Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Dire Karo ya go Intlafatsa?

A ke Dire Karo ya go Intlafatsa?

 Dipotso Tse Basha ba di Botsang . . .

A ke Dire Karo ya go Intlafatsa?

“Pele ga ke dira karo ya nko, ke ne ke tlhola ke sotlwa ka mafoko. Ga se gore ke ne ke batla go nna le nko e e kgethegileng, ke fela gore ke ne ke batla e e ntshwanelang. Ke kgotsofalela tsela e nko ya me e baakantsweng ka yone, nka se tshabe go dira karo e e ntseng jalo gape fa go tlhokega.”—Eleni. *

“Ke eng fa ke tshwanetse go itetla go laolwa ke megopolo ya batho ba bangwe kaga se ba se tsayang e le ditebego tse dintle? Nka ikutlwa ke tshwana fela le madi a tsietso fa nka fetola ditebego tsa me ka karo. Nka ikutlwa ke le motho wa maitirelo.”—Mathias.

“Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso. Go se ka ga nna le motho ope yo o atlholang yo mongwe.”—Manuela.

“M OTHO ope fela yo montle go mpheta o tshwanetse a bo a itshasitse ditlolo tsa go intlafatsa.” Kwa Jeremane, batho ba ba sa kgotsofaleleng ditebego tsa bone ga ba bolo go nna ba dirisa mafoko ano a a tshegisang go leka go itshireletsa. Le fa go ntse jalo, gompieno mo dinageng di le dintsi mafoko ao a ka fetolwa go nna: “Motho ope fela yo montle go mpheta o tshwanetse a bo a dirile karo ya go intlafatsa.” Ee, batho ba le bantsi ba simolola go rata karo ya go intlafatsa.

 Lokwalodikgang lwa Switzerland lwa Neue Zürcher Zeitung lo bega jaana: “Go dira karo ya go intlafatsa ga go tlhole go dirwa fela ke bahumi.” Lo oketsa jaana: “Maemo a ntse ka ditsela tseno tse pedi: Banna ba le bantsi ba simolola go dira dikaro tsa go intlafatsa . . . , mme basadi ba ba e dirang ke ba dingwaga tse di ntseng di ngotlega go ya pele.” Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Jeremane, mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa batho ba go dirilweng dipatlisiso mo go bone, ba dingwaga tse di magareng ga 14 le 29, ba ka tswa ba setse ba dirile karo ya go intlafatsa, ba rulaganyetsa go e dira, kana ba akanyetsa go e dira. * Gongwe ditsala dingwe tsa gago, ba o tsenang sekolo le bone, kana ba losika, ba setse ba ntlafaditse ditebego tsa bone ka go dira karo.

Go tweng ka wena? A o setse o kile wa tlelwa ke kakanyo ya go itokafatsa ditebego ka go dira karo? A o ikutlwa gore ditsebe tsa gago di ditelele thata, gore mabele a gago a magolo thata kana a mannye thata, gore mpa ya gago e kgolo thata kana gore dirope tsa gago di dikima, kana gore nko ya gago e kima? Fa e le gore go ntse jalo, ga se wena fela yo o ikutlwang jalo. Setlhopha sengwe sa basha ba sekolo se segolo se ne sa kwala kgang mo lokwalodikgannyeng lwa Jeremane se re: “Ga go na mosetsana ope wa dingwaga tsa rona yo go se keng go direga gore nako nngwe a tlhalose fa a sa kgotsofalele mmele wa gagwe.” Motho mongwe le mongwe o eletsa go nna montle le go ratwa ke batho. Mme gone, a go dira karo ke yone tharabololo?

A ke Tharabololo ya Mathata a Gago?

Akanya ka basha ba o ba itseng. A o ka gakgamalela go itse gore bontsi jwa bone—gongwe le ba o bonang ba le bantle—ga ba kgotsofalele ditebego tsa bone? Mme go ka tswa go ntse jalo. Potso ke gore, A o akanya gore botlhe ba tshwanelwa ke go dira karo ya go ipaakanya? Kana o akanya gore go ne go ka nna botoka fa bontsi jwa bone ba ka ithuta go itumelela dikarolo tse dintle tsa mebele ya bone? A go ka tswa go ntse jalo le ka wena?

Jaaka fa kgang ya ga Eleni e bontsha, ka dinako tse dingwe karo ya go intlafatsa e ka thusa motho gore a se ka a tlhola a sotlwa ka mafoko le go itlhabelwa ke ditlhong. Kafa letlhakoreng le lengwe, karo ya go intlafatsa ga se makgonatsotlhe. Ga e botlhokwa go feta go tshela botshelo jo bo molemo jo bo ka thusang motho thata gore a lebege sentle. Mme le fa ngaka e e arang e ka kgona go go fetola ditebego, e ka se kgone go fetola botho jwa gago, kana e tlosa dilo tse di go tlhobaetsang kana go go thusa go oketsa tsela e o itlotlang ka yone.

Gape se lebale gore, ditleliniki dingwe le dingaka di solofetsa batho dilo tse di ka se di kgoneng. Tota ba ka bonala ba solofetsa batho boitumelo. Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba kgatlhegela madi a gago fela e seng boitumelo jwa gago. Ka maswabi, go na le dingaka di le dintsi tse di sa ikanyegeng tse di ka go dirang karo e e sa tlhokegeng, e e se kitlang e atlega, kana e e leng kotsi—fela ka gonne di batla madi.

Go na le dilo tse dingwe gape tse o tshwanetseng go di akanyetsa. Ka sekai, selo se se lebegang se le maswe mo go wena fa o le dingwaga tse 16 se ka lebega ka tsela e e farologaneng thata fa o le dingwaga tse 21. Dr. Urs Bösch yo e leng ngaka ya dikaro tsa go intlafatsa a re: “Gantsi ga go a siama go dira karo ya go intlafatsa mo basheng ba dingwaga tsa bolesome. Popego ya mmele wa mosha wa dingwaga tsa bolesome le tsela e a lebang mmele wa gagwe ka yone e a fetofetoga mo dingwageng tseo.” Mo godimo ga moo, gantsi basha ba tshwanelwa ke go dirwa dikaro tse dingwe morago ga e ba e dirwang. Mme fa mmele wa gago o ntse o gola, mabadi a karo le one a ka nna a gola.

Bala Ditshenyegelo

Baebele e re gakolola gore re bale ditshenyegelo pele ga re simolola tiro nngwe e e botlhokwa. (Luke 14:28) Bontsi jwa basha ba ka se ka ba kgona ditlhwatlhwa tsa karo ya go intlafatsa. Ditlhwatlhwa tseo di ka tswa di sa akaretse diteko tsa kalafi tse di tla dirwang moragonyana—kana go dira dipaakanyo tse di ka nnang tsa tlhokega moragonyana.

Go na le batho bangwe ba ba ileng ba simolola go lwala morago ga go dira dikaro tseno. Go  ya ka American Society for Aesthetic Plastic Surgery, mathata a a ka tlhagang a akaretsa go ruruga ga nakwana, mabadi a a nnelang ruri, go swa bogatsu le go se kgone go anyisa, tota le go dutla madi a mantsi thata. Ka sekai, Anna o batlile a swa mo karong ya go monya mafura mo mmeleng. O a tlhalosa: “Jaanong ke na le mabadi a a maswe e bile mpa ya me e khobetsegile.” Lokwalodikgang longwe lwa Jeremane lo bua jaana ka dikaro tsa go monya mafura mo mmeleng: “Go nna le dipego tse di ntseng di oketsega tse di umakang mathata a a masisi le e leng dintsho.” Se lebale: “Karo ke karo,” go rialo lokwalodikgang lwa tsa kalafi lwa Apotheken Umschau. Ka gone, sekaseka ditshenyegelo ka kelotlhoko pele ga o swetsa go dira karo—segolobogolo fa e se e e alafang bolwetse bongwe.

Gape o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke tla dira gore batho ba bangwe ba akanye eng ka nna? A ke tla dira gore ba akanye gore ke tsaya ditebego di le botlhokwa thata mo botshelong jwa me? Tshwetso e ke e dirang e ka ama jang balekane ba me kana bonnake?’ *

Mabaka a Gago

O tshwanetse go akanyetsa thata le mabaka a gago. Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go a lemoga sentle. Ka sekai, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke batla go didimatsa batho gore ba se ka ba tlhola ba ntshotla ka ditebego tsa me tse di sa kgatlheng? Kana a ke batla go go dira fela go se na lebaka? A keletso ya me ya go batla go iphetola ditebego e tlhotlhelediwa ke balekane, dipapatso tse di feteletsang dilo kana ke bagaka ba boitlosobodutu? A ke batla go fitlhelela bontle jo bo feteletseng jo bo rotloediwang thata ke metswedi ya tshedimosetso ya gompieno?

Bangwe ba akanya gore go tokafatsa ponalo ya bone go tla dira gore ba kgone go bona molekane wa lenyalo kana tiro e e duelang madi a mantsi. Mme gone a mongwe le mongwe yo o nyetsweng yo o mo itseng o na le ditebego tse dintle? Go tweng ka ditebego tsa mongwe le mongwe yo o berekang? Go fitlhelela dilo tseno ga go a ikaega ka tsela e o lebegang ka yone. Kwantle ga moo, a tota go a utlwala gore o dirise madi a mantsi le go itsenya mo kotsing ka go ariwa e le fela gore o kgatlhe motho yo e ka nnang molekane wa gago wa lenyalo kana mothapi wa gago yo o tsayang ditebego tsa gago di le botlhokwa go feta botho jwa gago?

Fa o ntse o sekaseka mabaka a gago, tlotla le batsadi ba gago kana tsala ya gago e e godileng sentle ka maikutlo a gago. Fa o akanya gore ruri karolo nngwe ya gago ya mmele e go fa bothata, ba botse gore bone ba e bona jang. O se ka wa ikanya seipone fela. Nana o bolela jaana ka ga tsela e re lebang ditlhaelo tsa mmele wa rona ka yone: “O di tsaya di le masisi thata go feta batho ba bangwe ka ntlha ya go bo o ipona ka tsela e e farologaneng le e batho ba bangwe ba go bonang ka yone.” Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Landau, kwa Jeremane, ba tlhalosa gore gantsi batho ba dira karo ya go intlafatsa “e se gore tota karolo nngwe ya mmele e golafetse, mme e le ka ntlha ya go bo go ya ka bone, e lebega e golafetse.”

Se dire tshwetso ka bonako fela, mme sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko. Tsaya karo nngwe le nngwe e le e e ka se dirololweng. O tla tshwanelwa ke go itshokela ditlamorago tsa karo nngwe le nngwe ka lobakanyana.

Bontle jo bo Botlhokwa go Feta

Boitumelo ga bo tlisiwe ke tsela e o lebegang ka yone. Le fa gone tebego ya gago e ka dira gore o itlotle kana ya kgoreletsa seo, selo sa botlhokwa ke botho le mekgwa ya gago. Anna o bolela jaana morago ga gore a falole loso: “Ke ithutile gore bontle ga bo amane ka gope le tsela e motho a lebegang ka yone.”

Le fa Baebele e bua ka bontle jwa ditebego ka tsela e e siameng e bontsha gore ga bo botlhokwa go feta bontle jwa semoya: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.” (Diane 31:30; 1 Samuele 16:7) Go nna le pono e e ntseng jalo go tla go thusa go ritibala maikutlo le fa o na le karolo nngwe ya mmele wa gago e o sa e rateng.

Le fa o ka dira tshwetso efe, se lebale gore go nna le ditebego tse di se nang selabe le boitumelo go ka se kgonege gone jaanong. Mongwe le mongwe o na le bokoa bongwe. (Baroma 3:23) O ka se fetole seo. Se o ka se fetolang ke botho jwa gago—jo Baebele e bo bitsang “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:3, 4) Tokafatsa botho jwa gago ka go nna le dinonofo tse dintle mo matlhong a Modimo. Seno ga se kotsi ka gope e bile ga se duelelwe, mme melemo ya gone ga e na selekanyo!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 7 Karo ya go intlafatsa e dirwa mo mothong yo o sa lwaleng a e dira go tokafatsa ditebego tsa gagwe. Karo ya go baakanya bogole bongwe e dirwa gore go baakanngwe karolo nngwe ya mmele e e golafetseng ka ntlha ya kgobalo, bolwetse kana bogole jo motho a tsetsweng ka jone. Dikaro tseno ka bobedi ke dikaro tsa go tokafatsa ditebego.

^ ser. 17 Bona le kgaolo e e reng “Tebego E Botlhokwa go le Kana Kang?” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang —Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

A tota “bothata” jwa gago bo masisi go le kalo, kgotsa a o tlhoka go fetola tsela e o itebang ka yone?