Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya Nuklea—A re Sa Ntse Re ka E Boifa?

Ntwa ya Nuklea—A re Sa Ntse Re ka E Boifa?

 Ntwa ya Nuklea—A re Sa Ntse Re ka E Boifa?

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Japane

“Motho mongwe le mongwe yo o akanyang sentle o boifa ntwa ya nuklea, mme naga nngwe le nngwe e e nang le boranyane jwa saense e rulaganyetsa go nna le yone. Mongwe le mongwe wa itse gore ntwa ya nuklea ke boeleele, mme naga nngwe le nngwe e na le seipato sa go bo e dira dibetsa tsa nuklea.”—Carl Sagan, yo e leng moithutadinaledi.

KA AUGUST 6, 1945, sefofane sa ntwa sa Amerika se ne sa latlhela bomo ya atomo kwa Hiroshima, kwa Japane, mme ka ponyo ya leitlho e ne ya bolaya palo e ntsi ya batho le go senya dikago di le dintsi. Eno e ne e le bomo ya ntlha ya atomo go dirisiwa mo ntweng. Go thunya ga bomo eno go ne ga senya gotlhelele karolo ya disekwerekilometara di le tlhano tsa toropo eno, e e neng e na le baagi ba le 343 000. Go ne ga senngwa selekanyo se se fetang peditharong sa dikago tsa toropo eno, ga swa bobotlana batho ba le 70 000 mme ga gobala ba le 69 000. Malatsi a le mararo moragonyana go ne ga latlhelwa bomo ya bobedi ya atomo, mo lekgetlhong leno kwa Nagasaki; ga bolawa batho ba le 39 000 mme ga gobala ba le 25 000. Mo e ka nnang halofo ya dikago tsa toropo eno di ne tsa senngwa. Go ne go ise go ke go dirisiwe sebetsa se se maatla jalo mo hisitoring ya motho. Lefatshe le ne la fetoga. Le ne la tsena mo motlheng wa dibetsa tsa nuklea. Mo dingwageng di le mmalwa fela United States, dinaga tsa se pele e neng e le Soviet Union, Great Britain, Fora le China ke fa di setse di dirile dibomo tsa haeterojene tse di senyang le go feta.

Ntwa ya Molomo—kgotlhang fa gare ga dinaga tsa Bokomonise le tse e seng tsa Bokomonisi—e ne ya dira gore go dirwe dibetsa tsa nuklea tsa maemo a a kwa godimo le dithulaganyo tse di raraaneng tsa go di hulela kwa nageng e e tlhaselwang. Lefatshe le ne la tsena mo poifong fa go dirwa dimmisaele tse di kgonang go hulwa go tswa mo kontinenteng e nngwe go ya go e nngwe e bile di kgona go tsamaya dikilomitara di le 5 600 mo lobakeng lwa metsotso fela go na le diura. Dikepe tsa ntwa tsa ka fa tlase ga metsi di ne tsa tlhomelelwa ka dibetsa tse di lekaneng tsa nuklea tse di kgonang go phamphamolola mafelo a le 192 a a farologaneng. Nako nngwe go ne ga fopholediwa gore mafelo a go bewang dibetsa tsa nuklea mo go one a ne a na le dimmisaele di ka nna 50 000! Ka nako ya Ntwa ya Molomo, batho ba ne ba le gaufi le se go tweng ke go fedisiwa ga lefatshe ka ntwa ya nuklea—ntwa e e se nang bafenyi.

Go Khutla ga Ntwa ya Molomo

The Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore ka dingwaga tsa bo1970 dikgogakgogano tsa Ntwa ya Molomo di ne tsa okobala go se kae “jaaka fa go ile ga bonala mo ditumalanong tsa SALT [Strategic Arms Limitation Talks] I le II, tse mo go tsone mebusomegolo e mebedi e neng ya dumalana go lekanyetsa palo e e tshwanetseng go nna le yone ya dimmisaele tse di kgonang go hulelwa kgakala le tse di hulelwang kwa lefelong le le rileng tse ka bobedi di kgonang go rwala dibetsa tsa nuklea.” Morago ga moo, kwa masimologong a dingwaga tsa bo1980 Ntwa ya Molomo e ne ya kokobela, mme kgabagare ya fela.

Pego e e neng ya ntshiwa ke Carnegie Endowment for International Peace ya re: “Go khutla ga Ntwa ya Molomo go ne ga naya batho tsholofelo ya gore kgotlhang le kgaisano ya go batla go nna le dibetsa tse dintsi le tse di maatla go gaisa tsa nuklea e e sa bolong go nna teng gareng ga United States le Russia e ne e ya bokhutlong.” Maiteko a gore go se tlhole go dirisiwa dibetsa tsa nuklea a ne a felela ka gore mabolokelo a le makgolokgolo a tsone a tlhatlhamololwe mo dingwageng tsa bosheng. Ka 1991, Soviet Union le United States di ne tsa saena tumalano ya Treaty on Reduction and Limitation of Strategic Offensive Arms, e e neng ya dira gore ka lekgetlho la ntlha mo hisitoring mebusomegolo eno e mebedi e e nang le dibetsa tsa nuklea e patelesege go lekanyetsa dibetsa tse e tla nnang le tsone, le gore nngwe le nngwe ya tsone e fokotse dimmisaele tsa yone tse di setseng di siametse go ka dirisiwa go fitlha go di le 6 000. Kwa bokhutlong jwa 2001, mebuso eno ka bobedi e ne ya bolela gore e ile ya diragatsa tumalano eno ka go fokotsa dimmisaele tsa yone tsa nuklea jaaka fa go ne go dumalanwe.  Mo godimo ga moo, ka 2002, go ne ga saeniwa Tumalano ya Moscow, e e neng e laela gore mo dingwageng tse di tlang di le lesome palo ya dibetsa tseno e fokodiwe go nna fa gare ga di le 1 700 le 2 200.

Le fa gone go ile ga dirwa dilo tseno, Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a re: “Eno ga se nako ya gore motho a itlhokomolose matshosetsi a ntwa ya nuklea.” O ne a oketsa jaana: “Matshosetsi a ntwa ya nuklea e sa ntse e le a mmatota, a a tshosang fela thata mo masimologong a lekgolo leno la bo21 la dingwaga.” Ka gone re ka swetsa ka gore tshenyego ya nuklea—e e maswe go gaisa e e neng ya direga kwa Hiroshima le Nagasaki—e sa ntse e tshosetsa le gompieno. Ke mang yo o dirang matshosetsi ano? Sa botlhokwa go feta, a matshosetsi ano a ka tilwa?