Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Mekgwa e Mentle e Fetoga

Lebaka La go Bo Mekgwa e Mentle e Fetoga

 Lebaka La go Bo Mekgwa e Mentle e Fetoga

“Ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong?”

Potso eo e ne ya bodiwa batho ba le 50 000 mo dinageng di le 60. Babatlisisi ba kwa Gallup ba ne ba bega gore batho ba le bantsi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ba ne ba araba ka gore ke go “nna le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa” le “botsogo jo bo itekanetseng.”

GANTSI go ka nna ga bonala e kete batho mo lefatsheng lotlhe ba na le mekgwa e mentle. Mme tota ga go a nna jalo. Mo dinakong tse di fetileng, batho ba ne ba na le mekgwa e mentle e e neng e laolwa ke bodumedi le melaometheo ya boitsholo. Lefa go ntse jalo, dilo di fetoga ka bonako. Mmatlisisi e bong Marisa Ferrari Occhionero o ne a bolela jaana ka Italy: “Mekgwa e basha ba nang le yone ga e sa tlhole e le e ba e rutilweng ke batsadi, ya dingwao le ya bodumedi.” Mme go ka bolelwa se se tshwanang ka batho botlhe mo lefatsheng—ba bannye le ba bagolo.

Porofesa Ronald Inglehart, mookamedi wa porojeke ya go dira patlisiso e e bidiwang World Values Survey o bolela jaana: “Bosupi jo bo ntseng bo oketsega bo bontsha gore mokgwa o batho mo lefatsheng ba lebang dilo ka one o fetoga fela thata.” Ke eng se se bakang diphetogo tseno? Inglehart o bolela jaana: “Diphetogo tseno ke diphetogo tsa ikonomi le tsa setegeniki.”

Ka sekai, patlisiso ya kwa Gallup e ne ya senola gore kwa dinageng tse di humileng, go tlhoka tiro “ga batho ba le bantsi” e ne e le sengwe sa dilo tse di tshwenyang thata mo botshelong. Mme mo dinageng tse di tlhabologang go bereka e ne e le sone selo sa botlhokwa! Ee, fa batho ba humanegile, go nna le dijo tsa letsatsi le letsatsi ke sone selo sa botlhokwa mo go bone. Fa ikonomi ya dinaga dingwe e ntse e tlhabologa, botsogo, botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa le kgololesego ya go bua e nna tsone dilo tse di botlhokwa thata mo go bone.

Ka ntlha ya kgatelopele ya botegeniki, ga go pelaelo gore dilo tseno di tla ama dinaga tse di tlhabologang. Makasine o o bidiwang The Futurist o bolela jaana: “Dilo tse re di dumelang le mokgwa o re lebang dilo ka one, di laolwa ke se re se bonang le se re se utlwang.” Ka jalo, metswedi ya dikgang e amile thata mekgwa e batho ba kwa dinageng tsa Bophirima ba nang le yone. Makasine wa The Futurist o oketsa ka go re: “Metswedi eno ya dikgang e tlhotlheletsa lefatshe lotlhe.”

Ka jalo, ke diphetogo dife tsa maikutlo le tsa boitshwaro tse re di bonang mo bathong? Go fetoga ga mekgwa eno go ama wena le lelapa la gago jang?