Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lemoga Mathata a a Masisi a Boroko

Go Lemoga Mathata a a Masisi a Boroko

 Go Lemoga Mathata a a Masisi a Boroko

KA DINAKO dingwe matshwao a gago a bolwetse a ka bontsha gore o na le bothata jo bo masisi jwa go se robale. Bothata jwa go tlhorega boroko o sa kgaotse jo bo tsayang lobaka lo lo fetang kgwedi, gantsi bo amanngwa le mathata a mangwe a a masisi le go feta, go akaretsa le go tshwenyega thata mo maikutlong. Gape bothata jwa go tlhorega boroko o sa kgaotse e ka nna letshwao la bolwetse jo bongwe jo bo masisi mo mmeleng.

Go Hupelwa fa o Robetse

Mario o ne a tshwarwa ke boroko ka tsela e e feteletseng motshegare. Fa a kgweetsa koloi, mosadi wa gagwe o ne a  mo ela tlhoko thata ka gonne o ne a na le go nna mo maibing, a bo a sa gakologelwe seo. O ne a gonela kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang bosigo bongwe le bongwe mme ka dinako tse dingwe o ne a thanya mo borokong a bo a hemela kwa godimo. *

Mario o ne a na le matshwao a a tlwaelegileng a a bontshang gore o na le bothata jwa go hupelwa fa a robetse. Tiragalo eno ya go hupelwa fa o robetse e ka tsaya lobaka lwa mo e ka nnang metsotswana e le mebedi kgotsa e le meraro. Motho yo o nang le bothata jono gantsi o nna a bidikama mo dikobong a bo a thanya gore a heme a bo a boa a robala gape, mme o boaboeletsa seno ka makgetlo a le mantsi bosigo bongwe le bongwe. Go na le mefuta e le meraro ya bothata jwa go hupelwa fa o robetse.

Mofuta wa ntlha ke o o bakwang ke fa karolo ya boboko e e laolang go hema e sa ntshe molaetsa o o dirang gore motho a heme nako le nako. Wa bobedi ke o o bakwang ke fa mosele wa mowa o tswalega, mme o thibela mowa go tswa le go tsena. Mofuta wa boraro ke o o kopanyang mefuta eno e mebedi mme ke one o gantsi o tshwarang batho. Motho yo o tshwerweng ke mofuta ope fela wa bothata jwa go hupelwa fa a robetse o batla a tshwana fela le motho yo o lalang a sa robala bosigo bongwe le bongwe!

Batho ba ba nang le bothata jwa go hupelwa fa ba robetse ba ka nna ba baya botshelo jwa bone mo kotsing, ka gonne ba ka nna ba otsela ba le kwa tirong kgotsa ba kgweetsa koloi. Ba ka nna ba nna le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, ba buduloga pelo le gore go ka direga thata gore ba tshwarwe ke seterouku kgotsa ba eme pelo. Dr. William Dement wa Stanford University o fopholetsa gore Maamerika a le 38 000 a a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya mathata a pelo a a bakwang ke bolwetse jwa go hupelwa fa motho a robetse.

Le fa gone go tlwaelegile gore bothata jono jwa go hupelwa fa o robetse bo tshware banna ba ba nonneng thata ba dingwaga tse di fetang 40, bo kgona go tshwara batho ba dingwaga tsotlhe, tota le bana ba bannye. Go na le ditsela di le mmalwa tsa go bo alafa—mme tsotlhe di tshwanetse tsa bo di kaelwa ke ngaka e e ithutetseng malwetse a a amanang le boroko. Kalafi e e molemo go gaisa e e sa tlhokeng gore motho a ariwe e e dirisiwang go rarabolola bothata jwa go tswalega ga mosele wa mowa ke ya fa go dirisiwa motšhine o o bulang mafatlha gore mowa o kgone go tsena. Molwetse o rwesiwa sebipo sa nko le molomo bosigo, mme selaolamowa (se ngaka e leng yone e se bulelang go ya ka selekanyo se se tlhokwang ke molwetse) se bo se fetisetsa selekanyo se se tshwanetseng sa mowa se se bulang mosele wa mowa. Fa e le gore seno ga se rarabolole bothata, go na le dikaro tse di farologaneng, tse di akaretsang go dirisa laser kgotsa radio-frequency waves go ntsha ditogwa tse di fetileng selekanyo mo mometsong.

Go Otselaotsela Fela

Bothata jo bongwe jo bo amanang le boroko jo bo tlhokang kalafi ke jwa go otselaotsela fela—e leng jo bo dirang gore motho a otsele ka tsela e e feteletseng motshegare. Ka sekai, Buck o ne a nna a otsela ka dinako tsotlhe. O ne a tle a thulamele fela le ka nako ya pokano e e botlhokwa. O ne a simolola go tshwara dilotlolo ka letsogo e le gore fa a ka thulamela, modumo wa tsone fa di wela fa fatshe o mo tsose. Morago ga moo, o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa go koafala mesifa—jo bo neng bo dira gore a nne bokoa mo mangoleng mme a wele fa fatshe nako le nako fa a ka tseega maikutlo. Go tswa foo a nna le matshwao a bolwetse jwa go swa ditokololo fa a robetse le go bona dipono ka nako ya fa a tloga a thulamela.

Bothata jwa go robala ka tshoganyetso fela gantsi bo simolola fa motho a le mo dingwageng tse di fa gare ga 10 le 30.  Batho ba ba nang le bothata jono ka dinako tse dingwe ba na le go dira dilo fela ba sa itemoge ba lebega ba dira dilo ka tsela e e tlwaelegileng mme gone ba sa lemoge gore go setse go fetile lobaka lo loleele ba dira sengwe se se rileng. Se se utlwisang botlhoko ka bothata jono ke gore gantsi motho o nna le jone ka dingwaga di le dintsi mme go sa itsiwe gore bo mo tshwere, mme go bo go tsewa gore motho yono o setshwakga, o bonya mo tlhaloganyong kgotsa o itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang. Gone jaanong go tsewa bo sa alafege, mme matshwao a jone a ka nna a laolwa ka melemo le go fetola tsela e motho a tshelang ka yone—mme katlego ya go bo laola ga e tshwane. *

Mathata a Mangwe a a Amanang le Boroko

Mathata a mangwe a mabedi, a ka dinako tse dingwe motho a nnang le one ka bobedi, a tlhasela maoto kgotsa matsogo ka tlhamalalo mme seo se feleletsa se dirile gore a nne le bothata jo bo sa kgaotseng jwa go tlhorega boroko. Bongwe jwa mathata ano ke jwa go tshikinyega ga maoto kgotsa matsogo, jo bo dirang gore maoto, mme ka dinako tse dingwe le matsogo, a tshikinyege thata ka nako ya fa motho a robetse. Akanya ka Michael. Diteko tse di neng tsa dirwa mo go ene di ile tsa bontsha gore o ne a na le go tshikinyega maoto gangwe le gape mme seno se ne se dira gore a thanye ka makgetlo a le 350 bosigo bongwe le bongwe!

Bothata jo bongwe gape ke jwa go tlhotlhona ga maoto, * jo bo dirang gore mesifa ya maoto le mangole e tshikinyege thata mo o sa kgoneng go robala. Le fa ka dinako tse dingwe bothata jono bo ka amanngwa le go se itshidile mmele kgotsa madi a sa elele sentle mo ditshikeng, go bonala bo bakwa gape le ke go nwa dino tse di nang le khafeine. Go bolelwa fa go nwa bojalwa le gone go gakatsa bothata jono ka dinako tse dingwe.

Go huranya meno bosigo ke mofuta o mongwe wa bothata jo bo amanang le boroko. Fa seo se direga ka metlha, se ka nna sa onatsa meno ka tsela e e sa tlwaelegang le go dira gore ditlhaa di kokonelwe, e leng se se ka dirang gore motho a nne le bothata jo bo masisi jwa go tlhorega boroko. Kalafi ya bothata jono e ka nna go ariwa mo leganong kgotsa go tsenngwa sediriswa sa mo ganong se se sireletsang meno bosigo, go ikaegile ka gore bolwetse jono bo maswe go le kana kang.

Go sekaseka mathata ano a le mmalwa fela a a amanang le boroko go bontsha gore go ka nna kotsi go a itlhokomolosa. Kalafi ya one e ka nna motlhofo kgotsa ya raraana, mme gantsi e a tlhokega. Fa e le gore wena kgotsa mongwe yo o mo ratang o na le bothata jwa go tlhorega boroko a sa kgaotse kgotsa o na le matshwao a a bontshang gore o na le bongwe jwa mathata a a masisi a a amanang le boroko, go ka nna molemo gore lo kope thuso ya ngaka ka bonako. Tota le fa kalafi e sa fedise bothata gotlhelele, e ka nna ya fokotsa thata kotsi e e ka nnang gone le go dira gore go nne motlhofo gore botlhe ba itshokele boemo jono. Morago ga moo, mo isagweng fa ditsholofetso tsa Baebele di diragadiwa, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Malwetse otlhe a tla bo a nyeleditswe gotlhelele fa Modimo a “dira dilo tsotlhe disha.”—Isaia 33:24; Tshenolo 21:3-5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Go gona ka tsela e e sa tlwaelegang go go bakwang ke go hupelwa ga go a tshwanela ga tsewa go tshwana le go gona go go tlwaelegileng ga batho ba le bantsi fa ba robetse—go bothata jwa gone jo bogolo e leng fela gore ba bangwe ba ba robetseng mo kamoreng e le nngwe le motho yo o gonang ba lala ba sa robala.

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bothata jwa go otselaotsela fela (narcolepsy), bona makasine wa Tsogang! ya April 8, 1991, ditsebe 19-21 (ka Seesemane).

^ ser. 14 Bona makasine wa Tsogang! ya November 22, 2000, (ka Seesemane) go bona dintlha tse di oketsegileng ka bolwetse jono.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Kalafi ya bothata jo bo amanang le boroko e tshwanetse ya dirwa ka kaelo ya ngaka

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go gona e ka nna letshwao la bothata jwa go hupelwa fa o robetse

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Gantsi bothata jwa go otselaotsela fela bo tsewa ka phoso e le letshwao la gore motho o setshwakga

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Didiriswa tse di laolang go bulega ga mosele wa mowa di ka thusa go kokobetsa bothata jwa go hupelwa fa o robetse