Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Gore Boimana Jwa Gago bo Babalesege

Go Dira Gore Boimana Jwa Gago bo Babalesege

 Go Dira Gore Boimana Jwa Gago bo Babalesege

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

GO YA ka Mokgatlho o o Tlhokomelang Matlole a Baagi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, basadi ba ba fetang halofo ya milione ba a swa ngwaga le ngwaga ba bolawa ke malwetse a a bakwang ke go ima. Mo godimo ga moo, United Nations Children’s Fund (UNICEF) e bega gore ngwaga le ngwaga basadi ba ba fetang dimilione di le 60, ba tshwarwa ke malwetse a a raraaneng thata a a bakwang ke go ima le gore, mo e ka nnang nngwetharong ya bone, ba sala ba na le dikgobalo tse di nnelang ruri kgotsa ba tshwaeditswe ke megare. Kwa dinageng tse di tlhabologang, basadi ba le bantsi ba ima gangwe le gape, ba tshola bana, ba ikutlwa ba tlhokomologilwe mme seno se ba tlogela ba tsenwe ke letsapa e bile ba lwala. Ee, go ima go ka go gobatsa—e bile go ka nna kotsi. A go na le sengwe se mosadi a ka se dirang go dira gore boimana jwa gagwe e nne jo bo babalesegileng?

Go Tlhokomela Botsogo Jwa Gago Pele o Ima

Go Rulaganya. Banyalani ba tshwanetse go tlotla gore ba batla go nna le bana ba le ba kae. Kwa dinageng tse di tlhabologang, go tlwaelegile go bona basadi ba na le bana ba bannye, ba sa ntse ba anyisa losea mme mo godimo ga moo ba imile ngwana yo mongwe gape. Go rulaganya le go akanyetsa dilo ka kelotlhoko go ka nna ga dira gore o fetise nakonyana pele o ima ngwana yo mongwe gape, gore seno se go neye sebaka sa go fola fa o sena go belega ngwana.

Go ja Dijo Tse di Nang le Dikotla. Go ya ka Kgolagano ya Boimana jo bo Babalesegileng, pele mosadi a ima, o tshwanetse go ipha dikgwedi di le nnè a sa dirise diokobatsi tse dikotsi mme a je dijo tse di nang le dikotla. Ka sekai, fa mmè yo o moimana a ja folic acid e e lekaneng, go ka direga gore a se ka a nna le bothata jwa lesapo la mokwatla jo bo bakiwang ke go tswalega ga mothapo o o tsamayang mo teng ga lesapo leo. E re ka mothapo o o tsamayang mo teng ga lesapo la mokwatla wa losea lo lo iseng lo tsholwe o tswalega morago ga malatsi a le 24 kgotsa a le 28 morago ga go ima—pele basadi ba le bantsi ba lemoga gore ba imile—basadi bangwe ba ba rulaganyetsang go ima ba dira gore ba je dijo tse di ba nayang folic acid.

Dijo tse dingwe tse di botlhokwa ke tse di nang le aene. Eleruri, fa mosadi a imile, selekanyo sa aene e a e tlhokang se menagana gabedi. Fa a se na aene e e lekaneng—e leng se se diregang ka basadi ba le bantsi kwa dinageng tse di tlhabologang—go ka direga gore a nne le bothata jwa go tlhaela madi ka go bo a se na aene eo. Bothata jono bo ka nna jwa etegela fa a ima gangwe le gape, e re ka a se kitla a nna le nako ya go oketsa aene e a neng a na le yone pele a ima gape. *

Dingwaga Tsa Bogolo. Go na le kgonagalo ya diperesente di le 60 ya  gore basetsana ba ba imang ba na le dingwaga di le 16 ba swe fa ba bapisiwa le ba ba leng mo dingwageng tsa bone tsa bo20. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka direga gore basadi ba ba fetileng dingwaga di le 35 ba tshole masea a a tlhagang a na le bogole bongwe jaaka Down’s syndrome. Bommè ba ba sa ntseng ba le babotlana thata kgotsa ba ba tlogang ba wetsa dingwaga tsa bone tsa go tshola bana, ba tshabelwa ke bothata jwa kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi. Bolwetse jono jo bo dirang gore ba nne le kgatelelo e e kwa godimo ya madi morago ga beke ya bo20 a se na go ima, mmogo le bothata jwa go tlala metsi mo dithishung tsa mmele le go oketsega ga diporoteine mo motlhapologong, go ka dira gore mmè a swe mmogo le lesea la gagwe.

Go Tshwaediwa ke Megare. Go tshwaediwa ke megare ga motlhapologo, ga molomo wa popelo le ga mala, go ka etegela fa mosadi a le moimana e bile go ka baka kotsi ya gore ngwana a tsholwe pele ga nako, gape go ka dira gore mosadi a nne le kgatelelo e e kwa godimo ya madi. Go botoka gore go tshwaediwa ke megare go alafiwe pele mosadi a ima.

Go Tlhokomela Botsogo Fa o Le Moimana

Go tlhokomela botsogo pele o tshola ngwana. Fa mosadi a ya go bona ngaka gangwe le gape fa a sa ntse a le moimana, seno se tla fokotsa kotsi ya gore a swe fa a belega. Tota le kwa dinageng tse di se nang ditliliniki le maokelo a le mantsi, go ka tswa go na le babelegisi ba ba thapisitsweng sentle.

Fa mosadi a tlhokomela botsogo pele a tshola ngwana, seno se tla dira gore batho ba ba thapisitsweng ba tsa kalafi ba lemoge maemo a a tla batlang gore mosadi yono a newe tlhokomelo e e kgethegileng. Seno se akaretsa boemo jwa fa mosadi a imile ngwana yo o fetang a le mongwe, a na le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, mathata a pelo le a diphilo le bolwetse jwa sukiri. Mo dinageng tse dingwe, mosadi a ka tlhabiwa lomao lo lo bolayang megare ya toxin gore e se ka ya fetela mo ngwaneng fa a belegwa. Gape a ka nna a tlhatlhobiwa go bona gore fa a le fa gare ga beke ya bo26 go ya go ya bo28, a ga a na dibaketeria tsa group B streptococcus. Fa dibaketeria tseno di le teng mo leleng le legolo, di ka tshwaetsa ngwana fa a belegwa.

Mmè yo o tlileng go tshola ngwana, o tshwanetse go ipaakanyetsa go naya ba tsa kalafi tshedimosetso yotlhe kafa a ka kgonang ka gone go akaretsa le hisitori ya botsogo jwa gagwe. O tshwanetse go botsa dipotso a phuthologile. O tshwanetse go kopa thuso ka bonako mo ngakeng fa a na le bothata jwa go tshologa madi ka mosele wa popelo, jwa go ruruga sefatlhego, jwa go opiwa ke tlhogo e e botlhoko thata kgotsa fa e opa e sa kgaotse, kgotsa fa a na le menwana e e botlhoko, fa a sa bone sentle, fa a na le ditlhabi tse di botlhoko mo maleng, fa a kgwa gangwe le gape, a sitwa kgotsa a na le letshoroma, fa go na le go fetofetoga ga dinako tse ngwana a tlolang ka tsone mo mpeng kgotsa gore o tlola thata go le kana kang, fa a tswa seedi ka mosele wa popelo, a utlwa botlhoko fa a ntsha motlhapo kgotsa fa a se na motlhapo ka tsela e e tlwaelegileng.

Bojalwa le diokobatsi. Fa mmangwana a nwa bojalwa e bile a dirisa diokobatsi (go akaretsa le go goga motsoko), seno se ka baka kotsi ya gore ngwana a nne le bothata jwa tlhaloganyo, a golafale tota le gore a se ka a rata go dirisa nako a na le batho ba bangwe. Go lemogilwe gore bana ba ba belegweng ke bommè ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, ba tla ba na le mathata a batho ba ba tlogetseng diokobatsi ba nnang le one. Le mororo batho bangwe ba dumela gore ga go kotsi go nwa bojalwa gangwe le gape, baitse bangwe ba akantsha gore motho a se ka a bo a bo ama fa a imile. Gape, bommè ba baimana ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba hema mosi wa batho ba ba gogang.

Melemo ya kalafi. Mosadi ga a tshwanela go nwa melemo epe ya kalafi ntle le fa a e neilwe ke ngaka e e itseng gore o imile e bile e sekasekile ka kelotlhoko gore ga go kitla go nna le bothata bope fa a nwa melemo eo. Dijo dingwe tse di nayang motho dibithamine di ka nna kotsi. Ka sekai, go ja dijo tse di nang le bithamine A go feta selekanyo go ka golafatsa losea.

Go oketsega ga boima jwa mmele. Mosadi yo o moimana ga a tshwanela go tshwenyega thata ka boima jwa gagwe jwa mmele. Go ya ka Krause’s Food, Nutrition and Diet Therapy, go na le makgetlho a le 40 a gore losea lo lo sa tswang go belegwa lo lo nang le boima jo bo kwa tlase jwa mmele le swe fa le bapisiwa le losea lo lo sa tswang go belegwa lo lo nang le boima jo bo siameng jwa mmele. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ja thata o re o jesa le ngwana le gone go ka baka boima jo bo feteletseng jwa mmele. Go oketsega ga boima jwa mmele ka tsela e e tshwanetseng mo go bonalang sentle ka kgwedi ya bonè ya boimana jwa mosadi—go supa gore mosadi yo o moimana o ja selekanyo se se siameng sa dijo tse a di tlhokang thata mo mmeleng wa gagwe. *

 Go akanyetsa boitekanelo le dilo tse dingwe. Go tlhapela mo bateng le go shawara go ka dirwa fela ka tsela e e tlwaelegileng, mme go se ka ga dirisiwa melemo e e dirisiwang mo moseleng o o tswelang kwantle wa popelo. Mosadi yo o moimana o tshwanetse go tlhokomela gore a se ka a kopana le motho ope yo o tshwaeditsweng ke megare mengwe e e tshwanang le Mmokwane. Mo godimo ga moo, go dira gore a se ka a tsenwa ke megare, o tshwanetse gore ka kelotlhoko a tile go ja nama e e sa butswang sentle le gore a se ka a tshwara mantle a katse. Ditsela tsa go tlhokomela boitekanelo jwa gagwe, tse di jaaka go tlhapa diatla le go tlhatswa dijo tse di sa apewang go botlhokwa. Gantsi, go tlhakanela dikobo ga go bake mathata ape ntle le fa go dirwa mo dibekeng tsa bofelo tsa boimana jwa gagwe kgotsa fa a tswa madi, a gonega mesifa kgotsa a kile a senyegelwa ke mpa mo nakong e e fetileng.

Go Belega ka Katlego

Mosadi yo o itlhokomelang fa a le moimana ga a kitla a nna le mathata a a raraaneng fa a belega. Gantsi o tla bo a dirile dithulaganyo tsa gore a o batla go belegela kwa gae kgotsa kwa bookelong. Gape o tla bo a itse ka botlalo gore go tlile go diregang fa a belega le gore a ka dirisana mmogo jang le mmelegisi yo o nang le bokgoni kgotsa ngaka ya gagwe. Motho yono le ene o tla itse gore mosadi o batla go belega jang—fa e le gore a ka kgona go itlhophela mokgwa o a tla belegang ka one—gore a o batla go belega ka karo kgotsa go dirisa setulo sa go belegela, go newa dipilisi tse di okobatsang ditlhabi le motšhine o o dirisiwang fa ngwana a tswa mo popelong. Gape go tshwanetse ga dirwa tumalano mo dikgannyeng dingwe tse di rileng: Go tla iwa kwa bookelong bofe kgotsa tliliniking efe fa go belegela mo gae go tsosa mathata? Go tla dirwang fa mosadi a ka tshologa madi a mantsi go feta selekanyo? E re ka go tshologa madi a le mantsi go baka dintsho tsa basadi ba le bantsi ba ba belegang, dilo tse di emisetsang madi di tshwanetse go nna teng fa gaufi gore di dirisiwe mo basading ba ba sa amogeleng ditshelo tsa madi. Gape, go tshwanetse ga akanyediwa kwa pele gore go tla dirwang fa mosadi a tlhoka go belegisiwa ka karo.

Baebele ya re bana ke tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa, ke “boswa.” (Pesalema 127:3) Fa mosadi a itse sengwe le sengwe ka boimana jwa gagwe, gotlhe go tla mo tsamaela sentle. Fa mosadi a itlhokomela pele a ima, le fa a imile, e bile a akanyetsa kwa pele ka dilo tse di farologaneng tse di ka nnang tsa direga fa a belega, o tla bo a dira gotlhe mo a ka go kgonang go tlhomamisa gore boimana jwa gagwe bo babalesegile.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Dijo dingwe tse di nayang motho folic acid le aene ke sebete, dinawa, merogo e metala, matonkomane le dijo tsa dithoro tse di humileng dikotla. Gore o kgone go ja dijo tse di nang le aene e ntsi, o ka thusiwa ke go di kopanya le tse di nang le bithamine C, jaaka maungo.

^ ser. 16 Go lebeletswe gore mosadi yo o imang lekgetlo la ntlha a na le boima jo bo siameng jwa mmele, a bo a oketsegile boima jwa mmele ka dikilogerama tse di fa gare ga 9 le 12 fa a sena go belega. Le fa go ntse jalo, ba ba sa ntseng ba le mo dingwageng tsa bone tsa bolesome kgotsa ba ba sa ntseng ba sa je dijo tse di nang le dikotla, ba tshwanetse go oketsega boima jwa mmele ka dikilogerama di le 12 go ya go di le 15, mme ba ba nang le boima jo bo feteletseng jwa mmele, bone ba tshwanetse go oketsega ka dikilogerama di le 7 go ya go di le 9.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

DIKAKANTSHO TSE DI MOSOLA TSE DI NEWANG BASADI BA BAIMANA

● Gantsi dijo tse mosadi yo o moimana a di jang letsatsi le letsatsi di tshwanetse go akaretsa maungo, merogo (segolobogolo e metala, e mesetlha le e mehibidu), dinawa, dijo tsa dithoro (tse di akaretsang korong, mabele, outshe le bali—go akantshiwa gore di jewe e le dijo tsa ditlhaka kgotsa e le dithoro), dijo tse di tswang mo diphologolong (tlhapi, nama ya koko, nama ya kgomo, mae, tšhisi le mashi, go akantshiwa gore mashi e nne a a se nang mafura). Go ka nna molemo gore a je dijo tse di nang le mafura le sukiri e e ntshitsweng dikotla le letswai ka tsela e e lekanyeditsweng sentle. O tshwanetse go nwa metsi a mantsi. O tshwanetse go tila go nwa dinō tse di nang le kafeine mmogo le dijo tse di nang le dilokwa le tse di tsentsweng meutlwalo. Dijo tse di nang le setatšhe le tse di nang le oli e ntsi mmogo le tse dingwe tse a ileditsweng go di ja, di ka dira gore a se ka a nna le dikotla mo mmeleng e bile di ka baka mathata.

● Ikele tlhoko gore o se ka wa nna mo tikologong e e kotsi jaaka go nna thata mo lefelong le le nang le marang a X-ray le dikhemikale dingwe tse di kotsi. O se ka wa dirisa seporei thata le dilo dingwe tsa mo ntlong tse di tshwanang le sone. O se ka wa itetla go gotela thata ka ntlha ya go nna mo lefelong le le mogote thata kgotsa wa ikatisa go feta tekano. Dira gore o se ka wa ema lobaka lo loleele le go bereka go feta tekano. Dirisa lebanta le le siameng la pabalesego fa o le mo koloing.