Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone

 Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone

“Batsadi ke bone batho ba botlhokwa ba ba ka sireletsang bana ba bone gore ba se ka ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Ba tshwanetse go tlhomela bana ba bone sekao le go ba ruta.”—DONNA SHALALA, MOKWALEDI WA LEPHATA LA BOITEKANELO LE TIRELOSETŠHABA LA KWA UNITED STATES.

JAAKA motsadi, ke wena o nang le seabe se se botlhokwa sa go sireletsa bana ba gago gore ba kgone go lwa kgatlhanong le tiriso e e sa siamang ya diokobatsi. Ka maswabi, ga se batsadi botlhe ba ba lemogang ka fa seno se leng botlhokwa ka gone. Mosha mongwe wa kwa Brazil e bong Ireneu o bolela jaana, “Rre o ne a nna a tshwaregile ka dinako tsotlhe. O ne a tlotla le rona ka bokhutshwanyane fela. O ne a se ke a re naya dikgakololo dipe ka ga diokobatsi.”

Go farologana le seo, ela tlhoko se Alecxandros, e bong mosha mongwe wa kwa Brazil a se bolelang: “Fa go ne go na le mananeo a thelebishene a a buang ka batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, rre o ne a mpitsa nna le bonnake gore re tle go leba thulaganyo eo. O ne a re bontsha diphelelo tse di bosula tsa batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi. Ka dinako tse dingwe, o ne a sola sebaka molemo go re botsa gore a re kile ra bona basha bangwe kwa sekolong ba ba dirisang diokobatsi. Ka tsela eo, o ne a re tlhagisa ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi.”

A o tlotlile le bana ba gago ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi? Gore o kgone go dira jalo, o ka nna wa tlhoka go ithuta ka dikotsi tsa tsone. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone go lemoga gore go dirisa diokobatsi tse di sa siamang go ka ba gobatsa semoyeng! Baebele e re kgothaletsa go dula re le phepa ka ditsela tsotlhe mo mmeleng le mo semoyeng. (2 Bakorintha 7:1) Go ithuta Baebele ka metlha le  bana ba gago e ka nna tsela e e maatla ya go ba sireletsa. *

‘Go Nna Ditsala Tse di Ntshanang Seinong’

Gape, go botlhokwa gore wena le bana ba gago lo nne ditsala tse di atamalaneng thata. Jehofa ke tsala e e atamalaneng thata le bana ba gagwe ba mo lefatsheng. (Jeremia 3:4) A wena le ngwana wa gago lo ‘ditsala tse di ntshanang seinong’? A tota o reetsa ngwana wa gago? A ngwana wa gago o ikutlwa a phuthologile go go bolelela mathata a gagwe? A o bonako go mo tshwayatshwaya diphoso go na le go mo akgola? Iphe nako ya go itse ngwana wa gago. A o na le ditsala? Ke bomang? Ela tlhoko gore Baebele e tlhagisa jaana: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) O se ka wa tshaba go mo tlhomela melelwane e e gagametseng kgotsa go mo otlhaya ka lorato. Baebele ya re: “Kgwathisa morwao mme o tla go naya boikhutso a bo a ipedise moya wa gago thata.”—Diane 29:17.

Mo godimo ga moo, o se ka wa tsaya motlhofo dikotsi tse ngwana wa gago a lebaneng le tsone. Batsadi bangwe ba ka nna ba ipolelela gore bana ba bone ba tswa mo lelapeng le le tlotlegang, ka jalo, ga go na gore ba ka dirisa diokobatsi. Le fa go ntse jalo, Dr. José Henrique Silveira o tlhalosa jaana: “Motho yo o rekisang diokobatsi o rata go itira tsala ya bana ba ba tswang mo malapeng a a humileng ka a itse gore kgwebo ya gagwe e tla tsamaya sentle.” Ee, fa mosha yo o tlotlegang a ka raelwa gore a dirise diokobatsi, gantsi basha ba bangwe ba tla mo latela.

Ka jalo, nna kelotlhoko. Itse matshwao a ntlha a a bontshang gore ngwana wa gago o dirisa diokobatsi. Ka sekai, a o simolotse go ikgogona mo go ba bangwe le go nna a tshwenyegile thata mo maikutlong, a rata go lwa kgotsa a se na tirisanommogo? A o ikgogonne mo ditsaleng tsa gagwe tse dikgolo kgotsa mo malokong a lelapa kwantle ga lebaka lepe? Fa e le gore go ntse jalo, o na le lebaka la go tshwenyega.

Se se utlwisang botlhoko ke gore go sa kgathalesege maiteko a batsadi ba a dirang ka tlhoafalo, basha ba bangwe ba ineela go fenngwa ke kgatelelo ba bo ba simolola go dirisa diokobatsi. O tla dirang fa o fitlhela ngwana wa gago a dira jalo?

Fa Mosha a Dirisa Diokobatsi

Ireneu o bolela jaana: “Fa batsadi ba me ba ne ba lemoga gore morwarre o ne a dirisa diokobatsi, o ne a setse a na le dikgwedi di le mmalwa a di dirisa. Ba ne ba tshogile mo go maswe e re ka ba ne ba sa akanya gore ngwana ope wa bone o ne a ka simolola go dirisa diokobatsi letsatsi lengwe. Mo tshimologong, rre o ne a akantse fela ka go mo otlhaya botlhoko thata.”

Fa batsadi ba lemoga gore ngwana wa bone o dirisa diokobatsi, go ka direga gore seno se ba galefise thata, ba tlalelwe le go ikutlwa ba sa atlega. Le fa go ntse jalo, pego ya Lephata la Thuto la kwa United States e gakolola jaana: “O se ka wa tshoga! E bile o se ka wa ipega molato. Selo sa botlhokwa ka nako eo ke go ritibala [le] go bona gore ke eng se se diregang. . . . Go dirisa diokobatsi ke mokgwa o o ka kgonang go thibelwa. Go tshwakgolwa ke diokobatsi ke bolwetse jo bo ka kgonang go alafiwa.”

Ee, nna bonolo mme o gagamatse seatla gore bothata jono bo se ka jwa etegela. Fa o galefa go feta selekanyo kgotsa o tlalelwa thata, seno se ka nna sa dira gore ngwana wa gago a se ka a kgona go tlogela mokgwa ono. Gape, o batla go thusa ngwana wa gago go gola gore a nne mogolo yo o nang le maikarabelo, yo o atlegileng le yo o kgonang go itirela ditshwetso. Ka gone, iphe nako ya go tlotla le ngwana wa gago gore o mo thuse go bona melemo ya go kgaogana le diokobatsi. Leka go tlhaloganya gore ke eng se se mo pelong ya ngwana yono yo o duleng mo taolong o bo o iketleeletse go mo reetsa.—Diane 20:5.

Ireneu o tswelela jaana: “Moragonyana batsadi ba me ba ne ba fetola mekgwa e ba neng ba dirisana le  boemo jono ka yone mme ba simolola go kgalema morwarre le go mmolelela gore ke mafelo afe a ba neng ba sa tlhole ba batla a ya kwa go one, ba fetola dinako tse a yang sekolong ka tsone gore a se ka a tlhola a kopana le basha ba le bangwe fela letsatsi le letsatsi ba a tsenang sekolo le bone. Ba ne ba simolola go mo direla tshwetso ya gore a ka tsalana le bomang mme ba naya lelapa lotlhe tlhokomelo e e tseneletseng.”

Ela tlhoko kafa batsadi bangwe ba ileng ba rarabolola bothata jono ka tsela e e atlegileng ka gone, fa ba ne ba lemoga gore bana ba bone ba dirisa diokobatsi.

Go Rarabolola Bothata ka Tsela e e Atlegileng

Monna mongwe yo o bidiwang Marcelo, yo o nnang kwa São Paulo kwa Brazil, o tlhalosa jaana: “Re diragaletswe ke selo se se maswe tota. Nna le mosadi wa me re ne re sa lemoge sepe se se duleng mo tseleng ka boitsholo jwa barwa ba rona ba babedi. Gantsi ba ne ba ja kwa diresetšhurenteng le setlhopha sa basha bangwe ba re neng re tsaya gore ke basha ba ba siameng. Re ne ra utlwa botlhoko tota fa tsala nngwe e ne e re bolelela gore barwa ba rona ba babedi ba dirisa marijuana. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa re ba botsa ba se ka ba okaoka go dumela.”

Marcelo o ne a thusa jang barwa ba gagwe? O bolela jaana: “Nna le mosadi wa me re ne re sa kgone go fitlha kutlobotlhoko e re neng re le mo go yone. Le fa re ne re kgala go dirisa diokobatsi ga bone, re ne ra se ka ra ba tsaya e le ba ba se nang mosola. Re ne ra dumalana gore mokgele wa rona go tloga ka nako eo, e ne e tla nna go thusa barwa ba rona go kgaogana le tiriso ya diokobatsi. Re ne ra ba bolelela se re neng re ikaeletse go se dira, mme ba ne ba dumalana le rona. Ba ne ba tla tswelela ka dithuto tsa bone tsa sekolo ba ntse ba bereka le nna. Ba ne ba se kitla ba tlhola ba tswa ba le bosi. Re ne re ba bontsha letsatsi le letsatsi gore re a ba rata, e seng mo dinakong tse di kgethegileng fela. E re ka ke dira tiro ya go aga, ke ne ke tsamaya le bone gantsi ka fa ke ka kgonang ka gone. Re ne ra simolola go itumelela go nna mmogo, re dirisa nako e ntsi re bua ka isagwe le botlhokwa jwa go nna le mekgele e e siameng mo botshelong.” Ka jalo, Marcelo le mosadi wa gagwe ba ne ba kgona go thusa barwa ba bone go kgaogana le diokobatsi.

Ela tlhoko se se neng sa diragalela rre mongwe wa kwa Brazil. Morwawe Roberto o bolela jaana: “Fa rre a ne a lemoga gore morwarre o ne a dirisa diokobatsi, go na le gore a mo garumele kgotsa a mo otlhaye, Rre o ne a dirisana le ene jaaka tsala mme a mo kgona. O ne a simolola go itse ditsala tsa ga morwarre le mafelo a a neng a rata go ya thata kwa go one, mme a simolola go buisana le ene gore o ne a sa tlhoke go dirisa diokobatsi le fa e le go nna le ditsala tse di ntseng jalo. Rre o ne a mmolelela gore o ne  a sa batle go fetsa masigo a sa robale a batlana le ene.” Mmaagwe mosimane yono, o ne a tshegetsa monna wa gagwe ka go thusa mosimane yono go tlogela diokobatsi. Boobabedi ba ne ba dumalana gore ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako go mo thusa mo gae.—Bona lebokoso le le reng, “Go Bona Thuso.”

O se Ka wa Ineela!

Go nna le lelapa mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ e ka nna selo se se lapisang le se se gwetlhang tota. (2 Timotheo 3:1) Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go tlhokomologa dilo tse o di tlhokang mo maikutlong le mo semoyeng. (Mathaio 5:3) Mafoko a Diane 24:10 a a reng: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela,” a boammaaruri tota. O ka kgona go bona maatla a mantsi ka go kopana mmogo le Bakeresete ba boammaaruri. O ka bona tshegetso le kgothatso kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.—Bahebera 10:24, 25.

Eleruri, go ruta ba lelapa la gago go dumela mo Modimong e ka nna tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go ba sireletsa kgatlhanong le diokobatsi. Gone ke boammaaruri gore Modimo ga a pateletse basha go latelela tsela e e rileng ya botshelo. Le fa go ntse jalo, o ba naya kgakololo e e ka ba thusang. Jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 32:8, Modimo o bolela jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Jaaka Rre wa selegodimo yo o lorato, Modimo o batla go sireletsa basha gore ba se ka ba gobala mo maikutlong, mo mmeleng le mo semoyeng. (Diane 2:10-12) Tlhomamisega gore Modimo o tla thusa le go tshegetsa batsadi ba ba ikemiseditseng go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go ka nna thata go godisa bana mo lefatsheng la segompieno. A go na le tsholofelo ya gore bothata jono bo tla fela?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse tshedimosetso e e ka thusang batsadi go tlotla le bana ba bone ka dikgang tse di malebana le dikotsi tsa go dirisa diokobatsi. Ka sekai, bona kgaolo 33 le 34 mo bukeng ya, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.

 [Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Go dirisa diokobatsi ke mokgwa o o ka kgonang go thibelwa. Go tshwakgolwa ke diokobatsi ke bolwetse jo bo ka kgonang go alafiwa.”—LEPHATA LA THUTO LA KWA UNITED STATES

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Go Bona Thuso

Batsadi bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore go ka nna molemo gore ngwana wa bone a thusiwe ke dingaka go tlogela diokobatsi. Batsadi ke bone ba tla itirelang tshwetso ya gore ba tla batla kalafi ya mofuta ofe. Mme e re ka ditsela tse ba tlhokomelwang ka tsone kwa ditlileniking tse di ba thusang go tlogela diokobatsi di farologana thata, go ka nna botlhale gore batsadi ba sekaseke dilo ka kelotlhoko pele ba dira gore a newe kalafi e e ntseng jalo. Go ya ka moithutatlhaloganyo e bong Arthur Guerra de Andrade, e bong porofesa wa Yunibesithi ya kwa São Paulo kwa Brazil, ke diperesente di le 30 fela tsa ba ba alafiwang mo ditlileniking tseno, ba ba kgonang go tlogela diokobatsi. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go kgatlhegela go fola ga bana ba bone, tota le fa ba le ka fa tlase ka tlhokomelo ya dingaka.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go Thusa ba ba Batlang go Tlogela Diokobatsi

A o mosha yo o lekang go kgaogana le diokobatsi? Fa go ntse jalo, o tla fitlhela gore go bala Baebele le go dirisa se o se ithutang, go thusa gore o kgone go tlogela mokgwa ono. O ka nna wa go fitlhela go thusa thata go bala buka ya Dipesalema, e re ka e tlotla ka go utlwa botlhoko mo maikutlong go o ka tswang o go utlwa gone jaanong. Go rapela Modimo go tswa pelong, o mmulela mafatlha a gago, le gone go tla go thusa. (Bafilipi 4:6, 7) O tla simolola go lemoga gore tota Modimo o amega ka wena mme o batla gore o atlege. Mme e re ka a sa pateletse ope go dira se se siameng, go botlhokwa gore wena o bo o eletsa go kgaogana le diokobatsi. Mopesalema Dafide yo o neng a tshegediwa ke Modimo makgetlho a le mantsi o ne a bolela jaana: “Ke ne ke solofetse mo go Jehofa ka tlhoafalo, ka jalo o ne a ntshekegela tsebe mme a utlwa go goa ga me ke kopa thuso. Gape o ne a ntlhatlosa a nketsha mo kgatamping e e kurutlang, mo lorageng lwa seretse. Mme a tsholeletsa dinao tsa me mo lefikeng le legolo; o ne a tlhomamisa dikgato tsa me ka thata.” (Pesalema 40:1, 2) Gompieno, ba ba eletsang go phepafatsa matshelo a bone le go direla Modimo ba tshegediwa ka tsela e e tshwanang.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

“Rre o ne a re tlhagisa ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi”—Alecxandros

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Iphe nako ya go tlhagisa bana ba gago ka dikotsi tsa mmele le tsa semoya tse di bakwang ke diokobatsi

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Itse ditsala tsa bana ba gago

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Go rarabolola mathata ka bonolo go ka dira gore bothata bo se ka jwa etegela