Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Fentse Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega

Ke Fentse Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega

 Ke Fentse Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega

Ke gopola ke lebile monna wa me a tshameka ka boitumelo le morwadiarona yo o sa tswang go tsholwa mme ke tlelwa ke kakanyo ya gore ba ne ba ka sala ba itumetse fa nka kgaogana le bone. Ke ne ke ikutlwa ke le mokgweleo mo go bone. Ke ne ke batla go tsena mo koloing mme ke tsamaele ruri. Ke ne ke sa itse gore ke tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega.

DINGWAGA tsa ntlha tse di lesome tsa lenyalo la me e ne e le tse di itumedisang. Nna le Jason re ne re itumelela go godisa Liana, morwadiarona wa leitibolo. Ka jalo re ne ra itumela tota fa ke ne ke ima gape.

Mme mo lekgetlong leno go ne ga nna le mathata. Tota nka re, ke ne ka batla ke swa ka ntlha ya mathata a ke neng ka nna le one fa ke sena go belega. Mme pele ga moo, fa ke ne ke setse ke na le lobakanyana ke imile, mogopolo wa me o ne o bonala e kete o nna letobo. Seno se ne sa gakala fa re sena go lere morwadiarona yo mosha e bong Carly  kwa gae go tswa kwa bookelong. Ke ne ke aga ke lapile e bile ke ikutlwa ke sa kgone le go dira ditshwetso tse di sa reng sepe. Gangwe le gape ke ne ke tle ke founele Jason kwa tirong ke mmotsa gore ke dire ditiro dife tsa mo lelapeng kana gore a ntlhomamisetse gore a sengwe se ke sa tswang go se bua kana go se dira se siame.

Ke ne ka simolola go tshaba batho, tota le ba e neng e le ditsala tse dikgolo tsa rona. Fa go ne go direga gore mongwe a re etele ke sa mo lebelela ke ne ke ya go iphitlha kwa kamoreng. Ke ne ke tlogela ntlo e tlhakatlhakane mme ke galefa motlhofo fela. Ke rata go bala, mme ke ne ke sa tlhole ke kgona go bala ka gonne ke sa kgone go tlhoma mogopolo mo go se ke se balang. Go ne go se motlhofo go rapela, ka jalo ke ne ka simolola go koafala semoyeng. Ke ne ke sa tlhole ke na le maikutlo, ke sa kgone go ikutlwa ke rata motho ope fela. Ke ne ke boifa gore banake ba ne ba tla gobadiwa ke go bo ke sa kgone go akanya sentle. Ke ne ka simolola go se itshepe. Ke ne ke akanya gore ke a tsenwa.

Ka nako eo, Jason o ne a tle a nthuse go phepafatsa ntlo le go apeela lelapa fa a tswa tirong—mme ke ne ke tle ke mo galefele! Ke ne ke ikutlwa gore o dira seo go mpontsha gore ke mmè yo o sa thuseng sepe. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a ne a sa nthuse, ke ne ke tle ke mo latofatse ka gore ga a amege ka nna. Fa Jason a ka bo a se kile a dirisana le nna ka botlhale le ka lorato, bolwetse jwa me jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo ka bo bo ile jwa thuba lenyalo la rona. Gongwe go ka nna molemo fa Jason a ka tlhalosa ka boene kafa bolwetse jwa me bo neng jwa mo ama ka teng.

Monna Wa me O Tlhalosa Kafa bo Neng Jwa mo Ama ka Teng

“Kwa tshimologong ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore go ne go direga eng ka Janelle. O ne a fetoga gotlhelele, e sa tlhole e le motho yo o itumetseng, yo o ratang batho jaaka pele. O ne a simolola go itshwara jaaka e kete ke motho o sele. O ne a tsaya sengwe le sengwe se ke se buang e le go mo tshwaya diphoso e bile a sa rate fa ke mo thusa tiro ya mo gae. Kwa tshimologong ke ne ke ikutlwa gore ke mmolelele gore a fetole tsela e a itshwarang ka yone, mme gone ke ne ka lemoga gore seo se ne se tla gakatsa dilo fela.

“Re ne re aga re na le dikgotlhang. Go bonala Janelle a ne a akanya gore batho botlhe ba mo tlhanogetse. Ke ne nkile ka utlwa ka basadi ba bangwe ba ba nang le matshwao a a tshwanang le a gagwe  a a bakiwang ke go tshwenyega maikutlo morago ga go belega. Ka jalo fa ke sena go belaela gore a ka tswa a tshwerwe ke bolwetse jono, ke ne ka simolola go bala tshedimosetso nngwe le nngwe e ke neng ke kopana le yone ka kgang eno. Se ke neng ka se bala se ne sa bontsha gore dipelaelo tsa me di ne di le boammaaruri. Gape ke ne ka lemoga gore e ne e se molato wa ga Janelle go bo a lwala—gore o ne a sa lwale ka ntlha ya botlhaswa bongwe.

“Ke a dumela gore tlhokomelo e ntsi e ene le bana ba neng ba e tlhoka e ne ya dira gore ke ikutlwe ke lapile thata mo maikutlong le mo mmeleng. Ke ne ka fetsa dingwaga di le pedi ke tshwanelwa ke go mekamekana le tiro ya boitshediso le maikarabelo a me a go nna mogolwane mo phuthegong le monna wa lelapa le rrabana. Ka lesego ke ne ka kgona go fetola maikarabelo a me kwa tirong gore ke kgone go fitlha kwa gae go sa le gale, segolobogolo ka maitseboa a re neng re ya dipokanong tsa Bokeresete ka one. Janelle o ne a tlhoka gore ke fitlhe kwa gae go sa le gale gore ke mo thuse go apaya le go apesa bana. Seno se ne se re thusa gore re kgone go nna gone kwa dipokanong.”

Go Ikutlwa Botoka

Fa monna wa me a ka bo a se kile a nkema nokeng ka lorato, nkabo ke sa kgona go ikutlwa botoka ka bonako. Jason o ne a ntheetsa ka bopelotelele mme a nthusa go fenya dilo tse ke neng ke di boifa. Ke ne ka lemoga gore go botlhokwa gore ke se lobe maikutlo a me. Ka dinako tse dingwe ke ne ke utlwala ke galefile. Le fa go ntse jalo, ka metlha Jason o ne a ntlhomamisetsa gore o a nthata le gore o nkema nokeng. Ka metlha o ne a nthusa go leba dilo ka tsela e e siameng. Ke ne ke tle ke mo kope maitshwarelo go bo ke ile ka bua le ene ka bogale. O ne a nkgothatsa a mpolelela gore ke bolwetse jo bo neng bo dira gore ke galefe jalo. Gone jaanong, fa ke leba kwa morago, ke kgona go lemoga kafa mafoko a gagwe a a molemo a nthusitseng thata ka teng.

 Re ne ra kgona go bona ngaka e e pelonomi e e neng ya ipha nako ya go reetsa kafa ke ikutlwang ka teng. E ne ya tlhalosa gore ke tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega mme ya akantsha gore kalafi ya me e akaretse melemo e e ka thusang go laola maikutlo a me a go tlhobaela. Gape e ne ya nkgothaletsa go senka thuso ya ngaka ya malwetse a tlhaloganyo. Mo godimo ga moo, e ne ya akantsha gore ke ikatise ka metlha, e leng kalafi e e thusitseng batho ba le bantsi go fenya go tshwenyega thata mo maikutlong.

Selo se segolo se se neng se kgoreletsa gore ke se ka ka ikutlwa botoka e ne e le go lwa le maikutlo a go tlhabisiwa ditlhong ke bolwetse jono. Gantsi batho ga ba kgone go nna kutlwelobotlhoko mo mothong yo o tshwerweng ke bolwetse jo ba sa bo tlhaloganyeng. Bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega ga bo tshwane le malwetse a mangwe a batho ba kgonang go a bona mme ba go utlwele botlhoko, a a jaaka go robega leoto. Le fa go ntse jalo, ba losika le ditsala ba ne ba nkema nokeng e bile ba bontsha go tlhaloganya.

Thuso e e Lorato ya ba Losika le Ditsala

Nna le Jason re ne re anaanela thata thuso ya ga mmè mo nakong eno e e thata. Ka dinako tse dingwe o ne a tlhoka go ikhutsetsa matshwenyego a mo lelapeng. Mmè o ne a leba dilo ka tsela e e siameng ka dinako tsotlhe mme ga ise a ke a leke go ntirela dilo tsotlhe. Go na le moo, o ne a ntshegetsa a bo a nkgothaletsa go dira sotlhe se nka se kgonang.

Ditsala mo phuthegong le tsone di ne di nkema nokeng. Ba le bantsi ba ne ba re romelela melaetsa e mekhutshwane go re tlhomamisetsa gore ba nna ba akantse ka rona. A bo ke rata mafoko a bone jang ne! Go ne go ntse jalo segolobogolo  ka go bo ke ne ke tshaba go bua le batho, e ka tswa e le ka founo kana fa re lebane difatlhego. Go ne go le thata gore ke tlotle le Bakeresete ka nna pele ga dipokano le morago ga tsone. Ka gone, go re kwalela ga ditsala tsa rona go ne go sa bontshe fela gore ba ne ba tlhaloganya mathata a a bakiwang ke bolwetse jwa me mme le gore ba ne ba re tlhomamisetsa gore ba a re rata le go amega ka rona.

Seno ga se Bolwetse Jo bo Sa Foleng!

Jaanong ke ikutlwa botoka thata—ke leboga kgakololo ya ngaka, kemonokeng ya ba lelapa le ditsala tse di tlhaloganyang. Ke sa ntse ke ikatisa ka metlha le fa nka ikutlwa ke lapile, ka gonne go nthusitse fela thata gore ke ikutlwe botoka. Gape ke leka go leba dikgothatso tse ke di newang ke batho ba bangwe ka tsela e e siameng. Ka dinako tsa fa go le thata, ke reetsa dikhasete tsa Baebele le Kingdom Melodies—mmino o o nonotshang motho semoyeng le mo maikutlong o o rulagantsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Dilo tseno tse di molemo di nnonotshitse semoyeng le go nthusa go akanya ka tsela e e siameng. Bosheng jaana ke ne ka simolola go neela dipuo tsa baithuti tse di theilweng mo Baebeleng kwa dipokanong tsa phuthego.

Go ntsere dingwaga di le pedi le halofo go boa ke ikutlwa ke kgona go bontsha monna wa me, bana ba me le batho ba bangwe lorato. Le fa lelapa la me le ile la lebana le nako eno e e thata, jaanong re ikutlwa re atamalane go feta pele. Ke leboga segolobogolo Jason yo o neng a mpontsha lorato ka go itshokela dinako tse di thata tsa bolwetse jwa me le gore ka metlha o ne a le teng go nkema nokeng fa ke tlhoka thuso. Mo godimo ga tsotlhe, nna le ene re na le kamano e e molemo le Jehofa, yo o neng a re nonotsha fa re ne re lebane le diteko.

Ke sa ntse ke na le go tshwenyega maikutlo, mme gone, ka thuso ya lelapa la me, ngaka ya me, phuthego le moya wa ga Jehofa o o boitshepo, dilo di ntse di nna botoka go ya pele. Ee, bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega ga se bolwetse jo bo ka se kang jwa fola. Ke mmaba yo re ka kgonang go mo fenya.—Jaaka go boletse Janelle Marshall.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dilo Tse di ka Bakang Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega

Kwantle ga go fetofetoga ga dihoromone go na le dilo di le dintsi tse ka dinako tse dingwe di ka bakang bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega. Dilo tseo di akaretsa:

1. Tsela e mosadi a lebang go nna mmè ka yone, e e ka tswang e bakwa ke tsela e e sa itumediseng e a godisitsweng ka yone le go se nne le kamano e e molemo le batsadi.

2. Dilo tse di feteletseng tse setšhaba se di lebeletseng mo go bommè.

3. Go tswa mo lelapeng la batho ba ba nang le go tshwenyega maikutlo.

4. Go se kgotsofale mo lenyalong le go se engwe nokeng ke ba lelapa kana ba losika.

5. Maikutlo a go inyatsa.

6. Go ikutlwa o fekeediwa ke maikarabelo a go tlhokomela bana.

Lenaane leno ga le akaretse dilo tsotlhe. Go na le dilo tse dingwe tse le tsone di ka bakang bolwetse jono jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega. Ke boammaaruri gore ga go ise go tlhaloganngwe ka botlalo dilo tse di bo bakang.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Ga se Kgang Fela ya go Fetofetoga Maikutlo

Bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega ga bo a tshwanela go tsewa bo tshwana le go fetofetoga maikutlo go go nnang teng fa motho a sena go belega. Dr. Laura J. Miller a re: “Mofuta o o tlwaelegileng thata wa go fetofetoga maikutlo fa motho a sena go belega ke o o bidiwang gore ke ‘go tshwenyega ka ngwana.’ . . . Mo e ka nnang 50% ya basadi ba ba belegang ba nna le go fetofetoga maikutlo go go dirang gore ba utlwe botlhoko. Gantsi go gakala thata go tloga ka letsatsi la boraro le la botlhano fa a sena go belega mme go tswa foo go nyelela ka iketlo mo dibekeng di sekae.” Babatlisisi ba akanya gore go fetofetoga maikutlo gono go bakwa ke go fetofetoga ga dihoromone tsa mmele wa mosadi fa a sena go belega.

Bolwetse jono jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega ga bo tshwane le maikutlo ano a “go tshwenyega ka ngwana,” bone bo akaretsa go tshwenyega maikutlo ka lobaka lo loleele go go ka simologang ka nako ya fa o belega kana le e leng dibeke kana dikgwedi morago ga foo. Mmè yo o nang le bolwetse jono a ka ikutlwa a itumetse ka nako nngwe mme a tloge a ikutlwe a tshwenyegile maikutlo—tota le e leng go batla go ipolaya. Mo godimo ga moo, a ka tenega motlhofo, a ngala go sa twe sepe le go galefa. A ka nna le maikutlo a a sa feleng a go inyatsa le go ikutlwa a se na maikutlo ape a go rata ngwana wa gagwe. Dr. Miller a re: “Bommè bangwe ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba a itse gore ba rata bana ba bone, le fa go ntse jalo, ba ikutlwa ba sa ba kgatlhegele, ba ba tenegela. Ba bangwe ba tlelwa ke dikakanyo tsa go gobatsa bana ba bone kana le e leng go ba bolaya.”

Bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ga bo bolo go nna gone. Go tloga bogologolo mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., ngaka ya Mogerika e leng Hippocrates o ne a lemoga diphetogo tse dikgolo mo basading bangwe ba ba neng ba sa tswa go belega. Patlisiso nngwe e e gatisitsweng mo makasineng wa Brazilian Journal of Medical and Biological Research e ne ya tlhalosa jaana: “Bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega ke bolwetse jo bo tshwarang 10-15% ya bommè mo dinageng tse dintsi.” Journal ya re, ka maswabi, “bontsi jwa bone ga ba kgone go lemogiwa gore ba na le bolwetse jono mme ga ba newe kalafi e e tshwanetseng.”

Bolwetse jo bo sa tlwaelegang thata jo le jone bo leng masisi thata ke jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo fa motho a sena go belega. Molwetse wa jone a ka tlhakana tlhogo, a utlwa mantswe mangwe a bua le ene, le go se kgone go farologanya fa gare ga dilo tsa mmatota le tse di ikakanyediwang, le fa gone a ka siama ka nakwana ka dinako tse di sa tshwaneng mo lobakeng lwa diura kana malatsi. Dilo tse di bakang go latlhegelwa ke tlhaloganyo gono ga di ise di itsege sentle, mme Dr. Miller o lemogile gore “go koafala ga dijini, go go ka tswang go bakiwa ke go fetoga ga dihoromone, go lebega e le gone go bakang bothata jono.” Moitse wa tsa kalafi yo o nang le bokgoni a ka nna a akantsha kalafi e e molemo ya bolwetse jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo morago ga go belega.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Kafa o ka Thusegang ka Teng *

1. Fa go tshwenyega thata mo maikutlong go tswelela pele, kopa thuso ya tsa kalafi. Fa o ka dira jalo ka bonako, o tla kgona go thusiwa gore o ikutlwe botoka. Batla ngaka e e tlhaloganyang le e e tlwaelaneng le bothata jono. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bolwetse jwa gago le ke go dirisa kalafi e o e neilweng.

2. Ikatise ka metlha. Dipatlisiso di bontsha gore go ikatisa ka metlha e ka nna kalafi e e molemo thata ya go tshwenyega maikutlo.

3. Bolelela batho ba ba atamalaneng thata le wena gore o ikutlwa jang. O se ka wa itlhaola mo bathong kana wa loba maikutlo a gago.

4. Se lebale gore ga o tlhoke go nna le ntlo e e se nang selabe. Leka go boloka botshelo jwa gago bo le motlhofo ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa.

5. Rapelela bopelokgale le boitshoko. Fa o lemoga gore go thata gore o rapele, kopa mongwe gore a rapele le wena. Go ikutlwa o le molato kana o se motho wa sepe go ka dira gore o se ka wa fola ka bonako.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 39 Tsogang! ga e buelele mofuta mongwe o o rileng wa kalafi. Dikakantsho tse di neelwang banna le basadi tse di tlhagang mo setlhogong seno ga di akaretse maemo otlhe mme e bile dintlha dingwe di ka tswa di sa dire mo maemong mangwe.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Dikakantsho Tse di Ka Thusang Banna

1. Lemoga gore ga se molato wa mosadi wa gago go bo a tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo morago ga go belega. Fa boemo jwa gagwe bo tswelela pele bo mo tshwenya, mo thuse go batla thuso ya ngaka e e tlhaloganyang bothata jwa gagwe e bile e le kutlwelobotlhoko.

2. Reetsa mosadi wa gago ka bopelotelele. Amogela tsela e a ikutlwang ka yone. Se galefisiwe ke fa a nna le maikutlo a a sa siamang. Mo thuse ka bonolo gore a lebe dilo ka tsela e e siameng le go mo tlhomamisetsa gore o tla nna botoka. Se nne le boikutlo jwa gore o tla rarabolola mathata otlhe a a go bolelelang one. Se a ka tswang a se tlhoka fela ke gore o mo kgothatse, e seng go leka go araba potso nngwe le nngwe ya gagwe. (1 Bathesalonika 5:14) Gakologelwa gore bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong morago ga go belega bo dira gore go nne thata gore motho a akanye sentle.

3. Fokotsa ditiro dingwe tse e seng tsa botlhokwa go le kalo gore o kgone go nna le nako e e oketsegileng ya go tshegetsa mosadi wa gago. Seo se ka dira gore a fole ka bonako.

4. Tlhomamisa gore le wena o ipha nako. Fa o na le botsogo jo bo molemo mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng, seo se tla go thusa gore o kgone go tshegetsa mosadi wa gago botoka.

5. Batla mongwe yo o ka go kgothatsang mme o buisane le ene, gongwe monna yo o godileng sentle semoyeng yo le ene mosadi wa gagwe a kileng a tshwenyega maikutlo morago ga go belega.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Boora Marshall