Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlhotlhapelo a a Boitshegang

Matlhotlhapelo a a Boitshegang

 Matlhotlhapelo a a Boitshegang

Erik * o na le dikgwedi di le thataro. Le fa go ntse jalo, boima jwa gagwe jwa mmele le boleele jwa gagwe di kwa tlase thata ga tsa losea lo lo nang le kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi. Kwantle fela ga gore boima jwa gagwe jwa mmele bo kwa tlase, maoto le mpa ya gagwe di rurugile le sefatlhego sa gagwe se tletse e bile se kgolokwe. O tlhaela madi mo mmeleng, mme moriri wa gagwe o mosetlha, o robega bonolo, e bile o dule diso mo letlalong. O serega bonolo. Fa ngaka e ntse e tlhatlhoba matlho a ga Erik, e tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka gonne dithishu tsa matlho a gagwe di ka gagoga bonolo. Erik ga a gola sentle mo tlhaloganyong. Go a hutsafatsa go bona gore ngwana yono ga se ene fela yo o mo boemong jono.

“MO BANENG botlhe ba ba suleng lefatshe ka bophara, ba ba fetang halofo ya bone ba bolailwe ke bolwetse jono—e leng palo e e fetang ya ba ba bolailweng ke bolwetse bope jo bo tshwaetsanang fa e sa le go swa ba ba bolailweng ke bolwetse jwa Black Death. Le fa go ntse jalo, jone ga se jo bo tshwaetsanang. Diphelelo tse di hutsafatsang tsa jone di ama batho ba le dimilione ba ba sa ntseng ba tshela, di ba tlogela ba golafetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong, e bile ba tshabelwa ke malwetse a a sa foleng. Bo golafatsa basadi, malapa mme kgabagare le ditšhaba tsotlhe tsa batho.”—The State of the World’s Children, United Nations Children’s Fund.

Mafoko ano a bua ka bolwetse bofe? Phepelotlase—segolobogolo go tlhoka diporoteine le maikatlapelo mo mmeleng (protein-energy malnutrition [PEM]) e World Health Organization (WHO) e e biditseng “bothata jo bo tlhokang go tseelwa kgato ka bonako.” Matlhotlhapelo ano a boitshega go le kana kang? WHO ya re, “halofo ya bana ba le dimilione di le 10,4 ba ba swang ngwaga le ngwaga, ba bolailwe ke bolwetse jono.”

 Bolwetse jwa phepelotlase bo akaretsa malwetse a mangwe a a farologaneng, go simolola ka jwa go tlhaela dikotla—tse di jaaka dibitamene le go tlhaela diminerale—go fitlha ka jwa go nna le boima jo bo feteletseng jwa mmele le malwetse a mangwe a a sa foleng a a amanang le go sa je sentle. Le fa go ntse jalo, PEM “ke mofuta wa bolwetse jo bo kotsi thata go a gaisa otlhe jwa go tlhaela dikotla,” go bolela jalo WHO. Bo tshwara thata bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano.

Akanya go se kae ka Erik yo o umakilweng kwa tshimologong, le ka dimilione tsa bana ba ba nang le bothata jwa go tlhaela dikotla mo mmeleng. Ga se molato wa bone go bo ba le mo boemong jono, e bile ga ba kgone go tswa mo go jone. Moitseanape wa tsa dijo wa lephata la kalafo ya bana, e bong Georgina Toussaint, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ba ba bogang matswela a jone ke ba e seng molato wa bone mme e le ba ba tshabelelwang ke jone.”

Bangwe ba ka nna ba akanya gore bothata jono ga bo ka ke jwa tilwa—gore ga go na dijo tse di ka lekanang batho botlhe. Go farologana le moo, go ya ka WHO, “gompieno re tshela mo lefatsheng la letlepu.” Go na le dijo tse di ka lekanang batho botlhe mo lefatsheng—le tse di ka salang. Mo godimo ga moo, phepelotlase ke bolwetse jo go leng motlhofo go bo thibela le jo go bo alafa go sa jeng madi a le mantsi. A dintlha tseno ga di go galefise?

 Ke Bomang ba ba Amegang?

Phepelotlase ga e ame bana fela. Go ya ka pego ya WHO ya July 2001, “phepelotlase e ama batho ba le bantsi ba ba ka nnang dimilione di le 800—diperesente di le 20 tsa batho botlhe ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologang.” Seno se raya gore motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 8 mo lefatsheng, o boga matswela a yone.

Le mororo batho ba le bantsi ba ba tlhaelang dikotla ba fitlhelwa mo Asia—segolobogolo mo dikgaolong tsa yone tse di kwa borwa le tse di mo bogareng—batho ba le bantsi thata ba ba tlhaelang dikotla ba fitlhelwa mo Afrika. Go bo go latela dinaga dingwe tse di tlhabologang tsa Latin Amerika le tsa Caribbean.

A dinaga tse di tlhabologileng ga di amiwe ke phepelotlase? Nnyaa. Go ya ka The State of Food Insecurity in the World 2001, batho ba le dimilione di le 11 ba ba nnang mo dinageng tsa madirelo ba na le mathata a phepelotlase. Ba bangwe ba le dimilione di le 27 ba ba tlhaelang dikotla, ba nna mo dinageng tse di tlhabologang go nna tsa madirelo, segolobogolo ba ba nnang kwa Yuropa Botlhaba le kwa direpaboliking tsa Soviet Union ya maloba.

Ke ka ntlha yang fa phepelotlase e le bothata jo bo masisi jaana? A go na le sengwe se se ka tokafatsang boemo jwa batho ba ba tlhaelang dikotla gone jaanong? A go na le nako e polanete ya rona e tla nnang e se na bothata jwa phepelotlase? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Ga se leina la gagwe la mmatota.

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 4]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DINAGA TSE DI NANG LE BATHO BA BA MO KOTSING YA GO TLHAELA DIKOTLA

BA BA MO KOTSING E E KWA TLASE

BA BA MO KOTSING E E MO MAGARENG

BA BA MO KOTSING E KGOLO

BA BA SENG MO KOTSING, KGOTSA TSHEDIMOSETSO GA YA FELELA

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Go letetswe dithuso tsa namolo kwa Sudan

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN/DPI Photo by Eskinder Debebe