Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Ra Falola Seretse sa Lekgwamolelo!

Re ne Ra Falola Seretse sa Lekgwamolelo!

 Re ne Ra Falola Seretse sa Lekgwamolelo!

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CONGO (KINSHASA)

E NE e le Labobedi, January 15, 2002—e le letsatsi fela le le bonalang le tshwana le a mangwe mo Afrika Bogare. Nna le Mosupi wa ga Jehofa yo ke neng ke na le ene re ne ra goroga kwa Goma, Kivu, Congo (Kinshasa), go kopana le Basupi ba kgaolo ya Great Lakes.

A go Ne go Se na Sepe se se Phoso?

Le fa thaba ya lekgwamolelo ya Nyiragongo (e e boleele jwa dimetara tse 3 470) e le dikilometara tse 19 go tswa mo motseng wa Goma, re ne ra gakgamadiwa ke modumo wa yone. * Re ne re kgona go utlwa go kurutla ga lekgwamolelo e bile re bona le mosi wa lone o o kueletseng. Batho ba mono ba ne ba sa tshwenyege ka gonne le tlwaetse go dira jalo mo nakong eno ya ngwaga.

Ka thapama re ne ra ya kwa dipokanong tsa diphuthego tse pedi tsa Basupi ba ga Jehofa ba koo. Re ne ra nna ra utlwa lefatshe le roroma le go kurutla ga mala a lone. Go ne go se ope yo o bonalang a tshwenngwa ke seo. Balaodi ba mono ba ne ba nna ba tlhomamisetsa baagi gore ba se ka ba tshwenyega. Le mororo moitse mongwe wa makgwamolelo wa Congo a ile a bonela pele dikgwedi pelenyana gore lekgwamolelo le ne le tlile go thunya, go ne go se ope yo o neng a mo tsaya tsia. Tsala nngwe e ne ya re, “Mo maitseboeng ano loapi lo tla bo lo le lehibidu ka ntlha ya go kurutla ga lekgwamolelo.”

“Re Tshwanetse go Tshaba Kwantle ga Tiego!”

Fa re boela kwa bonnong jwa rona re ne ra itsisiwe jaana kwantle ga go okaoka: “Re tshwanetse go tshaba kwantle ga tiego!” Maemo a ne a le maswe. Motse o ne o le mo dipharagobeng. Dilo di ne di fetogile ka ponyo ya leitlho! Pelenyana re ne re ntse re sekaseka gore a re ka se ka ra dirisa Goma go nna lefelo la konokono le re ka direlang ditiro tsa rona tsa go rera mo go lone. Jaanong ke fano, re bolelelwa gore re tshabe ka gonne motse o le mo kotsing!

Fa bosigo bo ntse bo atamela, mmala wa loapi o ne wa fetoga bohibidu jwa molelo—ka lebaka le le utlwalang! Seretse sa thaba ya Nyiragongo se ne se atamela motse. Thaba eno e ne e duma fela jaaka pitsa e e kgakgathang e kgwa seretse se se neng se laila sengwe le sengwe se se leng mo tseleng ya sone. Re ne ra phuthaphutha dilwana tsa rona ka lobelo lo logolo! Nako e ne e setse e atamela ura ya bosupa maitseboa.

Diketekete Tsa Batho di a Tshaba

Fa re ntse re itlhaganelela go tswa ka motse, tsela e e tswang ka Goma e ne e tletse ka boidiidi jwa batho ba ba neng ba tshaba e le gore ba namole matshelo a bone. Bontsi jwa bone ba ne ba tsamaya ka dinao, ba sikere dilwana tse ba neng ba kgona go di phuthaphutha ka lepotlapotla. Bontsi jwa bone ba ne ba rwele dilwana tsa bone ka tlhogo. Ba se kae ba kgobelelane mo dikoloing. Botlhe ba lebile kwa molelwaneng o o fa gaufi wa Rwanda. Le fa go ntse jalo, lekgwamolelo ga le na sepe le melelwane e e itiretsweng ke batho. Ga go na masole ape a a ka le emang pele! Re ne ra bona masole le one a tlhanola  direthe go namola matshelo a bone. Dikoloi di ne di sa kgone go tswelela pele di tsamaya mo tseleng. Re ne ra tshwanelwa ke go tsamaya ka maoto. Re ne re le mo gare ga boidiidi jono jo bo kgorometsanang jwa batho ba le 300 000—banna, basadi, bana le masea—ba ba tshabang go lailwa ke lekgwamolelo. Lefatshe le ne la nna la roroma le go kurutla kafa tlase ga dinao tsa rona.

Mongwe le mongwe o ne a tshaba gore a namole botshelo jwa gagwe. Nna le tsala ya me re ne re le mo gare ga batho bano re le baeti ba ba tswang kwa toropong e kgolo, re na le Basupi ba se kae ba ba neng ba re tlhokometse. Tsela e ba neng ba re tlhokometse ka yone e ne e re ama dipelo e bile e dira gore re ikutlwe re babalesegile mo maemong ano a a ngomolang pelo. Batho ba ne ba tshaba ba tshotse dilwana tse ba neng ba ka kgona go di sikara—diaparo, dipitsa, dipane, bangwe le ka dijonyana di se kae. Batho ba ne ba kgorometsana mo gare ga boidiidi jono. Bangwe ba bone ba ne ba tla ba kgomiwa ke dikoloi tse di lekang go feta fa gare ga bone, e leng se se neng se tla se dira gore ba kgopiwe mme dilwana tse ba neng ba di tshotse di we di bo di gatakwe ke ba bangwe. Go ne go le madimabe yo o neng a ka kgopiwa. Batho ba ne ba tlhobaela e bile ba le mo tlalelong. Mongwe le mongwe a tshogile. Re ne ra leka go tshabela kwa Gisenyi, dikilometara di se kae go tswa mo Rwanda. Re ne ra tswelela pele ka mosepele ono wa rona o o sa itumediseng.

Re ne Ra Lala mo Lefelong le le Babalesegileng

Re ne ra fitlha mo lefelong lengwe la baeti, mme gone manno a ne a tletse mo go lone. Re ne ra tshwanelwa ke go itulela mo tafoleng ya tshingwana. E ne e le morago ga go tsamaya mosepele o o lapisang wa diura tse tharo le halofo. Re ne re itumelela go bo re sa ntse re tshela e bile re babalesegile, le go bo re ne re na le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ba neng ba tsere mosepele le rona. Selo se se itumedisang ke gore go ne go se na Mosupi ope yo o suleng.

Go ne go se na pelaelo gore re ne re tla tshwanelwa ke go lala mo nageng. Go tswa mo lefelong leo le le babalesegileng re ne re kgona go bona loapi lo lo bohibidu jwa molelo kwa motseng wa Goma. Le ne le kgatlha e bile le le lentle tota! Letsatsi le ne la tlhaba ka iketlo. Go roroma le go kurutla go ne ga tswelela bosigo jotlhe. Fa re akanya ka ditiragalo tsa letsatsi le le fetileng, re ne ra utlwela botlhoko  diketekete tsa malapa a a neng a tshwanelwa ke go tshaba le bana ba one.

Thuso E ne Ya Tla ka Potlako

Basupi ba kwa Kigali, e leng motsemoshate wa Rwanda, ba ne ba goroga kwa go rona ka Labotlhano, January 18. Komiti ya phalotso e e neng e akaretsa bakaulengwe ba kwa Goma le Gisenyi e ne ya simolola tiro ya go thusa. Mokgele wa bone wa ntlha e ne e le go rulaganyetsa Basupi ba ba tshabileng manno mo Diholong Tsa Bogosi tse thataro tsa lefelo leno. Seno se ne sa dirwa ka lone letsatsi leo. Go ne ga bewa letshwao le le kwadilweng ka Sefora le Seswahili fa thoko ga tsela, le le neng le bontsha tsela e e yang kwa Holong ya Bogosi ya teng, kwa batshabi ba neng ba tla thusiwa le go gomodiwa teng. Mo go lone letsatsi leo, ditone di le tharo tsa dilwana tse ba di tlhokang di ne tsa goroga kwa Holong ya Bogosi kwa Basupi ba neng ba baakanyeditswe bonno gone. Letsatsi le le latelang ka Lamatlhatso, go ne ga goroga lori e e tswang kwa Kigali, e pegile dijo, dikobo, dipolasetiki tse dikgolo, sesepa le melemo.

Go Tlhobaela go a Oketsega

Eno ke nako ya go tshwenyega thata. Batho bano botlhe ba ne ba tla thusiwa jang ka dilo tse ba di tlhokang? Go tweng ka thaba ya lekgwamolelo? Go thunya ga yone go ne go tla emisa leng? Motse wa Goma o sentswe go le kana kang? Dikgang tse di anamang le go kurutla ga lefatshe ga go bonale di naya tsholofelo. Baitse ba boifa gore moya o tlile go kgotlelwa ke gase e e kotsi ya sulfur dioxide. Ba amegile le ka gore metsi a Letsha la Kivu a tla kgotlelwa ka ntlha ya phetogo ya dikhemikale.

Mo diureng di le 48 fa e sa le thaba ya lekgwamolelo e thunya, go setse go anamisitswe dipego tse di tlhobaetsang. Mme ka Lamatlhatso mo mosong re ne ra utlwalela gore batho ba le 10 000, go akaretsa le Basupi ba le 8 le ngwana, ba ne ba dikanyeditswe ke seretse sa bogodimo jwa dimitara tse 2 mo mafelong mangwe. Digase tse di botlhole di ne di aname mo moyeng. Re ne re amegile ka botshelo jwa bone. Go ne go bonala go se na tsholofelo. Tota le kereke e kgolo ya Goma e ne e sentswe thata ke seretse se se elelang. Go ne go se na ope yo o neng a akanya gore Goma e tla falola tshenyo eo.

Dikgang Tse di Nametsang

Re ne ra amogela mogala go tswa go mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba dikanyeditswe ke seretse ka ura ya borobongwe mo mosong ka Sontaga. O ne a re bolelela gore maemo a fetoga. Dilo di nna botoka. Pula e simolotse go na le seretse se a tsidifala, loapi lo ntse lo a apoga. Le fa gone seretse se sa ntse se le mogote e bile se le kotsi, batho ba simolotse go se kgabaganya go ya kwa lefelong le le babalesegileng. Motse ga wa senyega otlhe.

Tseno ke dikgang tsa ntlha tse di molemo fa e sa le masetlapelo ano a simologa. Go bonala thaba ya lekgwamolelo e sa tlhole e thunya. Baitse mo lefelong leno ba ntsha dikgopolo tse di ganetsanang. Re ne ra kgona go golagana le motse o o gaufi wa Bukavu, o o kafa letlhakoreng le lengwe la Letsha la Kivu. Re ne ra bolelelwa gore malapa a le matlhano, go akaretsa le bana ba le bararo ba ba timeletsweng ke batsadi, ba ne ba goroga kwa Bukavu ka mokoro. Basupi ba mo motseng oo ba ne ba tla ba tlhokomela.

 Re ka Boela Morago!

Ka Mantaga, January 21 re ne ra ya go kgothatsa le go gomotsa batho ba ba neng ba senyegetswe kwa Gisenyi, le go bona gore re ka ba thusa jang. Bakaulengwe ba ba neng ba rulaganyeditswe bonno ka nakwana kwa Diholong Tsa Bogosi tse thataro ba ne ba setse ba rulaganya dilo. Re ne ra kgona go bona palo ya ba ba neng ba tshabile—e le 1 800 go akaretsa le bana.

Go tla diragalang mo nakong e e tlang? Balaodi mo lefelong leno ba ne ba rulaganyetsa go tlhoma mafelo a batshabi ka bonako. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba sa ntse ba gakologelwa go gailwa ga merafe mo dikampeng tsa batshabi tse di neng tsa tlhomiwa ka ngwaga wa 1994. Re ne ra swetsa ka go boela kwa Goma, mme re ne ra goroga kwa motseng ono fa letsatsi le tloga le phirima. Mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa motse di ne di sentswe. Re ne re kgona go tsamaya mo godimo ga seretse se se neng se fologetse mo mebileng se jaanong se neng se omelela. Go ne go sa ntse go le bothitho, mme digase di ne di ntse di tlhatlogela mo loaping. Batho ba le bantsi ba ikaeletse go boela kwa motseng.

Ka ura ya bongwe thapama, re ne ra kopana le bagolwane ba Bakeresete ba le 33 kwa Holong ya Bogosi ya Phuthego ya Goma Centre. Botlhe ba ne ba dumalana ka kgopolo e le nngwe: Ba ne ba swetsa ka go boela kwa Goma. Ba ne ba re: “Legae la rona ke mono.” Go tla diragalang fa lekgwamolelo le ka thunya gape? Ba ne ba araba jaana: “Re setse re le tlwaetse.” Ba ne ba boifa gore fa ba sa boele morago ka bonako, dithoto tsa bone di ne di tla utswiwa tsotlhe. Malapa otlhe a Basupi a a neng a tshabile a ne a boetse kwa Goma ka letsatsi le le latelang. Bontsi mo bathong ba le 300 000 ba ba neng ba tlola molelwane le bone ba ne ba boetse kwa motseng.

Beke Moragonyana

Batho mo motseng ba ne ba boetse ba dira ditiro tsa bone. Ga go pelaelo gore motse ono o ka se ka wa nyelela. Go ne ga simololwa tiro ya go egola seretse gore dikarolo tse pedi tsa motse tse di neng di kgaogantswe di boe di kopane gape. Sengwe le sengwe se se neng se le mo tseleng ya seretse se ne se sentswe. Karolo ya kgwebo le ya diofisi ya motse ono le yone e ne e sentswe. Go ne ga fopholediwa gore nngwetharong ya lebala la boemafofane e ne e sentswe.

Go ne ga tlhomamisiwa fa malapa a le 180 a Basupi a le gareng ga ao a neng a latlhegelwa ke sengwe le sengwe le go sala a se na magae. Komiti ya phalotso e dira dithulaganyo tsa go abela banna, basadi le bana ba ka nna 5 000 dijo tsa letsatsi le letsatsi. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Belgium, Fora, le Switzerland ba ne ba romela disaile tsa polasetiki tse di neng di tla dirisiwa go aga mafelo a nakwana a bonno a ba ba latlhegetsweng ke magae a bone, le mafelo a go tshwarela dipokano a diphuthego tse di senyegetsweng ke Diholo Tsa Bogosi. Malapa mangwe a a se nang magae a tla nna le Basupi ba bangwe ba matlo a bone a sa senngwang, fa ba bangwe bone ba tla nna mo mafelong a bonno a nakwana.

Ka Labotlhano, January 25, malatsi a le lesome morago ga tiragalo eo e e tshosang, batho ba le 1 846 ba ne ba le gone mo pokanong e e neng e tshwaretswe mo lebaleng la sekolo kwa Goma go tla go reetsa mafoko a Dikwalo a a kgothatsang. Bakaulengwe ba ne ba leboga thata kgothatso le thuso e ba neng ba e newa ke Jehofa ka mokgatlho wa gagwe. Rona ba re neng re etile re ne ra amiwa thata ke bopelokgale le tumelo e e nonofileng ya bakaulengwe bano le mororo ba ne ba lebane le maemo ano a a thata. Mo maemong ao a a sa itumediseng, a bo go itumedisa jang go nna karolo ya bokaulengwe jo bo utlwanang mo go obameleng Modimo wa boammaaruri, Jehofa, yo e leng Motswedi wa kgomotso e e nnelang ruri!—Pesalema 133:1; 2 Bakorintha 1:3-7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Ka Seswahili thaba eno ya lekgwamolelo e bidiwa mulima ya moto, e leng se se kayang, “thaba ya molelo.”

[Dimmapa mo go tsebe 12, 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Methalo e e nang le metsu e bontsha go elela ga seretse

CONGO (KINSHASA)

Thaba ya Nyiragongo

↓ ↓ ↓

Boemafofane jwa Goma ↓ ↓

↓ GOMA

↓ ↓

LETSHA LA KIVU

RWANDA

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Seretse se se molelo se ne sa pateletsa diketekete tsa baagi ba Congo go tshaba kwa motseng wa Goma

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Sayyid Azim

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Mo lobakeng lwa beke ke fa Basupi ba tshwara dipokano tsa bone tsa Bokeresete