Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi ya go Lepalepana le Feshene

Kotsi ya go Lepalepana le Feshene

 Kotsi ya go Lepalepana le Feshene

GA GO na pelaelo gore go latela feshene go ka go thusa gore o tokafatse tsela e o lebegang ka yone e bile go ka dira gore o itshepe. Diaparo tse di tshwanelang di ka fitlha dikarolo dingwe tse di seng dintle tsa mmele wa gago kgotsa tsa ba tsa dira gore dikarolo tse dintle tsa mmele di nne dintle le go feta. Gape di ka ama tsela e batho ba go lebang ka yone.

Mme go na le sengwe se se kotsi ka feshene, se se ka se itlhokomolosiweng. Bareki ba ka feleletsa ba reketse ruri ba sa fetse. Ka gonne tota e bile, madirelo a difeshene a tswelela pele a dira diaparo tsa ditaele tse disha tse dintsintsi. Seno ga se itiragalele fela, gonne dikgwebo tse di dirang diaparo tsa feshene di dira madi a mantsi fa diaparo di tswa ka bonako mo fesheneng. Fela jaaka Gabrielle Chanel, yo o dirang ditaele a ne a bolela, “feshene e diretswe gore e tswe mo fesheneng.” Ka jalo, moreki yo o seng kelotlhoko a ka nna a ikutlwa a patelesega go reka diaparo tse disha e le fela gore a kgone go tsamaisana le feshene.

Gape go na le kotsi ya go ineela mo kgatelelong e e fitlhegileng ya tsa phasalatso. Dikhampani tsa feshene di dirisa dimilione tsa diranta go buelela diaparo tsa tsone, gantsi di dira gore batho ba ba di aparang ba lebege ba se na mathata. Melaetsa eno e ka tlhotlheletsa fela thata. Morutabana mongwe wa kwa Spain o bolela jaana: “Ga go na sepe se se ngomolang bana ba dingwaga tsa bolesome pelo go gaisa go tlhoka ditlhako tsa leina le le mo fesheneng.”

Tsela e Feshene e Gogelang ka Yone

Batho ba ditlhopha dingwe ba apara diaparo tsa setaele se se rileng go bontsha gore ke ba setlhopha sefe. Se ba se aparang se ka bontsha gore ga ba batle go tsamaisana le batho ba mo setšhabeng, ba batla go tshela kafa bone ba batlang ka gone, ba dikgoka kgotsa ba na le tlhaolele. Le fa dingwe tsa ditaele tseno e ka ne e le tse di feteletseng kgotsa di gakgamatsa, o fitlhela gore gantsi ba le bantsi ba setlhopha se se rileng ba apere ka go tshwana. Tota le ba ba sa lebeng dilo jaaka setlhopha seo se di leba ba ka nna ba ikutlwa ba rata setaele sa bone. Ba ba aparang ka tsela eno ba ka dira gore ba bangwe ba akanye gore ba dumela dilo tse setlhopha seno se di dumelang e bile ba a di buelela.

Gantsi difeshene di a fetofetoga, dingwe tsa tsone di fetoga mo dikgweding di le mmalwa fela. Di ka nna tsa simololwa ke moopedi mongwe yo o itsegeng kgotsa ke mongwe yo batho ba ratang go mo etsa. Le fa go ntse jalo, ke difeshene di le mmalwa fela tse di nnelang ruri. Ka sekai, dibokate tsa mmala o o pududu di ne di tlwaelegile mo basheng ba batsuolodi ka bo1950 le bo1960. Le fa go ntse jalo, gone jaanong di aparwa ke batho ba dingwaga dingwe le dingwe ka dipaka tse di sa tshwaneng.

Go Batla go Nna le Mmele o Montle

Batho ba ba tseelang feshene kwa godimo thata ba ka nna ba tshwenyega thata ka tsela e ba lebegang ka yone. Bomotlelara ba feshene gantsi ba baleele e bile ba basesane mme re bona ditshwantsho tsa bone ka metlha. * Batho ba go tweng ba na le mmele o montle ba dirisiwa go phasalatsa sengwe le sengwe go simolola ka dikoloi go fitlha ka dimonamone. Social Issues Research Centre ya Boritane e fopholetsa gore “gone jaanong barweetsana ba bona ditshwantsho tsa basadi ba bantle thata mo letsatsing le le lengwe go gaisa tse di bonweng ke bommaarona mo bosheng jwa bone jotlhe.”

Ditshwantsho tseno tse dintsintsi di na le matswela a a sa itumediseng. Ka sekai, kwa United States, patlisiso nngwe e e nopotsweng mo Newsweek e fitlhetse gore diperesente di le 90 tsa basha ba dingwaga tsa bolesome ba basweu ba ne ba sa itumedisiwe ke  mebele ya bone. Bangwe ba basha bano ba tla dira sengwe le sengwe fela gore ba nne le mmele o o tsewang o le montle. Le fa go ntse jalo, Social Issues Research Centre e bolela gore diperesente tse di kwa tlase ga tse 5 tsa basadi ba ka nna le mmele wa boima le bogolo jo bo buelelwang ke metswedi ya tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, go rata mmele o mosesane go dirile gore barweetsana ba le bantsi ba nne makgoba. Go dirile gore bangwe ba nne le bolwetse jwa go ja jwa anorexia. * Motlelara wa mo-Spain e bong Nieves Álvarez, yo o neng a na le bolwetse jwa anorexia, o dumela jaana: “Ke ne ke boifa go nna mokima go gaisa loso.”

Ke boammaaruri gore malwetse a go ja a a jaaka anorexia le bulimia a ka bakiwa ke mabaka a mangwe a le mantsi. Le fa go ntse jalo, Dr. Anne Guillemot le Dr. Michel Laxenaire ba bolela jaana: “Go rata mmele o mosesane le gone go baka bothata jono.”

 Eleruri, feshene e na le melemo le dikotsi tsa yone. E kgotsofatsa keletso e batho ba nang le yone ya gore ba lebege ba le bantle e bile ba na le sengwe se sesha go se apara. Mme feshene e e feteletseng e ka dira gore re apare diaparo tse di dirang gore ba bangwe ba nne le kgopolo e e sa siamang. Fa re ikutlwa gore tsela e re lebegang ka yone e botlhokwa thata go feta kafa e leng ka gone, re ka dumela ka tsela e e phoso gore se se botlhokwa thata mo go rona ke tsela e re lebegang ka yone kafa ntle, e seng dinonofo tsa rona tsa kafa teng. Álvarez yo o nopotsweng pelenyana o bolela jaana: “Re tshwanetse ra simolola go tseela bokgoni jwa motho kwa godimo le mekgwa e mentle go na le tsela e a lebegang ka yone.” Mme phetogo eno ga go lebege e tla direga ka bonako. Mme jaanong re ka dira jang gore re nne le pono e e tshwanetseng ka feshene?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Gantsi go lebeletswe gore bomotlelara ba nne “boleele jwa dimetara di le 1,74, ba nne basesane thata, ba nne le melomo e mekimanyana, ba nne le marapo a a kwa godingwana a marama, ba nne le matlho a matona, maoto a maleele le nko e e tlhamaletseng, e se kima thata,” go bega jalo makasine wa Time.

^ ser. 10 U.S. National Association of Anorexia Nervosa and Associated Disorders e fopholetsa gore batho ba le dimilione di le robedi ba na le bolwetse jwa go ja jwa anorexia kwa United States fela le gore ba le mmalwa ba batho ba bo ba tshwereng ba a tlhokafala. Bontsi jwa bone (diperesente di le 86) ba ne ba simolola go nna le bolwetse jwa go ja pele ba tshwara dingwaga di le 21.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Tota ke Mang Yo o Ka Aparang Selo se se Ntseng Jaana?

Madirelo a feshene a New York, Paris, le Milan a bontsha mesese ya feshene e e dirwang ke batho ba ba dirang ditaele ka dikgakologo le letlhabula lengwe le lengwe. Mo godimo ga gore diaparo tseno di a tura, bontsi jwa tsone go bonala di sa thuse sepe, e bile go se motlhofo go di apara. Juan Duyos wa mo-Spain, yo o dirang ditaele o bolela jaana: “Diaparo tsa ditaele tse di maphatsiphatsi, tse di feteletseng tse o di bonang ga di a dirwa gore batho ba di apare. Boikaelelo jwa ditshupo tsa feshene ke gore motho yo o dirileng setaele seo a itsege kgotsa leina la seaparo seo se itsege, e seng gore diaparo tse di bontshiwang di rekisiwe. Ka sekai, diaparo tse dintsi tse dintle tse metswedi ya tshedimosetso e buang thata ka tsone di ka thusa go rekisa senkgisamonate sa leina lengwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go lepalepana le feshene go ka ja madi a le mantsi

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go apara diaparo dingwe go ka dira gore o itsege o le wa setlhopha sengwe se se rileng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bangwe ba ile ba nna le bolwetse jwa go ja jwa “anorexia”