Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diphologolo ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Diphologolo ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

 Diphologolo ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

A O KILE wa etela dizuu kgotsa diserekise? A o ile wa eletsa go tshwaratshwara nngwe ya diphologolo tse dintle koo—gongwe mokaloba wa tau kgotsa nkwe e kgolo ya Siberia? O ka tswa o ile wa kgatlhwa thata ke go bona mokatisi kgotsa motlhokomedi wa diphologolo tseno a di tshwaratshwara jalo. Ee ruri, mokwadi mongwe wa Baebele o ne a bua jaana mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng: “Mofuta mongwe le mongwe wa sebatana sa naga mmogo le nonyane le segagabi le sebopiwa sa lewatle ruri o tla kgwabofadiwa e bile o kgwabofaditswe ke batho.”—Jakobe 3:7.

Diphologolo tsa mefuta yotlhe di a itumela fa di tlhokomelwa ka lorato e bile di kgatlhegelwa. Eleruri o ka itumelela go bona tsela e di dirisanang ka yone le batho ba ba di ratang ba ba di kgwabofaditseng. Mokwadi wa Moroma e bong Pliny, yo o neng a kwala mo e ka nnang ka nako e le nngwe le mokwadi wa Baebele Jakobe, o ne a bua ka ga go kgwabofadiwa ga ditlou, ditau, dinkwe, bontsu, dikwena, dinoga, tota le ditlhapi.

Tota e bile, diphologolo ga di bolo go kgwabofadiwa go nna diruiwa tsa mo gae le pele ga moo. Bogologolo pele Jakobe le Pliny e nna bakwadi, Baegepeto ba ne ba kgwabofatsa diphologolo tsa naga ba di dira diruiwa tsa mo gae. Gompieno diphologolo di le dintsi tse o di bonang kwa dizuu o ka di fitlhela gape di dirilwe diruiwa tsa mo gae mo mafelong mangwe.

Go Dirisana ga Batho le Diphologolo Bogologolo

Baebele, e e nang le rekoto ya bogologolo ya hisitori ya batho, e bega gore motho wa ntlha e bong Adame, o ne a raya diphologolo maina. Baebele ya re: “Le fa e le eng fela se a neng a se bitsa sone, moya mongwe le mongwe o o tshelang, seo e ne e le leina la one. Ka jalo monna o ne a raya diruiwa tsotlhe le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebatana sengwe le sengwe sa naga maina.” (Genesise 2:19, 20) Go bonala Adame a ile a itlwaelanya thata le diphologolo tseno gore a tle a di reye maina sentle. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tlhoke go sirelediwa mo go tsone—le mo go tse di tlhaga tota. Di ne di nna le ene ka kagiso, mme ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a ne a itumelela go nna le tsone!

 Modimo o ne a naya Adame le mosadi wa gagwe Efa boikarabelo jwa go tlhokomela diphologolo tseno. Jaaka go kwadilwe mo Baebeleng, boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba “laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:26.

Ba sa Ntse ba Dirisana le Tsone

Fa batho ba laola diphologolo ka tsela e e tshwanetseng, seno se ka nna le diphelelo tse di itumedisang tota. Phologolo e e rategang e ka tsewa e le tsala ya botlhokwa, e bile e le karolo ya lelapa. Pego ya Baebele e e ka ga “kwanyana e le nngwe e namagadi, e potlana” ya monna mongwe yo o humanegileng e supa gore go ne go ntse jalo dingwaga di le dikete di le dintsi tse di fetileng. Moporofeti Nathane o ne a bolelela Kgosi Dafide ka kwanyana eno, a bo a bua jaana ka monna yoo wa mohumanegi: “[Kwanyana eno] e ne e tle e je mo thathaneng ya gagwe, e nwe mo senwelong sa gagwe, e lale mo sehubeng sa gagwe, mme e ne ya nna jaaka morwadie.”2 Samuele 12:1-3.

Gompieno batho ba le bantsi ba ka tlhaloganya gore ruri phologolo e ka nna tsala e e rategang, fela jaaka mongwe mo lelapeng. Akanya ka lelapa lengwe le le nnang gaufi le motsemogolo wa Zimbabwe e leng Harare. Batsadi ba ne ba rekela ngwana mongwe le mongwe wa bone ntša e a ka tshamekang le yone. Fa mongwe wa basimane, yo ka nako eo a neng a ka tswa a le dingwaga tse robedi, a ne a tsamaya le ntša ya gagwe, ka tshoganyetso fela noga e kgolo e e botlhole ya mokwepa e ne ya wa mo setlhareng e wela fa pele ga gagwe. E ne ya tlhasela, mme ka ponyo ya leitlho fela ntša eno e ne ya lwa ya namola ngwana yono. A o kgona go bona gore ntša eno e tshwanetse ya bo e ne e le botlhokwa jang mo lelapeng leno?

Dintša tse di ratwang thata ke bosusu ke tse di thapiseditsweng go ba thusa. Mosadi mongwe o bolela jaana: “Fa go na le mongwe yo o kokotang, ntša ya me Twinkie e a utlwa e bo e tla go nkgomakgoma leoto le go nketelela pele go ya kwa kgorong. Gape fa Twinkie a utlwa modumo wa bele ya setofo, o tabogela kwa go nna, go tswa foo ke bo ke mo sala morago. Fa go nna mosi mo ntlong kgotsa alamo ya molelo e lela, Twinkie o thapiseditswe gore a ntemose go tswa foo a bo a rapama go mpontsha gore go ka tswa go na le kotsi.”

Sengwe se se kgatlhang thata ke tsela e e molemo e batho ba ba difofu ba dirisanang ka yone le dintša tsa bone tse di ba kaelang. Michael Tucker yo o thapisang dintša tse di kaelang batho, yo gape e leng mokwadi wa buka ya The Eyes That Lead, o dumela gore ntša e e kaelang motho yo o sefofu e ka dira gore a kgone go tshela botshelo jo pele a neng a sa kgone go bo tshela, a nne le “kgololesego, a itirele dilo ka boene, a kgone go ya kwa a batlang teng le go nna le tsala.” Gantsi go a kgatlha eleruri go bona tsela e dintša tseno di dirisanang ka yone le beng ba tsone!

Go ntse fela jalo le ka batho ba ba golafetseng ka ditsela tse dingwe ba ba nang le dintša tseno tse di rategang. Ntša ya mosadi mongwe yo o tsamayang ka setilo sa maotwana e rutilwe go tsholetsa founu le go latswa ditempe tsa poso! Ntša e nngwe yone e kgona go tsibogela ditaelo di le 120, le e leng go tsaya dithini le dilo tse di farologaneng mo dishelofong tsa lebentlele. Mong wa yone yo o golafetseng o dirisa sedirisiwa sengwe se se bonesang lebone le lehibidu go supa dilo tse a di batlang, go tswa foo ntša ya gagwe e bo e di tlisa kwa go ene.

Gape diruiwa tsa mo gae di thusa batsofe thata. Ngaka nngwe ya diphologolo e ne ya bolela gore diruiwa tsa mo gae, go akaretsa le dintša, “di dira gore batsofe ba nne le sengwe se ba se tshelelang ka nako e gantsi ba a bong ba kgaphetswe kwa thoko mo setšhabeng.” The Toronto Star e ne ya bega jaana: “Diruiwa tse di rategang tsa mo gae di dira gore batho ba se ka ba tshwenyega thata mo maikutlong, ba se ba ka ba ya ngakeng gantsi, le  gore ba kgone go tswelela ba tshela fa ba sena go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo.”

The New Encyclopædia Britannica e bua mafoko ano a a kgatlhang: “Go rua diphologolo go naya batsadi sebaka sa go ruta bana gore tshiamelo e tla le boikarabelo, e bile go ka ruta bana sengwe ka tlhakanelodikobo. Go ise go ye kae, bana ba bona fa diphologolo di gwela, di bo di dusa, le mathata a go tsala le a go tlhokomela bana ba tsone.”

Go Rata Diruiwa Tsa mo Gae Thata

Tsela e e tlhomologileng e diphologolo di ikanyegang ka yone e dira gore batho bangwe ba rate diruiwa tsa bone tsa mo gae go feta bangwe mo lelapeng. Mo dinageng dingwe, fa batho ba tlhalana, diruiwa tsa mo gae le tsone di a abiwa fa go kgaoganngwa dithoto. Mme batho ba ile ba kwala diruiwa tsa bone tsa mo gae mo diwiling tsa bone gore e nne tsone di jang khumo ya bone boswa.

Ga go gakgamatse go bo gompieno dikgwebo di le dintsi tse di amanang le go tlhokomelwa ga diruiwa tsa mo gae di dira madi a mantsi! Go na le dibuka le dimakasine tse di nayang batho kgakololo malebana le sengwe le sengwe se se amanang le diruiwa tsa mo gae. E re ka borakgwebo ba lemoga gore beng bangwe ba diruiwa tsa mo gae ba iketleeleditse go rekela diruiwa tseno tsa bone dilo tsa manobonobo, ba rekisa sengwe le sengwe fela se beng ba diruiwa ba se batlang.

Ka sekai, motho a ka ya kwa ngakeng ya diphologolo e e alafang mefuta yotlhe ya malwetse a a tshwarang diruiwa tsa mo gae. Go na le dingaka tsa tlhaloganyo tsa diruiwa tsa mo gae tse di ka nayang seruiwa seokobatsi se se ka se thusang gore se se ka sa tshwenyega thata mo maikutlong. Mo godimo ga moo, go na le babueledi ba molao ba diruiwa tsa mo gae le baemedi ba tsone ba diinshorense e bile go na le ditirelo tsa go tlhapisa diruiwa le ditheo tsa go di thapisa. Diruiwa tsa mo gae di tshwarelwa diphitlho. Bangwe ba ithaopela go direla batho diruiwa tse di tshwanang le tse ba nang le tsone ka mokgwa wa cloning—mme seno se lopa madi a mantsi!

Go bonala sentle gore batho gongwe le gongwe ba rata diruiwa tsa mo gae. Dr. Jonica Newby o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Animal  Attraction: “Fa ntša e re tabogela, e tsokotsa mogatla wa yone le go re latswa jaaka e kete go tla ga rona gae ke sone fela selo se e se itumelelang mo letsatsing, go a utlwala go bo re ka bitsa seo ‘lorato.’” Eleruri go bonala sentle gore ke eng fa beng ba le bantsi ba diruiwa tsa mo gae le bone ba tlhotlheletsega go di ‘rata.’

Le fa go ntse jalo, go leka go tshwara seruiwa sa mo gae jaaka motho go ka nna le matswela a a sa itumediseng. Tota e bile, seruiwa sa mo gae se ka se ka sa kgona go go direla dilo tse batho ba bangwe ba neng ba ka go direla tsone. Mo godimo ga moo, go dira gore diruiwa di tlwaele botshelo jwa mo toropong go bakela diruiwa dingwe le beng ba tsone mathata. Re tla sekaseka dintlha tseno mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go kgwabofadiwa ga diphologolo tsa naga ga go simolole gompieno

[Motswedi wa Setshwantsho]

A detail from The Great King of the Parthians Hunts With His Tame Panthers by Giovanni Stradanno: © Stapleton Collection/CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Badisa ba Baiseraele ba ne ba tshwara dikwanyana tsa bone ka kutlwelobotlhoko

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Diruiwa tsa mo gae di ka thusa batho ba ba golafetseng le batsofe