako e ntsi thata. Le fa go ntse jalo, mmè mongwe yo o berekang yo o bidiwang Wanda Rosseland a re: “Ke ne ka emisa go tlhola ke ngongorega ka gore ga ke na nako e e lekaneng fa ke ne ke lemoga gore rotlhe re na le diura di le 24 ka letsatsi. Ke ne ka akanya ka seno mme ka swetsa ka gore mo lefatsheng la rona la gompieno, ga se gore re na le nako e nnye mme ke gore re na le dilo di le dintsi tse di re itayang tsebe.”

Akanya gape ka Renee, * mmè mongwe wa bana ba le batlhano yo e leng Mosupi wa ga Jehofa. O gakologelwa jaana: “Fa bana ba me ba ne ba le bannye, go ne go se motlhofo go ba baakanyetsa go ya sekolong le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go le jalo, ke ne ke se na bothata jwa go boloka nako. Mme gone jaanong ka gore botlhe ba godile, ke simolotse mokgwa o o sa siamang wa go se boloke nako.” A le wena o na le mokgwa ono o o sa siamang? Fa go le jalo, go ka kgonega gore o fetoge! Dilo dingwe tse o ka di dirang ke tseno.

AKANYA KA DITLAMORAGO. Go tlwaela go sa boloke nako go ka bonala e le selo se sennye. Mme akanya ka mafoko ano a Baebele: “Dintsi tse di suleng ke tsone tse di dirang gore leokwane la modiri wa setlolo le nkge sebodu, le ntshe dipudula. Ka jalo boeleele bo le bonnye bo dira jalo mo go  yo o tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya botlhale le kgalalelo.” (Moreri 10:1) Ee, “boeleele bo le bonnye” fela jaaka go sa akanyetse ba bangwe go ka senya leina la gago mo morutabaneng wa gago kgotsa mo mothaping wa gago.

Fa mosadi mongwe yo o bidiwang Marie a ne a dira dikhoso dingwe kwa kholetšheng nngwe, o ne a lemoga gore ba bangwe le bone ba a nang le bone mo tlelaseng “ba ne ba sa tshwenyege ka nako,” gantsi ba ne ba goroga morago ga nako mo tlelaseng. O gakologelwa gore “ga go a ka ga tsaya nako e telele pele ga ba ka fetoga. Boporofesa ba le babedi ba ne ba gagametse ka go boloka nako. Ka jalo fa baithuti bangwe ba ne ba gorogile morago ga nako ka metsotso e se kae fela, ba ne ba tsewa gore ga ba tla sekolong. Fa o ne o tserwe gore ga o a tla sekolong ka makgetlho a a rileng, seo se ne se felela ka gore o se ka wa falola mophato o o leng mo go one.”

Go tlwaela go se boloke nako go ka senya leina la gago mo ditsaleng le mo balekaneng ba gago. Monna mongwe wa dingwaga tsa bogare yo o bidiwang Joseph o gakologelwa Mokeresete ka ene yo o neng a mo itse dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Le fa monna yono a ne a tlotliwa ka go bo a ne a na le bokgoni jwa go ruta, o ne a na le bokoa jo bo tlhabisang ditlhong. Joseph o gakologelwa jaana: “O ne a sa boloke nako ka dinako tsotlhe. Ke raya go sa boloke nako mo sengweng le sengwe! Mme go ne go sa bonale a amega ka gone. Batho ba bangwe ba ne ba dira motlae ka go sa boloke nako ga gagwe.” A batho ba setse ba simolotse go go bitsa motho yo o sa bolokeng nako ka dinako tsotlhe? Fa go le jalo, go ka nna motlhofo gore ba tlhokomologe dinonofo tsa gago tse di molemo.

AKANYETSA BA BANGWE. Go se boloke nako ke go tlhoka maitseo e bile go itaya ba bangwe tsebe. Mme fa motho a sa boloke nako go ka naya ba bangwe mogopolo wa gore o ithaya o re o mongwe wa botlhokwa. Rakgwebo mongwe fa a ne a tlhalosa lebaka la go bo borakgwebo ba le bantsi ba na le mokgwa wa go se boloke nako fa ba tla mo dikokoanong, a re: “Bontsi jwa rona re a ikgodisa.” Go farologana le seo, Bakeresete ba tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone. (Bafilipi 2:3) Gape ba dirisa Molao wa Sekagouta e bile ba tshwara ba bangwe ka tsela e le bone ba ka ratang go tshwarwa ka yone. (Mathaio 7:12) A ga go go tshwenye fa o tshwanetse go emela ba bangwe? Ka jalo o se ka wa dira gore ba bangwe le bone ba go emele.

ITHUTE DITSELA TSA GO LAOLA NAKO. A o na le mokgwa wa go busetsa dilo kwa morago mme o bo o di dira ka motsotso wa bofelo? A o rulaganya dilo di le dintsi, o leka go dira dilo di le dintsi ka nako e khutshwane? Molaomotheo o o mo go Moreri 3:1 o ka thusa: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” Go nna le ‘nako e e tlhomilweng’ ya dilo go go letla go di dira ka tsela e e rulaganeng sentle.

Sa ntlha, kwala dilo tsotlhe tse o tlhokang go di dira. Morago ga moo, latela molaomotheo o o mo go Bafilipi 1:10: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ Ee, dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Ke eng se se tshwanetseng go dirwa? Ke dilo dife tse di ka busediwang kwa morago? Sa bofelo,  leka go bona gore o tlhoka nako e kana kang go dira dilo le gore o tla di dira leng. Akanyetsa dilo sentle, mme o se ka wa rulaganya dilo di le dintsi ka nako e nnye.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Dorothy o leboga batsadi ba gagwe go bo ba mo rutile go boloka nako. A re: “Fa re ne re tshwanelwa ke go nna teng kwa dipokanong ka 7:30 p.m., mmè o ne a simolola go re baakanya ura le metsotso e le 45 pele ga nako eo. Re ne re tshwanetse go nna le nako ya go ja dijo tsa maitseboa, go tlhatswa dijana, go apara le go tsamaya ka koloi go ya kwa lefelong le dipokano di tshwarelwang gone. E ne ya nna tlwaelo go boloka nako.” Ka dinako tse dingwe go a thusa fa go ka nna le maemo a a sa lebelelwang. Dorothy o gakologelwa jaana: “Bosheng jaana ke ne ka tshwanelwa ke go tsaya batho ba le mmalwa go ya dipokanong. Mo tseleng leotwana le ne la tswa mowa. Ke ne ka dira gore le baakanngwe mme ke ne ke sa ntse ke na le nako ya gore ke ba tseye. Ka dinako tsotlhe ke dira gore ke nne le nako e e lekaneng fa e le gore go tla nna le mathata ka koloi kgotsa pharakano e ntsi.”

BONA DIKAKANTSHO MO GO BA BANGWE. Baebele mo go Diane 27:17 ya re: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” Go dumalana le molaomotheo oo, buisana le ba bangwe ba maemo a bone a tshwanang le a gago—mme ba kgona go boloka nako ya go dira dilo. Gantsi ba na le dikakantsho di le mmalwa tse di mosola.

Renee, yo o nopotsweng kwa godimo, o ikemiseditse go fetola mokgwa ono wa go se boloke nako. A re: “Bosheng jaana ke ikemiseditse go tokafatsa. Le fa go ile ga se ka ga nna motlhofo, ke gatelapele.” Le wena o ka dira jalo. Fa o na le boikutlo jo bo siameng e bile o iteka, o ka kgona go ithuta go boloka nako!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Bathapiwa ba gago ga ba kitla ba go leba ka tsela e e siameng fa o tlwaetse go se boloke nako e bile go ka bontsha gore ga o akanyetse ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go rulaganya dilo tsa gago sentle go ka go thusa go tila go senya nako