Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgerisa—Dingwe Tsa Dilo Tse di go Bakang le Matswela a Gone

Go Kgerisa—Dingwe Tsa Dilo Tse di go Bakang le Matswela a Gone

 Go Kgerisa—Dingwe Tsa Dilo Tse di go Bakang le Matswela a Gone

KE ENG se se dirang gore ngwana a simolole go kgerisa ba bangwe? Fa e le gore o kile wa kgerisiwa ke mongwe, o ka nna wa re, “Ga ke na sepe gore go bakwa ke eng! Ga go na seipato sa gore motho a itshware ka tsela e e ntseng jalo.” O ka tswa o bua boammaaruri. Mme gone go na le pharologano e kgolo fa gare ga go tlhaloganya gore ke eng fa ngwana a kgerisa le go tsaya seno e le seipato. Mabaka a a dirang gore ngwana e nne motho yo o kgerisang ga a reye gore boitshwaro joo jwa gagwe bo siame, mme gone a ka re thusa go tlhaloganya gore ke eng a itshwara jalo. Go itse seo go thusa fela thata. Go ka thusa jang?

Seane sengwe sa bogologolo sa re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Go galefela motho yo o kgerisang go ka dira gore re se ka ra leba dilo ka tsela e e tshwanetseng, ga re bolaisa pelo le eleng go dira gore re nne le letlhoo. Mme go tlhaloganya mabaka a go bo a itshwara jalo go ka dira gore kgalefo ya rona e kokobele. Go ritibala ka tsela e e ntseng jalo go ka re thusa gore re kgone go leba dilo sentle fa re ntse re batla ditsela tsa kafa re ka rarabololang bothata jono ka gone. Ka gone, a re sekasekeng mangwe a mabaka a a dirang gore motho a itshware ka tsela eno e e sa siamang.

Ke Eng se se Dirang Gore Motho a Kgerise?

Selo se gantsi se dirang gore motho a kgerise ke go bo batsadi ba gagwe ba sa mo tlhomela sekao se se molemo kana ba ile ba mo tlhokomologa ka boomo fa a sa le monnye. Bontsi jwa batho ba ba kgerisang ba tswa mo malapeng a mo go one batsadi ba sa ba bontsheng lorato, ba sa bontsheng gore ba a ba kgatlhegela, kana le eleng go ba ruta gore ba dirise mafoko a a bogale le ntwa fa ba rarabolola mathata. Bana ba ba godisediwang mo maemong a a ntseng jalo ba ka nna ba se ka ba tsaya go kgoba ba bangwe ka mafoko kana ba ba lwantsha e le go kgerisa; tota e bile ba ka nna ba se ka ba bona sepe se se phoso ka boitshwaro jono jwa bone.

Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 16 yo o neng a kgerisiwa ke rraagwe wa bobedi kwa gae mme kwa sekolong ke baithuti ba bangwe, le ene o ne a simolola go kgerisa fa a le mo mophatong wa botlhano. O bolela jaana: “Tota ke ne ke dirwa ke kgalefo e e neng e ntse e gola mo teng ga me; ke ne ke kgerisa mongwe le mongwe fela yo ke neng ke kopana le ene. Go utlwa botlhoko go ka ama motho fela thata. Fa o setse o utlwa botlhoko, o batla go bo ntshetsa mo bathong ba bangwe.” Le fa gone go sa tlwaelega gore basetsana ba ba kgerisang ba nne dikgoka jalo, fela gone ba nna le kgalefo e e tshwanang. *

Dikolo di le dintsi di na le baithuti ba le bantsi ba ba tswang mo maemong a a farologaneng, le ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng fela thata. Ka maswabi, bana bangwe ba rata ntwa ka gonne ba rutilwe kwa gae gore go tshosetsa ba bangwe le go ba kgesa ka mafoko ke ditsela tse di molemo tsa go bona se ba se batlang.

 Ka maswabi, gantsi mekgwa e e ntseng jalo e bonala e atlega. Shelley Hymel, yo e leng mookamedi wa lephata la thuto kwa Yunibesithing ya British Colombia, kwa Canada, o setse a na le dingwaga di le masomeamabedi a ntse a ithuta tsela e bana ba itshwarang ka yone. A re: “Re na le bana ba ba dirisang mokgwa wa go kgerisa ba bangwe gore ba bone se ba se batlang, mme ka maswabi mokgwa wa bone o a atlega. Ba bona se ba se batlang—ba nna le taolo, maemo le go tsewa tsia.”

Lebaka le lengwe le le dirang gore go kgerisa go aname ke go tlhoka kaelo. Batho ba le bantsi ba ba kgerisiwang ba akanya gore ga go ope yo ba ka kopang thuso mo go ene—mme selo se se utlwisang botlhoko ke gore gantsi ba a bo ba bua boammaaruri. Debra Pepler, yo eleng mokaedi wa LaMarsh Centre for Research on Violence and Conflict Resolution kwa York University ya Toronto, o ne a ela tlhoko thata baithuti mo sekolong mme a fitlhela e le gore barutabana ba ne ba kgona go lemoga le go thibela mo e ka nnang diperesente di le 4 fela tsa ditiragalo tsa go kgerisa.

Le fa go ntse jalo, Dr. Pepler o dumela gore go tsereganya go botlhokwa thata. A re: “Bana ga ba kgone go rarabolola bothata jono ka gonne bo amana le taolo, mme nako le nako fa ngwana yo o kgerisang a kgerisa mongwe, o ikutlwa a na le taolo e e oketsegileng.”

Mme gone ke ka ntlha yang fa dikgetsi tse dintsi tsa go kgerisa di sa begwe? Ke ka gonne batho ba ba kgerisiwang ba dumela gore fa ba bega bothata jono, dilo di tla nna maswe le go feta. Ka gone, basha ba le bantsi ba fetsa dingwaga tsa sekolo ba tlhobaela kana ba ikutlwa ba sa sireletsega. Matswela a go tshela ka tsela eno ke afe?

Kafa go Amang Motho ka Gone mo Mmeleng le mo Maikutlong

Pego nngwe e e tswang go National Association of School Psychologists kwa United States e bolela gore letsatsi le letsatsi bana ba feta 160 000 ga ba ye sekolong ka gonne ba boifa gore ba tla kgerisiwa. Bana ba ba kgerisiwang ba ka nna ba tlogela go bua ka sekolo kana ka tlelase nngwe e e rileng kana sengwe se se dirwang kwa sekolong. Ba ka nna ba leka go ya sekolong thari letsatsi le letsatsi kana ba sa tsene ditlelase dingwe kana le eleng go dira diipato tsa gore ba se ka ba ya sekolong gotlhelele.

Bana ba ba kgerisiwang ba ka lemogiwa jang? Ebu, ba ka nna ba galefagalefa fela, ba kgopisega motlhofo, ba betwa ke pelo, kana ba lebega ba lapile kana ba hutsafetse. Ba ka nna ba rata go lwa le ba bangwe mo lapeng kana dithaka tsa bone le ditsala tsa bone. Batho ba ba se nang molato ba ba lebeletseng jaaka fa yo mongwe a kgerisiwa le bone ba amiwa ke seno ka tsela e e sa itumediseng. Se ba se bonang se dira gore ba ikutlwe ba boifa, mme seo se kgoreletse bokgoni jwa bone jwa go ithuta.

Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang lwa Pediatrics in Review lwa re: “Matswela a a maswe go gaisa a a nnang gone mo bathong le mo setšhabeng ka ntlha ya go kgerisa ke thubakanyo, go akaretsa go ipolaya le go bolaya. Tsela e bana ba ba kgerisiwang ba ikutlwang ba se na maatla ka yone e ka gola thata mo e leng gore bangwe ba ka feleletsa ba ikgobatsa mo mmeleng kana ba ipusolosetsa ka tsela e e kotsi.”

Dr. Ed Adlaf, yo e leng moitsesaense yo o dirang dipatlisiso e bile e le porofesa wa dithuto tsa boitekanelo jwa setšhaba kwa Yunibesithing ya Toronto, o tlhalosa fa a tshwenngwa ke gore “batho ba ba kgerisang le ba ba kgerisiwang go ka direga thata gore ba nne le mathata a maikutlo gone jaanong le mo nakong e e tlang.” Mo ngwageng wa sekolo wa 2001, go ne ga dirwa dipatlisiso mo baithuting ba feta 225 000 ba kwa Ontario, mme palo e e fa gare ga nngwennèng le nngwetharong ya bone e ne e amiwa ke go kgerisa, e ka tswa e le bone ba kgerisang kana ba kgerisiwang. Mo go sone setlhopha seno, a le 1 mo go ba le 10 o setse a kile a akanyetsa go ipolaya.

Go kgerisiwa nako le nako go ka dira gore motho yo o kgerisiwang a se ka a tlhola a itshepa, ga dira gore a lwale le e leng go senyegelwa ke bokamoso. Batho ba ba kgerisiwang ba ka nna ba opiwa ke tlhogo, ba tlhola ba otsela, ba tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Ba bangwe ba nna le bolwetse jo bo amanang le go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e utlwisang botlhoko. Le fa gone go itewa go ka dira gore batho ba utlwele motho yo o kgerisiwang botlhoko, go tlhaselwa ka mafoko gone go ka nna ga se dire jalo. Ga go motlhofo gore batho ba lemoge matswela a kutlobotlhoko. Ka gone go na le gore ditsala le ba lelapa ba utlwele motho yono botlhoko, ba ka nna ba lapisiwa ke go bo a tlhola a ngongorega.

Go kgerisa go na le matswela a a sa siamang le mo mothong yo o kgerisang. Fa a sa thusiwe go tlogela go kgerisa a sa le monnye, go ka direga gore e nne mogolo yo o kgerisang kwa tirong. Tota e bile, dipatlisiso dingwe di bontsha gore batho ba ba neng ba kgerisa fa e sa le bana ba ile ba nna ba kgerisa le fa ba setse ba godile. Gape go ka direga thata gore ba feleletse ba dirile molato o o dirang gore ba tshwarwe go na le ba ba neng ba sa kgerise.

 Kafa go Amang Lelapa ka Gone

Go kgerisiwa kwa tirong go ama kagiso le kutlwano ya lelapa. Go ka dira gore motho yo o kgerisiwang a batle go utlwisa ba lelapa botlhoko kwantle ga lebaka. Mo godimo ga moo, go ka dira gore molekane wa lenyalo kana leloko la lelapa le eme motho yo o kgerisiwang nokeng ka go lwantsha motho yo o mo kgerisang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, molekane wa lenyalo a ka nna a pega molekane yo mongwe yo o kgerisiwang molato wa gore ke ene a rumolang batho. Fa go kgerisiwa gono go ntse go tswelela pele ka nako e telele go sa rarabololwe, tota le balekane ba pele ba neng ba tshegetsa balekane ba bone ba ile ba feleletsa ba feletswe ke bopelotelele. Fa dingwaga di ntse di ya, go ka direga thata gore lelapa le thubege.

Mo makgetlong mangwe go kgerisa go ile ga dira gore bangwe ba latlhegelwe ke tiro le tsela e ba e itshedisang ka yone, ga dira gore banyalani ba kgaogane le go tlhalana le eleng go ipolaya. Batho ba ba kgerisiwang kwa tirong kwa Australia ba ba fa gare ga halofo le peditharong ba ile ba bega gore go kgerisiwa go ile ga ama kamano ya bone ka tsela e e sa siamang le balekane ba bone, le banna kana basadi ba bone kana ba lelapa.

Go Kgerisa go Baka Tatlhegelo e Kgolo

Go kgerisa kwa tirong gape go dira gore bathapi ba latlhegelwe fela thata. Motho yo o kgerisang ba bangwe kwa tirong e ka nna mookamedi yo o buang le ba bangwe ka tsela e e supang letlhoo kana modirimmogo yo o logelang ba bangwe maano a a bosula, mme gantsi e nna mosadi go na le go nna monna. Batho ba ba ntseng jalo ba laola ba bangwe ka tsela e e feteletseng, le go ba nyenyefatsa ka go ba sotla ka mafoko le go nnela go ba tshwaya diphoso, gantsi ba ba tlhabisa ditlhong fa pele ga batho ba bangwe. Ga se gantsi batho ba ba kgerisang ba lemoga tsela e ba sa tshwareng ba bangwe sentle ka yone kana go kopa maitshwarelo ka ntlha ya boitshwaro jwa bone. Gantsi ba kgerisa badiri ba ba nang le bokgoni, ba ba ikanyegang, le ba ba ratiwang ke badirimmogo le bone.

Badiri ba ba kgerisiwang gantsi ba feleletsa ba sa kgone go dira tiro e e duleng diatla. Tsela e badirimmogo ba bangwe ba berekang ka yone le yone e a amega fa ba ntse ba bona yo mongwe a kgerisiwa. Go kgerisa go ka dira gore badiri ba se ka ba ikanyega go le kalo mo mothaping wa bone kana go se bereke ka natla go le kalo. Pego nngwe e bolela gore batho ba ba kgerisang ba dira gore madirelo a kwa United Kingdom a latlhegelwe ke madi a a fopholediwang go dikete di le dimilione di le 24 tsa diranta ngwaga le ngwaga. Mme go bolelwa gore boitshwaro jo bo ntseng jalo ke jone bo dirang gore go nne le diperesente di feta 30 tsa malwetse a a bakwang ke go ngomoga pelo.

Ga go pelaelo gore go kgerisa go ama batho mo lefatsheng lotlhe. Potso ke gore, A go na le sengwe se se ka dirwang go fokotsa bothata jono le go bo fedisa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Basadi ba ba kgerisang gantsi ba dirisa ditsela tsa go kgerisa tse di jaaka go kgaphela motho yo ba mo kgerisang kwa thoko le go anamisa maaka ka ene. Le fa go ntse jalo, go bonala ba le bantsi le bone ba simolola go dirisa dikgoka.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ka maswabi go kgerisiwa kwa tirong go aname

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Batho ba ba kgerisiwang ka metlha ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo e bile ba jewa ke bodutu