Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Robala—A ke Go Tsamaisa Nako Fela Kgotsa go a Tlhokega?

Go Robala—A ke Go Tsamaisa Nako Fela Kgotsa go a Tlhokega?

 Go Robala—A ke Go Tsamaisa Nako Fela Kgotsa go a Tlhokega?

BATHO BANGWE ba tsaya go robala e le go senya nako fela. Ba bona go le botoka gore ba tshwarege thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi kgotsa go itlosa bodutu le ditsala, mme ba robala fa fela ba tsenwe ke letsapa le legolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le ba bangwe ba ba fetsang bosigo jotlhe ba tlhorega boroko, ba eletsa e kete ba ka bo ba kgona go robala.

Ke ka ntlha yang fa bangwe ba go fitlhela go le thata jaana go tshwarwa ke boroko, fa ba bangwe bone ba sa rate go robala gotlhelele? A re tshwanetse go tsaya boroko e le selo sa go tsamaisa nako fela kgotsa se se tlhokegang? Go araba dipotso tseno, re tshwanetse go tlhaloganya gore go diragalang fa re robetse.

Masaitseweng a go Tshwarwa ke Boroko

Tota ga go itsewe ka botlalo gore ke eng se se dirang gore motho a otsele a bo a robale. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba tlhalositse gore go tshwarwa ke boroko ke thulaganyo e e raraaneng e e laolwang ke boboko, mme go direga ka tsela ya tlhago fela mo diureng dingwe le dingwe di le 24.

Fa re ntse re gola, dinako tsa rona tsa go tshwarwa ke boroko di a fetoga. Ngwana yo e leng gone a tsholwang o robala lobaka lo lo khutshwanyane gangwe le gape, mme seno se dira gore a robale diura di le 18 ka letsatsi. Go ya ka bomankge ba tsa boroko, le fa go bonala bagolo bangwe ba tlhoka go robala diura di le tharo fela ka letsatsi, ba bangwe bone ba tlhoka tse di ka nnang lesome.

Patlisiso e e dirilweng bosheng jaana e bontsha gore ditsela tse di sa tshwaneng tsa tlhago tse mmele wa rona o berekang ka tsone, le tsone di re naya lebaka la go bo go le thata gore  batho ba dingwaga tsa bolesome ba tsoge mo mosong. Tsela eno ya tlhago e mmele wa basha o berekang ka yone, e a fetoga fa ba simolola dingwaga tsa bolesome, mme seno se dira gore ba batle go robala bosigo thata mme ba tsoge motshegare thata. Mokgwa ono wa go robala bosigo thata o fitlhelwa mo basheng ba le bantsi mme o fela fa ba le mo bogareng jwa dingwaga tsa bolesome kgotsa fa di fela.

Tsela ya tlhago e mmele wa rona o berekang ka yone e laolwa ke dikhemikale dingwe tse bontsi jwa tsone di setseng di lemogilwe. Nngwe ya tsone ke melatonin, e leng horomone e go bolelwang gore ke yone e e bakang boroko. Horomone ya melatonin e tlhagisiwa ke boboko, mme baitsesaense bangwe ba dumela gore ke yone e e dirang gore motho a se ka a nna matlhagatlhaga pele a tshwarwa ke boroko. Fa boboko bo ntsha horomone ya melatonin, mogote wa mmele o a fokotsega le madi a a yang kwa bobokong, mme mesifa ya rona e phuthologa ka iketlo e bo e repa. Go diragala eng fa motho a thulamela?

‘Mootli yo Mogolo wa Tlhago’

Mo e ka nnang diura di le pedi fa re sena go thulamela, matlho a rona a simolola go roroma ka bonako. Go lemoga tiragalo eno ga baitsesaense go dirile gore ba kgaoganye boroko ka dikarolo tse pedi e leng: REM (rapid eye movement [go roroma ga matlho ka bonako ]) fa re robetse le (non-REM [go sa roromeng ga matlho]) fa re robetse. Go sa roromeng ga matlho fa re robetse go ka kgaoganngwa ka dikarolo di le nnè tsa boroko jo bo tseneletseng. Fa motho a robetse sentle, go na le dinako tse matlho a gagwe a roromang ka tsone le tse a sa roromeng ka tsone.

Gantsi motho o lora ka nako ya fa matlho a gagwe a roroma. Gape, mesifa ya mmele wa gagwe e repa thata mme seno se dira gore a tsoge a lapologetswe. Mo godimo ga moo, babatlisisi bangwe ba dumela gore fa motho a robetse boroko jwa fa matlho a gagwe a roroma, tshedimosetso e ntšha e a sa tswang go e amogela e a bolokwa mo nakong eno mme o tla e gakologelwa lobaka lo loleele.

Ka nako ya fa re robetse boroko jo bo tseneletseng (boroko jwa fa matlho a rona a sa rorome jwa karolo e e bidiwang ya boraro le ya bonè), kgatelelo ya rona ya madi le lobelo lo pelo e itayang ka lone di a fokotsega, mme seno se dira gore modikologo wa madi mo mmeleng o iketle le go thibela bolwetse jwa pelo. Mo godimo ga moo, horomone e e dirang gore motho a gole e tlhagisiwa ka bontsi mo karolong ya boroko jono jo bo tseneletseng, mme mo basheng ba dingwaga tsa bolesome, horomone eno e e tlhagisiwang mo go bone motshegare e fetwa ke e e tlhagisiwang bosigo ka makgetlho a le 50.

Gape, go bonala boroko bo ama keletso ya rona ya dijo. Baitsesaense ba lemogile gore tota Shakespeare o ne a bua boammaaruri fa a ne a re, boroko “ke mootli yo mogolo mo botshelong.” Boboko jwa rona bo tsaya gore fa motho a sa robala o tshwerwe ke tlala. Fa re robetse, mmele wa rona o tlhagisa horomone e e bidiwang leptin, e gantsi e bolelelang mmele wa rona gore re kgotshe. Fa re robala bosigo thata, mmele wa rona o ntsha horomone e nnye ya leptin, mme re tshwarwa ke tlala. Ka jalo, go itima boroko go ka dira gore motho a je thata mme seno se ka dira gore a nne le boima jo bo feteletseng jwa mmele.—Bona lebokoso le le reng, “Go Rapama Motshegare,” mo tsebeng 13.

 Boroko bo Botlhokwa Gore o Nne le Botsogo jo bo Siameng

Mme ga se gone gotlhe. Boroko bo dira gore go nne motlhofo gore mmele wa rona o senye diatomo—e leng dimolekhule tse go tweng ke tsone di amang disele tse di dirang gore motho a tsofale le tse di bakang kankere. Mo patlisisong ya bosheng jaana e e neng ya dirwa kwa Yunibesithing ya Chicago, makawana a a itekanetseng sentle a le 11 a ne a letlwa gore a fetse malatsi a le marataro a robala diura di le nnè fela ka letsatsi. Kwa bokhutlong jwa malatsi a marataro ano, disele tsa bone tsa mmele di ne di bereka jaaka disele tsa batho ba ba nang le dingwaga di le 60, e bile selekanyo sa sukiri e ba neng ba na le yone mo mading se ne se lekana le sa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri! Go itima boroko go ama go tlhagisiwa ga disele tse ditshweu le horomone e e bidiwang cortisol, mme seno se dira gore motho a tshwaediwe ke megare bonolo le gore a nne le mathata a a amanang le modikologo wa madi.

Ga go pelaelo gore go robala go botlhokwa gore motho a itekanele sentle mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Go ya ka kgopolo ya mmatlisisi mongwe yo o bidiwang William Dement, yo o tlhamileng setheo sa ntlha sa go dira dipatlisiso ka boroko kwa Yunibesithing ya Stanford, kwa United States of America, “go bonala boroko e le selo se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe se se supang gore o tla tshela lobaka lo lo kae.” Deborah Suchecki, e bong mmatlisisi wa kwa setheong sa go dira dipatlisiso ka boroko kwa São Paulo, kwa Brazil, o akgela jaana: “Fa batho ba ka bo ba itse gore go diragalang mo mmeleng fa ba itima boroko, ba ka bo ba sa akanye gore go robala ke go senya nako fela kgotsa gore ke ga batho ba ba botswa.”—Bona lebokoso le le fa godimo.

Mme a boroko bo kgona go dira gore motho a lapologelwe? Ke eng fa batho bangwe ba robala bosigo jotlhe ba bo ba tsoga ba ntse ba lapile? Setlhogo se se latelang se tla go thusa go bona ditsela dingwe tsa go sa robale sentle le go go tlhalosetsa gore o ka dira jang gore o robale sentle.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

DIPHELELO TSA GO ITIMA BOROKO

DIPHELELO TSE DI SA TSEYENG LOBAKA LO LOLEELE:

▪ Go otsela

▪ Go serega motlhofo fela

▪ Go lebala

▪ Go sa kgone go akanya sentle ka dilo tse o batlang go di dira le go sa kgone go rulaganya ditiro tse o tshwanetseng go di dira le go di fetsa

▪ Go sa kgone go tlhoma mogopolo lobaka lo loleele

DIPHELELO TSE DI TSAYANG LOBAKA LO LOLEELE

▪ Boima jo bo feteletseng jwa mmele

▪ Go tsofala pele ga nako

▪ Letsapa

▪ Go tshwaediwa motlhofo ke megare, bolwetse jwa sukiri, malwetse a pelo le go nna le mathata a mala

▪ Go nna le bothata jo bo masisi jwa go lebala

[Lebokoso mo go tsebe 13]

GO RAPAMA MOTSHEGARE

A o kile wa tshwarwa ke boroko jo o sa kgoneng go bo laola morago ga dijo tsa motshegare? Seno ga se reye gore o na le bothata jwa go itima boroko. Ke selo se se tlwaelegileng fela gore o ikutlwe o otsela motshegare ka ntlha ya go fokotsega ga mogote wa mmele wa gago. Mo godimo ga moo, bosheng jaana baitsesaense ba lemogile poroteine nngwe e e bidiwang hypocretin, kgotsa orexin, e e tlhagisiwang ke boboko, e e re thusang gore re se ka ra tshwarwa ke boroko. Horomone eno e e bidiwang hypocretin e amana jang le dijo?

Fa re ja, mmele wa rona o tlhagisa horomone e e bidiwang leptin, e e dirang gore re tseye gore re kgotshe. Mme leptin yone e thibela go tlhagisiwa ga hypocretin eno. Ka mantswe a mangwe, fa boboko bo tlhagisa leptin e ntsi, hypocretin e a fokotsega mme re bo re simolola go otsela. Gongwe leo ke lone lebaka la go bo kwa dinageng tse dingwe, batho ba letlwang go rapama motshegare—ba robale go sekae fa ba sena go ja dijo tsa motshegare.

[Kerafa mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DIKAROLO TSE DI FAROLOGANENG TSA BOROKO

Kerafo e e tlhofofaditsweng

Dikarolo tse di farologaneng tsa boroko

Fa o sa robala

REM

NON-REM

Boroko jo bo sesanyane 1

2

3

Boroko jo bo tseneletseng 4

1 2 3 4 5 6 7 8

Diura tsa boroko