Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibetsa Tse di Bofitlha—Matshosetsi a Tsone a Masisi go le Kana Kang?

Dibetsa Tse di Bofitlha—Matshosetsi a Tsone a Masisi go le Kana Kang?

 Dibetsa Tse di Bofitlha—Matshosetsi a Tsone a Masisi go le Kana Kang?

MAITEKO a go bolaya batho ka malwetse mo ntweng ga a simolole gompieno. Mo lekgolong la bo14 la dingwaga, ditopo tsa batho ba ba bolailweng ke kgogodi di ne tsa latlhelwa kwa ntle ga motse o o neng o gapilwe wa Yuropa botlhaba. Mo tiragalong e nngwe e e diregileng dingwaga di le 400 moragonyana, balaodi ba Boritane ba ne ba abela Baindia ba Amerika dikobo tse di neng di tshetswe megare ya bolwetse jwa sekgwaripana ka boomo fa ba ne ba dira tumalano ya kagiso ka nako ya Ntwa ya Bafora le Baindia. Seno se ne sa baka leroborobo le le neng la dira gore Baindia ba ineele. Mme gone, fa lekgolo la bo19 la dingwaga le fela e ne ya nna gone go lemogiwang gore megare e baka malwetse a a tshelanwang. Seno se ne sa dira gore go nne le ditshono tse disha le tse di tshosang tsa go dirisa malwetse mo dintweng.

Ke boammaaruri gore, kgatelopele ya tsa kalafi le saense le yone e thusitse gore go dirwe diokobatsi le meento. Dilo tseno di ile tsa atlega thata mo go alafeng malwetse le go a thibela. Le fa gone go ile ga nna le kgatelopele eno, malwetse a a tshelanwang a sa ntse a tlhasela batho thata, a bolaya ba ba fetang dimilione tse 17 ngwaga le ngwaga—mo e ka nnang 50 000 letsatsi le letsatsi. Ruri go a gakgamatsa gore e re banna le basadi ba ba botlhale ba ile ba dira ka natla go leka go fedisa malwetse mo bathong, batho ba bangwe bone ba bo ba tlhagafalela go dirisa malwetse go fedisa batho.

Maiteko a go Iletsa Dibetsa Tsa Megare

Naga ya United States, le dinaga tsa se pele e neng e le Soviet Union le dinaga tse dingwe di le mmalwa, di ile tsa fetsa dingwaga di feta 25 di dira dibetsa tsa megare. Mme ka 1972 dinaga di ne tsa dumalana gore go se ka ga tlhola go dirwa dibetsa tseno. Mme gone, dinaga dingwe di ne tsa tswelela ka go dira dibetsa tseno le go dira dipatlisiso ka tsone, di dira mekoakoa ya megare e e kotsi le ditsela tsa go e anamisa.

Ke eng se se neng sa dira gore go ilediwe dibetsa tseno? Mo masimologong a bo1970, go ile ga nna le kakanyo ya gore le mororo megare e le kotsi thata, ga se dibetsa tse di molemo mo ntweng. Lengwe la mabaka a seno ke gore matswela a tsone ga a bonale ka bonako—go tsaya nako gore matshwao a tsone a bonale. Lebaka le lengwe ke gore matswela a megare a ikaegile ka go fetofetoga ga phefo le maemo a bosa. Selo se sengwe ke gore dinaga di lemogile gore fa naga nngwe e ne e ka tlhasela e nngwe ka dibetsa tsa megare, go ka direga gore naga e e tlhaselwang e ipusolosetse ka dibetsa tsa yone tsa megare kana tsa nuklea. Kwa bofelong batho ba ne ba lemoga gore ga go a siama go dirisa megare go golafatsa le go bolaya batho ba bangwe.

Ga go lepe la mabaka ano le le ka thibelang batho ba ba tletseng letlhoo go dira dilo tse di kgatlhanong le molao. Batho ba ba sekametseng thata mo go bolayeng ba bangwe kwantle ga go kgetholola, ba rata dibetsa tsa megare thata. Dibetsa tsa megare di ka dirwa tsa ba tsa anamisiwa ka sephiri. Motho yo o tlhaselang ka tsone a ka nna a se itsiwe, fa e le gore o a itsiwe, ga go motlhofo go ipusolosetsa mo dirukhutlhing tse di nang le mekgatlho mo dinageng tse dintsi. Mo godimo ga moo, go tlhaselwa ga batho ka megare eno go go dirwang ka tidimalo, go sa lemotshe, le go go dirwang ka iketlo go ka tsosa  ketsaetsego mo setšhabeng ka ntlha ya poifo. Go tlhaselwa ga dijalo le leruo go ka dira gore go nne le tlhaelo ya dijo le go phutlhama ga ikonomi.

Selo se sengwe se se tlhotlheletsang batho go dirisa dibetsa tsa megare ke gore ga go je madi a mantsi go di dira. Patlisiso nngwe e ile ya bapisa ditlhwatlhwa tsa go bolaya banni ba ba sa sireletsegang ba lefelo la bogolo jwa kilometara e le nngwe ka go dirisa dibetsa tse di farologaneng. Go ne ga fopholediwa gore go dirisa dibetsa tse di tlwaelegileng go ne go ka ja madi a a kana ka R20 000, dibetsa tsa nuklea R8 000, dibetsa tsa gase R6 000 mme dibetsa tsa megare R10.

Dilo Tsa Boranyane Tse di Kgoreletsang Dirukutlhi

Dipego tsa bobegadikgang di bolela gore ditlhopha dingwe tsa dirukutlhi di ile tsa lekeletsa dibetsa tsa megare. Mme gone go na le pharologano e kgolo fa gare ga go lekeletsa dibetsa tsa megare le go tlhasela ka tsone.

Dirukutlhi kana mekgatlho ya dirukutlhi e tshwanelwa ke go fenya dikgoreletsi dingwe tsa boranyane gore e atlege. Sa ntlha, serukhutlhi se tshwanetse go senka selekanyo se se lekaneng sa mogare o o kotsi o o bakang bolwetse. Sa bobedi, o tshwanetse a itse go tshwara mogare ono sentle le go o boloka ka tsela e e babalesegileng. Sa boraro, o tshwanetse go itse kafa a ka dirang ka teng gore o ate. Selekanyo se sennye sa megare se ka senya tshimo ya dijalo, sa bolaya motlhape wa diruiwa, kana batho ba motse fa e le gore o isitswe ka tsela e e tshwanetseng kwa go se o se tlhaselang. Mme gone, megare e e dirisediwang dibetsa ga e kgone go tshela sentle fa e se mo laboratoring. Tota ke selekanyo se sennye fela sa megare ya dibetsa se se kgonang go fitlhelela batho ba ba tlhaselwang, ka gone go tla tlhokega selekanyo se sentsi sa megare go tlhasela.

Go na le dikgoreletsi tse dingwe tse dintsi. Serukhutlhi se tshwanetse go itse kafa se ka bolokang mogare o ntse o tshela ka teng e bile o na le maatla fa se o tseela kwa lefelong le le tla tlhaselwang. Sa bofelo, o tshwanetse go itse kafa a ka anamisang mogare ka gone gore o nne le matswela. Seno se akaretsa gore a tlhomamise gore mogare oo o fitlha mo lefelong le a le batlang ka bogolo jo bo lekaneng, jo bo tla akaretsang lefelo la bogolo jo bo lekaneng, e bile e le ka selekanyo se se lekalekanang gore o tshwaetse batho ba le bantsi. Setlhopha se se thapisitsweng sentle sa babatlisisi ba dibetsa tsa megare sa United State se ne sa tsaya dingwaga di le lesome go dira thulaganyo e e ikanyegang ya go rwala dibetsa tsa megare. Ka nako ya fa megare ya bolwetse e anamisiwa mo loaping, e lebana le marang a letsatsi le maemo a bosa a a sa tshwaneng, e leng se se ka dirang gore e swe. Ka gone, go fetola mogare sebetsa go tlhoka kitso ka ga tsela e megare e itshwarang ka teng fa e le mo phefong.

E re ka go na le dilo tseno tse dintsi tse e leng dikgoreletsi, ga go gakgamatse go bo dirukutlhi di ile tsa dira maiteko a le mmalwa fela a go tlhasela ka dibetsa tsa megare. Mo godimo ga moo, maiteko ao a ne a bolaya batho ba le mmalwa fela. Bosheng jaana kwa United States, makwalo a a neng a tsentswe mogare wa bolwetse jwa lobete a ne a bolaya batho ba le batlhano. Seo se utlwisa botlhoko, mme gone palo eo e nnye thata go na le e e neng  e ka nna teng fa go ne go dirisitswe bomo e nnye kana tlhobolo. Badiradipatlisiso ba bolela gore fa e sa le go tloga ka 1975, diperesente di le 96 tsa ditlhaselo tse di neng tsa dirwa lefatshe ka bophara tse go neng go dirisiwa dibetsa tsa dikhemikale kana tsa megare mo go tsone, di ne tsa se ka tsa bolaya kana tsa gobatsa batho ba ba fetang ba bararo mo tlhaselong nngwe le nngwe.

Lekgotla la Tshedimosetso ya Pabalesego la Boritane le Amerika le ne la bega jaana morago ga gore le lemoge kafa go leng thata ka gone go atlega fa go dirisiwa dibetsa tsa megare go tlhasela: “Le fa gone mebuso e lebane le matshosetsi a go tlhaselwa ke dirukutlhi ka dibetsa tsa dikhemikale le megare, babatlisisi ba bantsi ba dumela gore le fa gone ditiragalo tse di ntseng jalo tse di ka bakang matlhotlhapelo a magolo di ka kgonega, ga se gantsi di ka diregang.” Le fa gone go lebega tlhaselo e e ntseng jalo e ka se direge, matswela a yone a ka nna a a boitshegang thata.

Dikgang Tse di Seng Monate

Go tla go fitlha jaanong re ntse re bua ka dilo tse di nametsang: Dikgoreletsi tsa boranyane jwa saense le ditiragalo tse di fetileng tse di bontshang gore ga go kitla go nna motlhofo go tlhasela ka dibetsa tsa megare. Dikgang tse di seng monate ke gore: Re ka se ikaege ka ditiragalo tse di fetileng go bonela pele se se tla diregang. Le fa gone ditlhaselo tse di fetileng di ile tsa se ka tsa atlega, tsa mo isagweng di ka nna tsa atlega.

Go na le dipoifo tse dintsi. Palo e e ntseng e oketsega ya dirukutlhi go lebega e ikemiseditse go bolaya palo e ntsi ya batho. Ga se fela gore dirukutlhi di nna le matlhale a masha a boranyane mme gape dirukutlhi dingwe di na le madi le didirisiwa tsa boranyane tse di lekanang le tsa mebuso mengwe.

Ga go bonale baitse ba tshwenngwa ke go bo dinaga dingwe di abela dirukutlhi dibetsa tsa megare. Mmatlisisi mongwe o ne a bolela jaana: “Le fa mebuso e ka nna setlhogo jang, ya ikgodisa, ya ba ya nna le megopolo e e feteletseng go le kana kang, e ka se ka ya abela dirukutlhi dibetsa tse di sa tlwaelegang tse dirukutlhi di ka nnang tsa se ka tsa di dirisa sentle; mebuso e ka nna ya batla go di dirisa ka boyone fa e tlhaselwa la ntlha, mme gone go ka direga thata gore e di dirise go tshosetsa fela go na le go di dirisa mo ntweng.” Selo se se tshwenyang baitse ke gore dirukutlhi di ka nna tsa ngoka baitsesaense bangwe ba maemo a a kwa godimo ka madi a mantsi gore ba ba berekele.

Malwetse a a Itiretsweng

Go gatela pele ga boranyane jwa go dira dibetsa tsa megare le gone ke kgang e e tshwenyang. Baitsesaense ba setse ba itse gore ba ka fetola jang megare e e leng teng go e dira gore e nne kotsi thata mme go le motlhofo go e dirisa. Ba kgona go fetola megare e e seng kotsi gore e nne botlhole. Gape ba kgona go dira gore megare eno e se ka ya lemogiwa fa go dirisiwa didirisiwa tse di tlwaelegileng tsa go senka megare. Mo godimo ga moo, megare e ka dirwa gore e fekeetse dibolayamegare, meento le dikalafi tse di tlwaelegileng. Ka sekai, baitsesaense ba ba ileng ba tlhanogela naga e pele e neng e le Soviet Union, ba bolela fa ba dirile mofuta mongwe wa  kgogodi o o kgonang go fekeetsa dibolayamegare di le 16.

Go lebeletswe gore kgatelopele e e tlileng go nna teng mo boranyaneng jwa dibetsa tsa megare le mo go fetolweng ga botshelo jwa megare e tlile go ba thusa go kgona go dira dilo tse dintsinyana ka megare eno. Baitsesaense ba ka kgona go fetola botshelo jwa megare gore ba dire dibetsa tse dintsi tsa megare—tse di kotsi thata, tse di maatla le tse go leng motlhofo go di dira le go di anamisa. Ba ka nna ba kgona go dira gore matshwao a tsone a lemogiwe motlhofo le go kgona go alafega. Megare e ka nna ya dirwa gore e swe morago ga go ata ka makgetlo a a rileng—e bolaya batho go tswa foo e bo e nyelela.

Gape go ka nna ga direga gore mo nakong e e tlang go dirwe dibetsa tse go seng motlhofo go di lemoga. Ka sekai, dibetsa tse di dirilweng ka tsela  e e kgethegileng di ka koafatsa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse—mo e leng gore go ka nna motlhofo gore motho a tshwarwe ke malwetse a le mantsi go na le go tshwarwa ke bo le bongwe fela. Fa go ka runya mogare o o kotsi jaaka wa AIDS, ke mang yo o tla itseng gore a ke mogare o o tlhagileng fela ka tsela ya tlholego kana o o itiretsweng ke baba mo dilaboratoring tsa bone?

Kgatelopele ya boranyane e fetotse tsela ya go akanya ya batho ba ba mo sesoleng. Molaodi mongwe wa sesole sa lewatle sa United States o ne a kwala jaana: “Badiri ba dibetsa ke gone ba simololang go lemoga dilo tse ba ka kgonang go di dira ka boranyane jwa dibetsa tsa megare. Go nametsa pelo go itse gore go sa ntse go na le kgatelopele e ntsi e e sa ntseng e tlile go nna gone go feta e e setseng e le gone.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Ntwa ya Dibetsa Tsa Megare ke Eng?

Lereo “ntwa ya dibetsa tsa megare” le kaya go anamisiwa ga malwetse ka boomo mo bathong, mo diruiweng kana mo dijalong. Batho ba ba tlhaselwang ba tsenwa ke bolwetse fa ba sena go tshwaediwa ka megare. Megare eno e a ata (mengwe e na le botlhole), mme fa nako e ntse e ya matshwao a bolwetse a simolola go lemotshega. Dibetsa dingwe tsa megare di ka golafatsa batho, tse dingwe tsa ba bolaya. Tse dingwe di ka dirisiwa go tlhasela dijalo le go di senya.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Tshedimosetso Kaga Dibetsa Tsa Megare

Bolwetse jwa lobete: Bolwetse jo bo tshwaetsang jo bo bakwang ke megare. Matshwao a ntlha a a bontshang gore motho o tsenwe ke mogare wa bolwetse jwa lobete a tshwana le a fa motho a tshwerwe ke mofikela. Morago ga malatsi a sekae, matshwao ano a etegela pele go fitlha a dira gore motho a garoge pelo le go dira gore a se ka a kgona go hema sentle. Gantsi mofuta ono wa bolwetse jwa lobete o a bolaya.

Mo bathong ba ba tsenweng ke mogare ono wa bolwetse jwa lobete go tshwaetsega go ka thibelwa ka go nwa dibolayamegare. Go botlhokwa gore motho a alafiwe ka bonako; fa motho a ka diegelwa a ka nna a swa.

Go bonala bolwetse jono jwa lobete bo sa kgone go fetela mo mothong yo mongwe go tswa mo go yo mongwe ka tlhamalalo.

Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo20 la dingwaga, dinaga di le mmalwa, go akaretsa le United States le dinaga tsa se pele e neng e le Soviet Union, di ne tsa dira dibetsa tsa mogare wa bolwetse jwa lobete. Palo ya dinaga tse go akanngwang gore di na le dibetsa tsa megare e oketsegile go tloga go tse di 10 ka 1989 go ya go tse 17 ka 1995. Ga go itsiwe sentle gore ke dinaga di le kae mo go tseno tse di dirisang mogare wa bolwetse jwa lobete. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng ke puso ya United States, fa go ka anamisiwa mogare wa bolwetse jwa lobete wa dikilogerama di le 100 mo toropong e kgolo, seo se ka bolaya batho ba le bantsi fela jaaka bomo ya haeterojene.

Bolwetse jwa botulin: Bolwetse jo bo koafatsang mesifa jo bo bakwang ke mogare o o botlhole. Matshwao a bolwetse jono jwa botulin jo bo amanang le dijo a akaretsa go se bone sentle, go wa dikgapa tsa matlho, go se kgone go bua sentle, go se kgone go metsa sentle le go omelela legano. Mesifa ya mmele e koafala yotlhe go tloga mo magetleng go ya kwa tlase. Go koafala ga mesifa ya go hema go ka dira gore motho a swe. Bolwetse jwa botulin ga bo tshelanwe.

Fa motho a ka bona kalafi ka bonako seo se tla thusa go okobatsa matshwao a jone mme ga thusa gore a se ka a swa.

Batho ba ba dirang dibetsa tsa megare ba rata botlhole jwa Botulinum thata ka gonne e le sere se se botlhole go gaisa tsotlhe le gore go motlhofo go bo dira le go bo tlosa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe. Mo godimo ga moo, batho ba bo ba tshwaeditseng ba tlhoka go newa tlhokomelo e e tseneletseng. Go na le dinaga di le mmalwa tse go belaelwang gore di dira dibetsa tsa megare ka botlhole jwa botulinum.

Kgogodi: Bolwetse jo bo tshwaetsang thata jo bo bakwang ke mogare. Matshwao a ntlha a kgogodi ya nyumonia e e bolayang ke letshoroma, go opiwa ke tlhogo, go nna bokoa le go gotlhola. Go tswa foo motho o tla garoga pelo, mme fa a sa alafiwe ka bonako ka dilwantshamegare o tla swa.

Batho ba ka tshelana bolwetse jono ka mathe.

Mo lekgolong la bo14 la dingwaga, kgogodi e ne ya bolaya batho ba ka nna dimilione tse 13 kwa China le ba le dimilione tse 20 go ya go tse 30 kwa Yuropa, mo dingwageng tse tlhano fela.

Ka bo1950 le bo1960, United States le dinaga tsa se pele e neng e le Soviet Union di ne tsa dira dithulaganyo tsa go anamisa kgogodi ya nyumonia. Go dumelwa gore diketekete tsa baitsesaense di ile tsa tsenya letsogo mo go direng gore kgogodi e nne dibetsa tsa megare.

Sekgwaripana: Bolwetse jo bo tshwaetsang jo bo bakwang ke mogare. Matshwao a ntlha a jone a akaretsa mofikela, letsapa le go opiwa ke tlhogo le mokwatla. Moragonyana go tlhaga dikuruga tse di botlhoko tse di tutelang ka boladu. Motho a le mongwe mo go ba le bararo ba ba tshwarwang ke bolwetse jono o a swa.

Bolwetse jwa sekgwaripana bo ne jwa fedisiwa lefatshe ka bophara ka 1977. Thulaganyo ya go enta batho e ne ya fela mo magareng a dingwaga tsa bo1970. Ga go itsege gore mo bathong ba ba neng ba entiwa pele ga foo ke ba le kae ba ba sireletsegileng mo bolwetseng jono. Ga go na kalafi e e tlhomameng ya bolwetse jwa sekgwaripana.

Bolwetse jono bo ka tshelanwa ka mathe. Diaparo tse di tshwaeditsweng kana dikobo le tsone di ka anamisa mogare ono.

Go simolola ka 1980, puso ya Soviet Union e ne ya atlega mo go nneng le thulaganyo ya go dira selekanyo se sentsi sa bolwetse jwa sekgwaripana le go bo anamisa mo dikontinenteng tse dingwe ka go dirisa dimmisaele. Gape go ne ga dirwa maiteko a go dira megare e e botlhole go gaisa le e e tshelanwang ya bolwetse jwa sekgwaripana.

[Setshwantsho]

Mogare wa bolwetse jwa lobete

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Go tswa go: U.S. Centers for Disease Control and Prevention, Johns Hopkins Center for Civilian Biodefense Studies.

Anthrax victim: CDC, Atlanta, Ga.; anthrax bacterium: ©Dr. Gary Gaugler, Photo Researchers; botulism bacterium: CDC/Courtesy of Larry Stauffer, Oregon State Public Health Laboratory

Plague bacterium: Copyright Dennis Kunkel Microscopy, Inc.; smallpox virus: ©Meckes, Gelderblom, Eye of Science, Photo Researchers; smallpox victim: CDC/NIP/Barbara Rice

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Bosheng jaana makwalo a a tsentsweng megare ya bolwetse jwa lobete a ne a tsenya batho tsebetsebe

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Axel Seidemann

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Dibomo tsa dikhemikale/tsa megare tse di neng tsa senngwa morago ga Ntwa ya Kwa Kgogometsong

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/MOD