Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgodiso e e Dirileng Gore ke Tshele Botshelo jo bo Mosola

Kgodiso e e Dirileng Gore ke Tshele Botshelo jo bo Mosola

 Kgodiso e e Dirileng Gore ke Tshele Botshelo jo bo Mosola

JAAKA BO BOLETSE ERNEST PANDACHUK

Ke belegetswe mo dipoweng tsa Saskatchewan kwa Canada. Fa ke ne ke le dingwaga di le 23, ke ne ka ya kwa Afrika koo ke neng ka fitlha ka tshela botshelo jo bo itumedisang thata gone jwa dingwaga di le 35 ke le morongwa. Go tlile jang gore ke tshele botshelo jo bo ntseng jalo? Ga go a itiragalela fela. Mma ke go tlhalosetse gore go tlile jang.

LEGAE la rona la ntlha le ne le agilwe ka dipale, mmu le bojang—le sa kgone go sireletsa lelapa la rona sentle mo marigeng a a bogale a dipoa tseno. Ka 1928, pele ga bontsi jwa rona re le robongwe re tsholwa, Rre le mmè ba ne ba amogela dibuka tse di buang ka Baebele mo mothong mongwe yo o neng a etetse legae la rona. Ba ne ba fetsa mariga otlhe a maleele a a latelang ba ithuta Baebele ka thuso ya dibuka tseno. Mo letlhabuleng le le latelang, ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba ne ba bone boammaaruri. Ba ne ba tlotlela ba losika lwa bone, ditsala le baagelani mme segolobogolo bana ba bone ka dilo tse ba neng ba di ithuta.

Ke belegwe ka 1931, mme bonnake ba batlhano ba ne ba tsholwa nakonyana fela morago ga me. Lelapa la gaetsho le ne le na le thulaganyo ya go bala Baebele le go e ithuta. Ke gakologelwa dinako dingwe tse ke neng ke di rata thata tsa mo mosong tse re neng re di fetsa re le mmogo jaaka lelapa. Rre o ne a etelela pele mo go tlotleng le rona ka temana ya Baebele, tota le fa re ne re na le baeng. Mmè le Rre, mmogo le bana ba ba neng ba setse ba godilenyana, ba ne ba bala dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ba refosana.

Rre o ne a sa re rute fela go bala le go kwala, mme gape o ne a re ruta go dira dipatlisiso ka go dirisa dikhonkhodense tsa Baebele. Go ise go ye kae, re ne ra ithuta kafa re ka dirisang Baebele ka gone go tlhalosetsa batho ba bangwe ka bodumedi jwa rona. Metlotlo e e monate eno e re neng re e tshwara e ne ya nthusa gore ke kgone go tlotla le batho ka dithuto dingwe tsa Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka kgona go dirisa Baebele go ganetsa dithuto tsa maaka tsa bodumedi. Ke ne ke kgona go ntsha bosupi jwa gore moya o a swa, gore ga go na molelo wa dihele le gore Modimo le Jesu ga ba lekane kgotsa gore ga se Tharonngwe.—Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4; Johane 14:28.

Rre le Mmè le bone ba ne ba re ruta ka go re tlhomela sekao ba bo ba re kgothatsa gore re emele se se siameng ka nitamo, le fa go dira jalo go ne go ka dira gore re se ka ra ratwa ke batho ba bangwe. Ka sekai, ga ba ise ba ko ba tsamaye ba goge motsoko, e bile ba ne ba re tlhagisa ka diphelelo tsa one tse di leswafatsang  le gore re ne re tlile go gatelelwa ke bangwe kwa sekolong gore re o goge. Ke gakologelwa mafoko a ga Rre fa a ne a re: “Fa o gana go goga, o ka nna wa tsewa o se monna wa sepe. Mme o botse motho yo o go pateletsang go o goga o re, ‘Ke mang yo e leng monna fano? A ke yo o laolwang ke motsoko kgotsa yo o o laolang?’”

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 11, ke ne ka tlelwa ke teko e nngwe gape e e neng e tla supa gore a ke ne ke tla tshela ka tsela e e bontshang gore ke thapisitswe ka Baebele fa ke ne ke sa ntse ke le monnye. Ka nako eo, Ntwa ya Lefatshe II e ne e setse e simolotse, mme go ne go lebeletswe gore bana ba sekolo ba dumedise folaga. Go ya ka se ke neng ke se ithutile mo Baebeleng, ke ne ka lemoga gore go dira jalo e ne e tla bo e le go e obamela, ka jalo ke ne ka gana go dira jalo. Seno se ne sa felela ka gore ke lelekwe mo sekolong dikgwedi di le thataro.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka fetsa sekolo mme ka March 1947, ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing. Morago ga dikgwedi di le thataro ke ne ka nna mmulatsela, e leng mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo. Sa ntlha, ke ne ke direla kwa bokone jwa Saskatchewan, ke neela balemirui bosupi mo tshimong e kgolo. Fa go le selemo, ke ne ke tsamaya ke palame pitse, mme fa go le mariga, ke ne ke dirisa selei se se khurumeditsweng se se gogwang ke pitse, se re neng re se bitsa caboose. Se ne se thutafadiwa ka go besa molelo wa magala, ka jalo ke ne ke tshwanetse go nna kelotlhoko gore selei se se ka sa pitikologa.

Batho ba motseselegae oo ba ne ba le botsalano e bile ba na le moya wa go amogela baeng. Fa ke ne ke ba etela mo nakong ya tshokologo, gantsi ba ne ba nkopa gore ke lale mo magabone. A bo ke ne ke itumelela thata jang ne go tshwara metlotlo e e tletseng botshelo ya Baebele morago ga moo! Bangwe ba ba neng ba tsaya kgato morago ga gore re fetse bosigo jotlhe re tlotla le bone ke ba lelapa la ga Peterson. Earl le mmaagwe ba ne ba nna Basupi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa.

Go Direla Kwa Quebec

Ka 1949, ke ne ka arabela mokgosi wa gore babulatsela ba tle go thusa ka tiro ya go rera kwa Quebec. Go ne ga tla babulatsela ba ka nna 200 ba ba tswang kwa bophirima jwa Canada. Ba ne ba goroga mo toropong ya Montreal ka September, ba iketleeleditse go amogela tiro ya go bereka mo Quebec yotlhe. E ne e le ka nako ya fa Tonakgolo ya Katoliki e bong Maurice Duplessis, yo o neng a ikaeletse go ntsha Basupi mo porofensing eno, a ne a sa ntse a tshwere marapo.

Tseo e ne e le dinako tse di itumedisang tsa go tshwarega mo tirong mme gape e le dinako tsa mathata. Mathata a tsone a ne a akaretsa go ithuta Sefora, go tshwarwa le go tlhaselwa ke digopa, go italetsa ga batho bangwe ba ba neng ba tla go re tshwenya re le mo dikopanong tsa rona tsa Bokeresete. Le fa re ne re lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo, seno ga se a ka sa ntshosa le fa e le go dira gore ke reketle mo mokgeleng o ke neng ke o ipeetse wa go nna modiredi wa Modimo. Batsadi ba me ba ne ba nthutile go rata tshiamo le go nna le tumelo e e nonofileng ya gore tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e Jesu a e boleletseng pele e tla wediwa, go sa kgathalesege kganetso.—Mathaio 24:9, 14.

Fa ke ne ke ntse ke direla kwa Quebec, ke ne ka kopana le Emily Hawrysh, mmulatsela yo o ikanyegang yo o tswang kwa Saskatchewan. Fa e sa le re nyalana ka January 27, 1951, Emily e ntse e le modiri ka nna yo o ikanyegang le molekane yo o nkgothatsang. E re ka mokgele wa rona e ne e le go nna le seabe ka botlalo  mo bodireding, re ne ra dira kopo ya go ya go nna baithuti ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se kwa go sone baithuti ba thapisiwang dikgwedi di le mmalwa go ba baakanyetsa tiro ya borongwa, mme kopo ya rona e ne ya amogelwa. Re ne ra aloga mo tlelaseng ya bo20 ya Gileade ka February 1953.

Fa re ne re sa ntse re letetse makwalotetla a go tsena mo Afrika, re ne ra kopiwa go ya go thusa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Alberta le Ontario, kwa Canada. Mo metlheng eo, re ne re dirisa dipalangwa tsa botlhe go tswa phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe. Ka jalo re ne ra ithuta go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go tsenya dilo tsotlhe tsa rona mo teng ga sutukeise e le nngwe. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, fa makwalotetla a rona a sena go siama, re ne ra ya kwa Rhodesia Borwa, e gone jaanong e leng Zimbabwe.

Go Tlwaela Botshelo Kwa Afrika

Morago ga dikgwedi di le tlhano re sena go goroga teng, re ne ra newa kabelo ya go etela ditlhopha tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Zimbabwe le kwa Botswana le dikarolo tse di kafa borwa jwa Rhodesia Bokone (e gone jaanong e leng Zambia). Fa re ne re le kwa Sekolong sa Gileade, re ne ra kgothalediwa gore re se ka ra bapisa naga e re tla bong re le kwa go yone le nagagae ya rona le go gakologelwa gore re ka dirisa maemo a re iphitlhelang re le mo go one go ithuta sengwe. Mafoko ao a a botlhale a ne a re thusa go tokafatsa tsela e re akanyang ka yone. Go tla go fitlha gompieno jaana, nna le Emily re dumalana le mafoko a a reng, “Leka go itumelela boemo jo o leng mo go jone; ka gonne o ka nna wa se ka wa tlhola o nna mo go jone gape.”

Re ne re ya kwa mafelong a a farologaneng ka terena, bese, lori kgotsa ka baesekele—re dirisa sepalangwa sepe fela se se neng se le teng. Le fa go ne go se motlhofo go dira jalo, go ne go na le maemo a mangwe a a neng a leka boikemisetso jwa rona jwa go “leka go itumelela boemo jo re neng re le mo go jone.” Mo dingwageng tsa ntlha tse pedi, Emily o ne a sa letlwe go tsena le nna mo metseng ya batho ba ba kgomaretseng setso thata ka ntlha ya dithibelo tsa semolao tse di neng di beilwe. Ka jalo, mosadi wa me yo ke neng ke na le dingwaga di le mmalwanyana fela ke mo nyetse o ne a tshwanelwa ke go sala mo ditoropong tse di gaufi le seteishene, tse gantsi go neng go se na Basupi mo go tsone. Tumelo, bopelokgale le boikemisetso jwa ga Emily di ne tsa se ka tsa dira fela gore ke mo rate le go mo anaanela mme gape di ne tsa dira gore metse eo e ungwe maungo a Bogosi.

Ka bonako fela fa Emily a sena go bona marobalo mo baaging bangwe ba lefelo le a neng a sala mo go lone, o ne a tsamaya a neela bosupi mo go bone go fitlha ke boa kwa motseng mongwe wa batho ba ba kgomaretseng setso thata. Ka dinako tse dingwe, o ne a fetsa kgwedi yotlhe a bereka a le nosi. Go ikaega ka seatla se se maatla sa ga Jehofa go ne ga mo nonotsha ga ba ga mo sireletsa, mme bodiredi jwa gagwe jwa nna le matswela. Mo lekgetlong lengwe, Rita Hancock o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele mme moragonyana jwa amogelwa le ke monna wa gagwe. O ne a nna mokaulengwe yo o ikanyegang mme a nna mogolwane wa Mokeresete go fitlha a swa. Gompieno, go na le diphuthego tse di gatetseng pele sentle mo ditoropong dingwe tse Emily a neng a jala peo ya boammaaruri mo go tsone.

Moya wa Baafrika wa go Amogela Baeng le Bokgoni Jwa Bone

Ke ne ka amiwa maikutlo thata ke kanaanelo e Basupi ba Baafrika, ba ba neng ba nna mo metseng ya batho ba ba kgomaretseng setso thata, ba neng ba na le yone ka phuthego ya ga Jehofa le baemedi ba yone ba ba etang. Bakaulengwe bano ba ba lorato ba Bakeresete ba ne ba ntlhokomela sentle tota. Ke ne ke tsaya loeto Mantaga mongwe le mongwe ke tswa kopanong e nngwe ke ya kwa go e nngwe. Gantsi ke ne ke robadiwa mo ntlong e e neng e sa tswa go agiwa ka bojang, e e neng e nkgopotsa ntlo ya gaetsho kwa Saskatchewan. Bolao jwa me e ne e le bojang jo bo adilweng fa fatshe jwa bogodimo jwa disentimetara di le 30, bo apesitswe lakane.

Dikopano tse di neng di tshwarelwa mo metseng ya batho ba ba kgomaretseng setso thata gantsi di ne di tshwarelwa mo dikgweng. Ba ba neng ba tla kopanong eno ba ne ba tlhagola tlhaga, ba bo ba tlogela ditlhare tse di nang le makakaba a magolo gore go nne le moriti. Ba ne ba potoka dirite tsa tlhaga ka tsela e e matsetseleko ba bo ba di tlhomaganya fa fatshe gore go dulwe mo go tsone. Morago ga moo, ba ne ba tsenya lefelo le le tlhagotsweng leno legora la bojang. Mo dikgweng tseno, ka dinako tsotlhe ke ne ke amiwa maikutlo thata ke molodi wa mantswe a a monate a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Baafrika fa ba opelela Jehofa dipako ka dikarolo tsotlhe tsa mmino.

Tiragalo E e Sa Lebalesegeng

Fa ke ntse ke tsweletse ka bodiredi jwa me, ke ne ka kopana le Gideon Zenda, motlhatlhobimogolo wa dikolo tsa barongwa tsa Kereke ya Anglican. Kereke eno ke yone e e neng ya tsenya Gideon sekolo le yunibesithi. Le fa go ntse jalo, o ne a ise a bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso di le dintsi tsa Baebele tse a neng a na le tsone. Ka jalo, o ne a nkopa gore ke tle go kopana le ene le badiri ka ene go tla go tlotla ka  dipotso tseno. Go ne ga tla batho ba ka nna 50 mo pokanong eno, go akaretsa le batlhatlhobi ba dikolo, bagokgo le barutabana. Gideon e ne e le ene modulasetulo. Re ne ra tlotla ka ditlhogo tse di farologaneng ka go latelana ga tsone. Ke ne ke bua metsotso e le 15 ka setlhogo se se rileng morago ga moo ke bo ke ba letla go botsa dipotso pele ke fetela kwa go se sengwe. Pokano eno e ne ya tsaya diura di le mmalwa.

Sengwe se se sa tlwaelegang se se neng sa direga morago ga pokano eno ke gore Gideon, lelapa la gagwe le badiri ka ene ba le bantsi, botlhe ba ne ba ineela ba bo ba nna batlhanka ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Mobishopo wa lefelo leo o ne a ba lebogisa tiro gore ba se ka ba tlhola ba rutwa ke kereke ya Anglican. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba se ka ba boifa, ba ne ba nna ba nitame mo tirelong ya ga Jehofa, mme bangwe ba bone ba ne ba tsenela bodiredi jwa bobulatsela.

Kafa Filime e e Gakgamatsang e Neng ya Ama Batho ka Gone

Ka 1954, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba golola filime ya The New World Society in Action. Mo ngwageng o o latelang, dithibelo tsa semolao tsa gore mosadi a se ka a tsena le monna wa gagwe mo metseng ya batho ba ba kgomaretseng setso thata di ne tsa fedisiwa. Seno se ne sa dira gore Emily a kgone go ya le nna kwa metseng eo. Ka nako eo, re ne re filwe koloi, jenereitara ya motlakase le porojeketara gore re bontshe batho filime eno mo metseng eo yotlhe. Batho ba le bantsi ba ne ba ise ba ko ba tsamaye ba bone filime ya ditshwantsho tse di tsamayang, ka gone go e tshameka go ne ga ngoka batho ba le bantsi thata. Filime eno e ne e bontsha kgato ka kgato tsela e Dibaebele le dibuka tsa Baebele di gatisiwang ka yone kwa bogatisetsong jo bogolo jwa rona kwa Brooklyn, kwa New York.

Gape filime eno e ne e na le ditshwantsho tsa bakaulengwe ba ditšhabatšhaba ba Basupi ba ga Jehofa ba le mmogo mo kobamelong kwa Yankee Stadium, kwa New York ka 1953. Baafrika bano ba ne ba ise ba ko ba bone batho ba ditšhaba tse di farologaneng jalo ba ntse mmogo ka kutlwano le ka lorato. Filime eno e ne ya tlhotlheletsa malapa a le mantsi a batho ba kwa Zimbabwe gore ba ithute Baebele le go kopanela mmogo le Basupi. Bagokgo ba le bantsi ba dikolo go ralala naga yotlhe ba ne ba kopa gore bana ba dikolo tsa bone ba bontshiwe filime eno e re ka ba ne ba lemoga kafa thuto ya yone e neng e le botlhokwa ka gone.

Nako nngwe go setse go le bosigo thata, ke ne ka tsosiwa ke Basupi bangwe ba nkopa gore ke bontshe batho filime eno. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore batho ba ka nna 500 ba ne ba tsamaile diura di le mmalwa go tla go e bona. Ba ne ba utlwile gore ke ne ke le teng mo lefelong leno le gore ke ne ke ntse ke e bontsha batho. Ka nako ya fa boidiidi joo bo phatlalala, ke fa go setse go gorogile ba bangwe ba le 300. Ka jalo, ke ne ka tshameka filime eno gape. Ba bofelo go e bona ba ne ba tsamaya ka ura ya boraro mo mosong! Kwa Zambia fela, filime eno e bonwe ke batho ba ba fetang milione mo sebakeng sa dingwaga di le 17 fela!

Kabelo e Ntšha mo Afrika

Fa re sena go fetsa ngwaga le halofo re le kwa Zimbabwe, re ne ra romelwa kwa Afrika Borwa. Seno se ne se raya gore re ne re tshwanetse go ithuta Seburu. Moragonyana re ne ra ithuta go bua Sesotho le Sezulu. Go kgona go ruta Lefoko la Modimo ka dipuo tse dingwe tse di oketsegileng go ne ga oketsa matswela a re neng re nna le one mo bodireding ga ba ga dira gore re ikutlwe re fitlheletse sengwe mo tirong ya rona.

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1960, re ne ra abelwa go dira tiro ya go eta mo Afrika Borwa. Re ne ra fetsa dingwaga tse di latelang di le 27 re etela naga yotlhe ya Lesotho, Namibia, Afrika Borwa le Swaziland mmogo le ditlhaketlhake tsa Ascension le St. Helena kafa Borwa Jwa Lewatle la Atlantic. Re ne ra tsamaya dikilometara di le makgolo a le diketekete re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Ditiro tsa bone tse di bontshang tumelo le boikanyegi fa ba lebane le maemo a a sa itumediseng di re kgothaditse gore le ka motlha re se ka ra ineela.

Ka sekai, ke itse Basupi bangwe kwa Swaziland ba ba neng ba se ka ba latlha tumelo ya bone fa Kgosi Sobhuza II a sena go tlhokafala. E re ka ba ne ba gana go kopanela mo meetlong e e sa tsamaisaneng le dikwalo e e neng e dirwa fa monna yo o tlotlegang yoo a ne a fitlhwa, ba ne ba lelekwa mo ditirong tsa bone le go tseelwa ditshwanelo tsa bone jaaka baagi. Le fa ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi ba tshelela mo lehumeng le mo mathateng, ga ba a ka ba latlha tumelo ya bone. Ka metlha ke lebogela Jehofa tshiamelo e kgolo eno ya go bo ke ile ka kgona go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba molemo bao ba Bakeresete le go bo ke ile ka kgona go buisana le bone re lebane difatlhego.

 Yo mongwe ke Philemon Mafareka, mmulatsela wa kwa Mokhotlong, kwa Lesotho, e leng motse o o mo dithabeng tse di bogodimo jwa dimetara di le 3 000. E re ka go ne go se na dipalangwa, ene le mosadi wa gagwe yo o rategang, bana ba bone ba babedi le batho ba le banè ba ba neng ba tlile go kolobediwa ba ne ba tsamaya dikilometara tse di fetang 100 go ya kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa lefelong lengwe le le bogodimo jwa dimetara di le 1 200. Ba ne ba fetsa nako e ntsi ba tsamaya mo ditseleng tse di motlhatloga. Ba ne ba tla ba ntse ba tlhatloga ba fologa le go tshela melapo le dinoka di le mmalwa.

Fa ba boela gae morago ga kopano, ba ne ba tshwere dikhopi di le lekgolo tsa buka ya setlhogo se se reng Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Ba ne ba di tseetse batho kwa gae kwa Mokhotlong. Mme ka ntlha ya go kopana le batho mo tseleng ba ba neng ba kgatlhegela dibuka tsa Baebele, dibuka tseo di ne tsa felela gone mo tseleng. Nna le Emily re sa ntse re anaanela tshiamelo e re nnileng le yone ya go iponela ka matlho tlhoafalo le boineelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba tshwanang le Philemon le mosadi wa gagwe.

Ka dinako tse dingwe, re ne re nna mo kotsing ya go kopana le dinoga tse di botlhole, tse di jaaka kake, mmogo le merwalela e e boitshegang le dikotsi tse dingwe. Dilo tseno, le fa di ne di tshosa ka dinako tse dingwe, ga se sepe fa re di bapisa le masego le boitumelo jo re nnileng le jone ka ntlha ya go direla Jehofa. Re ile ra ithuta gore ga a ke a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang.

E ne ya re fa Emily a simolola go nna le mathata a a masisi a botsogo, Jehofa o ne a re naya botlhale jwa go lebana le boemo jono ka tsela e e tshwanetseng. Go fetola mofuta wa dijo tse re neng re di ja le go tokafatsa maemo a mo tikologong e re neng re nna mo go yone a go ntsha leswe la matlwana go ne ga thusa gore a fole ka bonako. Re ne ra aga tente e nnye mo beneng e re neng re tsamaya ka yone gore Emily a se ka a amiwa ke maemo a a sa itumediseng a bosa fa re ntse re le mo loetong, mme fa nako e ntse e tsamaya, o ne a boa gape a nna le botsogo jo bo itekanetseng sentle.

Go Boela Kwa Canada

Ka 1988, morago ga dingwaga di le 35 tsa tiro ya borongwa mo kontinenteng e ntle ya Afrika, re ne ra newa kabelo ya go ya go dira kwa Canada. Mme ka 1991, ke ne ka boa gape ka nna molebedi yo o etang. Dingwaga di le robedi morago ga moo, ke ne ka tshwara ke setorouko. Le mororo ke sa tlhole ke kgona go dira bontsi jwa dilo tse ke neng ke tle ke di dire, ke sa ntse ke itumelela go bo ke le mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Lontone, mo Ontario.

Gompieno, ke kgona go leba kwa morago ka boitumelo kwa dingwageng di le 56 tse di fetileng tsa fa ke ne ke simolola bobulatsela ke tsamaya ke palame pitse kwa borwa jwa Saskatchewan. A bo ke itumela jang ne go bo Rre a ile a se ka a kgaotsa go re ruta go akanya jaaka batho ba semoya, gore le ka motlha re se ka ra boifa go emela boammaaruri le tshiamo! O ne a nthuta Lefoko la Modimo le le neng la dira gore ke itse gore ke tshelela eng. Seo se ne sa ntsholegela molemo malatsi otlhe a botshelo jwa me. Ga nkitla ke bo ke tsamaya ke emisetsa botshelo jwa me jwa go direla Jehofa ka sepe fela se ke ka se newang ke lefatshe leno la bogologolo.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lelapa la gaetsho la bana ba le robonngwe ka 1949, Mmè a tshwere gofejana. Ke eme kafa morago ga gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ne ka aga “caboose” eno gore ke e dirise mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Basadi ba kwa Quebec ba ba neng ba tshwarelwa go rera

[Setshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Ke ne ka nna le seabe mo go ruteng balebedi bano ba ba etang kwa Zimbabwe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re ne ra aga tente eno go dira gore Emily a fole

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setshwantsho sa bosheng ke na le Emily