Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Lebana Jang le Kgatelelo ya Balekane?

Nka Lebana Jang le Kgatelelo ya Balekane?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Lebana Jang le Kgatelelo ya Balekane?

“Kgatelelo ya balekane e gongwe le gongwe.”—Jesse, yo o nang le dingwaga di le 16.

“Go gatelelwa ke balekane ba me ba sekolo e ne e le sengwe sa dilo tse di boima go gaisa se ke neng ke tshwanetse go lebana le sone fa ke gola.”—Johnathan, yo o nang le dingwaga di le 21.

KGATELELO YA BALEKANE ruri ke maatla a a sa tshwanelang go tsewa motlhofo. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore o ka kgona go emelana le yone. Mo godimo ga moo, o ka kgona go e laola tota le go dira gore e go solegele molemo. Jang?

Mo setlhogong se se fetileng sa motseletsele ono, re tlotlile ka kgato ya ntlha ya botlhokwa: Lemoga kafa kgatelelo ya balekane e leng maatla ka gone le kafa e ka go tlhotlheletsang bonolo ka gone. * Ke dikgato dife tse dingwe tse di mosola tse o ka di tsayang? O tlhoka kaelo e e mosola e e tswang mo Lefokong la Modimo. Diane 24:5 e bolela jaana: “Motho yo o nang le kitso o nonotsha maatla.” Ke kitso efe e e ka go nonotshang kgatlhanong le kgatelelo ya balekane? Pele ga re araba potso eo, a re tlotleng pele ka bothata jo bo ka dirang gore o fekeediwe ke kgatelelo ya balekane.

Go sa Itshepe—Go Kotsi

Basha ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba fitlhela kgatelelo ya balekane e le bothata jo bogolo ka gonne tsela ya bone ya botshelo e akaretsa go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone. (Mathaio 28:19, 20) A ka dinako tse dingwe o fitlhela go le thata go bolelela basha ba o kopanang le bone ka tumelo ya gago? Ga se wena fela. Melanie yo o nang le dingwaga di le 18 o bolela jaana: “Go bolelela bana ba bangwe gore ke Mosupi go ne go le thata go feta kafa ke neng ke akantse ka gone.” O oketsa jaana: “Ka bonako fela fa ke sena go nna le bopelokgale jwa go ba bolelela gore ke Mosupi, ke ne ke simolola go boifa gape.” Go bonala a ne a kgorelediwa ke tlhotlheletso e e sa siamang ya balekane.

Baebele e re tlhomamisetsa gore tota le banna le basadi ba ba neng ba na le tumelo e e tlhomologileng ba ile ba etsaetsega go bua le batho ba bangwe ka Modimo. Ka sekai, Jeremia yo mmotlana o ne a itse gore o ne a tla sotlwa le go bogisiwa fa a ne a  ka ikobela taolo ya Modimo ya go bua ka bopelokgale. Mo godimo ga moo, Jeremia o ne a sa itshepe. Ka ntlha yang? O ne a raya Modimo a re: “Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” A Modimo o ne a dumela gore bosha jwa ga Jeremia bo ne bo dira gore a se ka a tshwanelegela go bua? Nnyaa. Jehofa o ne a tlhomamisetsa moporofeti yono jaana: “O se ka wa re, ‘Ke mosimanyana fela.’” Morago ga moo, Jehofa o ne a naya lekawana leno le le etsaetsegang kabelo e e botlhokwa.—Jeremia 1:6, 7.

Fa re sa itshepe, re inyatsa, go ka nna thata tota go emelana le kgatelelo ya balekane. Dipatlisiso dingwe di dumalana le ntlha eno. Ka sekai, bogologolo ka 1937, rrasaense yo o bidiwang Muzafer Sherif o ne a dira tekeletso e e itsegeng thata. O ne a tsenya batho mo teng ga phaposi e e lefifi, a ba bontsha lesedinyana le le kgolokwe, morago ga moo a bo a ba botsa gore lesedi leo le sutile go le kana kang.

Mme tota, lesedi leo le ne le sa suta le fa go le gonnye; seno e ne e le tsela fela ya go ba tsietsa. Fa ba ne ba lekelediwa motho ka bongwe, ba ne ba ntsha dipono tsa bone tse di farologaneng malebana le lesedinyana leno le go neng go bonala e kete le ne le sutile. Le fa go ntse jalo, fa ba le setlhopha, ba ne ba kopiwa gore ba buele kwa godimo go tlhalosa se ba neng ba se bona. Go ne ga diregang? E re ka ba ne ba sa itshepe, ba ne ba tlhotlheletsana. Ka go nna ba lekelediwa gangwe le gape, dikarabo tsa bone di ne tsa simolola go tshwana go fitlha “setlhopha” sotlhe se dumalana. Le fa ba ne ba lekelediwa motho ka bongwe moragonyana, ba ne ba sa ntse ba tlhotlheleditswe ke kgopolo e setlhopha sotlhe se neng se na le yone.

Tekeletso eo e re ruta ntlha nngwe e e botlhokwa. Go sa tlhomamisege kgotsa go sa itshepe go dira gore batho ba tlhotlhelediwe motlhofo ke kgatelelo ya balekane. Seno se dira gore motho a akanye, a ga go jalo? Tota e bile, batho ba ka amiwa ke kgatelelo ya balekane mo dikgannyeng tse di botlhokwa, go akaretsa tsela e ba lebang tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ka yone, go sa diriseng diokobatsi sentle, tota le mekgele e ba tla e latelelang mo botshelong. Fa re itetla go tlhotlhelediwa ke “setlhopha” mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, re ka ama isagwe ya rona fela thata. (Ekesodo 23:2) Go ka dirwang?

O akanya gore o ka bo o ile wa arabela jang fa go ne go dirwa tekeletso, o itse sentle gore lesedi leo ga le a suta? Gongwe o ka bo o ile wa se ka wa tlhotlhelediwa ke setlhopha. Ee, re tshwanetse go itshepa. Mme re tshwanetse go nna le go itshepa ga mofuta ofe mme re ka go bona jang?

Tshepa Jehofa

O ka nna wa utlwa batho ba le bantsi ba bua ka kgang ya gore motho o tshwanetse go itshepa. Mme ba na le dipono tse di sa dumalaneng ka ga gore o ka go bona jang le gore e tshwanetse go nna go itshepa go go kana kang. Baebele e na le kgakololo eno e e lekalekaneng: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.” (Baroma 12:3) Thanolo e nngwe ya temana eno e balega jaana: “Ke raya mongwe le mongwe wa lona gore a se ka a itseela kwa godimo go feta se tota a leng sone,  mme gore a itebe ka tsela e e lekalekaneng.”—Charles B. Williams.

‘Go iteba ka tsela e e lekalekaneng’ ya ‘se tota o leng sone’ go dira gore o se ka wa ikgogomosa kgotsa go itshepa go feta selekanyo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go iteba ka tsela e e ntseng jalo e e lekalekaneng go tla akaretsa go tshepa gore o na le bokgoni jwa go akanya, jwa go ntsha mabaka le jwa go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale. Mmopi wa gago o go neile “maatla a go akanya” mme seo ga se mpho e e potlana. (Baroma 12:1) Go nna o akantse ka seo go tla go thusa go emelana le ba ba go dikologileng gore ba se ka ba go direla ditshwetso. Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o mongwe wa go itshepa o o ka kgonang go go sireletsa.

Kgosi Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me.” (Pesalema 71:5) Ee, Dafide o ne a ikantse Rraagwe wa selegodimo ka botlalo mme o sa le a dira jalo a sa ntse a le monnye. O ne a le “mosimanyana fela”—gongwe a le mo dingwageng tsa bolesome—fa seganka sa Mofilisitia e bong Goliathe a ne a gwetlha lesole lepe la Moiseraele gore le tle go lwa le ene. Masole a ne a boifa. (1 Samuele 17:11, 33) Gongwe go ne go na le kgatelelo e e sa siamang ya balekane fa gare ga bone. Ga go pelaelo gore ba ne ba bua ka go kgobega marapo ka bogolo jwa ga Goliathe le maatla a gagwe ba gatelela gore e ne e tla bo e le boeleele gore monna ope fela a tswe a ye go lwa le ene. Dafide o ne a sa amiwe ke tlhotlheletso e e ntseng jalo. Ka ntlha yang?

Ela tlhoko mafoko a a neng a a raya Goliathe: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa mela ya tlhabano ya Iseraele, ene yo o mo kgobileng.” (1 Samuele 17:45) Ga se gore Dafide o ne a sa lemoge kafa Goliathe a neng a le mogolo ka gone, a le maatla ka gone kgotsa gore o ne a sa lemoge dibetsa tse a neng a di tshwere. Mme go na le sengwe se a neng a se itse fela jaaka a ne a itse gore go na le magodimo kwa godimo ga gagwe. O ne a itse gore Goliathe ga se sepe fa a mmapisa le Jehofa Modimo. Fa Jehofa a ne a le ka fa letlhakoreng la ga Dafide, ke ka ntlha yang fa a ne a tshwanetse go boifa Goliathe? Go tshepa Modimo ka tsela eo go ne ga dira gore Dafide a nne le tsholofelo. O ne a se kitla a tlhotlhelediwa ke kgatelelo epe ya balekane.

A le wena o tshepa Jehofa ka tsela e e tshwanang? Ga a fetoga fa e sa le mo motlheng wa ga Dafide. (Malaki 3:6; Jakobe 1:17) Fa o ntse o ithuta ka ene, o tla tlhomamisega ka sengwe le sengwe se a se go bolelelang mo Lefokong la gagwe. (Johane 17:17) O tla fitlhela le na le ditekanyetso tse di sa fetogeng tse di ikanyegang tse di tla go kaelang mo botshelong le tse di tla go thusang go emelana le kgatelelo ya balekane. Mo godimo ga go tshepa Jehofa, go na le sengwe se o ka se dirang.

Tlhopha Bagakolodi ba ba Molemo

Lefoko la Modimo le gatelela botlhokwa jwa go batla kaelo e e molemo. Diane 1:5 ya re: “Motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” Batsadi ba gago ba ba amegang thata ka wena ba ka go naya kaelo eno. Indira o itse seno sentle. O bolela jaana: “Ke ka gonne batsadi ba me ba ne ba nthuta Dikwalo ka metlha le go dira gore Jehofa e nne motho wa mmatota mo botshelong jwa me go bo ke tsamaya mo tseleng ya boammaaruri gone jaanong.” Basha ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.

Fa o le leloko la phuthego ya Bokeresete, o ka bona tshegetso e e molemo mo go yone—balebedi ba ba tlhomilweng kgotsa bagolwane mmogo le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng sentle semoyeng. Nadia yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Ruri ke ne ke tlotla bagolwane ba phuthego ya rona e bile ke ba rata. Ke sa ntse ke gakologelwa puo e e neng ya neelwa ke molebedi yo o okamelang e segolobogolo e neng e baakanyeditswe basha. Morago ga dipokano, nna le tsala ya me re ne re itumetse thata ka gonne re ne re bone gore o ne a bua ka se se neng se re diragalela.”

Sebetsa se sengwe se se nonofileng se re ka se dirisang kgatlhanong le kgatelelo e e sa siamang ya balekane ke tlhotlheletso e e siameng ya balekane. Fa o tlhopha ditsala ka botlhale, di tla go thusa go ngaparela mekgele e e siameng le ditekanyetso tse di siameng. Re ka di tlhopha jang ka tsela e e siameng? Nna o akantse ka kgakololo eno: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Nadia o ne a le kelotlhoko go tlhopha ditsala tse di botlhale kwa sekolong—badumedi ka ene, ba ba neng ba na le ditekanyetso tse di tshwanang le tsa gagwe tsa boitsholo. O gakologelwa jaana: “Fa basimane kwa sekolong ba tla go ‘bua’ le rona, re ne re tshegetsana.” Ditsala tse di molemo di ka re thusa go dira se se molemo. Go mosola gore re tseye matsapa a gore re nne le tsone.

Tlhomamisega gore fa o ikanya Jehofa, o senka kaelo mo Bakereseteng ba ba godileng e bile o tlhopha ditsala ka botlhale, o ka kgona go emelana le kgatelelo ya balekane. Tota e bile, o ka nna mongwe wa ba ba nang le tlhotlheletso e e molemo mo ditsaleng tsa gago le go di thusa go nna le wena mo tseleng e e isang botshelong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Kgatelelo ya Balekane—A Tota e Maatla go le Kalo?” mo makasineng wa Tsogang! ya December 8, 2002.

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

Batla ditsala tse di molemo, tse di ratang Modimo le ditekanyetso tsa gagwe jaaka wena

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

“Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20