Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Tokafatsang ka Gone Tsela ya Gago ya go Robala

Kafa o ka Tokafatsang ka Gone Tsela ya Gago ya go Robala

 Kafa o ka Tokafatsang ka Gone Tsela ya Gago ya go Robala

KE BOGOLOGOLO mathata a go robala a ntse a le teng. Mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., motlhanka yo o neng a bereka mo lolwapeng lwa ga Kgosi Ahasueruse wa Peresia o ne a bega gore bosigo bongwe, “kgosi [e ne] ya felelwa ke boroko.”—Esethere 6:1.

Gompieno, batho ba le dimilione le bone ba na le mathata a go robala. Go ya ka mankge wa tsa boroko wa kwa Brazil e bong Rubens Reimão, go fopholediwa gore diperesente di le 35 tsa baagi ba lefatshe di na le bothata jwa go tlhorega boroko. * Dr. David Rapoport wa Setheo sa Yunibesithi ya New York sa Mathata a go Robala o tlhalosa go sa robale sentle a re ke, “lengwe la maroborobo a a masisi thata a mo lekgolong leno la dingwaga.”

Se se dirang gore boemo jono bo nne maswe le go feta, ke gore batho ba le bantsi ba ba tlhoregang boroko ga ba tseye seno e le bothata. Go ya ka babatlisisi bangwe ba kwa Yunibesithing ya Puso kwa São Paulo kwa Brazil, ke diperesente di le 3 fela tsa ba ba lemogilweng gore ba na le bothata jono. Ba le bantsi ba tsaya go sa robale sentle e le selo se se tlwaelegileng fela ba bo ba fetsa diura tsotlhe tsa letsatsi ba serega e bile ba otsela.

Go Palelwa ke go Robala Bosigo

Go lala o sa robala o tlhorega boroko bosigo jotlhe fa batho ba bangwe botlhe ba robetse ga se selo se se monate. Le fa go ntse jalo, go tlwaelegile gore motho a tlhorege boroko malatsi a le mmalwa mme gantsi seno se bakwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong le mathata a mangwe a botshelo. Le fa go ntse jalo, fa bothata jwa go tlhorega boroko bo sa fele, go raya  gore motho a ka tswa a na le mathata mangwe a maikutlo kgotsa a a tlhokang go bonwa ke ngaka, ka jalo, go botlhokwa gore a ye go senka thuso kwa ngakeng.—Bona lebokoso le le fa godimo.

A o ka tswa o na le bothata jwa go se robale? Fa e ka re o se na go tlatsa foromo ya dipotso e e mo tsebeng 16 o bo o swetsa ka gore o na le mathata a go robala, ga o tlhoke go tshwenyega. Fa o lemoga gore o tlhoka thuso, seno se tla go fokoletsa bothata jwa go lwantsha mathata a go sa robale. Go ya ka ngaka ya kwa Brazil e e alafang malwetse a boboko e bong Geraldo Rizzo, diperesente di le 90 tsa batho ba ba nang le bothata jwa go tlhorega boroko ba ka kgona go alafiwa.

Le fa go ntse jalo, gore o kgone go newa kalafi e e tshwanetseng, go botlhokwa gore o itse gore tota ke eng se se go bakelang mathata a go tlhorega boroko. Diteko tsa kalafi tse di bidiwang polysomnogram di kgonne go lemoga le go alafa mathata a le mantsi a go sa robale sentle.—Bona lebokoso le le fa tlase.

Lengwe la mabaka a a tlwaelegileng a go tlhorega boroko mo go sa feleng mo bathong ba bagolo le amanngwa le go gona. Fa e le gore o kile wa robala gaufi le motho yo o gonang, o a itse gore seno se ka dira gore o se ka wa robala sentle. Go gona e ka nna ya nna letshwao la, OSAS (obstructive sleep apnea syndrome [go nna le bothata jwa go hema fa motho a robetse]), jo bo dirang gore mometso wa gago o tswalege ka nakwana fa o robetse, mme moya o se ka wa kgona go fitlha kwa makgwafong. Kgato ya ntlha ya go alafa bothata jono ke go fokotsa boima jwa mmele, go sa nwe bojalwa thata le go sa dirise diokobatsi tse di phuthololang mesifa. Bomankge ba tsa kalafi ba ka nna ba go naya melemo mengwe e e kgethegileng, ba go alafa ka  go dirisa didirisiwa tsa ngaka ya meno kgotsa go dirisa motšhine o o go bulang mometso gore o kgone go hema sentle. *

Fa bothata jono bo le masisi, go ka nna ga tlhokega gore go dirwe karo ya mometso, ditlhaa, loleme kgotsa dinko go dira gore go nne motlhofo gore mowa o kgone go tsena o bo o tswe fa molwetse a hema.

Bana le bone ba ka nna le bothata jwa go tlhorega boroko. Matshwao a go tlhorega boroko a ka iponatsa fa a le kwa sekolong—ka go dira bokoa mo dithutong tsa sekolo, go serega le go sa kgone go tlhoma mogopolo mo dithutong tsa sekolo—mme seno se ka nna sa dira gore batho ba se ka ba lemoga gore o na le bothata jono, mme ba akanye gore o matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng.

Bana ba bangwe ga ba batle go robala, ba batla go opela, go tlotla, kgotsa go reetsa mongwe a ba tlotlela dikgangkhutswe—ba batla go nna le sengwe se ba ka se dirang go na le gore ba robale. Seno e ka tswa e le leano fela la go batla tlhokomelo ya batsadi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ngwana a ka tswa a boifa go robala ka ntlha ya ditoro tse di maswe tse di sa feleng tse di bakiwang ke dibaesekopo tse di tshosang, dipego tsa dikgang tse di tletseng bothubaki kgotsa dikomang tsa mo lapeng. Batsadi ba ka thusa go fedisa mathata ano ka go dira gore go nne le kagiso le lerato mo lapeng. Ga go pelaelo gore go tshwanetse ga batliwa kgakololo ya ngaka fa matshwao a bothata jono a sa fele. Kwantle ga pelaelo, go botlhokwa gore bana ba robale sentle fela jaaka go le botlhokwa mo bagolong.

Se o Ka se Dirang Gore o Kgone go Robala Sentle

Go fetile makgolokgolo a dingwaga go itsewe gore go robala sentle ga se selo se se itlelang fela. Go robala sentle go ikaegile ka mabaka a a farologaneng e seng fela go laola go tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Mabaka ano a itsege e le a a ka go thusang go robala ka tsela e e tshwanetseng.

Motho o tshwanetse go tlhokomela gore o robala sentle ka dinako tsotlhe. Seno se akaretsa go itshidila mmele ka dinako tsotlhe ka nako e e tshwanetseng. Go itshidila mmele mo mosong kgotsa thapama go ka thusa motho gore a kgone go robala sentle bosigo. Mme go itshidila mmele fa o tloga o ya go robala go ka kgoreletsa boroko jwa gago.

Difilimi tse di monate thata le go bala buka e e gogelang le gone go ka dira gore o se ka wa kgona go robala. Pele o ya go robala, go ka nna botoka gore o bale buka nngwe e e dirang gore o ritibale, o reetse mmino  o o go ritibatsang kgotsa o tlhape ka metsi a a bothitho.

Baitse bangwe ba re o ka kgona go ruta boboko jwa gago gore bolao ke jwa go robala ka go rapama mo go jone, mme fa o dira jalo, e bo e le fa o batla go robala. Batho ba ba jelang mo bolaong, ba ba ithutelang mo go jone, ba ba berekelang mo go jone, ba ba lebelelang thelebishene mo go jone kgotsa ba ba tshamekang metshameko ya dibidio ba le mo go jone ba tla go fitlhela go le thata go robala.

Go robala sentle gape go akaretsa go nna kelotlhoko gore o ja dijo tsa mofuta ofe. Le fa bojalwa bo dira gore motho a otsele, bo sa ntse bo ka dira gore a se ka a kgona go robala. Dira gore o se ka wa nwa kofi, tee, khoukhou, tšhokolete le dinō tse di nang le cola bosigo ka gonne di tla dira gore o se ka wa kgona go robala. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ja mango go le gonnye, dipotata, dipanana, maungo a a bidiwang persimmon, khabetšhe, raese, dinawa kgotsa matonkomane, go dira gore mmele wa gago o ntshe horomone ya serotonin mme seo se ka go thusa gore o robale sentle. Ela tlhoko: Go ja thata pele o ya go robala go ka dira gore o se ka wa kgona go robala fela jaaka fa o ya go robala o tshwerwe ke tlala.

Tikologo e re robalang mo go yone e botlhokwa fela jaaka dilo tse re di dirang gore di re thuse go robala. Phaposi e e mogote o o lekanetseng sentle, e e lefifi e bile e se modumo, bolao le mosamo tse di sa kokoneleng di ka go thusa gore o robale sentle. Tota fa o robetse monate jalo o ka palelwa ke go tsoga mo letsatsing le le latelang. Mme gakologelwa gore go robala lobaka lo loleele, tota le ka mafelobeke go ka kgoreletsa thulaganyo ya gago ya go robala ga ba ga dira gore o se ka wa kgona go robala sentle mo bosigong jo bo latelang.

Ke boammaaruri gore ga o kitla o gobatsa dirwe tsa gago ka boomo. Ka jalo, boroko le jone bo botlhokwa, ke selo se se tlwaelegileng fela mme ga se a tshwanela go tlhokomologiwa. Tota e bile, re fetsa nngwe tharong ya botshelo jwa rona re robetse. A o ka tokafatsa tsela e o robalang ka yone? Ke ka ntlha yang fa o sa simolole gompieno!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Go tlhorega boroko ke go sa kgone go robala sentle ka tsela e e lekaneng.

^ ser. 9 Molwetse o robadiwa a tsentswe lethompo le lennye le le mo nayang mowa go tswa mo motšhineng. Mowa ono o dira gore mesele ya mowa e nne e bulegile gore molwetse a kgone go hema sentle.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

DILO TSA KONOKONO TSE DI BAKANG GO TLHOREGA BOROKO

MALWETSE: bolwetse jwa Alzheimer; mathata a go hema, go tswalega ga mosele o o kwa godimo wa mowa fa motho a robetse; bothata jwa go sutisa maoto gantsintsi fa o robetse; bolwetse jwa Parkinson; go sutisa matsogo gantsintsi fa o robetse, go khidiega le go thanya gantsintsi; bolwetse jwa go thibana mafatlha; malwetse a pelo le mathata a go sila dijo.

MATHATA A TLHALOGANYO: go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhobaela, go tlalelwa, bothata jwa go sa tlhomamisege gore o dirile dilo le fa o itse gore o di dirile, bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong morago ga tiragalo ya masetlapelo.

TIKOLOGO: lesedi, modumo, mogote, serame, materase a a kokonelang, go bidikama ga motho yo o robetseng fa thoko ga gago.

DILO TSE DINGWE TSE DI BAKANG GO TLHOREGA BOROKO: go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, tiriso e e sa siamang ya diokobatsi le go lwadiwa ke diokobatsi dingwe.

[Lebokoso mo go tsebe 15]

GO LEMOGA MATHATA A GO SA ROBALE

Polysomnogram ke diteko tse di dirwang go tlhatlhoba boroko mo molwetseng fa a robetse mo maemong a a itshiametseng fela. Didirisiwa tse di latelang ke didirisiwa tse di botlhokwa tse di dirisiwang go dira diteko tseo.

Electroencephalogram—E sekaseka tsela e boboko bo berekang ka yone e bile e dirisediwa go kgaoganya boroko ka dikarolo tse di farologaneng le gore motho o robala lobaka lo lo kae.

Electrooculogram—E bala gore matlho a roroma makgetlho a le kae fa motho a robetse.

Electromyogram—E sekaseka go bona gore mesifa ya seledu le maoto e gagamala go le go kae fa motho a robetse.

Electrocardiogram—E sekaseka go itaya ga pelo bosigo jotlhe.

▪ Tsela e o hemang ka yone—E sekasekiwa ka go lekanya gore go feta moya o o kanakang mo dinkong le mo molomong mmogo le go tshikinyega ga mpa le sehuba.

▪ Selekanyo sa okosejene e e mo mading—Se lekanngwa ka go leba selekanyo sa okosejene e e mo ditshikeng tsa madi go dirisiwa sedirisiwa se se bidiwang oximeter, se se tshwarisiwang mo monwaneng wa molwetse.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

GO BONA GORE KE ENG SE SE GO ROBATSANG

Ke dilo dife mo go tse di fa tlase tseno tse di go robatsang? Dirisa dipalo tse di latelang mme o tshwaye dikarabo tsa gago, morago ga moo o bo o tlhakanya dipalo tse o di tshwaileng go bona maduo.

0 Ga o ke o otsela

1 O otsela ka sewelo fela

2 Go a direga gore o otsele

3 O otsela fela thata

a Fa o ntse o bala 0 1 2 3

b Fa o lebeletse thelebishene 0 1 2 3

c Fa o ntse fela o sa dire sepe mo lefelong la botlhe, 0 1 2 3

jaaka mo bobogelong kgotsa o le mo pokanong nngwe

d Fa o le mo loetong lo lo tsayang ura ka koloi o sa eme gope 0 1 2 3

e morago ga dijo tsa motshegare o sa nwa bojalwa 0 1 2 3

f Fa o rapame o ikhuditse motshegare 0 1 2 3

g Fa o dutse o tlotla le mongwe 0 1 2 3

h Fa o eme ka koloi, pharakano e tlhanasela 0 1 2 3

Maduo ․․․․․․․․․․․

Maduo a Gago

1-6: Ga o tlhoke go tshwenyega

7-8: O mo magareng

9 le go feta: O tlhoka thuso ya ngaka

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe mo sekaleng sa Epworth se se dirang Tekeletso ka Tsa Boroko sa kwa Yunibesithing ya Stanford kwa California kwa United States of America

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go itima boroko go ka nna kotsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go itshidila mmele, go bala le go ja sengwe se se motlhoswana go ka tokafatsa tsela ya gago ya go robala