Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa go Gola ga Bana go Itlhaganedisiwa

Fa go Gola ga Bana go Itlhaganedisiwa

 Fa go Gola ga Bana go Itlhaganedisiwa

FA GO biloga maru mo loaping, go ne ga utlwala modumo wa enjene ya sefofane fa lebelo la sone le ntse le oketsega mme se tlhatlogela kwa godimo. Babegadikgang ba ne ba le teng ka dikhamera tsa bone ba botsa dipotso tse di kgatlhang le go bua mafoko a kakgolo. Ke mang yo ba neng ba tlhomile mogopolo mo go ene? Ba ne ba sa o tlhoma mo mokgweetsing wa sefofane ka boene le mo mopalaming a le mongwe fela—wa monna—mme go na le moo, ba ne ba o tlhomile mo ngwaneng wa mosetsana wa mopalami yono. O ne a na le dingwaga di le supa fela.

Mosetsanyana yono o ne a tlile go kgweetsa sefofane seno. E ne e tlile go nna lekgetlho la ntlha sefofane se kgweediwa ke ngwana yo monnye jalo, e bile se ne se beetswe nako ya gore se goroge leng kwa se neng se ya gone. Babegadikgang ba ne ba tla bo ba se letetse koo. Ka jalo, go sa kgathalesege maemo a a sa siamang a bosa, boraro jono bo ne jwa palama sefofane seno, ngwana a ntse mo godimo ga mosamo gore a kgone go bona kwa pele, a okeditswe dinao ka dilo dingwe gore a kgone go gata diphetlele.

Loeto lwa bone lo nnile lokhutshwane thata. Ka tshoganyetso, go ne ga tsoga setsuatsue, sefofane sa rutlega mme sa tima, morago ga moo, sa gosomana mme sa bolaya boraro jono jo bo neng bo se palame. Go ise go ye kae, boradikgang ba ne ba simolola go bega dikgang tseno tse di hutsafatsang go na le dikgang tse di itumedisang tse ba neng ba ntse ba di bega pele ga tiragalo eno. Babegadikgang ba le mmalwa mmogo le barulaganyi ba makwalodikgang ba ne ba simolola go ipotsa gore a ba metswedi ya dikgang ga se bone ba nnileng le seabe mo go bakeng masetlapelo ano. Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go gatelela gore go se ka ga tlhola go nna le ngwana ope yo o kgweetsang sefofane. Kwa United States, go ne ga tlhomiwa melao e e ntseng jalo. Mme fa go ntse go buiwa ka kgang e e hutsafatsang eno le kafa e tshwanetseng go rarabololwa ka gone, go ne go sa ntse go na le dikgang tse dingwe tse di masisi tse di sa ntseng di tlhoka go elwa tlhoko.

Masetlapelo ao a ile a dira gore batho ba simolole go akanya ka masisi ka dilo tse di dirwang mo motlheng wa rona. Gompieno, go gola ga bana go a itlhaganedisiwa, ba sikarisiwa maikarabelo a bagolo ba sa ntse ba le bannye thata. Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha diphelelo tsa seno di nnang maswe go le kalo kgotsa di felelang ka masetlapelo.  Le fa go ntse jalo, e ka nna tse di masisi thata le tse di nnelang ruri. Mma re sekasekeng ditsela dingwe di le mmalwa tse go gola ga bana go itlhaganedisiwang ka tsone.

Go ba Ruta Dilo Tse di ba Fetang

Go a utlwala go bo batsadi ba eletsa go bona bana ba bone ba atlega. Mme fa keletso eo e simolola go ba tlhobaetsa, ba ka nna ba dira gore bana ba bone ba dire dilo tse di ba fetang, ba ba rwesa maikarabelo a magolo pele ga nako. Gantsi ba simolola go dira jalo ka maikaelelo a a siameng. Ka sekai, go tlwaelegile gore batsadi ba kwadisetse bana ba bone ditiro dingwe tsa morago ga sekolo, go simolola ka metshameko go fitlha ka go ba ruta mmino kgotsa tantshe. Gantsi ba ba kwadisetsa dithuto tse di oketsegileng tsa morago ga sekolo.

Gone ke boammaaruri gore ga go na molato ope ka go thusa ngwana go tokafatsa bokgoni jo a nang le jone. Mme a go kotsi go dira jalo ka tsela e e feteletseng? Go phepafetse gore go ntse jalo, ka gonne go bonala bana bangwe ba na le mathata a le mantsi a batho ba ba godileng ba nang le one. Makasine wa Time o bolela jaana: “Bana ba pele ba neng ba itumelela bongwana jwa bone, gone jaanong ba rutwa dithuto tsa maemo a a kwa godimo; bana ba ba tshwanetseng go bo ba itshelela botshelo jwa bongwana fela, gone jaanong go lebeletswe gore ba tshele jaaka bagolo.”

Gape, batsadi bangwe ba solofetse gore bana ba bone ba ka nna ba simolola go latelela mekgele ya go nna baatlelete, baopedi kgotsa batshameki ba dibaesekopo. Batsadi ba kwadisa bana ba bone mo dikeretšheng ba ise ba tsalwe ka tsholofelo ya gore ba tlile go gola go nna bana ba ba atlegileng. Mo godimo ga moo, bommè bangwe ba ikwadisa mo “diyunibesithing tse di tsenwang ke bommè ba ba imileng” tse di tla rutang bana ba bone mmino ba sa ntse ba le mo popelong. Boikaelelo jwa seno ke go thusa boboko jwa bone jo bo sa ntseng bo gola gore bo bereke sentle.

Kwa dinageng tse dingwe, bana ba tlhatlhobiwa ba ise ba nne le dingwaga di le thataro go bona gore a ba na le bokgoni jwa go bala le jwa go tlhaloganya dipalo. Go dira jalo go dirile gore batho ba ipotse gore a dilo tseno ga di ka ke tsa gobatsa bana maikutlo. Ka sekai, go diragalang fa ngwana a “palelwa” ke dithuto tsa kwa keretšheng? David Elkind mokwadi wa buka e e bidiwang The Hurried Child, o bolela gore dikolo di kgoba bana marapo ka bonako. Elkind a re batho ba ba rutang mo go tsone ba dira jalo e le fela gore ba tsweletse tiro ya bone pele go na le go bona gore a thuto ya bone e solegela bana molemo.

A go na le matswela a a sa siamang a go dira gore bana e nne bagolo pele ga nako? Elkind o tshwenngwa ke tsela e ka yone setšhaba se amogetseng mokgwa wa go dira gore bana ba sikare maikarabelo a bagolo ba sa ntse ba le bannye. O bolela jaana: “Se bontsha mokgwa o re nang le one wa go tsaya kgatelelo e bana ba leng kafa tlase ga yone jaaka e e ‘itshiametseng’ fela.” Eleruri, kgopolo ya gore ke eng se se itshiametseng fela mo baneng e bonala e fetoga ka bonako.

Ba Tsenngwa Moya wa go Fenya ba Sa Ntse ba le Bannye

Batsadi ba le bantsi ba go tsaya go se na molato ope, e bile go le botlhale go ruta bana ba bone gore go fenya ke selo se se botlhokwa thata—segolo  bogolo mo metshamekong. Go bona dimmetlele tsa diolimpiki go tlhotlheletsa bana ba le bantsi go dira ka natla mo metshamekong. Bana bangwe ba itlhaganedisiwa go gola gore e nne bagaka ba sa ntse ba le bannye gore ba tle ba atlege mo botshelong fa ba gola.

Akanya ka basetsana ba bajiminasi. Ba simolola go ikatisa ka thata ba sa ntse ba le bannye, mme seno se lapisa mebelenyana ya bone fela thata. Ba fetsa dingwaga di le dintsi ba ikatisa mmele le tlhaloganyo, ba ipaakanyetsa dikgaisano tsa Diolimpiki. Mme gone, go tla nna le bafenyi ba sekae fela. A ba ba fentsweng ba tla tsaya gore ba dirisitse nako ya bone ya bosha sentle? Fa nako e ntse e tsamaya, le ba ba fentseng tota ba ka nna ba ipotsa gore a matsapa a bone a go ikatisa e ne e se a lefela.

Basetsanyana bano ba ka nna ba ikutlwa ba itlhaganedisiwa go nna bagolo ka gonne ba eletsa thata go nna baatlelete ba maemo a a kwa godimo. Mme ba ka nna ba se ka ba gola sentle mo mmeleng ka ntlha ya go ikatisa ka thata jalo. Ba bangwe bone marapo a bone ga a gole sentle. Mme ba bangwe ba nna le mathata a go ja. Ba le mmalwa ba bone ba diega go tsena mo dingwageng tsa bone tsa bokgarebe—mme seno se ka tsaya dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, basetsana ba le bantsi gompieno ba na le bothata jo bo farologaneng le joo: ba tsena mo dingwageng tsa bokgarebe pele ga nako.—Bona lebokoso le le fa godimo.

Bana ba ba Nang le Sengwe le Sengwe Mme ba sa Itumelele Bongwana Jwa Bone

Fa o ka bo o dumela dilo tse di buiwang mo metsweding ya tshedimosetso ya boitlosobodutu, o ka nna wa akanya gore motho o tshwanetse go nna le dilo di le dintsi tsa manobonobo gore a tle a itumelele bongwana jwa gagwe. Batsadi bangwe ba dira ka natla go tlamela bana ba bone ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang, go akaretsa legae le le manobonobo, boitlosobodutu jo bo feteletseng le diaparo tse di tlhwatlhwakgolo.

Le fa go ntse jalo, bana ba bantsi ba ba godisitsweng jalo ba a nwa, ba dirisa diokobatsi, ga ba a itumela mme ba fetoga diganana. Ka ntlha yang? Ba le bantsi ba bone ba tletse letlhoo ka gonne ba ikutlwa ba tlhokomologilwe. Bana ba tlhoka batsadi ba ba tla ba ratang le go ba tlhokomela. Batsadi ba ba sa ipheng nako ya go dira jalo, ba tsaya gore ga ba kgone go tlhokomela bana ba bone ka ntlha ya gore ba bereka ka thata gore bana ba bone ba itumele—mme le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba dira gore bana ba bone ba se ka ba itumela.

Fa Dr. Judith Paphazy a bua ka “batsadi ba ba berekang ka bobedi, ba ba ikgonang,” a re gantsi “ba senya bana ba bone ka gonne ba sa lemoge gore  go gagamalela ga bone dikhumo go baya malapa a bone mo kotsing.” Pono ya gagwe ke gore batsadi ba ba ntseng jalo ba leka go “ikgolola fela mo maikarabelong a bone a botsadi ka go rekela bana ba bone dilo.”

Gantsi seno se na le diphelelo tse di sa siamang mo baneng. Le fa ba ka tswa ba na le dilo tse dintsi tse ba di rekelwang, ba tlhoka dilo dingwe tsa botlhokwa tse di ka dirang gore ba itumelele bongwana jwa bone: ba tlhoka gore batsadi ba nne le nako le bone le go ba bontsha lorato. Fa ba sa rutiwe, ba sa otlhaiwe e bile ba sa kaelwe, go ise go ye kae, ba tla tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di masisi ba sa ntse ba le bannye, ba ise ba di ipaakanyetse. ‘A ke dirise diokobatsi? A ke tlhakanele dikobo? A ke tshwanetse go lwa fa ke galefile?’ Ba tla ipatlela dikarabo mme ba tla di bona kwa ditsaleng tsa bone kgotsa mo thelebisheneng le mo batshameking ba dibaesekopo. Gantsi seno se dira gore go ise go ye kae, bana ba latlhegelwe ke bongwana jwa bone le gone ka diphelelo tse di sa siamang.

Fa Ngwana a Patelediwa go Nna “Mogolo”

Gantsi ke bana ba ba utlwang botlhoko mo maikutlong fa lelapa le le nang le batsadi ba le babedi ka tshoganyetso fela le fetoga la motsadi a le mongwe, e ka tswa e le ka ntlha ya loso, go kgaogana ga batsadi kgotsa tlhalo. Gone malapa a le mantsi a motsadi a le mongwe a a atlega. Mme mo go a mangwe, bana ba itlhaganedisiwa go nna bagolo.

Go a utlwala gore motsadi yo o se nang molekane a ka nna a jewa ke bodutu ka dinako tse dingwe. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba dira gore ngwana—gantsi yo motona—a rwale maikarabelo a go nna “mogolo” mo lelapeng. Gongwe ka ntlha ya go tlalelwa, motsadi a ka nna a bolelela morwawe kgotsa morwadie mathata a gagwe, a mo imetsa ka mathata a ngwana a iseng a siamele go a sikara. Batsadi bangwe ba ba se nang balekane ba imetsa bana ka mathata a bone a a masisi.

Batsadi ba bangwe ba tlhokomologa maikarabelo a bone gotlhelele, ba pateletsa ngwana go rwala maikarabelo a go nna mogolo mo lelapeng. Carmen le kgaitsadie ba ba umakilweng pelenyana, ba ne ba tlogela boemo jo bo ntseng jalo kwa gae mme ba simolola go tshela mo mebileng. Fa e ne e sa ntse e le bana ka bobone, ba ne ba rwesiwa maikarabelo a botsadi a go tlhokomela bomonnaabone. Maikarabelo ao a ne a le bokete go a sikara.

Go itlhaganedisiwa ga bana gore ba nne bagolo ke mokgwa o o kotsi o o sa tshwanelang go dirwa fa go kgonega. Mme go na le dikgang tse di molemo: Batsadi ba ka kgona go dira dilo dingwe tse di molemo tse di tla dirang gore bana ba bone ba itumelele bongwana jwa bone. Ke dilo dife tseo? A re sekasekeng dikarabo dingwe tse di itshupileng di le mosola.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Dikgwetlho Tsa go Tsena mo Dingwageng Tsa Bokgarebe Pele ga Nako

A gompieno basetsana ba tsena mo dingwageng tsa bokgarebe ba sa ntse ba le bannye? Borasaense ba ganetsana ka potso eo. Bangwe ba bone ba re mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dingwaga tsa bogareng tse basetsana ba neng ba tsena mo dingwageng tsa bokgarebe ka tsone e ne e le fa ba le dingwaga di le 17 mme gompieno, ba tsena mo go tsone ba le ka fa tlase ga dingwaga di le 13. Go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa ka 1997 mo basetsaneng ba le 17 000, diperesente di le 15 tsa basetsana ba basweu le di le 50 tsa basetsana ba bantsho ba Maamerika kwa United States, ba tsena mo dingwageng tsa bokgarebe ba na le dingwaga di le robedi! Le fa go ntse jalo, dingaka dingwe di ganetsana ka ditshwetso tseno tse di fitlheletsweng mme di tlhagisa batsadi kgatlhanong le go dumela gore go tsena mo go tsone ba sa ntse ba le bannye “go itshiametse fela.”

Go sa kgathalesege seo, boemo jono bo ama batsadi le bana ka go tshwana. Makasine wa Time o akgela jaana: “Se se tshwenyang go feta diphetogo tse di diragalang mo mebeleng ya bone, ke fa mebele ya bana bano e setse e siametse go ka tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le mo dingwageng tse mo go tsone ba ka bong ba bala dibuka tsa ditlhamane go na le go bo ba setse ba koba banna ba ba batlang go ratana le bone, mme seno se ba ama fela thata mo tlhaloganyong. . . . Gone dingwaga tsa bongwana di dikhutshwane.” Setlhogo sa makasine ono se botsa potso eno e e tshwenyang: “Fa e le gore mebele ya basetsanyana e dira gore ba ikutlwe ba le bagolo pele ga fa dipelo le megopolo ya bone di supa gore e setse e le bagolo, ke eng se se tla ba latlhegelang ruri?”

Gantsi ba latlhegelwa ke bokgarebe jwa bone—fa mongwe a tlhakanela dikobo le bone. Mmè mongwe o bua jaana a phantsa fela: “Basetsana ba ba lebegang ba godile go feta dingwaga tse ba leng mo go tsone, ba tshwana le tswina [e e ngokang dinotshe]. Ba ngoka basimane ba bagolo mo go bone.” Matswela a go patelediwa go tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le bannye a botlhoko thata. Mosetsanyana a ka nna a latlhegelwa ke seriti, segakolodi se se phepa e bile a ka nna a lwala mo mmeleng le mo maikutlong.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go ba tlhomela thulaganyo e e nang le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira go ka baka mathata

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go pateletsa bana go nna bagaka go ka dira gore ba se ka ba itumelela metshameko

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go tlhokomela bana sentle ga go ka ke ga tseelwa sebaka ke go ba rekela dilo