Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dirang Gore ke Tshedisane Sentle le Motho yo ke Nnang le Ene?

Nka Dirang Gore ke Tshedisane Sentle le Motho yo ke Nnang le Ene?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dirang Gore ke Tshedisane Sentle le Motho yo ke Nnang le Ene?

“Ke ne ke rata kitsi e e phepa. Mme batho ba ke neng ke nna le bone ba ne ba tlogela dijana di sa bewa sentle le dipitsa di tlogetswe fela mo setofong. Ba ne ba sa kgathale.”—Lynn. *

BATHO ba o nnang le bone. “Lo ka nna ditsala tse di ntshanang se inong kana baba ba ba itaanang ka noga e tshela,” go bolela jalo mokwadi Kevin Scoleri. Gongwe wena ga o ikutlwe jalo, mme ga go pelaelo gore go nna le motho yo mongwe e ka nna kgwetlho e kgolo. * Go ya ka U.S.News & World Report, gantsi baithuti ba yunibesithi ba na le go nna le dikgotlhang tse dintsi jaana mo e bileng dikolo tse dintsi di dirang “maiteko a magolo” go thusa baithuti ba ba nnang mmogo gore ba tshedisane sentle, go akaretsa le go dira “dithulaganyo tsa go ba tsereganya” le go ba tshwarela diseminara.

Go kopanela bonno le motho yo mongwe go ka nna thata le mo basheng ba Bakeresete ba ba duleng mo gae ka ntlha ya go ya go dira tiro ya go rera ya nako e e tletseng. Selo se se itumedisang ke gore gantsi ba ka kgona go rarabolola dikgotlhang fa ba dirisa melaometheo ya Baebele le go dirisa “botlhale jo bo mosola.”—Diane 2:7.

Lekang go Itsane

Fa lo setse lo na le nako lo nna mmogo, o ka nna wa iphitlhela o eletsa gore dilo di nne kafa di neng di le ka teng kwa gaeno. (Dipalo 11:4, 5) Le fa go ntse jalo, go nna o akanya ka dilo tse di fetileng go ka dira gore go nne thata gore o tlwaele botshelo jo bosha. Moreri 7:10 e gakolola jaana: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’ gonne ga o a botsa ka seno ka ntlha ya botlhale.” Ee, go molemo go leka go itlwaetsa seemo se sesha ka moo o ka kgonang ka teng.

Simolola ka go dira maiteko a go ithuta motho yo o nnang le ene. Ke boammaaruri gore ga se gore batho ba ba nnang mmogo ba tshwanetse go nna ditsala tse di ntshanang se inong. Tota e bile, lo ka nna lwa bo lo se ditsala ka gope. Mme gone, fa o nna le motho, a ga go utlwale gore lo leke go tshedisana ka kagiso ka moo go ka kgonegang ka teng?

Bafilipi 2:4 e re laela gore re se ‘kgatlhegele dilo tse di amang rona fela, mme gape re kgatlhegele le dilo tse di amang ba bangwe.’ A go ne go ka se nne molemo go botsa motho yo o nnang le ene kaga lelapa la gaabo, mekgele ya gagwe le dilo tse a di ratang, o sa mmotsolotse jaaka e kete o lepodise? Le wena mmolelele kaga gago. Fa lo ithutana, lo tla kgona go itsane botoka.

Rulaganyang go dira dilo mmogo ka dinako dingwe.  Lee o bolela jaana: “Ka dinako dingwe nna le batho ba ke nnang le bone re tle re intshe re ye go ja go sele, kana re etele mafelo a botaki mmogo.” Mo Bakereseteng, go dira dilo tsa semoya mmogo tse di jaaka, go baakanyetsa dipokano kana tiro ya go rera, e ka nna selo se se molemo tota se se ka nonotshang kamano ya bone.

David a re: “Fa motho yo ke nnang le ene a ne a neela puo ya Baebele ke ne ka etela phuthego ya bone go ya go mo ema nokeng.” Le fa ba sa rate metshameko le mmino o o tshwanang, go rata dilo tsa semoya go nonotshitse kamano ya bone. David a re: “Re na le dilo tse dintsi tsa semoya tse re tlotlang ka tsone. Tota e bile, re tle re fetse diura tse dintsi re tlotla ka dilo tsa semoya.”

Mme gone, ela tlhoko: Lo se ka lwa tlwaelana thata jaana mo lo se kitlang lo kgona go dira botsala le batho ba bangwe. Fa motho yo o nnang le ene a ikutlwa gore o tshwanetse a ya le wena gongwe le gongwe kwa a laleditsweng gone, a ka nna a simolola go ikutlwa e kete o a mo hupetsa. Baebele e gakolola gore ‘re pitlologe’ mo botsalanong jwa rona.—2 Bakorintha 6:13.

Go Dirisa Molao wa Sekagouta

Ke boammaaruri gore, fa lo ntse lo tlwaelana, lo tla lemoga dilo tse lo farologanang ka tsone. Go ntse fela jaaka Mark a tlhagisa go re, “o tshwanetse go lebelela bosaitekanelang.” Fa o le motho yo o sa fetofetogeng le maemo kana yo o sa akanyetseng, seo se tla baka dikgotlhang. Go ka nna jalo le fa o lebelela gore motho yo o nnang le ene a dire diphetogo tse dikgolo go ya kafa wena o batlang ka teng.

Fernando o ithutile seno ka go nna le mongwe: “Ga wa tshwanela go nna bogagapa o sa akanyetse yo mongwe.” Se a se buang se dumalana le Molao wa Sekagouta o o reng: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ka sekai, go ise go ye kae ke fa Fernando a lemoga gore ene le motho yo o nnang le ene ga ba dumalane ka themperetšha ya mo ba nnang teng; o ne a batla gore e nne bothito mme yo mongwe ene o ne a batla gore fa go robalwa e bo e le tsiditsana. Ba ne ba rarabolola seno jang? Fernando a re: “Ke ne ka ithekela kobo.” Ee, go ntse fela jaaka Mark a re, “fetofetoga le maemo. Ga o tlhoke go ineela mo go sengwe le sengwe, mme gone o ka nna wa tshwanelwa ke go ineela mo dilong dingwe.”

Tsela e nngwe e o ka dirisang Molao wa Sekagouta ka yone ke e: Ithute go itshokela dilo tse a di ratang. Ka sekai, a ga o rate mmino wa gagwe? Gongwe le ene ga a rate mmino wa gago. Ka gone, fa mmino o a o reetsang e se o o leswe, o ka leka go o itshokela. Fernando a re: “Ga ke rate mmino wa motho yo ke nnang le ene. Mme gone, ke a o tlwaela.” Kafa letlhakoreng le lengwe, motho a ka reetsa mmino ka di-headphone e le gore a se ka a kgoreletsa motho yo a nnang le ene fa a ithuta.

Go dirisa Molao wa Sekagouta gape go ka thibela dikgotlhang tse di sa tlhokegeng tse di malebana le dilwana tsa lona. Ka sekai, fa o tlwaetse go ipha dijo tse di mo setsidifatsing—mme o se ke o di reka—go ka nna ga tsoga kgotlhang. Kafa letlhakoreng le lengwe, go kgotswela motho yo o nnang le ene kana go mo leba ka tsela e e seng botsalano fa a ipha sengwe se o se rekileng go ka se ka ga dira gore lo tshedisane ka boitumelo. Baebele e re laela go dira “ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana.” (1 Timotheo 6:18) Fa o ikutlwa gore motho yo o nnang le ene o go ja ntsoma o se ka wa didimala fela. Buisana le ene sentle ka bopelonomi.

 A mongwe le mongwe wa lona a tlotle dilo tsa yo mongwe. Ke boikgogomoso go itseela selo sa motho yo mongwe o sa mo kopa. (Diane 11:2) Gape, ela tlhoko gore motho yo o nnang le ene o tlhoka go nna le nako a le nosi. Bontsha maitseo ka go kokota pele ga o tsena mo kamoreng ya gagwe. Fa o bontsha maitseo le ene o tla dira se se tshwanang. David a re: “Ga go molato fa mongwe wa rona a ithutela mo gae. Roobabedi re tlotla seo mme ga re dire modumo fa yo mongwe a ithuta. Mme gone, ka dinako tse dingwe ke tle ke ye go ithutela kwa laeboraring fa e le gore yo ke nnang le ene a ka tswa a batla go dira sengwe se sele.”

Go dirisa Molao wa Sekagouta go akaretsa le gore o ikanyege mo dilong tse di jaaka go duela bontlhabongwe jwa gago jwa madi a rente ka nako kana go dira seabe sa gago mo ditirong tsa mo ntlong.

Go Rarabolola Dikgotlhang

Bogologolo mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, Paulo le Barenabase, ba e neng e le banna ba ba tlotlegang ba Bakeresete, ba ne ba ‘galefelana botlhoko.’ (Ditiro 15:39) Go tweng fa le lona lo ka diragalelwa ke se se tshwanang? Gongwe go na le sengwe se se lo tlhoboganyang kana gongwe mongwe wa lona o na le mokgwa mongwe o o tenang yo mongwe. A go nna le kgotlhang kana go omana gangwe fela go tshwanetse ga dira gore lo se tlhole lo nna mmogo? Nnyaa. Go bonala Paulo le Barenabase ba ile ba kgona go rarabolola kgotlhang ya bone. Gongwe le lona lo ka dira se se ntseng jalo pele ga lo ka tsaya kgato e e masisi ya gore lo kgaogane. Mengwe ya melaometheo ya Baebele e e ka lo thusang ke eno.

● ‘Se direng sepe ka manganga kgotsa ka go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tseye ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.’—Bafilipi 2:3.

● “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.”—Baefeso 4:31, 32.

● “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”—Mathaio 5:23, 24; Baefeso 4:26.

Melemo ya Gone

Basha ba le bantsi ba Bakeresete (le ba e seng basha) ba ba nnang mmogo ba iponetse ka namana gore mafoko ano a ga Kgosi Solomone yo o botlhale a boammaaruri: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” (Moreri 4:9) Ee ruri, batho ba le bantsi ba lemogile gore go nna le mongwe go ka solegela motho molemo. Mark a re: “Go nthusitse go tshedisana sentle le batho le go fetofetoga le maemo.” Renee o oketsa jaana: “O ithuta dilo di le dintsi ka ga gago. Mme gape, batho ba o nnang le bone ba ka go tlhotlheletsa ka ditsela tse di melemo.” Lynn o dumela jaana: “Ke ne ke le motho yo o ratang gore dilo di dirwe ka tsela ya me fa ke simolola go nna le batho ba ke nnang le bone. Mme ke ithutile gore ke se nne motho yo o gagamatsang dilo thata. Jaanong ke a lemoga gore ga se gore motho yo mongwe o phoso fela ka gonne a dira dilo ka tsela e sele.”

Ke boammaaruri gore, go tshedisana sentle le motho yo mongwe go tlhoka motho maiteko le go itima dilo dingwe. Mme fa o leka ka natla go dirisa melaometheo ya Baebele, o ka nna wa itumelela go nna le motho yo mongwe; e se fela gore o tshela le ene ka kagiso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana go Nna le Motho mo Phaposing?” se se tlhagang mo makasineng wa rona wa May 8, 2002.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go ipha dilo tse e seng tsa gago go ka baka dikgotlhang

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Akanyetsanang