Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fetoga ga Mekgwa e Mentle—A o Ikutlwa o Latlhegetswe ke Sengwe sa Botlhokwa?

Go Fetoga ga Mekgwa e Mentle—A o Ikutlwa o Latlhegetswe ke Sengwe sa Botlhokwa?

 Go Fetoga ga Mekgwa e Mentle—A o Ikutlwa o Latlhegetswe ke Sengwe sa Botlhokwa?

“KE BOTHATA bofe jo bogolo go a gaisa otlhe jo bo leng teng mo nageng ya rona?” Fa bontsi jwa batho ba ne ba bodiwa potso eno kwa United States, ba ne ba tlhalosa gore selo se se ba tshwenyang go di feta tsotlhe ke go senyega ga botshelo jwa malapa le boitsholo. Mme ga se bone fela ba ba nang le bothata jono.

Ka sekai, lokwalodikgang lo lo tswang letsatsi le letsatsi lwa kwa Paris lo lo bidiwang International Herald Tribune lo ne lwa akgela jaana: “Go a bonala gore segolobogolo basha ba tlhologeletswe go bona batho ba tshela ba le seoposengwe, ba na le mekgwa e e ka fedisang bogagaru, bopelotshetlha, le go tlhoka kutlwano, e leng dilo tse di setseng di aname mo lefatsheng lotlhe. . . . Kganetsano eno e e ntseng e gola ya gore batho mo lefatsheng ba latlhegetswe ke mekgwa e mentle, e bontsha gore re latlhegetswe ke selo sengwe sa botlhokwa.”

A o akanya gore baeteledipele ba dipuso le ba lefatshe go akaretsa le ba dikgwebo ba na le mekgwa e mentle e e ka re isang kwa isagweng e e itumedisang le e e babalesegileng? A o akanya gore o latlhegetswe ke selo sengwe sa botlhokwa, gongwe go ya bokgakaleng jo bo rileng, fa o bona go fetoga ga mekgwa e batho ba ba re dikologileng ba dirang dilo ka yone?

Selo sengwe se o ka tswang o tshwenyega thata ka sone ke pabalesego ya gago. A o nna mo lefelong le go babalesegileng gore o ka tlogela ntlo ya gago o sa e lotlela? A o ikutlwa o babalesegile go tsamaya bosigo mo mebileng ya lefelo la gaeno? Fa o le lesego go bo o nna mo lefelong le le se nang ntwa, dikhuduego tsa semorafe kgotsa le le se nang digongwana tse di kotsi, o ka nna wa boifa go tlhaselwa, go kgothosiwa, go thubelwa ntlo kgotsa go utswediwa. Go a utlwala go bo seno se ka dira gore o tshwenyege thata mo maikutlong le go ikutlwa o latlhegetswe ke selo sa botlhokwa.

Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe—go ya bokgakaleng jo bo rileng—o ka nna wa tswa o sa tlhole o ikanya batho ba o kileng wa bo o ba ikanya. Gongwe o ka tswa o kile wa kopana le batho ba ba go direlang dilo tse di bosula, le fa go le gonnye fela, kwa tirong kgotsa mo lefelong le o nnang mo go lone.

Puso e Tshwanetse go Tlhoma Sekao

Mo hisitoring yotlhe, go kile ga bo go dumelwa gore mekgwa e batho ba dirang dilo ka yone mo setšhabeng le e puso e dirang dilo ka yone e a tshwana. Calvin Coolidge, yo moragonyana a neng a nna poresidente wa United States o ne a re: “Batho ba bua ka melao e batho ba patelesegang  go e ikobela, mme nna ke a ba gwetlha gore ba mpontshe gore ke melao efe eo e e neng ya amogelwa e bile e le e e sireletsang batho.”

Kgabagare puso e e busang—go sa kgathalesege gore e simolotse jang go busa—ke yone e e ka buelelang kgotsa ya gana ka ditshwanelo tsa batho tse di jaaka go anamisa dikgang ka kgololesego, go kopana ka kgololesego, kgololesego ya bodumedi le kgololesego ya go bua phatlalatsa, go gololesega mo go tshwarweng e se kafa molaong kgotsa go kgokgontshiwa le go sekisiwa kwantle ga tlhaolele epe.

Abraham Lincoln yo moragonyana a neng a nna poresidente wa United States o kile a bolela jaana: “Mokgele o puso e nang le one ke go direla batho mo setšhabeng sengwe le sengwe se ba tlhokang go se direlwa mme e le se ba sa kgoneng go se itirela gotlhelele kgotsa se ba sa kgoneng go se itirela sentle—motho ka bongwe kgotsa ba le setlhopha.” Fa dipuso di leka go fitlhelela mekgele e e ntseng jalo e e kwa godimo, batho ba tlhotlheletsega go ikanya babusi ba bone.

Le fa go ntse jalo, gompieno go bonala go ikanya babusi bao go tseetswe sebaka ke go sa ba tshepe le go ba belaela. Patlisiso nngwe ya bosheng jaana kwa United States e ne ya bega gore diperesente di le 68 tsa ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore mokgwa o badiredipuso ba dirang dilo ka one ga o molemo go le kalo kgotsa ga o molemo gotlhelele. Mo dinageng di le dintsi, batho ga ba tlhole ba ikanya badiredi ba bagolo ba puso ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa matlhabisaditlhong le boferefere. Ka jalo, go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ikutlwa ba latlhegetswe ke selo sengwe sa botlhokwa.

Sekao se se Molemo sa ga Kgosi Solomone

Sekai sengwe sa bogologolo se bontsha ka fa mokgwa o babusi ba dirang dilo ka one o ka amang ka gone batho ba ba ba busang. Kgosi Solomone o ne a busa ditso di le 12 tsa Iseraele go simolola ka 1037 go ya go 998 B.C.E. Rraagwe e bong Kgosi Dafide e ne e le mongwe wa dikgosi tse di tlhomologileng tsa Iseraele. Baebele e tlhalosa Dafide jaaka motho yo o ratang boammaaruri le tshiamo,  mme mo godimo ga tsotlhe, jaaka motho yo o ikanyang Modimo wa gagwe Jehofa ka botlalo. Dafide o ne a ruta Solomone go nna le mekgwa e e tshwanang le eo.

Modimo Mothatayotlhe o ne a bonala kwa go Solomone mo torong a bo a mo raya a re: “Kopa! Ke go neye eng?” (2 Ditiragalo 1:7) Go na le gore a kope go nna le dikhumo tse dintsi, kgalalelo kgotsa diphenyo tsa sepolotiki, Solomone o ne a bontsha gore ke eng se a neng a se rata thata ka go kopa botlhale, tlhaloganyo le go nna kutlo mo pelong gore a tle a kgone go busa setšhaba sa Iseraele ka tsela e e molemo.

Puso ya ga Solomone e ne ya ama batho jang? Modimo o ne a mo segofatsa ka botlhale, kgalalelo le dikhumo—fa fela a ne a ka tswelela a direla setšhaba dilo tse di molemo tsa semoya. Dilo tse di epolotsweng ke baithutamarope di re naya bosupi jwa gore Solomone o ne a humile tota mo pusong ya gagwe. Buka e e bidiwang The Archaeology of the Land of Israel e bolela jaana: “Dikhumo tse di neng tsa tlisiwa mo teng ga kgotlatshekelo ya segosi go tswa mafelong otlhe, ke kgwebo e e neng ya atlega . . . di ne tsa tlisa diphetogo tse di seng kana ka sepe tse di neng tsa humisa naga ya gagwe.”

Eleruri, puso e e siameng ya ga Solomone e ne ya tlisetsa setšhaba sa gagwe kagiso, polokesego le boitumelo. “Batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, go tswa Dana go ya Beere-sheba, malatsi otlhe a ga Solomone.”—1 Dikgosi 4:20, 25.

Sekai Se se Sa Siamang sa ga Kgosi Solomone

Le fa go ntse jalo, ka maswabi, fela jaaka mekgwa ya baeteledipele ba gompieno e fetoga, kgabagare mekgwa e e siameng ya ga Solomone e ne ya fetoga. Pego ya Baebele e balega jaana: “O ne a nna le basadi ba le makgolo a le supa, bahumagadi, le bagadingwana ba le makgolo a le mararo; mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe ka iketlo. Mme ga diragala mo nakong ya fa Solomone a tsofala gore basadi ba gagwe ba ne ba fapositse pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago; mme pelo ya gagwe e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa Modimo wa gagwe jaaka pelo ya ga Dafide rraagwe.”—1 Dikgosi 11:3, 4

Go fetoga ga mokgwa o Kgosi Solomone a neng a dira dilo ka one go ne ga ama batho ba gagwe jang? Le fa Solomone a ne a na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe e bile a le botlhale, o ne a nna mmusi yo o gatelelang mo dingwageng tsa bofelo tsa puso ya gagwe. Tsela e dilo di neng di le tlhwatlhwakgolo ka yone mo pusong ya gagwe e ne ya ama thata ikonomi ya setšhaba sotlhe. Babereki ba ne ba sa kgotsofale. Baemakgatlhanong ba sepolotiki ba ne ba ganetsa kgosi e bile ba batla go e tseela bogosi. Setšhaba se ne sa latlhegelwa ke kutlwano ya sone. Ga go gakgamatse go bo Solomone a ne a kwala jaana: “Fa basiami ba ntsifala, batho ba a ipela; mme fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.”—Diane 29:2.

Ka bonako fela fa Solomone a sena go swa, dikhuduego tsa sepolotiki le go sa ikanyegeng ga batho go ne ga dira gore setšhaba se kgaogane mme ga latela nako ya mathata, go tlhoka kutlwano le maemo a a neng a senyegela pele. Baiseraele ba ne ba ikutlwa gore ba latlhegetswe ke selo sengwe sa botlhokwa. Puso ya bone e ne e fetotse mokgwa o e neng e dira dilo ka one e lebala go direla batho dilo tse di molemo. Phoso ya konokono e e neng e dirilwe ke gore baeteledipele ba bone ba ne ba tlhokomologile Jehofa le melao ya gagwe. Ka jalo, setšhaba sotlhe se ne sa boga.

Go Tlhoka Boikanyegi go Aname Gompieno

Gompieno, puso, kgwebo le bodumedi ga di tlhole di dira dilo ka mokgwa o o tshwanetseng. Mme seno se dirile gore batho ka kakaretso ba ikutlwe gore ba latlhegetswe ke selo sengwe sa botlhokwa. Dipuso le baeteledipele ba bangwe ga ba kgone go rarabolola mathata a dinaga tsa bone di nang le one.

Ka sekai, ba paletswe ke go fedisa ntwa kgotsa go thibela go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa tlhokomelo ya kalafi kgotsa go thibela matswela a a bosula a bokebekwa jwa go rekisiwa ga diokobatsi. Mme ga go tlhole go na le mekgwa e e siameng le mo lefapheng la thuto. Dipuso di le dintsi di etleetsa ka madi dithulaganyo tse di ka fa molaong tsa go betšha. Baeteledipele ba le bantsi ba kgwebo le ba bodumedi le bone ba swabisitse batho thata ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa boferefere le tsa boitsholo jo bo maswe. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi jaana mo setšhabeng ba sa ikanye baeteledipele ba bone.

A go a kgonega gore puso epe e sireletse le go etelelapele mo go bueleleng ditshwanelo tsa batho le go ba direla dilo tse di molemo? Ee, go a kgonega. Setlhogo sa rona sa bofelo se tla tlhalosa gore jang.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

‘Go bonala bogagaru, bopelotshetlha le go tlhoka kutlwano e le dilo tse di setseng di aname mo lefatsheng lotlhe.’—INTERNATIONAL HERALD TRIBUNE

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Fa Kgosi Solomone a ne a ikobela melao ya Modimo, o ne a tlhomela setšhaba sa gagwe sekai se se molemo