Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Balemirui ba Lebanang le One

Mathata a Balemirui ba Lebanang le One

 Mathata a Balemirui ba Lebanang le One

RICHARD o lema masimo a a neng a lengwa ke rraagwemogolo dingwaga di le 100 tse di fetileng. Mme gone, ka 2001 molemi yono wa kwa Canada e ne e le ene wa ntlha mo dikokomaneng tse nnè tsa lelapa la gaabo, yo o neng a se ka a roba sepe. Dijalo tsa gagwe di ne tsa senngwa ke komelelo. Go rekwa ga dijo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mo dingwageng tse di fetileng le go tlhatloga ga ditshenyegelo tsa temo go ile ga mo okeletsa mathata. Richard o ngongorega jaana: “Boemo bo nnela maswe go ya pele, mme ga go na tharabololo.”

Mo karolong e e bidiwang Corn Belt (kgaolo e go jalwang mmidi ka bontsi mo go yone) kwa United States, Larry o ne a na le polase e e sa bolong go nna ya gaabo ka dingwaga di le 115. O bolela jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke na le boikarabelo jwa go tsweletsa temo mo polaseng, ke dira madi ka dikungo tsa yone . . . , mme ke ne ka se ka ka kgona go dira jalo.” Larry le mosadi wa gagwe ba ne ba latlhegelwa ke polase ya bone.

Larry le Richard ga se bone fela ba nang le bothata jono. Go runya ga bolwetse jwa molomo le tlhakwana mo diruiweng kwa Boritane go ile ga baka tatlhegelo e kgolo ya madi ga bo ga tlogela balemirui ba utlwile botlhoko. Pego nngwe ya dikgang ya re: “Botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo dipolaseng tsa Boritane—tota le mo bolwetse bo iseng bo fitlhe gone—bo aparetswe ke tlhobaelo, bodutu le go kgaratlha ga balemirui gore ba duele dikoloto tsa bone.” Mo dinageng dingwe tse di tlhabologang, ntwa, leuba, go oketsega ga palo ya baagi ka lobelo lo logolo le dilo tse dingwe tse dintsi, go kgoreleditse maiteko a balemirui ba a dirang. Dipuso di patelesega go reka dijo kwa  dinageng tse dingwe—dijo tse malapa a le mantsi a se nang madi a go di reka.

Ka gone, mathata a balemirui ba nang le one a ama batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, ke batho ba se kae fela ba ba nnang mo ditoropong ba ba amegang ka mathata a temothuo. Mo e ka nnang dingwaga di le 50 tse di fetileng, Poresidente wa United States, e bong Dwight D. Eisenhower o ne a nepile fa a re: “Temo e lebega e se thata fa o le motho yo o berekang tiro ya ofisi, mme o nna kgakala le dipolase.” Le gompieno balemirui ba na le maikutlo a gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba itse sepe ka temothuo le tiro e e botlhokwa e e dirwang ke balemirui. Molemirui mongwe wa kwa Canada o ngongorega jaana: “Batho ga ba na sepe le go itse gore dijo tse ba di jang di tswa kae. Pele ga di phuthelwa ka diphuthelwana tsa tsone di bo di bewa mo dishelofong tsa mabenkele, di a bo di fetile mo diatleng tsa batho ba le bantsi.”

E re ka rotlhe re ikaegile ka temothuo, ga re ka ke ra itlhokomolosa mathata a balemirui ba nang le one. Don A. Dillman le Daryl J. Hobbs ba e leng baithutaloago ba tlhagisa jaana: “Mo setšhabeng sa rona se mo go sone batho botlhe ba ikaegileng thata ka ba bangwe, mathata a batho ba dipolase e nna mathata a batho ba ditoropo le a batho ba ditoropo e nna a batho ba dipolase. Ga go kafa batho ba setšhaba sa rona, e ka tswa e le ba ditoropo kgotsa ba dipolase, ba ka atlegang ka lobaka lo loleele ka gone fa ba bangwe bone ba sotlega.” Mo godimo ga moo, mo lefatsheng la gompieno le baagi botlhe ba lone ba ikaegileng ka ba bangwe, go phutlhama ga ikonomi ga naga nngwe go ka ama thata thekiso ya dijo le ditshenyegelo tsa tsone mo dinageng tse dingwe.

Ka gone, ga go gakgamatse go bo Centre of Agricultural Medicine and Health ya New York e begile jaana: “Temothuo ke nngwe ya ditiro di le 10 tse di ngomolang pelo go gaisa mo United States.” Dingwe tsa dilo tse di bakang mathata a temothuo ke dife? Balemirui ba ka lepalepana jang le dilo tseno? A go na le lebaka lepe fela la go dumela gore mathata ano a ka rarabololwa?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Temo e lebega e se thata fa o le motho yo o berekang tiro ya ofisi, mme o nna kgakala le dipolase”