Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Keresemose

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Keresemose

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Keresemose

DIMILIONE tsa batho lefatshe ka bophara di ipaakanyetsa go keteka setlha sa Keresemose ya 2002. O ka tswa o le mongwe wa bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o sa tlwaela go nna le seabe mo go direng dilo dingwe tsa bodumedi tsa moletlo o o tumileng ono. O rata kana o sa rate, ga go pelaelo gore Keresemose e tlile go go ama ka tsela nngwe. E fitlhelwa mo kgwebong le mo boitlosobodutung jwa lefatshe lotlhe tota le mo dinageng tse e seng tsa Bokeresete.

O itse eng ka Keresemose? A Baebele e tshegetsa moletlo wa botsalo jwa ga Keresete? Moletlo o o tumileng ono o o tshwarwang ka December 25 ngwaga mongwe le mongwe o simologile kae?

Keresemose e a Thibelwa

Fa o ka ipha metsotso e se kae go dira patlisiso ka kgang eno, o tla fitlhela gore Keresemose ga e a simolola mo Bokereseteng jwa boammaaruri. Bakanoki ba le bantsi ba Baebele ba madumedi a a farologaneng ba dumalana le ntlha eno. O sa ntse o akantse ka seno, ga o a tshwanela go gakgamadiwa ke kgang ya gore kwa Engelane, Palamente ya ga Cromwell e ne ya ntsha taolo ka 1647 ya gore letsatsi la Keresemose le lejwe e le letsatsi la boipobolo, mme morago ga moo, ya fedisa taolo eo gotlhelele ka 1652. Palamente e ne e tsena ka December 25 tsa ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka 1644 go fitlha ka 1656. Go ya ka moitsehisitori e bong Penne L. Restad, “baruti ba ba neng ba rera ka Botsalo Jwa ga Keresete ba ne ba ipaya mo kotsing ya go tsenngwa mo kgolegelong. Badiri ba mo dikerekeng ba ne ba otlhaelwa go kgabisa dikereke tsa bone ka go lefisiwa madi mangwe. Go ya ka molao, mabenkele a ne a tshwanetse go nna a butswe ka Keresemose jaaka e kete e ne e le letsatsi le le tlwaelegileng fela la kgwebo.” Ke ka ntlha yang fa go ne go tsewa dikgato tse di gagametseng jaana? Balweladiphetogo ba Baporotesetanta ba ne ba dumela gore kereke ga e a tshwanela go tlhoma dingwao tse di neng di seyo mo Dikwalong. Ba ne ba rera ka tlhagafalo e bile ba abela batho dibuka tse di neng di kgala meletlo ya Keresemose.

Ba ne ba dira jalo le kwa Amerika Bokone. Magareng ga dingwaga tsa 1659 le 1681, Keresemose e ne ya thibelwa kwa Massachusetts Bay Colony. * Go ya ka molao o o neng o tlhomilwe ka nako eno, Keresemose e ne e sa tshwanela go ketekwa le fa e le ka tsela epe. Ba ba neng ba tlola molao oo, ba ne ba otlhaiwa ka go lefisiwa madi. E ne e se fela Baporotesetanta ba kwa New England ba ba neng ba sa ikutlwe sentle ka go ketekwa ga Keresemose mme le ditlhopha dingwe tsa dinaga tsa bogare jwa yone tse di dirilweng dikolone le tsone di ne di sa ikutlwe sentle ka gone. Maloko a Makoko a Bodumedi a kwa Pennsylvania a ne a leba moletlo ono ka tsela e e gagametseng fela jaaka Baporotesetanta. Buka nngwe ya re: “Ka bonako fela fa Baamerika ba sena go bona boipuso, Elizabeth Drinker yo e neng e le Leloko la Lekoko la Bodumedi o ne a kgaoganya Bafiladelefia go nna ditlhopha di le tharo. ‘Go ne go na le Maloko a Makoko a Bodumedi a a neng a leba [Keresemose] jaaka letsatsi le le tlwaelegileng fela,’ go na le batho ba bodumedi le ‘ba bangwe ba ba neng ba fetsa letsatsi lotlhe la yone ba dira dikhuduego le go senya.’”

Henry Ward Beecher, yo e neng e le moreri yo o tumileng wa kwa Amerika yo o neng a godisediwa mo lelapeng looraCalvin la orthodox, o ne a sa itse sepe ka Keresemose go fitlha a nna dingwaga di le 30. Beecher o ne a kwala jaana ka 1874: “Ke ne ke sa itse sepe ka Keresemose.”

Dikereke tsa bogologolo tsa Baptist le Congregationalist le tsone ga di a fitlhela mabaka ape a Dikwalo a go keteka botsalo  jwa ga Keresete. Buka nngwe e bolela gore Kereke ya Baptist ya kwa Newport [Rhode Island] e ne ya keteka Keresemose lekgetlho la ntlha ka December 25, 1772. Seno se diregile mo e ka nnang dingwaga di le 130 morago ga go tlhomiwa ga Kereke ya ntlha ya Baptist kwa New England.

Tshimologo ya Keresemose

New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Letlha la botsalo jwa ga Keresete ga le itsiwe. Diefangele ga di supe letsatsi le fa e le kgwedi . . . Go ya ka phopholetso ya ga H. Usener . . . e e amogelwang ke bakanoki ba le bantsi gompieno, botsalo jwa ga Keresete bo ne jwa newa letlha la fa letsatsi le le kgakala le bogare jwa lefatshe (December 25 mo Khalentareng ya ga Julius, January 6 mo go ya Seegepeto), ka gonne mo letsatsing leno, fa letsatsi le ne le simolola go boela kwa karolong ya bokone jwa lefatshe, batlhoafalela tumelo ba baheitane ba ba obamelang Mithra ba ne ba keteka dies natalis Solis Invicti (botsalo jwa modimo yo o nonofileng wa letsatsi). Ka Dec. 25, 274, Aurelian o ne a bolela gore modimo wa letsatsi ke mosireletsi yo mogolo wa pusokgolo a bo a neela tempele mo go ene kwa Campus Martius. Keresemose e simologile ka nako ya fa kobamelo ya letsatsi e ne e nonofile thata kwa Roma.”

Cyclopœdia ya ga M’Clintock le Strong ya re: “Go ketekwa ga Keresemose ga go a tlhongwa ke Modimo, le gone ga go a simolola mo K[golaganong] e N[tšha]. Letsatsi la botsalo jwa ga Keresete le ka se ka la tlhomamisiwa mo K[golaganong] e N[tšha], kgotsa, tota e bile, ga le ka ke la tlhomamisiwa ke buka epe.”

“Tsietso e e Lolea”

Ka ntlha ya mabaka a a fa godimo, a Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna le seabe mo dingwaong tsa Keresemose? A go itumedisa Modimo go tswakanya kobamelo ya gagwe le ditumelo tsa madumedi le ditlwaelo tsa batho ba ba sa mo obameleng? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana mo go Bakolosa 2:8: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”

Moaposetoloi o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale [Satane]? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng?”—2 Bakorintha 6:14, 15.

Ka ntlha ya bosupi jono jo bo ka se kang jwa ganediwa, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke meletlo ya Keresemose. Tumalanong le Dikwalo, ba leka thata go nna le “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo,” ka go ipoloka ba “se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Massachusetts Bay Colony, e e tlhomilweng ke Baporotesetanta ba Baesemane, e ne e le bonno jwa ntlhantlha jo bogolo le jo bo atlegileng go a gaisa otlhe kwa New England.

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

Palamente ya kwa Engelane e ne ya thibela Keresemose ka 1652

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“Ke ne ke sa itse sepe ka Keresemose”—HENRY WARD BEECHER, MORUTI WA KWA AMERIKA

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Batlhoafalela tumelo ba baheitane ba ba obamelang Mithras le modimo wa letsatsi (ba ba bontshitsweng mo sefikantsweng) ba ne ba keteka December 25

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris