Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Neng sa Dira Gore Malwetse Ano a Nne Teng Gape?

Ke Eng se se Neng sa Dira Gore Malwetse Ano a Nne Teng Gape?

 Ke Eng se se Neng sa Dira Gore Malwetse Ano a Nne Teng Gape?

MO E ka nnang dingwaga di le 40 tse di fetileng, go ne go akanngwa gore malwetse a a tlwaelegileng a a anamisiwang ke ditshenekegi jaaka, malaria, letshoroma le le setlha le bolwetse jwa dengue, a ne a fediseditswe ruri mo mafelong a magolo a lefatshe. Mme go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa—malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi a ne a ne a nna teng gape.

Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore ditshenekegi dingwe le megare e di nang le yone, di setse di palela dibolayamegare le melemo e e dirisediwang go di laola. Selo se se dirileng gore ditshenekegi tseno di tlwaele melemo eno, ke go dirisiwa ga dibolayaditshenekegi ka tsela e e feteletseng kgotsa go sa di diriseng sentle. Buka e e bidiwang Mosquito, e bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba ba humanegileng, ba reka molemo ba bo ba dirisa o monnye fela go fokotsa bolwetse, ba bo ba o baya gore ba o dirise gape fa bolwetse joo bo tsoga.” E re ka go dira jalo go dira gore ba se ka ba fola sentle, megare e e nonofileng e ka nna ya tswelela e tshela mo mebeleng ya bone e bo e tsala megare e mengwe e le yone e tla palelang melemo eno.

Go Fetoga ga Maemo a Bosa

Selo se se botlhokwa se se dirileng gore malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi a nne teng gape ke phetogo e e diregang—mo dilong tsa tlholego le mo setšhabeng. Sekai sa seno ke go fetoga ga maemo a bosa. Baitsesaense bangwe ba bolela gore mogote o tla dira gore malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi a nne teng le mo mafelong a a seng mogote. Go na le bosupi jo bo bontshang gore seno se ka tswa se setse se direga. Dr. Paul R. Epstein wa Setheo sa Boitekanelo le Tikologo wa Sekolo sa Bongaka sa Harvard o bolela jaana: “Gompieno, go begwa gore ditshenekegi le malwetse a di a anamisang, (go akaretsa le malaria le letshoroma la dengue) di oketsegile mo Afrika, Asia le Latin America.” Kwa Costa Rica, bolwetse jwa dengue bo anametse mo mafelong a a mo dithabeng tse pele di neng di dira gore bolwetse jono bo felele fela mo Losing lwa Pacific, mme gone jaanong bo teng mo nageng eo yotlhe.

Le fa go ntse jalo, maemo a bosa a a mogote, a ka baka bothata jo bo fetang jono. Mo mafelong mangwe, a dira gore dinoka di fetoge go nna megobe e e se nang metsi, fa mo go a mangwe a dira gore go ne pula e ntsi e e tlogelang metsi a tamile. Fa go direga dilo tseno tse pedi, metsi a a salang a tamile a fetoga lefelo le menang e ratang go tsalela mo go lone. Gape, maemo a a mogote a bosa a dira gore menang e tsale ka bonako, mme seno se dira gore paka ya go nna teng ga yone e nne telele. Fa go le mogote thata, menang e nna mentsi. Dithemperetšha tseno tse di mogote di dira gore megare e menang e nang le yone e e bakang bolwetse e oketsege, mme seno se dira gore motho a tshwaetsege motlhofo le fa e mo lomile gangwe fela. Mme go na le mathata a mangwe gape.

Kafa Malwetse Ano a Anamang ka Gone

Go fetofetoga ga tsela e batho ba dirang dilo ka yone mo setšhabeng le gone go ka baka malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi. Go tlhaloganya gore seno se direga jang, re tla tlhoka go leba ka kelotlhoko tsela e ditshenekegi di tshelang ka yone. Go na le ditsela di le dintsi tse malwetse a anamang ka tsone mme ditshenekegi le tsone di na le seabe mo go anamiseng mangwe a malwetse ao. Phologolo kgotsa nonyane e ka anamisa bolwetse ka go tsamaya e na le ditshenekegi mo mmeleng wa yone kgotsa e ka bo anamisa ka megare e e nang le yone mo mading. Fa phologolo kgotsa nonyane eno e ka tswelela e tshela ka bolwetse jono, tiro ya yone e tla nna go tsamaya e bo anamisa.

Akanya ka bolwetse jwa Lyme jo bo neng jwa lemogiwa la ntlha ka 1975 kwa Connecticut, kwa United States of America. Mogare o o bakang bolwetse jwa Lyme o ka tswa o tswa kwa Amerika Bokone mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng o tlisiwa ke dipeba kgotsa diruiwa tse di neng di pegilwe mo dikepeng tse di neng di tswa Yuropa. Fa kgofa e nnye e e bidiwang Ixodes e nwa madi a phologolo e e tshwaetsegileng, mogare o o mo mading ao o nna mo teng ga kgofa eno botshelo jwa yone jotlhe. Fa moragonyana kgofa eno e loma phologolo  kgotsa motho, e ka tsenya mogare oo mo mading a tsone.

Kwa bokonebotlhaba jwa United States, bolwetse jwa Lyme bo fitlhelwa fela mo mafelong a a rileng—ke bogologolo bo ntse bo le teng mo mafelong ao. Setshedi sa lefelo leo se se rweleng mogare wa bolwetse jwa Lyme ke peba e e maoto masweu. Dipeba gape di na le dikgofa, segolobogolo dikgofa tse di sa ntseng di gola. Dikgofa tse di setseng di godile di rata go nna mo dikgameng gore di bone dijo mo go tsone le go tsalela mo go tsone. Fa kgofa e e setseng e godile e e namagadi e sena go kgora madi a yone, e itigela fa fatshe gore e ye go beela mae, a mo go one go tswang dikgofa tse dingwe tse di tla simololang modikologo ono bosha.

Go Fetoga ga Maemo

Go fetile dingwagangwaga megare e ntse e le teng mo diphologolong le mo ditshenekeging mme e sa lwatse batho. Mme go fetoga ga maemo go ka dira gore bolwetse jo bo neng bo tshwara batho ba ba rileng fela e nne jwa leroborobo—bolwetse jo bo tshwarang batho ba le bantsi mo setšhabeng. Ke eng se se neng sa fetoga ka bolwetse jwa Lyme?

Mo nakong e e fetileng, dibatana di ne di tsoma dikgama le go di ja, gore dikgofa tse di neng di nna mo dikgameng tseo, di se ka tsa ya kwa bathong. Fa Bayuropa ba ba neng ba thibeletse ka fa Botlhaba jwa United States ba ne ba rema dikgwa gore ba leme masimo, palo ya dikgama e ne ya fokotsega fela thata mme dibatana tse di neng di tsoma dikgama tseno le tsone di ne tsa nyelela. Mme mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1800, masimo a le mantsi a ne a tlhokomologiwa fa balemi ba ne ba fudugela kwa dikarolong tsa bophirima mme dikgwa tsa simolola go gola gape. Dikgama di ne tsa boa gape mme batsomi ba tsone bone ba ne ba se ka ba boa. Ka jalo, dikgama di ne tsa boa ka bontsi mmogo le dikgofa tsa tsone.

Nako nngwe moragonyana, mogare wa bolwetse jwa Lyme le one o ne wa boa mme wa nna mo diphologolong go fitlha o simolola go tsenya batho mo kotsing. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa go simololwa go agiwa metsesetoropo gaufi le dikgwa, bana le bagolo ba le bantsi thata ba ne ba simolola go tsena mo mafelong a a nang le dikgofa. Dikgofa tseno di ne tsa ikgomaretsa mo bathong bano mme ba tsenwa ke bolwetse jwa Lyme.

Bolwetse mo Lefatsheng le le Fetofetogang

Dilo tse di tlhalositsweng fa godimo di bontsha nngwe ya ditsela di le dintsi tse malwetse a anamang ka tsone e bile di bontsha sekai se le sengwe fela sa ka fa batho ba nnileng le seabe ka gone mo go direng gore bolwetse jono bo boe gape. Moithuta tikologo e bong Eugene Linden o ne a bua  jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Future in Plain Sight: “Mo e ka nnang malwetse otlhe a masha a ne a boa ka ntlha ya go bo batho ba tshwenyana le tikologo. Dikai tse dingwe gape ke tseno: Tsela ya segompieno e e ratwang thata ya go tsaya maeto ka dipalangwa tse di lobelo le yone e ka anamisa mo lefatsheng lotlhe megare le malwetse a a bakiwang ke megare. Go senya mafelo a diphologolo tse dikgolo le tse dinnye di nnang mo go one, go tshosetsa mefuta e e farologaneng ya diphologolo. Linden a re: “Moya le metsi di a kgotlelwa, mme seno se koafatsa thulaganyo ya go itwela kgatlhanong le malwetse ya diphologolo le ya batho.” O oketsa tshobokanyo e e dirilweng ke Dr. Epstein jaana: “Totatota go tshwenyana ga batho le tikologo, go koafaditse bokgoni jwa batho botlhe mo lefatsheng jwa go itwela kgatlhanong le malwetse, mme seno sa dira gore megare e tswelele e ipusa.”

Go sa tlhomamang ga maemo a dipolotiki go felela ka gore go nne le dintwa tse di senyang tikologo le dilo dingwe tsa motheo tsa tlhokomelo ya kalafi le kabo ya dijo. Mo godimo ga moo, Biobulletin ya American Museum of Natural History e tlhalosa jaana: “Batshabi ba ba sa fepiweng sentle e bile ba le bokoa, gantsi ba patelesega go nna mo dikampeng tse go kgotlhaganeng batho ba le bantsi mo go tsone e bile di se na matlwana a boithusetso mme seno se dira gore batho ba tshwaediwe ke malwetse a a farologaneng.”

Go sa tlhomamang ga maemo a ikonomi go dira  gore batho ba fudugele kwa dinageng di sele ba ye go nna mo metsesetoropong e e nang le bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa batho. Biobulletin e bolela gape gore “megare e rata go nna mo mafelong a a nang le boidiidi jo bogolo jwa batho.” Fa palo ya baagi e ntse e oketsega mo ditoropong “gantsi ditiro tse di botlhokwa tsa tlhokomelo ya kalafi tse di jaaka go ruta batho ka yone, go bona dijo tse di nang le dikotla le dithulaganyo tsa mekento ga di kgone go dirwa mo bathong botlhe.” Mafelo a a nang le batho ba le bantsi thata a dira gore go nne le bothata jwa go bona metsi, go tlosiwa ga leswe la matlwana a boithusetso le matlakala mme seno se dira gore go boloka tikologo eo e le phepa le go ipoloka ga batho ba le phepa go nne thata e re ka maemo ao ka boone a dira gore go nne le ditshenekegi le malwetse. Le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo ka maemo ano jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Mo e ka nnang malwetse otlhe a masha a ne a boa ka ntlha ya go bo batho ba tshwenyana le tikologo”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baerase ya West Nile e Tlhasela United States

Baerase ya West Nile, e e tshwaetsang batho segolobogolo ka ntlha ya menang, e ne ya lemogiwa la ntlha ka 1937 kwa Uganda mme moragonyana e ne ya fitlhelwa kwa Botlhabagare, Asia, Oceania le kwa Yuropa. Ka 1999, go ne ga lemogiwa gore baerase eno e teng le kafa Hemisefereng ya Bophirima. Le fa go ntse jalo, fa e sa le ka nako eo, go ile ga begwa gore batho ba feta 3 000 kwa United States ba ne ba tshwaediwa ke yone mme ga swa ba feta 200 ba bone.

Batho ba le bantsi ba ba tshwaeditsweng ke baerase eno ga ba lemoge gore e ba tshwaeditse, le mororo bangwe ba bone ba ka nna ba nna le matshwao a e keteng ke a mofikela. Mme ke peresente e e kwa tlase fela ya ba ba tsenwang ke bolwetse jo bo masisi jo bo akaretsang go ruruga boboko le go ruruga dintha tsa lerapo la mokwatla. Go fitlha jaanong ga go na moento kgotsa kalafi e e rileng e e ka kgonang go alafa baerase eno ya West Nile. Ditheo Tsa go Alafa Bolwetse Le go Bo Thibela tsa kwa United States di tlhagisa gore baerase ya West Nile gape e ka tsena motho ka go jalelelwa dirwe kgotsa go tshelwa madi a motho yo o tshwaeditsweng ke baerase eno. Dikgang tsa Reuters tsa 2002 di ne tsa bega gore: “Gone jaanong ga go na tsela epe ya go dira diteko tsa go bona gore a madi a na le baerase ya West Nile.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC/James D. Gathany

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

O Ka Itshireletsa Jang? Dilo tse o tshwanetseng go di dira le tse o sa tshwanelang go di dira

Tsogang! e ne ya kgona go buisana le batho mo lefatsheng lotlhe ba ba nnang mo mafelong a a tletseng ditshenekegi le malwetse a di a bakang, go bona dikakantsho tsa gore ke jang ba ka kgonang go nna ba itekanetse. O ka nna wa fitlhela kgakololo ya bone e thusa mo lefelong la gaeno.

Bophepa—Tsela ya Ntlha ya go Itshireletsa

Boloka legae la gago le le phepa

“Boloka dijana tse o tsenyang dijo mo go tsone di tswetswe. Boloka dijo tse di apeilweng di tswetswe go fitlha o di tshola. Phepafatsa fa dijo di tshologetseng gone ka yone nako eo. O se ka wa latsa dijana di sa tlhatswiwa kgotsa wa tshololela dijo kwa ntle gore di latlhiwe mo letsatsing le le latelang. Di khurumele kgotsa o di epele, e re ka ditshenekegi le dipeba di rata go tswa bosigo di tla go batla dijo. Fa mafelo a a lorole mo legaeng la gago a adilwe samente, seno se ka dira gore go nne motlhofo go boloka legae la gago le le phepa le sena ditshenekegi.”—Afrika.

“O se ka wa boloka maungo kgotsa dilo tse di ngokang ditshenekegi gaufi le ntlo. O se ka wa tsenya diruiwa—dipodi, dikolobe, dikoko—mo ntlong. Tswala ntlwana ya boithusetso e e kwa ntle. Epela boloko jwa diphologolo ka bonako kgotsa o bo khurumetse ka mmu gore bo se ka jwa ngoka dintshi. Le fa baagisani ba gago ba sa dire dilo tseno, wena o ka kgona go laola ditshenekegi mo legaeng la gago le go ba tlhomela sekao se se molemo.”—Amerika Borwa.

[Setshwantsho]

Go tlogela dijo kgotsa matlakala o sa a khurumela go tshwana le go laletsa ditshenekegi gore di tle go ja le wena

Ipoloke o le Phepa

“Molora wa go tlhapa ga o je madi a le mantsi, ka jalo tlhapa diatla o bo o tlhatswe diaparo ka metlha, segolobogolo fa o se na go tshwara batho ba bangwe ka seatla kgotsa o sena go tshwara diphologolo. O se ka wa ama diphologolo tse di suleng. Dira gore o se ka wa itshwara molomo, nko le matlho ka diatla. Diaparo di tshwanetse go tlhatswiwa ka metlha lefa di lebega di sa ntse di le phepa. Le fa go ntse jalo, menko mengwe e ngoka ditshenekegi, ka jalo tila go dirisa melora kgotsa dilo tsa go phepafatsa tse di nang le menko.”—Afrika.

Ditsela Tsa go di Thibela

Dira gore go se ka ga nna le mafelo a menang e ka tsalelang mo go one

Tswala ditanka tsa metsi le dipompo. Boloka dilo tse o gelelang metsi ka tsone di tswetswe. O se ka wa tlogela metsi a eme mo dipitseng tse go jetsweng dithunya mo go tsone. Menang e kgona go tsalela mo metsing ape a a emeng lobaka lo lo fetang malatsi a la manè. —Borwabotlhaba jwa Asia.

Tila go Kopana le Ditshenekegi

O se ka wa ya mo mafelong a ditshenekegi di ratang go ja mo go one le ka nako e di ratang go ya mo go one ka yone. Kwa dinageng tsa boboatsatsi, letsatsi le phirima ka bonako mme bontsi jwa ditiro tse di dirwang motshegare di dirwa go le lefifi, e leng nako e ka yone go nang le ditshenekegi tse dintsi. Go kotsi go nna le go robala kwa ntle fa go na le malwetse a le mantsi a a anamisiwang ke ditshenekegi.—Afrika.

[Setshwantsho]

Go robala kwa ntle mo nageng e e nang le menang go tshwana le go laletsa menang eo gore e tle go go ja

  Apara diaparo tse di sa tlhagiseng letlalo la gago, segolobogolo fa o le mo sekgweng. Tshasa diaparo tsa gago le letlalo la gago ka selo se se kobang ditshenekegi, o latelele thata ditaelo tse di leng mo pampitshaneng ya sone. Itshekatsheke, wena le bana ba gago go bona gore a ga o a ngaparelwa ke dikgofa fa lo sena go senya nakonyana kwa ntle. Boloka diruiwa tsa gago di itekanetse sentle e bile di se na ditshenekegi.—Amerika Bokone.

Dira gore o se ka wa ama diruiwa, e re ka ditshenekegi di anamisa malwetse a a tswang mo go tsone di a tsenya mo bathong.—Asia Bogare.

Dira gore maloko otlhe a lelapa la gago a dirise lesire le le dirang gore ba se ka ba kotangwa ke menang—segolobogolo le le nang le dibolayaditshenekegi. Tsenya difensetere tsa gago sefe, mme o e boloke e le mo boemong jo bo siameng. Kaba diphatlha tse di leng fa marulelong tse ditshenekegi di ka tsenang ka tsone. Go tsaya dikgato tseno go ja madi, mme o tla dirisa madi a a fetang ao fa o ka tshwanelwa ke go isa ngwana bookelong kgotsa fa motho yo o tlhokometseng botlhe mo lelapeng a ka lwala thata a bo a sa kgone go bereka.—Afrika.

[Setshwantsho]

Masire a a nang le dibolayaditshenekegi a a dirang gore o se ka wa kotangwa ke menang ga a je madi a le mantsi jaaka melemo le madi a o a duelang kwa bookelong

Nyeletsa mafelonyana a ditshenekegi di ratang go iphitlha mo go one mo legaeng la gago. Poleisetera dipota le siling, mme o baakanye mafelo a a phanyegileng le dikhuti tse di mo maboteng. Kaba marulelo a a mo teng ga ntlo a bojang ka letsela le le thibelang ditshenekegi. Tlosa dilo tse di tlhakatlhakaneng—jaaka mokoa wa dipampiri kgotsa wa matsela kgotsa ditshwantsho tse dintsintsi tse di mo loboteng—tse ditshenekegi di iphitlhang mo go tsone.—Amerika Borwa.

Batho bangwe ba leba ditshenekegi le dipeba jaaka baeng mo ntlong. Ga se baeng! Di ntshe mo ntlong. Dirisa dilo tse di kobang ditshenekegi le go di bolaya—mme o di dirise go ya ka ditaelo tse o di neilweng. Dirisa dilo tse di tshwarang dintshi le tse di dirisediwang go di itaya. Itlhamele ditsela tse dingwe: Mosadi mongwe o ne a itirela tšhupu ya letsela, a e tlatsa santa mme a e baya fa tlase fa setswalong gore ditshenekegi di se ka tsa tsena.—Afrika.

[Setshwantsho]

Ditshenekegi ga di a tshwanela go lejwa jaaka baeng mo ntlong. Di ntshe!

Ditsela Tsa go Thibela Bolwetse

Ipoloke o itekanetse sentle ka go ja dijo tse di nang le dikotla tse di tshwanetseng, o ikhutse ka mo go lekaneng o bo o itshidile mmele. Fokotsa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong.—Afrika.

Bajanala: Batla tshedimosetso ya bosheng go sa le gale ka dikotsi tsa ditshenekegi tse di anamisang malwetse. Maphata a tsa kalafi le diaterese tsa puso tsa Internet di na le tshedimosetso eno. Pele ga o tsaya loeto, tsaya melemo ya kalafi e e tshwanelang lefelo le o etelang kwa go lone.

Fa o Ikutlwa o Lwala

Bona ngaka ka bonako

Malwetse a le mantsi a ka kgona go alafiwa motlhofo fa a lemogilwe go sa le gale.

Ela tlhoko gore tota o tshwerwe ke bolwetse jo go tweng bo go tshwere

Batla dingaka tse di itseng ka malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi le tse di itseng ka malwetse a dinaga tsa boboatsatsi. Bolelela ngaka matshwao otlhe a o nang le one le gore o kile wa etela kae mo nakong e e fetileng. Dirisa melemo e e bolayang dibaketeria fa go tlhokega, mme o e fetse.

[Setshwantsho]

Malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi a ka nna a tshwana le malwetse mangwe a sele. Bolelela ngaka matshwao otlhe a o nang le one le gore o kile wa etela kae mo nakong e e fetileng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

A Ditshenekegi di Anamisa HIV?

Morago ga dingwaga tse di fetang lesome tsa go dira patlisiso, baithutaditshenekegi le baitsesaense ba tsa kalafi ga ba a fitlhela bosupi bope jo bo bontshang gore menang kgotsa ditshenekegi tse dingwe di kgona go fetisa megare ya HIV—e leng baerase ya AIDS.

Ka sekai, molomo wa menang ga o tshwane le lomao lo lo nang le phatlanyana e le nngwe, lo monang o ka go tlhabang ka lone o bo o go tsenya madi. Go na le moo, monang o monya madi ka mosele o mongwe o bo o kgwa mathe ka o mongwe. Morago ga moo, Thomas Damasso, moitse ka tsa HIV yo o dirisanang le District Health Man­agement Team kwa Mongu, kwa Zambia, o tlhalosa gore fa thulaganyo ya go sila dijo ya monang e sena go direga, baerase e e mo mading ao e a senyega. Ka jalo, HIV ga e fitlhelwe mo mantleng a ditshenekegi. Mme go farologana le diparasaete tsa malaria, HIV ga e kgone go tsena mo teng ga dikgeleswa tsa mathe a monang.

Gore motho a tsenwe ke HIV, o tshwanetse a bo a ile a lebana le dilo di le dintsintsi tse di ka mo tshwaetsang. Fa monang o ka kgaosediwa o loma motho o bo o fofela kwa go yo mongwe, madi a a saletseng mo molomong wa one a mannye thata gore a ka tshwaetsa motho yoo. Go ya ka baitse bangwe, le fa o ka itaya monang o o nang le madi a a tletseng HIV ka seatla se se nang le ntho e e bulegileng, seo ga se kitla se dira gore o tshwaediwe ke HIV.

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC/James D. Gathany

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Kgofa e e tswang mo dikgameng (ya setshwantsho se se godisitsweng se se kafa mojeng) e tsenya batho bolwetse jwa Lyme

Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Kgofa e e godileng e e tshegadi, kgofa e e godileng e tonanyana le e nnye, go bontshitswe bogolo jwa tsone jwa mmatota

[Motswedi wa Setshwantsho]

All ticks: CDC

[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Merwalela, go sa tlosiweng ga leswe la matlwana a boithusetso le go fudugela ga batho kwa mafelong a sele go anamisa malwetse a a bakiwang ke ditshenekegi

[Motswedi wa Setshwantsho]

FOTO UNACIONES (from U.S. Army)