Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgatelelo ya Balekane—A Tota e Maatla go le Kalo?

Kgatelelo ya Balekane—A Tota e Maatla go le Kalo?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Kgatelelo ya Balekane—A Tota e Maatla go le Kalo?

“Ga ke akanye gore ke amiwa ke kgatelelo ya balekane.”—Pamela, moithuti wa sekolo se segolo.

“Ga ke akanye gore kgatelelo ya balekane e sa ntse e le maatla mo go nna. Bontsi jwa kgatelelo e ke e utlwang bo tswa mo go nna.”—Robbie, mosha yo o godileng.

AO KILE wa ikutlwa ka tsela eno? Ke boammaaruri gore o ka tswa o itse gore Baebele ya re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa wa re, ‘A kgatelelo ya balekane e lejwa e le kgolo go feta ka fa tota e ntseng ka gone—e le maatla ka tsela e batsadi ba me le bagolo ba bangwe ba reng e maatla ka yone?’

Fa o tlelwa ke dipelaelo tse di ntseng jalo nako le nako, ga se wena fela. Mme re go kopa gore o akanyetse se se ka nnang sa direga. A kgatelelo ya balekane e ka tswa e go tlhotlheletsa thata go feta kafa o akanyang ka gone? Basha ba le bantsi ba ile ba gakgamadiwa ke tsela e kgatelelo ya balekane e leng maatla ka gone. Ka sekai, Angie o dumela gore go ka tswa go na le dilo di le dintsi tse a di dirang fela gore a tshwane le batho ba bangwe mo setšhabeng. O bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe, kgatelelo ya batho mo setšhabeng e maatla thata mo e leng gore ga o lemoge gore ke kgatelelo ya balekane. O simolola o dumela fela gore ke kgatelelo e e tswang mo go wena ka bowena.”

Ka tsela e e tshwanang, Robbie yo o nopotsweng fa godimo a re kgatelelo e kgolo ke e e tswang mo go ene. Le fa go ntse jalo, o dumela gore ga go motlhofo go nna gaufi le toropo e kgolo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya kgatelelo ya balekane e e tlisiwang ke tikologo e e nang le moya wa go rata dikhumo. O bolela jaana: “Batho ba mono ba rata dikhumo thata.” Go phepafetse gore kgatelelo ya balekane ke selo se se tshwanetseng go akanyediwa. Ke ka ntlha yang he, fa basha ba le bantsi jaana ba akanya gore ga ba amiwe ke kgatelelo ya balekane?

E Maatla ka Tsela E e Sa Lemotshegeng

Kgatelelo ya balekane e ka go tsietsa—tota e bile, re ka nna ra se ka ra e lemoga gotlhelele. Ka sekai: Fa re le mo lewatleng, mowa o montsi o o fa godimo ga rona o tlisa kgatelelo mo go rona e sekweresentimetara sengwe le sengwe sa yone e leng sa  boima jwa kilogerama e le nngwe. * O ka amiwa ke kgatelelo letsatsi le letsatsi mme go se motlhofo go e lemoga. Ka ntlha yang? Ka gonne o e tlwaetse.

Ke boammaaruri gore kgatelelo e e re dikologileng ya mowa ga e kotsi. Mme fa batho ba re gatelela ka tsela e e sa lemotshegeng, kgabagare ba tla dira gore re fetoge. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhaloganya maatla a kgatelelo ya balekane. O ne a tlhagisa Bakeresete ba kwa Roma a re: “Lo se ka lwa letla lefatshe le le lo dikologileng la dira gore lo bopege jaaka lone.” (Baroma 12:2, The New Testament in Modern English) Le fa go ntse jalo, seno se ka diragala jang?

Se Kgatelelo ya Balekane e se Dirang

A o itumelela go amogelwa ke batho ba bangwe? Bontsi jwa rona re tla dumalana gore go ntse jalo. Le fa go ntse jalo, keletso e e ntseng jalo ya tlholego ya go amogelwa ke ba bangwe e ka nna le matswela a a molemo le a a bosula. Re kgotsofatsa keletso ya go amogelwa ke ba bangwe go ya bokgakaleng bofe? Le fa re itshepile mo kgannyeng eno, go tweng ka ba ba re dikologileng? A ba leka go emelana le kgatelelo ya balekane kgotsa ba itetla go laolwa ke yone?

Ka sekai, ba le bantsi gompieno ba leba ditekanyetso tsa Baebele tsa boitsholo e le tse di siilweng ke nako e bile di sa utlwale mo motlheng wa segompieno. Ba le bantsi ba akanya gore ga go botlhokwa go obamela Modimo ka tsela e a reng re mo obamele ka yone mo Lefokong la gagwe. (Johane 4:24) Ke ka ntlha yang fa ba ikutlwa ka tsela eno? Kgatelelo ya balekane e ka tswa e le lone lebaka. Mo go Baefeso 2:2, Paulo o bua ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe a re ke “moya” kgotsa maikutlo a batho ba laolwang ke one. Moya oo, o gatelela batho gore ba akanye ka tsela e batho ba lefatshe ba ba sa itseng Jehofa ba akanyang ka yone. Seno se ka re ama jang?

Ditiro tse re di dirang tsa letsatsi le letsatsi tsa sekolo, go ithuta, maikarabelo a lelapa le tiro, gantsi di dira gore re kopane le batho ba ba se nang dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete. Ka sekai, kwa sekolong, go ka tswa go na le ba bantsi ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tume, go ka tswa go na le ba ba nnang le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang gongwe le go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa. Re tla diragalelwa ke eng fa re tsalana thata le batho ba ba nnang le seabe mo boitsholong jo bo ntseng jalo kgotsa ba ba bo lebang e le jo bo tlwaelegileng le jo bo itshiametseng fela? Ga go pelaelo gore re tla simolola—gongwe ka iketlo—go nna le maikutlo a a tshwanang le a bone. “Moya” wa lefatshe o tla re gatelela, o dira gore re bopege jaaka lefatshe leno.

Go a kgatlha go bona gore baitsesaense ba loago ba segompieno ba dirile ditekeletso tse di tshegetsang melaometheo eno ya Baebele. Akanya ka tekeletso e e itsegeng thata ya ga Asch. Mongwe o lalediwa go tla go nna le setlhopha sa batho ba ba ntseng mmogo. Dr. Asch o ne a ba bontsha karata e kgolo e e nang le mola o o tlhatlogelang kwa godimo, morago ga moo a bo a ba bontsha karata e nngwe e e nang le mela e meraro e e tlhatlogelang kwa godimo e e sa lekalekaneng. Morago ga moo a bo a kopa ba ba mo setlhopheng go tlhalosa gore ke ofe wa mela e meraro eno o o tshwanang le mola wa ntlha. Karabo e motlhofo. Mo makgetlhong a ntlha a le mmalwa, botlhe ba a dumalana. Mme mo tekeletsong ya boraro, dilo di a fetoga.

Jaaka go ne go ntse kwa tshimologong, go motlhofo go tlhalosa gore ke mela efe e e lekanang. Mme motho yo go dirwang tekeletso ka ene ga a itse gore ba bangwe ba ba leng mo setlhopheng ba duetswe gore ba nne karolo ya tekeletso eno. Botlhe ba dumalana le karabo e e seng yone. Go diregang jaanong? Ke diperesente di le 25 fela tsa batho ba go dirwang tekeletso ka bone ba ba dumalanang gotlhelele le se ba itseng se le boammaaruri. Ba bangwe botlhe ba dumalana le setlhopha gangwe fela—le fa ba itse gore ga ba dumalane le se ba se bonang!

Go phepafetse gore batho ba batla go tshwana le ba ba ba dikologileng—mo e leng gore ba le bantsi ba bone ga ba kitla ba dumalana le se ba itseng se le boammaaruri. Basha ba le bantsi ba amilwe ke kgatelelo e e ntseng jalo ka tlhamalalo. Daniel yo o nang le dingwaga di le 16 o dumela jaana: “Kgatelelo ya balekane e ka go fetola. Mme kgatelelo eno e a gola fa go na le batho ba le bantsi. O ka nna wa bo wa simolola go akanya gore se ba se dirang se siame.”

Angie yo o umakilweng pelenyana, o tlhalosa sekai se se tlwaelegileng sa kgatelelo e e ntseng jalo kwa sekolong: “Fa re ne re tsena sekolo sa bogareng, re ne re ela tlhoko thata gore re apara diaparo tsa mofuta ofe. Motho o ne a tshwanetse go apara diaparo tse di nang le maina. E ne e se gore tota re batla  go apara hempe e e jang $50 [R500]—ke mang yo tota a neng a ka batla go duela madi a makalo?” Jaaka Angie a bolela, go ka se nne motlhofo go lemoga gore o amiwa ke kgatelelo. A mme kgatelelo ya balekane e ka re ama le mo dilong tse di masisi thata?

Lebaka La go Bo Kgatelelo ya Balekane e ka Nna Kotsi

A re tseye gore o thuma mo lewatleng. Fa o ntse o thuma o tlhatlogela kwa godimo le makhubu, o ka nna wa se ka wa lemoga gore o kgoromediwa ke diphefonyana tse di maatla. Makhubu a go kgoromeletsa kwa losing, mme go ka tswa go na le phefonyana e nngwe e e go kgoromeletsang go sele. E go kgoromeletsa kwa thoko ka iketlo. Fa kgabagare o leba kwa losing, ga o sa tlhole o bona ba lelapa la gago kgotsa ditsala tsa gago. O ne o sa lemoge gore phefo e go kgoromeleditse kwa thoko fela thata! Ka tsela e e tshwanang, fa re ntse re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, dikakanyo le maikutlo a rona di nna di ntse di tlhotlhelediwa. Pele re lemoga seno, ditlhotlheletso tseno di ka re kgoromeletsa kgakala le ditekanyetso tse re neng re tlhola re akanya gore re tla di ngaparela.

Ka sekai, moaposetoloi Petere e ne e le monna yo o pelokgale. O ne a dirisa tšhaka ka bopelokgale fa ba ne ba lebane le baba mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone. (Mareko 14:43-47; Johane 18:10) Le fa go ntse jalo, dingwaga moragonyana, kgatelelo ya balekane e ne ya dira gore a bontshe tlhaolele phatlalatsa. O ne a tila go kopana le Bakeresete ba Baditšhaba—le fa pelenyana ga moo a ne a ile a amogela ponatshegelo e e tswang kwa go Keresete e e neng e mo laela gore a se ka a leba Baditšhaba jaaka batho ba ba seng phepa. (Ditiro 10:10-15, 28, 29) Petere a ka tswa a ne a go fitlhela go le motlhofo go lebana le tšhaka go na le go lebana le lenyatso le ba neng ba nyadiwa ka lone ke batho ba bangwe! (Bagalatia 2:11, 12) Ruri, kgatelelo ya balekane e ka nna kotsi.

Go Botlhokwa go Amogela Gore Kgatelelo ya Balekane e Maatla

Sekai sa ga Petere se re ruta thuto e e botlhokwa. Fa o nonofile mo dilong dingwe, ga go reye gore o nonofile mo dilong tsotlhe. Petere o ne a na le makoa fela jaaka rona rotlhe. Go sa kgathalesege gore re bomang, re tshwanetse go amogela gore re na le makoa. Re ka nna ra ipotsa jaana ka boikanyegi: ‘Ke makoa afe a ke nang le one? A ke eletsa go tshela botshelo jwa dikhumo? A dilo tse ke di fitlheletseng di dira gore ke ikgogomose? Ke tla dira dilo go ya bokgakaleng bofe gore ke bone tlotla, maemo le botumo?’

Eleruri, ga re kitla re ipaya mo kotsing ka boomo ka go tsalana le batho ba ba dirisang diokobatsi kgotsa ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, go tweng ka makoa a rona a re sa a lemogeng? Fa re tsalana thata le batho ba ba tla re tlhotlheletsang mo dilong tse re leng bokoa mo go tsone, he re tla bo re itetla go laolwa ke kgatelelo ya balekane—e e ka nnang ya re gobaletsa ruri.

Le fa go ntse jalo, go a itumedisa go itse gore ga se ka dinako tsotlhe balekane ba ka go tlhotlheletsang ka tsela e e bosula. A re ka kgona go lebana le kgatelelo ya balekane—gongwe le go dira gore e re solegele molemo? Gone re ka lwantshana jang le kgatelelo e e sa siamang ya balekane? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong sa mo isagweng sa “Basha ba Botsa Jaana . . . ”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Tekeletso e e motlhofo eno e naya sekai sa kgatelelo e e leng teng ya mowa. Fa o tsaya lebotlolo la polasetiki le le se nang sepe o bo o tlhatlogela kwa godimo ga thaba, o bo o dira gore le tlale ka mowa mme o bo o le tswala, go tla diragalang ka lebotlolo leo fa o fologa thaba? Le tla boboana. Kgatelelo ya mowa e e ka fa ntle ga lone e kgolo thata go gaisa ya mowa o monnye o o mo teng ga lone.

[Setshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Tikologo e e nang le moya wa go rata dikhumo e ka go tlisetsa kgatelelo e kgolo ya balekane