Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang

Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang

 Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang

GO TLOGA fela fa lesea le sena go belegwa, le tlhoka go tlhokomelwa ka tsela e e bonolo, go akaretsa le go sidilwasidilwa ka seatla le go amiwa mo mmeleng. Dingaka dingwe di dumela gore diura tsa ntlha tse 12 tsa fa lesea le sena go belegwa di botlhokwa thata. Ba bolela gore se mmè le lesea la gagwe ba se tlhokang ka bonako fela morago ga gore lesea le belegwe ga “se go robala kgotsa dijo, mme ke go sidilwasidilwa ka bonolo, go tlamparelwa, go lebana mo matlhong le go reetsana.” *

Ke ga tlholego fela gore batsadi ba tsholetse bana ba bone, ba ba tlamparele ka bonolo, ba ba sidilesidile le go atamalana gaufi le bone. Lesea le lone le atamalana thata le batsadi ba lone le go tsibogela tlhokomelo e le e newang. Kamano eno e maatla thata jaana mo e dirang gore batsadi ba dire sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela lesea la bone ba sa kgaotse.

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa lesea le sa amogele lorato lwa botsadi le ka nna la koafala le go swa. Ka gone, dingaka dingwe di dumela gore go botlhokwa gore lesea le newe mmaalone ka bonako fela fa le sena go belegwa. Ba akantsha gore lesea le mmaalone ba newe bobotlana metsotso e le 30 go ya go 60 ba le mmogo ka bonako fela morago ga lesea le sena go belegwa.

Le fa gone batho bangwe ba buelela kamano eno thata, mo dikokelong dingwe ga go motlhofo gore lesea le newe mmaalone ka bonako fela fa le sena go belegwa kgotsa seo ga se kgonege gotlhelele. Gantsi, masea a aroganngwa le bommaaone ka gonne go boifiwa gore a ka tshwaediwa ke malwetse. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso dingwe di bontsha gore malwetse a a ka bolayang masea a a fokotsega fa masea a letlwa go nna le bommaaone. Ka gone dikokelo di le dintsi di letlelela bommè go fetsa nako e e telelenyana ba na le masea a bone ka bonako fela fa a sena go belegwa.

 Go Tshwenyega ka go Nna le Kamano le Losea

Bommè bangwe ga ba ikutlwe ba na le kamano e e gaufi le masea a bone ka lekgetlho la ntlha fela fa ba a bona. Ka gone ba ipotsa jaana, ‘A ke tla palelwa ke go nna le kamano le ene?’ Ke boammaaruri gore ga se bommè botlhe ba ba ikutlwang ba rata bana ba bone ka lekgetlho la ntlha fela fa ba ba bona. Mme gone, ga ba a tshwanela go tshwenyega.

Le fa gone lorato lo mmè a ratang lesea la gagwe ka lone le ka se bonale ka bonako, le ka gola ka botlalo fa nako e ntse e ya. Mmè mongwe yo o nang le maitemogelo a re: “Ga se boemo bo le bongwe fela jo bo amanang le go belega jo bo ka agang kamano ya gago le ngwana wa gago kgotsa jwa e senya.” Le fa go ntse jalo, fa o imile mme o tshwenyegile ka seno, go ka nna molemo gore o buisane le ngaka ya gago e e belegisang nako e sa le gone. Mo tlhalosetse sentle gore o tla batla go bona lesea la gago leng le gore o tla batla go ipha nako e kae le lone fa le sena go belegwa.

“Bua le Nna!”

Go bonala go na le nako nngwe e e kgethegileng le e e lekanyeditsweng e mo go yone lesea le tsibogelang dilo dingwe. Nako eno e e kgethegileng e a fela morago ga lobakanyana. Ka sekai, lesea le kgona go ithuta puo motlhofo fela, tota le e leng dipuo tse di fetang e le nngwe. Mme go bonala nako e gantsi go leng motlhofo go ithuta puo ka yone e simolola go fokotsega fa lesea le nna le dingwaga tse tlhano.

Fa ngwana a setse a na le dingwaga tse 12 go ya go tse 14, a ka ketefalelwa thata ke go ithuta puo. Go ya ka ngaka e e alafang malwetse a bana a boboko e bong Peter Huttenlocher, eno ke nako e ka yone “bogolo le palo ya ditshikana tse di fetisang melaetsa mo mmeleng tse di fitlhelwang mo dikarolong tsa boboko tse di amanang le puo di fokotsegang ka yone.” Ga go pelaelo gore, dingwaga tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo jwa lesea ke nako e e botlhokwa thata ya gore le ithute puo!

Masea a kgona jang go ithuta go bua, e leng selo se se thata mme e le se se botlhokwa thata mo kgolong ya bokgoni jotlhe jwa one jwa go ithuta? Selo sa konokono se se dirang gore ba kgone go dira jalo ke ka go etsisa batsadi fa ba bua le bone. Masea a tsibogela thata se batho ba bangwe ba se dirang. Barry Arons wa Massachusetts Institute of Technology a re: “Lesea . . . le etsisa lentswe la mmaalone.” Le fa go ntse jalo, selo se se kgatlhang ke gore masea ga a etsise medumo yotlhe e a e utlwang. Jaaka fa Arons a bolela, lesea “ga le ke le etsisa medumonyana e mengwe ya dilo tse di tswirinyang e e tlhagang fa mmaalone a bua le lone.”

Batsadi ba ditso tse di farologaneng ba dirisa mokgwa o o tshwanang wa go bua fa ba bua le masea a bone. Fa motsadi a bua ka tsela e e lorato, lobelo lo pelo ya lesea e itayang ka lone lo a oketsega. Go dumelwa gore seno se akofisa tsela e lesea le amanyang ka yone mafoko a a buiwang le dilo tse a di kayang. Ka gone, lesea le kgona go “bua” le motsadi kwantle ga go ntshetsa mantswe kwa ntle.

“Ntebe!”

Go ile ga lemogiwa gore mo ngwageng wa ntlha kgotsa go feta, lesea le atamalana thata le motho yo o le tlhokomelang, yo gantsi e leng mmaalone. Lesea le le nang le kamano e e ntseng jalo le kgona go tsalana botoka le batho ba bangwe go na le lesea le le neng le se na kamano le batsadi ba lone. Go dumelwa gore go atamalana ga lone jalo le mmaalone go tshwanetse ga bo go setse go le gone fa le tshwara dingwaga tse tharo.

Ke eng se se ka diregang fa lesea le ka tlhokomologiwa ka nako eno e e botlhokwa thata ya fa tlhaloganyo ya lone e tlhotlhelediwa thata ke dilo tse dingwe? Martha Farell Erickson, yo o neng a ela tlhoko bommè ba le 267 le bana ba bone ka dingwaga di feta 20, o tlhalosa se a se lemogileng jaana: “Go itlhokomolosa ngwana go fokotsa matlhagatlhaga a ngwana a nang le one ka iketlo go fitlha [ngwana] a sa tlhole a na le kgatlhego e e kalo ya go tsalana le batho ba bangwe kgotsa go itlwaelanya le dilo.”

Dr. Bruce Perry wa Texas Children’s Hospital, o ne a leka go bontsha kgopolo ya gagwe malebana le matswela a a masisi a go itlhokomolosiwa ga maikutlo a lesea ka go re: “Fa o ne o ka nkopa gore  ke tseye lesea la dikgwedi tse 6 mme ke tlhophe gore se se botoka ke sefe gareng ga go roba lerapo lengwe le lengwe mo mmeleng wa lone kgotsa go itlhokomolosa maikutlo a lone ka dikgwedi di le pedi, nkare se se botoka ke go roba lerapo lengwe le lengwe mo mmeleng wa lone.” Ka ntlha yang? Go ya ka Perry, “marapo a ka fola, mme fa lesea le ka latlhegelwa ke tshono e e botlhokwatlhokwa ya go thusiwa go godisa tlhaloganyo ya lone ka dikgwedi di le pedi, thulaganyo ya boboko jwa lone e tla senyegela ruri.” Ga se botlhe ba ba dumelang gore go senyega jalo ga thulaganyo ya boboko go ka se baakanngwe. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa saense di bontsha gore go botlhokwa thata gore lesea le nne le tikologo e e siameng e e tla nonotshang maikutlo a lone.

Buka ya Infants ya re: “Ka bokhutshwane fela re ka re [masea] a iketleeditse go bontsha lorato le go ratiwa.” Fa lesea le lela, gantsi le a bo le raya motsadi wa lone le re: “Ntebe!” Go botlhokwa gore batsadi ba tsibogele selelo sa lone ka tsela e e supang kutlwelobotlhoko. Fa ba dirisana le lesea ka tsela e e ntseng jalo, le simolola go lemoga gore le lone le kgona go bolelela batho ba bangwe se le se tlhokang. Le ithuta go nna le kamano le batho ba bangwe.

‘A Nka se le Dire Matepe?’

O ka nna wa ipotsa jaana: ‘Fa ke tsibogela selelo sengwe le sengwe sa lesea la me, a nka se le dire matepe?’ Gongwe go ntse jalo. Go na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le potso eno. E re ka ngwana mongwe le mongwe a sa tshwane le ope o sele, gantsi batsadi ba tshwanetse go lemoga gore ke tsela efe e e molemo go gaisa ya go tsibogela selelo sa lesea. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore fa lesea le le sa tswang go belegwa le tshwerwe ke tlala, le kokonelwa kgotsa le kgopisegile, thulaganyo ya mmele wa lone ya dihoromone tse di tsibogelang go ngomoga pelo e ntsha dihoromone tseno. Le bontsha kutlobotlhoko ya lone ka go lela. Go bolelwa gore fa motsadi a tsibogela selelo sa lesea le go le naya se le se tlhokang, motsadi o a bo a dira gore boboko jwa lesea bo age disele tse di farologaneng tse di le thusang go ithuta go ikgomotsa. Gape go ya ka Dr. Megan Gunnar, mmele wa lesea le le ileng la tsibogelwa fa le tlhoka sengwe o ntsha selekanyo se sennye fela sa horomone ya go ngomoga pelo e e bidiwang cortisol. Tota le fa le ka kgopisega le kgona go emisa ka bonako tsela e mmele o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone.

Erickson a re: “Tota e bile, masea a ka metlha a ileng a tsibogelwa ka bonako fa a lela, segolobogolo mo dikgweding tsa ntlha tse 6-8 tsa botshelo, ga a lele thata fa a bapisiwa le masea a a neng a tlogelwa fela fa a lela.” Gape go botlhokwa gore go tsibogelwe selelo sa lesea ka ditsela tse di farologaneng. Fa o tsiboga ka tsela e e tshwanang nako le nako fa le lela, e e jaaka go le jesa kgotsa go le tsholetsa, ruri le ka nna la nna matepe. Ka dinako tse dingwe go tsibogela selelo sa lone ka go bua sengwe le lone go tla bo go lekane. Kgotsa go atamela gaufi le lesea le go buela mo tsebeng ya lone ka tsela e  e bonolo go ka nna ga thusa. Kafa letlhakoreng le lengwe, go le ama mo mokwatleng kgotsa mo dimpeng ka letsogo le gone go ka thusa.

“Go lela ke tiro ya lesea.” Eno ke polelwana e gantsi e dirisiwang kwa dinageng tsa Botlhaba. Go lela ke tsela e kgolo e lesea le bolelang se le se batlang ka yone. O ne o ka ikutlwa jang fa ka dinako tsotlhe o sa tsewe tsia fa o kopa sengwe? Ka gone lesea la gago, le le ka se kgoneng go itirela sepe fa le se na motlhokomedi, lone le tla ikutlwa jang fa ka dinako tsotlhe le tlhokomologwa fa le batla sengwe? Mme gone, ke mang yo o tshwanetseng go tsibogela selelo sa lone?

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Tlhokomela Lesea?

Go balwa ga bosheng jaana ga baagi ba kwa United States go ile ga bontsha gore diperesente di le 54 tsa bana ba go tloga ka masea go ya go ba dingwaga tse robonngwe ka metlha ba tlhokomelwa ka tsela nngwe ke batho ba e seng batsadi ba bone. Malapa a le mantsi a ka tlhoka gore batsadi ka bobedi ba bereke gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang. Mme fa go kgonega, bommabana ba le bantsi ba fiwa malatsi kwa tirong a gore ba tlhokomele masea a bone a a sa tswang go belegwa ka dibeke kgotsa dikgwedi di le mmalwa. Mme gone ke mang yo o tlileng go tlhokomela lesea morago ga moo?

Ke boammaaruri gore ga go na melao e e gagametseng malebana le ditshwetso tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, go molemo go gakologelwa gore ngwana o sa ntse a le bokoa mo nakong eno e e botlhokwa thata ya botshelo jwa gagwe. Batsadi ka bobedi ba tshwanetse go akanyetsa kgang eno sentle. Fa ba akanyetsa se ba ka se dirang, ba tshwanetse go akanyetsa maemo otlhe ka kelotlhoko.

Dr. Joseph Zanga, wa American Academy of Pediatrics a re: “Go nna go lemotshega sentle gore go tlogela bana ba rona gore ba godisiwe le e leng ke ditheo tsa maemo a a kwa godimo tsa tlhokomelo ya bana ga go emisetse nako e bana ba tlhokang go e fetsa ba na le bommaabone le borraabone.” Baitse bangwe ba ile ba bolela gore masea a a isiwang kwa ditheong tse di tlhokomelang bana ga a kgone go newa tlhokomelo e lekaneng e a e tlhokang.

Bommabana bangwe ba ba berekang, ba ba etseng tlhoko dilo tsa botlhokwa tse bana ba di tlhokang, ba ile ba swetsa ka gore bogolo ba nne mo gae go na le gore batho ba bangwe ba tlhokomele bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong. Mosadi mongwe o ne a bolela jaana: “Ruri ke dumela gore go itlhokomelela bana go nkgotsofaditse go feta tiro epe fela ya boitshediso.” Ke boammaaruri gore, maemo a ikonomi ga a letle bommabana botlhe go dira se se tshwanang. Batsadi ba le bantsi ga ba na se sengwe se ba ka se dirang fa e se go isa bana kwa ditheong tse di tlhokomelang bana, mme ba leka ka natla go neela bana ba bone tlhokomelo le go ba bontsha lorato fa ba le mmogo. Ka mo go tshwanang, batsadi ba le bantsi ba ba nosi ba ba berekang, le bone ga go sepe se ba ka se dirang mo ntlheng eno mme ba leka ka bojotlhe go godisa bana ba bone—mme ba nna le matswela a a molemo.

Go nna motsadi e ka nna tiro e e itumedisang le e e kgatlhang tota. Le fa go ntse jalo, ke tiro e e thata le e tlhokang motho go le gontsi tota. O ka atlega jang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Mo ditlhogong tseno tse di latelanang, Tsogang! e ntsha dikgopolo tsa baitse ba le mmalwa ba ba tlotlegang ba tsa tlhokomelo ya bana, e re ka dipatlisiso tse ba di dirileng di ka nna tsa thusa batsadi le go ba sedimosa. Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga lebelelwa gore dikgopolo tse di ntseng jalo di ka nna tsa fetoga le go sekasekwa sesha fa nako e ntse e tsamaya, go farologana le melao ya Baebele e Tsogang! e e tseelang kwa godimo e sa okaoke.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Masea a a Didimetseng

Dingaka dingwe kwa Japane di bolela gore palo ya masea a a se keng a lela le fa e le go nyenya e a oketsega. Ngaka ya malwetse a bana e bong Satoshi Yanagisawa o a bitsa masea a a didimetseng. Ke eng fa masea a tlogela go bontsha kafa a ikutlwang ka teng? Dingaka dingwe di dumela gore boemo jono bo nna gone ka ntlha ya go bo batsadi ba sa buisane le masea. Boemo jono bo bidiwa gore ke go tlhoka thuso go go patelediwang. Kgopolo nngwe e bolela gore selo se se ka tswang se dira gore kgabagare lesea le feleletse le sa tlhole le leka go bontsha kafa le ikutlwang ka teng, ke fa le itlhokomolosiwa kana le tlhaloganngwa ka tsela e e phoso nako le nako fa le bontsha kafa le ikutlwang ka teng.

Dr. Bruce Perry, yo o okametseng dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo kwa Texas Children’s Hospital, o akanya gore fa lesea le sa rotloediwe sentle ka nako e e tshwanetseng gore le tsibogele dilo dingwe, karolo ya boboko jwa lone e e dirang gore le kgone go tlhaloganya maikutlo a motho yo mongwe e ka nna ya se ka ya gola. Mo maemong a fa maikutlo a lesea a itlhokomolosiwa ka tsela e e feteletseng, bokgoni jwa lone jwa go nna kutlwelobotlhoko bo ka nna jwa nyelelela ruri. Dr. Perry o dumela gore mo maemong mangwe selo se se dirang gore motho a dirise diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang le gore a rate thubakanyo ka nako ya bosha e ka tswa e le go itlhokomolosiwa gono ga fa a sa le lesea.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kamano ya motsadi le ngwana e a nonofa fa ba buisana