Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metshameko e e Kotsi—Ke Eng fa e Ratwa?

Metshameko e e Kotsi—Ke Eng fa e Ratwa?

 Metshameko e e Kotsi—Ke Eng fa e Ratwa?

MO LEBALENG la metshameko kwa Roma wa bogologolo, babogedi ba ba itumetseng—ba ba ka nnang 50 000—ba ne ba sa kgone go ritibala mo ditulong tsa bone. Ba feditse malatsi ba letetse ditiragalo tseo ka tlhoafalo e kgolo e re ka go ntse go itsisiwe batho gore e tlile go nna ditiragalo tse di “kgatlhang le tse di itumedisang thata.”

Le fa dipontsho tsa maselamose, tsa mmino le tsa metlae di ne di sa ntse di ngokela batho kwa mafelong a teng a bobogelo, ditiragalo tsa kwa mabaleng a metshameko di ne di farologane thata le tseno. Babogedi ba ne ba tla tloga ba lebala matshwenyego a letsatsi le manokonoko a go kokonelwa ke ditulo tsa mabala ao fa ditiragalo tsa teng di ntse di tswelela.

Jaanong go ne ga tlhaga baopedi ba ba neng ba setswe morago ke moperesiti yo o apereng purapura. Go tswa foo ga latela batho ba ba fisang maswalo ba tla ba eteletse pele mokoloko wa batho ba ba tshotseng ditshwantsho tsa medingwana, ba di tsholeleditse kwa godimo gore batho botlhe ba di bone. Seno se ne se dira gore ditiragalo tseno di bonale di amogelwa ke medimo.

Diphologolo di a Bolawa

Jaanong ditiragalo tsa teng tsa konokono di ne di tloga di simologa. Sa ntlha, bontšhwe le bothutlwa, ba bontsi jwa babogedi ba neng ba ise ba ko ba ba bone, ba ne ba tsenngwa mo gare ga lebala go se na kwa ba ka tšhomolang gone. Bahudi ba ba ditswerere ba bora ba ne ba bolaya diphologolo tseno tsotlhe setlhogo ka mara le metsu fa pele ga babogedi bano.

Go tswa foo babogedi bano ba ba itumetseng ba ne ba bogela ntwa e e matlhomahibidu ya ditlou tse pedi tse dikgolo tse dinaka tsa tsone di bofeletsweng ka ditshipi tse di telele tse di bogale. Go nna le modumo o mogolo wa boitumelo fa e nngwe ya tsone e phutlhama fa fatshe ka ntlha ya dikgobalo tse di masisi. Tiragalo eno e ne e le matlhagolatsela fela a tiragalo ya konokono e babogedi ba neng ba tloga ba e bona.

Tiragalo ya Konokono

Mo gare ga tlhatlharuane eo babogedi ba ba itumetseng ba ema ka dinao fa go tsena batlhabani ba ba tlileng go lwa. Bangwe ba bone ba tshotse dithebe le ditšhaka e bile ba rwele dikokoro tsa tshipi kana ba tshotse marumo mme ba bangwe bone ba tshotse ditlhabano di sekae fela. Ba tlhabana go fitlha mongwe wa bone a swa kana boobabedi, fa babogedi ba ntse ba ba etleetsa. Dipego di bontsha gore mo tiragalong nngwe go ne ga bolawa diphologolo di le 5 000 mo malatsing a le 100. Mo tiragalong e nngwe go ne ga bolawa batlhabani ba le 10 000. Mme babogedi ba ne ba sa ntse ba batla gore go lwe ba bangwe.

Gantsi go ne go dirisiwa dikebekwa le bagolegwa ba ntwa go bolawa mo metshamekong eno. Le fa go ntse jalo, buka nngwe ya re bagolegwa bano “ga ba a tshwanela go tsewa e le karolo ya setlhopha sa batlhabani ba ba ditswerere ba ba neng ba lwa ka dibetsa, ba ba neng ba duelwa madi a mantsi, e bile e se bagolegwa ba ba atlholetsweng loso.” Mo mafelong mangwe, batlhabani ba ne ba tsena dikolo tse di kgethegileng gore ba rutiwe bokgoni jwa go lwa. E re ka ba ne ba itumelela go lwa, ba ne ba ngokiwa ke metshameko eno e e kotsi. Ba ne ba nna le keletso e kgolo ya go lwa gape letsatsi le le latelang. Pego nngwe ya re: “Motlhabani o ne a tsewa a atlegile fa a kgonne go lwa dintwa di le masome a matlhano pele ga a tlogela go lwa gotlhelele.”

Go Lwa le Dipoo

Mo motlheng ono wa rona re tshela mo mileniamong o mosha. Mme gone, go bonala batho ba le bantsi ba sa ntse ba na le keletso e kgolo ya metshameko e e kotsi, segolobogolo e e ka felelang ka gore motho a swe. Ka sekai, motshameko wa go lwa le dipoo ga o bolo go nna o ratiwa kwa Amerika Bophirima le Mexico ka masomesome a dingwaga.  Gompieno o ratiwa thata le kwa Latin Amerika, Portugal le Spain.

Go begwa gore go na le mafelo a bobogelo a ka nna 200 kwa Mexico le a a fetang 400 kwa Spain. Bobogelo bongwe kwa Mexico bo kgona go tsaya batho ba le 50 000. Bontsi jwa mafelo ano a go bogela a a bo a tletse ka batho ba ba tlileng go lebelela banna fa ba ntse ba bontsha bokgoni jwa bone ka go lwa le dipoo. Fa mongwe wa ba ba lwang le dipoo a ka bontsha bogatlapa, seo se kgopisa boidiidi jwa batho ba bo ba mo sotla.

Jaanong basadi le bone ba setse ba simolotse go tsenela motshameko ono wa go lwa le dipoo, mme ba duelwa dimilione tsa diranta ka ntlha ya go bolaya dipoo. Mosadi mongwe yo o lwang le dipoo yo o neng a botsolodiwa o ne a bolela fa go se sepe se se mo itumedisang jaaka go tsena mo mosakong wa go lwa le poo e e ka nnang ya mo tlhaba a bo a swa.

Go Taboga ga Dipoo

Pego nngwe ya re: “Batho ba dirile mela e le mene kwa Sixto mo mmileng wa Pamplona Estafeta, mme ba nna ba ntse ba goeletsa kwa godimo. Ba bua dipuo tse di farologaneng—Se-Basque, Se-Castile, Se-Catalan le Seesemane.” Boidiidi bo phuthega go sa le mo mosong go tla go lebelela tiragalo eno. Dipoo tse di tlileng go lwa kwa mosakong di tlhatlhelwa mo masakeng a a leng sekgala se se sa feteng kilometara go tswa kwa lefelong la bobogelo.

Mo mosong o di tlileng go lwa ka one, dipoo tse thataro di a bulelwa mo masakeng ano, go akaretsa le e le nngwe e e tla lwang mo bosigong joo. Go dirilwe maparego mo mebileng e e mo gare ga meago. Seno se diretswe go thibela dipoo gore di se ka tsa fapogela mo mebileng eno, mme fa dilo di ka tsamaya sentle, di tsaya mo e ka nnang metsotso e le mebedi fela di taboga mo tselaneng eno go ya kwa bobogelong.

Mo dingwageng tse di fetileng, batho ba ba ratang go tsenya matshelo a bone mo kotsing, ba ne ba tlhola ba leka go bona gore a ba ka kgona go sia dipoo tseno. Ngwaga le ngwaga go sa ntse go na le ba ba lekang go dira jalo. Fa nako e ntse e ya seno e ne ya nna tiragalo e e tsenelwang ke batho ba dinaga tse dingwe. Ba le bantsi ba ne ba gobadiwa thata ke dipoo, mme bangwe tsa ba tlhaba ba bo ba swa. Motabogi mongwe o ne a bolela jaana: “O tla bo o dira phoso e kgolo fa o akanya gore o ka di sia.” Mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu wa kwa Spain o bolela gore mo lobakeng lwa dingwaga di le 20, go ne ga nna le “palogare ya motho a le mongwe yo o gobalang letsatsi le letsatsi.” Batho ba bangwe ba ka nna 20 go ya go 25 le bone ba ne ba alafiwa dikgobalo letsatsi le letsatsi.

Ke eng fa batho ba rata metshameko eno e e kotsi? Motabogi mongwe o araba jaana: “Metsotso eo e o a bong o na le dipoo ka yone o taboga fa pele ga tsone, o utlwa jaaka fa di go atamela, o bona jaaka fa dinaka tsa tsone di ntse di ya kwa godimo le kwa tlase gaufi le wena—ke yone e [lobelo] lo itumedisang thata ka yone.” Batabogi ba rotloediwa ke babogedi ba ba ba etleetsang. A bangwe ba tla swaba fa ba sa bone mongwe a tlhabiwa ke poo go fitlha a swa kana poo ya dikilogerama di le 700 e latlhela mongwe wa batabogi fa fatshe? A bangwe ba bone ba ne ba ka itumelela go bogela tshololo ya madi e e tshwanang  le e e neng e bogelwa kwa mabaleng a bobogelo a Roma?

Go Tshameka ka Loso

Go na le batho ba bangwe ba ba ratang go tshameka ka loso ka ditsela tse dingwe. Go na le bapalami ba dithuthu ba ba tshamekang ka loso ka go tlola dikoloi tse 50 tse di emeng di bapile kana go tlola dibese tse dikgolo kana ba tlola lengope le le boteng ka sethuthu. Mongwe wa batho bao o bega gore o ile a robega marapo a le 37 a mmele wa gagwe le gore o ile a fetsa malatsi a le 30 a le mo kidibalong e kgolo. A re: “Ke setse ke tlwaetse go robega. . . . Ke setse ke ile ka ariwa ka makgetlo a le lesomepedi go baakanngwa marapo a me a a robegileng. Ba a go sega ba bo ba go tsenya papetla ya senke kana ba go tsenya tshitswana e e go bofang. Ke akanya gore ke setse ke tsentswe ditshitswana tse di ntseng jalo di ka nna masomeamararo tlhano kana masomeamanè go bofaganya marapo a me. Ke ya gangwe le gape kwa bookelong.” Nako nngwe fa a ne a gobetse ka nako ya fa a ikatisa, babogedi ba ne ba mo goeletsa ba bontsha go se itumelele go bo a palelwa ke go tlola dikoloi di le mmalwa.

Batho ba ba ratang metshameko e e kotsi ba nna ba tshameka e e kotsi le go feta, e e akaretsang go palama dikago tse di goletseng kwa godimo ba sena dilo tse di ba sireletsang, ba itheledisa mo dithabeng tse di nang le kapoko tsa bogodimo jwa dimetara di le 6 000, ba tlola go tloga mo ditoreng tse di goletseng kwa godimo le mo maborogong, ba tlola go tswa mo difofaneng ka dipharatšhuti mme ba ipofeletse mmogo ba naane mekwatla kana ba palama mapawa a a kwa godimo a a apesitsweng ke kapoko ba tshotse fela dipeke tse dinnye ka diatla. Motho mongwe yo o palamang mapawa a kapoko o ne a re: “Ke lebeletse go swelwa ke ditsala tse tharo go ya go tse nnè ka ngwaga.” Eno ke metshameko e sekae fela e e kotsi e batho ba simololang go e rata. Mokwadi mongwe o ile a re: “Selo se se dirang gore batho ba rate metshameko eno e e kotsi ke kgang ya go bo e ka nna ya ba bolaya.”

Makasine wa U.S.News & World Report o ne wa re: “Tota le metshameko e e kotsi thata e ntse e ata thata. Motshameko wa go tlola go tswa mo sefofaneng, o mo go one boradipharatšhuti ba binang le go nna ba retologa ba le mo bogodimong jwa dimetara di le 4 000 mo lefaufaung, o ne o seo ka 1990; gone jaanong o ngoka diketekete tsa batho. Mme motshameko wa go tlola go tswa mo dikagong tse di goletseng kwa godimo o o tlhomilweng semolao ka 1980, jaanong o ngoka makgolokgolo a batho ba ba dirisang dipharatšhuti go tlola—gantsi ba sa dumelelwa semolao e bile ba dira jalo bosigo—go tswa mo dikagong tse di jaaka ditora tsa radio kana maborogo.” Motshameko ono o setse o bolaile batho ba le bantsi. Motho mongwe yo o ratang motshameko ono a re: “Ga go na batho ba bantsi ba ba gobalang mo motshamekong ono wa go tlola go tswa mo dikagong tse di goletseng kwa godimo. Fa o sa kgone go tlola ka katlego, o a swa.”

Diketekete tsa batho di simolola go kgatlhegela motshameko wa go palama mapawa a dithaba ba dirisa fela diitshegetso tse dinnye tsa menwana ya matsogo le ya maoto. Tota le dipapatso tsa thelebishene le tsa dimakasine tse di bapatsang dilo, go tloga ka dilori go ya go melemo ya go alafa tlhogo e e opang di tlhagisa bapalami bano ba leketla mo mapaweng a dithaba sekgala sa dimetara di le makgolokgolo mo moyeng, ba tshegeditswe fela ke kgole e e tshesane. Go begwa gore ka 1989 ke batho ba le 50 000 kwa United States ba ba ileng ba nna le bopelokgale jwa go tsenela motshameko ono; bosheng fela jaana go fopholediwa gore motshameko ono o o kotsi o ngokile batho ba ka nna halofo ya milione. Dipalo tsa bone di a oketsega lefatshe ka bophara.

Makasine wa Family Circle o bega gore kwa United States, “palo e e ntseng e oketsega ya basimane le basetsana e a swa kana e golafadiwa ke metshameko e mesha e e kotsi.” Basha ba le bantsi ba bolailwe ke motshameko wa go tswa ka letlhabaphefo la koloi e e tabogang ka lobelo o bo o ema mo godimo ga yone fa e ntse e oketsa lobelo kana wa go ema mo godimo ga lefiti e e tsamayang kana go ema mo godimo ga terena ya kafa tlase ga lefatshe e e tsamayang ka lobelo lo logolo.

 Tota le Thaba ya Everest e setse e palangwa ke batho ba bantsi go feta le fa e le leng pele. Batho ba ba e palamang ba ba sa katisiwang sentle ba duela madi a a fetang R633 000 go thusiwa go e palama le go e fologa. Fa e sa le ka 1953, go setse go na le batho ba ba fetang 700 ba ba ileng ba kgona go fitlha kwa setlhoeng sa yone. Bontsi jwa bone ga ba a kgona go boa. Ditopo dingwe tsa bone di sa ntse di le gone koo. Mokwaladikgang mongwe o ne a re: “Gone jaanong batho ba ba palamang thaba ya Everest ba gaisanela dilo tse di jaaka go nna motho yo monnye go gaisa botlhe go e palama, kana yo mogolo go gaisa botlhe kana yo o tsereng nako e khutshwane go gaisa botlhe.” Yo mongwe o ne a re: “Go palama dithaba ga go tshwane le metshameko e mengwe, gone go tlhoka gore motho a bo a iketleeleditse go swa.” A mme gone go botlhale gore motho a supe bopelokgale jwa gagwe ka go dira dilo tse di kotsi? Motho mongwe yo o kileng a bo a palama dithaba o tlhagisa jaana: “Bopelokgale ga bo bolele gore motho a dire dilo tsa boeleele.” O bolela gore dingwe tsa ‘dilo tseo tsa boeleele’ di akaretsa “‘go leka go palama’ Thaba ya Everest ka lobaka lo lokhutshwane go feta bapalami ba ba nang le maitemogelo.”

Go ntse fela jalo. Palo le mefuta ya metshameko e e kotsi e batho ba simololang go e rata mo lefatsheng lotlhe ga e na selekanyo, go tla nna go tlhaga e mesha. Moithutatlhaloganyo mongwe o bonela pele gore metshameko eno e batshameki ba yone ba tsenyang botshelo jwa bone mo kotsing ka boomo ka yone “e tla nna metshameko e e tshamekwang le go bogelwa ke batho ba bantsi go gaisa yotlhe mo lekgolong la bo21 la dingwaga.”

Ke Eng Fa ba E Tshameka?

Batho ba le bantsi ba ba ratang metshameko e e kotsi ba ntsha seipato sa gore ba e tshameka go leleka bodutu. Batho bangwe ba tlogetse ditiro tsa bone tse di ba lapisang mme ba simolola go tsenela metshameko e e kotsi gore e nne tiro ya bone ya botshelo jotlhe. Mongwe wa bone o ne a re: “Ke ne ka simolola go dirisa motshameko wa go tlola go tswa mo dikagong tse di goletseng kwa godimo go nna tsela ya go itebatsa mathata. Fa ke tlola go tswa kwa godimo, ke ne ke ikutlwa e kete ga ke na mathata ape.” Makasine o ne wa bega jaana ka ene: “O tlodile mo dikagong tse di goletseng kwa godimo ka makgetlho a le 456, go akaretsa le go tlola go tswa kwa godimo ga thabana e e bidiwang Yosemite’s El Capitan, le Borogo jwa San Francisco Bay le go tlola go tswa mo kolotsaneng e e dirisediwang go pagama setlhoa sa thaba e e goletseng kwa godimo go gaisa tsotlhe kwa Fora.”

Motshameki yo mongwe wa metshameko e e kotsi o bolela jaana: “Go nna jaaka e kete nako e eme tsi! Ga o amege ka gore ke eng se se diregang mo lefatsheng.” Yo mongwe o ne a re: “Se re se dirang ka ntlha ya go ijesa monate fela [se se akaretsa go duelwa madi mo go ba le bantsi], batho ba le bantsi ba ka se se dire tota le fa ba supilwe ka tlhobolo.” Makasine wa Newsweek o bolela jaana: “Botlhe ba dira dilo tseno tsotlhe ka go bo ba batla go ijesa monate.”

Bangwe ba baithutatlhaloganyo ba dirile dipatlisiso tse di tseneletseng ka ga batho ba ba ratang metshameko e e kotsi. Mongwe wa bone o tsaya  gore batho ba ba ratang metshameko e e kotsi ba tsalwa ba na le botho joo. “Ba itumelela go lekeletsa maemo a a kotsi, le go batla go ijesa monate. . . ” O ne a bolela jaana: “Go na le batho bangwe ba ba batlang tshireletsego mo botshelong—melao le setso. Batho ba ba ratang metshameko e e kotsi bone ga ba batle tshireletsego eo. Ba batla go itshelela botshelo jwa bone fela.” O bolela fa dipatlisiso di bontsha gore batho ba mofuta ono ba nna le dikotsi tse dintsi tsa tsela go menagane gabedi go gaisa batho ba bangwe. “Dikotsi tsa tsela ke tsone tse gantsi di bolayang basha go feta sepe se sele, gantsi e le ka ntlha ya go bo ba ipaya mo maemong a a kotsi ka ntlha ya go batla go ijesa monate.”

Baitsesaense le baithutatlhaloganyo ba bolela gore ga se ga tlholego gore motho ope fela a batle go tsenela metshameko e e tsenyang botshelo mo kotsing. Kgang ya go bo batho ba le bantsi ba ile ba nna le dikgobalo tse di masisi le tse di batlileng di ba bolaya, le go nna lobaka lo loleele kwa maokelong ba bo ba boa ba tswelela ka go tshameka metshameko eno e e kotsi, e bontsha sentle gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se phoso ka tsela ya bone ya go akanya. Mme gone, gantsi batho bano ke ba ba botlhale fela thata.

Baitse ga ba ise ba itse sentle gore ke eng se se dirang gore batho bano ba rate metshameko eno e e kotsi. Ba akanya gore seo se ka tswa se ikaegile ka tsela e batho bano ba akanyang ka yone. Ba re: “O ka se kgone go ba tlogedisa metshameko e e kotsi, mme gone o ka leka go ba thibela go lekeletsa maemo a a kotsi. Le fa gone o ka se kgone go ba tlogedisa metshameko e e kotsi, o batla gore ba tlogele go tsenya matshelo a batho ba bangwe mo kotsing.”

Pono ya Mokeresete

Bakeresete ba tsaya botshelo e le mpho ya botlhokwa e e tswang kwa go Jehofa Modimo. Fa motho a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka boomo fela ka go leka go supa bopelokgale jwa gagwe kana go itumedisa babogedi kana gore a ijese monate, tota o a bo a bontsha go se anaanele mpho eno e e molemo ya botshelo e re filweng ke Modimo. Jesu o ne a bontsha gore o tlotla botshelo jwa gagwe thata mme ga a ka a bo tsenya mo kotsing go sa tlhokege. O ne a gana go leka Modimo.—Mathaio 4:5-7.

Bakeresete le bone ba tshwanetse go tlotla botshelo. Mokeresete mongwe o ne a kwala jaana: “Nkile ka palama lepawa le le goletseng kwa godimo mme ka palelwa ke go ya kwa pele kana go boela morago. Le gompieno ke sa ntse ke garoga pelo fa ke akanya gore ke batlile ke swa. Ruri ke batlile ke swa ka ntlha ya boeleele!”

Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana: ‘Bana ba mo lefelong la rona ba rata metshameko eno e e kotsi. Ka metlha ba leka go ntlhotlheletsa gore le nna ke e tshameke. Le fa go ntse jalo, ke na le go bona mo dikgannyeng batho ba le bantsi ba swa kana ba gobetse thata ka ntlha ya yone metshameko eno e bana ba bangwe ba tlholang ba mpolelela ka yone. Ke ne ka lemoga gore go tla bo go se botlhale go tsenya botshelo jo ke bo filweng ke Jehofa Modimo mo kotsing, ka ntlha ya monate wa nakwana fela.’ E kete le wena o ka leba dilo jalo ka tsela e e molemo le e e lekalekaneng.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

© Reuters NewMedia Inc./CORBIS

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

Steve Vidler/SuperStock