Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi e e Bakwang ke Ditshwantsho Tse di Hepisang

Kotsi e e Bakwang ke Ditshwantsho Tse di Hepisang

 Kotsi e e Bakwang ke Ditshwantsho Tse di Hepisang

DITSHWANTSHO tsa tlhakanelodikobo tsa mefuta yotlhe di bonwa motlhofo ka thelebishine, dibaesekopo, dibidio tsa mmino le ka Internet. A go anama ga ditshwantsho tseno tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo ga go kotsi, jaaka batho ba le bantsi ba batla gore re dumele? *

Tsela e Ditshwantsho Tse di Hepisang di Amang Bagolo ka Yone

Go sa kgathalesege se batho ba ba buelelang ditshwantsho tse di hepisang ba se buang, ditshwantsho tseno di senya tsela e batho ba lebang tlhakanelodikobo ka yone. Babatlisisi ba National Foundation for Family Research and Education ba ne ba konela ka gore “go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go tsenya batho ba ba di lebelelang mo kotsing ya go nna le mekgwa e e sa siamang ya tlhakanelodikobo.” Go ya ka pego ya bakwadi bano, “selo se se tleng se buiwe malebana le petelelo (tumelo ya gore basadi ke bone ba dirang gore ba betelelwe e bile ba itumelela go betelelwa, le gore batho ba ba betelelang ba siame fela) e aname thata mo banneng ba ba tlwaetseng go lebelela ditshwantsho tse di hepisang.”

Babatlisisi bangwe ba bolela gore fa motho a lebelela ditshwantsho tse di hepisang gangwe le gape seno se ka dira gore a se ka a kgona go kopanela mo dikamanong tse di tlwaelegileng tsa lenyalo le go di itumelela. Dr. Victor Cline, moitseanape wa go alafa batho ba e leng makgoba a tlhakanelodikobo, o etse tlhoko tsela e go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go ntseng go nnela maswe go ya pele ka yone. Fa go sa elwe tlhoko, go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go go sa reng sepe fela go ka felela ka gore o lebelele ditshwantsho tse di bontshang tlhakanelodikobo ka boyone le tse di maswe le go feta. O bolela gore seno se ka felela ka mekgwa e e sa siamang ya tlhakanelodikobo. Baitsesaense ba ba ithutang kafa batho ba itshwarang ka gone le bone ba dumalana le seno. Dr. Cline o bega gore “motho o simolola ka yone tsela eno go nna le keletso le fa e le efe ya tlhakanelodikobo . . . le gore le fa motho a ka nna le maikutlo a a molato go nna thata go e tlogela.” Kgabagare motho yo o lebelelang ditshwantsho tse di hepisang a ka nna a leka go dira se a se bonang mo go tsone, mme seo gantsi se feleletsa ka diphelelo tse di botlhoko.

Cline o ne a konela ka gore bothata jono bo simolola ka iketlo e bile bo sa lemotshege. O bolela jaana: “Fela jaaka kankere, bothata jono bo tswelela bo gola e bile bo anama. Ga bo boele morago, e bile gape go thata go bo alafa. Gantsi banna ba e  leng makgoba a go lebelela ditshwantsho tseno ba gana go dumela gore ba na le bothata jono e bile ba palelwa ke go lebana le jone mme seno se dira gore ka dinako tsotlhe banyalani ba se ka ba utlwana, ka dinako tse dingwe ba tlhalane, mme ka dinako tse dingwe seno se felela ka gore botsalano jo bo molemo bo senyege.”

Kafa di Gobatsang Basha ka Gone

Dipalopalo di bontsha gore batho ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang thata ke basimane ba dingwaga tse di fa gare ga 12 le 17. Tota e bile, mo go ba le bantsi, ditshwantsho tse di hepisang ke tsone tse di ba rutang ka tlhakanelodikobo. Seno se baka matswela a a sa itumediseng. Pego nngwe e bolela jaana: “Go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a a tshwanang le AIDS ga di ke di bontshiwa mo ditshwantshong tse di hepisang, mme seno se dira gore go dumelwe gore go bona ditshwantsho tse di hepisang ga go na phoso epe.”

Babatlisisi bangwe ba bolela gore go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go ka ama le tsela e boboko jwa ngwana bo golang ka yone. Dr. Judith Reisman, poresidente ya Institute for Media Education, o konela jaana: “Dilo tse di etsweng tlhoko malebana le tsela e boboko bo tsibogang ka yone fa bo bona kgotsa bo utlwa dilo dingwe tse di amanang le ditshwantsho tse di hepisang, di bontsha gore go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ke selo se segolo se se amang tsela e boboko bo dirang ka yone, se dira gore bo se ka jwa kgona go akanyetsa selo pele bo se dira—e bile go kotsi mo bobokong jwa bana jo bo sa ntseng bo ka kgona [go bopega] ka gonne go dira gore ba se ka ba kgona go leba dilo jaaka di ntse mme ka go dira jalo go senya botsogo jwa bone jwa mogopolo le jwa mmele, go dira gore ba se ka ba kgona go itekanela e bile ba se ka ba kgona go bona boitumelo.”

Kafa di Amang Kamano ya Banyalani ka Teng

Ditshwantsho tse di hepisang di bopa tsela e motho a itshwarang ka yone e bile di a mo tlhotlheletsa. Melaetsa ya tsone e a raela ka gonne ke ya go ijesa dijo tsa ditoro fela e bile e bontsha dilo di itumedisa go feta kafa di leng ka teng. (Bona lebokoso le le reng “O Tla Amogela Molaetsa Ofe?”) Pego nngwe e bolela gore “batho ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang ba solofela dilo tse di sa kgonegeng tse di felelang ka gore kamano ya banyalani e senyege.”

 Ditshwantsho tse di hepisang di dira gore banyalani ba se ka ba tshepana le gore ba se ka ba buisana ka kgololesego, e leng dinonofo tse di botlhokwa mo lenyalong. Ka gonne ditshwantsho tse di hepisang di lebelelwa thata mo sephiring, motho yo o di lebelelang o feleletsa a tsietsa e bile a bua maaka. Balekane ba lenyalo ba ikutlwa ba tsieditswe. Ga ba tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa balekane ba bone ba sa tlhole ba ba kgatlhegela.

Kotsi ya Semoya

Go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go koafatsa motho semoyeng. Go ka kgoreletsa motho yo o batlang go tsalana le Modimo. * Baebele e amanya keletso ya tlhakanelodikobo le keletso ya bopelotshetlha le kobamelo ya medingwana. (Bakolosa 3:5) Motho yo o eletsang sengwe ka bopelotshetlha o se eletsa thata mo e leng gore e nna sone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe, o batla sone fela. Tota e bile, batho ba e leng makgoba a go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ba dira gore keletso ya bone ya tlhakanelodikobo e gaise tsela e ba ratang Modimo ka yone. Ka jalo ba e dira modingwana wa bone. Jehofa Modimo o laela jaana: “O se ka wa nna le medimo epe e sele kgatlhanong le sefatlhego sa me.”—Ekesodo 20:3.

Ditshwantsho tse di hepisang di senya dikamano tsa banyalani. Moaposetoloi Petere, yo e neng e le monna yo o nyetseng, o ne a kgothaletsa banna ba Bakeresete go tlotla basadi ba bone. Monna yo o sa direng jalo o tla fitlhela gore Modimo ga a amogele dithapelo tsa gagwe. (1 Petere 3:7) A e tla bo e le go tlotla mosadi wa gago fa o lebelela ditshwantsho tse di leswe tsa basadi ba bangwe mo sephiring? O tla ikutlwa jang fa a ka fitlhela gore o lebelela ditshwantsho tsa mofuta ono? Mme Modimo yo o tla tlisang “tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong” le yo o “tlhatlhobang meya” o tla akanya eng ka wena? (Moreri 12:14; Diane 16:2) A motho yo o lebelelang ditshwantsho tse di hepisang o na le lebaka la go lebelela gore Modimo o tla utlwa dithapelo tsa gagwe?

Go rata go ikgotsofatsa ka tsela ya bogagapa go sa kgathalesege gore diphelelo e tla nna dife ke sone se se dirang gore motho a lebelele ditshwantsho tse di hepisang. Ka jalo, go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ga go bontshe lorato. Go kgoreletsa maiteko a Mokeresete a a dirang go nna a itshekile le go nna phepa fa pele ga Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Seno ke se  Modimo o se ratang, . . . gore lo ithibe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha . . . , gore motho a se ka a feleletsa a gobaditse e bile a tseneletse mo ditshwanelong tsa mokaulengwe wa gagwe.”—1 Bathesalonika 4:3-7.

Ditshwantsho tse di hepisang di sotla thata basadi le bana. Di a ba tlontlolola e bile di dira gore ba se ka ba nna le seriti se se ba tshwanetseng. Motho yo o lebelelang ditshwantsho tse di hepisang o nna le seabe mo ditirong tseo tsa go ba sotla e bile o a di tshegetsa. Steven Hill le Nina Silver, ba e leng babatlisisi ba bolela gore, “Go sa kgathalesege gore . . . motho o tsaya gore o molemo go le kana kang, go dumela ga gagwe go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go mo dira [motho yo o sa akanyetseng], e bile go dira gore a tlhoe ene motho yo a bolelang gore o a mo rata.”

Go Tlogela Mokgwa wa go Lebelela Ditshwantsho Tse di Hepisang

Go tweng fa e le gore gone jaanong o lwantshana le bothata jono jwa go nna lekgoba la go lebelela ditshwantsho tse di hepisang? A go na le sengwe se se ka dirwang go tlogela mokgwa ono? Baebele e naya tsholofelo! Bakeresete bangwe ba bogologolo e ne e le bagokafadi, baakafadi le batho ba ba bogagaru pele ga ba itse Keresete. Paulo o ne a bolela jaana: “Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa.” Seo se ne sa kgonega jang? O ne a araba jaana: “Lo itshepisitswe . . . ka moya wa Modimo wa rona.”—1 Bakorintha 6:9-11.

Le ka motlha o se ka wa nyatsa maatla a moya o o boitshepo wa Modimo. Baebele ya re, “Modimo o a ikanyega e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go  feta se lo ka se itshokelang.” Eleruri, o tla dira tsela ya go tswa. (1 Bakorintha 10:13) Go rapela ka tlhoafalo—o bolelela Modimo mathata a gago ka metlha—go tla nna le matswela. Lefoko la Gagwe le kgothatsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22.

Gone mme, o tshwanetse go dira tumalanong le dithapelo tsa gago. O tshwanetse go swetsa ka pelo yotlhe gore ga o kitla o tlhola o lebelela ditshwantsho tse di hepisang. Tsala e o e ikanyang kgotsa mongwe wa lelapa a ka go thusa fela thata, a go tshegetsa kafa go tlhokegang ka teng le go go kgothatsa go kgomarela tshwetso ya gago. (Bona lebokoso le le reng “Go Bona Thuso.”) Go gakologelwa gore go itshwara ka tsela e re ikemiseditseng go itshwara ka yone go tla itumedisa Modimo, seo se tla go thusa go dira jaaka fa o ikemiseditse. (Diane 27:11) Mo godimo ga moo, go itse gore go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go kgopisa Modimo go ka dira gore o se ka wa itlogelela fela o di lebelela. (Genesise 6:5, 6) Ga e kitla e nna ntwa e e motlhofo, mme o ka kgona go e fenya. Go a kgonega go fenya mokgwa ono wa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang!

Dikotsi tsa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ke tsa mmatota. Di kotsi e bile di a senya. Di senya ba ba di dirang le ba ba di lebelelang. Di nyatsa banna le basadi, di kotsi mo baneng e bile ke mokgwa o re tshwanetseng go o ila.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go bona tlhaloso e e oketsegileng ka dikotsi tsa ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet, tsweetswee bona motseletsele wa setlhogo se se reng, “Ditshwantsho Tse di Hepisang Tsa Internet—Di ka Baka Kotsi Efe?” mo makasineng wa Tsogang! wa June 8, 2000, ditsebe 3-10.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso ya kafa Baebele e lebang ditshwantsho tse di hepisang ka gone, tsweetswee bona makasine wa Tsogang! wa July 8, 2002, tsebe 13-15.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go Bona Thuso

Ntwa ya go tlogela go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ga ya tshwanela go tlhaediwa matlho; e ka nna ntwa e e matlho mahibidu. Dr. Victor Cline, yo o alafileng batho ba le bantsi ba e leng makgoba a tlhakanelodikobo o bolela jaana: “Ga go thuse sepe go nna o solofetsa fela. Ga go thuse sepe go nna le maitlhomo a a siameng fela. [Motho yo e leng lekgoba la tlhakanelodikobo] ga a ka ke a atlega ka boene fela.” Go ya ka Cline, selo se se tlhokegang gore motho a alafege sentle ke gore molekane wa gagwe le ene a thuse, fa e le gore o nyetse. O bolela gore “kalafi e dira ka bonako fa boobedi ba thusana. Boobedi ba utlwile botlhoko. Boobedi ba tlhoka thuso.”

Fa motho a sa nyala, gantsi tsala e e ikanyegang kgotsa mongwe wa lelapa a ka thusa thata. Le fa e ka ne e le mang yo o alafiwang, Cline o na le molao o le mongwe o o sa fetogeng: Bua o gololesegile ka bothata jwa gago o bo o bue fa go ka direga gore o boe o wele gape mo bothateng jono. O bolela jaana: “Diphiri ‘di a bolaya.’ Di dira gore o ikutlwe o tlhabilwe ke ditlhong e bile o le molato.”

[Tšhate mo go tsebe 25]

O Tla Amogela Molaetsa Ofe?

Molaetsa wa DitshwantshoTse di Hepisang

▪ Go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe, nako nngwe le nngwe, mo maemong mangwe le mangwe le ka tsela epe fela go siame e bile ga go kotsi.

Kgopolo E e Mo Baebeleng

“A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.”Bahebera 13:4.

“Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.”1 Bakorintha 6:18; bona gape le Baroma 1:26, 27.

Molaetsa wa DitshwantshoTse di Hepisang

▪ Lenyalo le kgoreletsa go ikgotsofatsa ka tlhakanelodikobo.

Kgopolo E e Mo Baebeleng

“Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.”Diane 5:18, 19; bona gape le Genesise 1:28; 2:24; 1 Bakorintha 7:3.

Molaetsa wa DitshwantshoTse di Hepisang

▪ Basadi ba bopetswe selo se le sengwe fela—go kgotsofatsa dikeletso tsa tlhakanelodikobo tsa banna.

Kgopolo E e Mo Baebeleng

[Nna Jehofa Modimo] ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.”Genesise 2:18; bona gape le Baefeso 5:28.

Molaetsa wa DitshwantshoTse di Hepisang

▪ Banna le basadi ke makgoba a dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo.

“Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”Bakolosa 3:5.

“Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.”1 Bathesalonika 4:4.

Leba “basadi ba bagolwane jaaka bommaago, makgarebana jaaka bokgaitsadio ka boitsheko jotlhe.”1 Timotheo 5:1, 2; bona gape le 1 Bakorintha 9:27.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Babatlisisi bangwe ba bolela gore go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go ama tsela e boboko jwa ngwana bo golang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ditshwantsho tse di hepisang di ka dira gore banyalani ba se ka ba tshepana le gore ba se ka ba bua ka kgololesego mo lenyalong

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go rapela ka tlhoafalo go tla lere diphelelo tse di molemo