Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore

Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore

 Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore

JAAKA GO BOLETSE LADISLAV ŠMEJKAL

Fa ke sena go atlholwa, ke ne ka busediwa kwa seleng ya me. Ka yone nako eo, ke ne ka romelela tsala ya me molaetsa ke dirisa Morse code (mokgwa wa go fetisa melaetsa ka medumo e e rileng). O ne a letetse go utlwa gore ke atlholetswe dingwaga tse kae.

Ke ne ka re: “Dingwaga tse 14.”

O ne a sa dumele. Ka jalo a botsa jaana: “A wa re dikgwedi tse 14?”

Ke ne ka araba ka re: “Nnyaa, ka re dingwaga tse 14.”

E NE e le ka 1953. E le kwa Liberec, kwa Czechoslovakia (e jaanong e leng Czech Republic). Ka nako eo, ke ne ke le molweladiphetogo ke na le dingwaga tse 19. Re ne re tle re itsise batho megopolo ya rona ka go anamisa dipampitshana tse di neng di senola diphoso tsa Lekoko la Bokomonisi le le neng le busa ka nako eo. Tiro eo ya rona e ne e tsewa e le boepapuso, ke gone ka moo ke neng ka atlholelwa dingwaga tse dintsi jaana mo kgolegelong.

Ke ne ke setse ke na le mo e ka nnang ngwaga ke le mo kgolegelong fa ke atlholwa. Pele ga bagolegwa ba atlholwa ba ne ba tsenngwa ba le babedi mo seleng, mme nako le nako ba ne ba tsewa ba bipilwe matlho go ya go botsolodiwa. Re ne re sa dumelelwa go tlotla fa re le mo diseleng, ka jalo re ne re sebasebelana kana re buisana ka go dirisa Morse code.

Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore bontsi jwa bagolegwa e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Mo kgolegelong ya rona go ne go tlwaelegile gore go fetolwe bagolegwa kgwedi nngwe le nngwe mo diseleng. Ke ne ka itumela fa kgabagare ke tsenngwa mo seleng le Mosupi ka jaana ke ne ke kgatlhegela Baebele. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi.

Motho a ka tlhalosa metlotlo eo ya rona e le thuto ya Baebele le mororo re ne re se na Baebele kana dibuka tsa Baebele. Tota ke ne ke ise nko ke bone Baebele ka matlho. Mme gone, re ne re tle re tlotle—Mosupi yono o ne a tlhalosa dithuto tsa Baebele ka tlhogo—mme ke ne ke kwala dilo tse a neng a tlotla ka tsone. Re ne re dira seo sotlhe ka go dula re bapile re sebelana.

Dilwana tse re neng re na le tsone e ne e le pampiri ya ntlwana le kamo fela. Ke ne ke dirisa kamo go kwala dintlha mo pampiring ya ntlwana. Bontsi jwa dikwalo tse re neng re bua ka tsone ke ne ke di tshwara ka tlhogo. Basupi ba ba neng ba ithuta le nna ba ne ba nthuta dipina  tsa Bogosi. Mosupi mongwe o ne a nthaya a re: “Gone jaanong o mo kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao ya sepolotiki, mme mo isagweng o ka nna wa tshwarelwa go bo o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

La bofelo ke ne ka atlholwa mme ka isiwa kampeng ya pogiso gaufi le toropo ya Jáchymov, morago ga go nna ke botsolodiwa gangwe le gape. Ka nako eo, ke ne ke tlhatswegile pelo gore letsatsi lengwe ke tla nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Dingwaga Tse Dintsi ke Tswaletswe

Ka bonako fela fa ke goroga kwa kampeng e go neng go epiwa minerale wa uranium kwa go yone, ke ne ka simolola go batla Basupi. Ke ne ka bolelelwa gore ba ne ba fuduseditswe kwa lefelong le lengwe. Legale go ne go setse Mosupi a le mongwe yo e neng e le moapei. O ne a nkadima Baebele e e neng e onetse thata e e sa bolong go nna e fitlhiwa mo mafelong a a farologaneng. Ka jalo ke ne ka kgona go bala dikwalo tse ke neng ke di itse ka tlhogo. Fa ke ntse ke di bala ke ne ke ntse ke re, ‘Ruri di ntse fela jaaka bakaulengwe ba di nthutile.’

Morago ga kgwedi ke ne ka fudusediwa kwa kampeng e e neng e bidiwa Bytiz, e e gaufi le toropo ya Příbram. Ke ne ka kopana le Basupi ba bangwe koo. Kwa Bytiz re ne re amogela dibuka tsa Baebele ka metlha tse re neng re di tsenya mo kampeng ka bokhukhuntshwane. Le fa batsamaisi ba kampa ba ne ba leka go batlisisa tsela e re neng re di romelelwa ka yone, ba ne ba se ka ba kgona. Re ne re na le bagolegwa ba ka nna 14 ba ba neng ba rera ka matlhagatlhaga. Halofo ya bone e ne e le Basupi ba ba kolobeditsweng, mme halofo e nngwe go akaretsa le nna e ne e le ba ba neng ba amogetse dithuto tsa Basupi fa ba ntse ba le mo kgolegelong.

Bontsi jwa rona re ne re batla go bontsha boineelo jwa rona mo Modimong ka go kolobediwa. Mme ka gonne go ne go se na metsi—kgotsa mma ke re, ka gonne go ne go se na mo re ka bonang metsi a a mantsi gone—go ne go se motlhofo go ka kolobediwa. Ka gone, bontsi jwa batho ka nako eo ba ne ba tshwanelwa ke go leta go fitlha fa ba sena go gololwa gore ba tle ba kolobediwe. Le fa go ntse jalo, kwa kampeng ya Bytiz, go ne go na le madutelo a magolo a metsi a difetlhamowa tsa moepo. Mo bogareng jwa bo1950, ba se kae ba rona ba ne ba kolobediwa mo tankeng ya lengwe la madutelo ao.

Dingwaga di se kae morago ga moo, ka March 1960, ke ne ka bilediwa kwa ofising ya lepodise lengwe le le neng le tlhokometse bagolegwa ba dipolotiki. O ne a re fa ke ne nka mo loma tsebe ka ditiro tsa bagolegwa ba bangwe, o ne a tla rulaganya gore ke fokolediwe dingwaga tsa me mo kgolegelong. Fa ke sena go gana go dira jalo o ne a simolola go ntlhapatsa. O ne a tlhaeletsa jaana: “O gana tshono ya go gololwa. Ke tlile go tlhomamisa gore ga o kitla o bo o gololwa! O tla swela mono.” Le fa go ntse jalo, dikgwedi di se kae morago ga moo, ke ne ka bona boitshwarelo, mme ka boela gae morago ga go fetsa dingwaga di le robedi mo kgolegelong.

Go Gololwa ka Nakwana

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Czechoslovakia fa e sa le go tloga ka April 1949, ka jalo go ise go e kae ke ne ka lemoga gore go direla Modimo ke golotswe go ne go tshwana fela le fa ke ne ke mo direla ke le kwa kgolegelong. Fa ke sena go gololwa ke ne ka lebana le bothata jo bongwe. Ka nako eo, banna botlhe ba ne ba patelesega go ya bosoleng ka dingwaga tse pedi.

 Banna bangwe ba ba neng ba dira mo dikgwebong dingwe tsa Puso ba ne ba sa patelesege go ya bosoleng. Ka sekai, batho ba ba neng ba bereka mo meepong ya magala ba ne ba sa patelesege. E re ka nkile ka dira mo meepong, ke ne ka bona tiro kwa go mongwe wa meepo. Ke ne ka amogelwa ka boitumelo teng. Ke ne ka tewa jaana: “Se tshwenyege. Re ka kgona go dira gore o se ka wa ya bosoleng.”

Dikgwedi tse pedi morago ga moo, fa ke sena go amogela lekwalo la gore ke tle bosoleng, baokamedi ba ne ba nkgothatsa jaana: “Se tshwenyege, e tshwanetse ya bo e le phoso fela. Re tla kwalela ba bosole mme kgang e tla bo e rarabolotswe.” Mme e ne ya se ka ya rarabologa. Fa nako e ntse e ya, mookamedi mongwe o ne a tla kwa go nna mme a kopa maitshwarelo a re: “Ke la ntlha go direga selo se se ntseng jaana, mme gone o tla tshwanelwa ke go itlhagisa kwa bosoleng.” Fa ke ne ke gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi, ke ne ka tshwarwa mme ka isiwa kwa ofising e e fa gaufi ya sesole.—Isaia 2:4.

Fa Pele ga Lekgotla la Basekisi

Fa ke sena go tshwarwa kwa toropong ya Kladno ka January 1961, ba ne ba leka go ntlhotlheletsa gore ke dumele go nna lesole. Mookamedi wa masole o ne a rulaganya kokoano. Ke ne ka isiwa kwa lefelong la dikokoano le le nang le tafole e kgolo e e kgolokwe e e dikologilweng ke ditulo tse dikgolo tsa letlalo. Baokamedi ba ne ba goroga mme ba nna go dikologa tafole. Yo o neng a ba okametse o ne a simolola go ba nkitsise bongwe ka bongwe. Go tswa foo o ne a nna fa fatshe a bo a re: “Jaanong re bolelele ka bodumedi jono jwa gago.”

Fa ke sena go rapela thapelo e khutshwane mo pelong, ke ne ka simolola go bua le bone ba reeditse ka tlhoafalo. Go ise go ye kae ba ne ba simolola go bua ka thutotlhagelelo, ba bolela gore e engwa nokeng ke mabaka a saense. Kwa kampeng ya pogisetso e nkileng ka bo ke le kwa go yone, ke ne ke badile bukana ya Evolution Versus the New World. * Baokamedi bano ba masole ba ne ba gakgamadiwa ke go utlwa ke ntsha bosupi jwa gore thutotlhagelelo ke thuto e e se nang bosupi.

Go tswa foo majoro yo go bonalang a ne a itse bodumedi jwa Katoliki o ne a bua. O ne a botsa jaana: “O dumela eng ka Maria wa Kgarebane?” “O akanyang ka Mmisa o o boitshepo?” Ke ne ka araba dipotso tsa gagwe, mme go tswa foo ke bo ke re: “Motlotlegi, ke a bona gore o tshwanetse wa bo o le motho wa bodumedi, ka gonne dipotso tsa gago di farologane le tsa ba bangwe.”

O ne a latola jaana a buela kwa godimo: “Nnyaa! Nnyaa! Nnyaa! Ga ke modumedi!” Mo Pusong ya Bokomonisi batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba nyadiwa thata e bile ba sa newe ditiro dipe tsa maemo. Fa ke sena go bua le ene, o ne a se ka a tlhola a bua sepe mo kokoanong eo. Ke ne ka itumelela tshono eo ya go tlhalosetsa banna bano dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang.

Ditshono Tse Dingwe Gape Tsa go Rera

Malatsi a se kae morago ga foo, ke ne ka isiwa kwa kagong ya sesole kwa Prague mme ga laelwa gore ke disiwe. Lesole la ntlha le le neng la laelwa go ntisa le ne la gakgamadiwa ke ditaelo tseo tse di kgethegileng tsa gore ke disiwe. Le ne la re: “Ke la ntlha re laelwa gore re dise motho a le mongwe.” Ka jalo ke ne ka mo tlhalosetsa lebaka la go bo ke tshwerwe. Seno se ne sa mo  kgatlha thata mo a ileng a nna fa fatshe, a ntheetsa, a tlhomile tlhobolo ya gagwe fa gare ga maoto. Morago ga diura tse pedi ke ne ka disiwa ke lesole le lengwe mme le lone ke ne ka kgona go tlotla le lone ka dikgang tsa Baebele.

Mo malatsing a a neng a latela, ke ne ka nna le tshono ya go tlotla le masole a a neng a ntisa le bagolegwa ba bangwe fa badisa ba kgolegelo ba ne ba ntetla go dira jalo. Badisa ba ne ba bo ba bula le disele go letla bagolegwa go phuthega go tla go tlotla le nna ka Baebele! Fa go ntse go ya, ke ne ka tshwenyega gore batho ba bangwe ba ne ba tla itse ka kgololesego e badisa ba neng ba nnaya yone ya gore ke buisane le bagolegwa ba bangwe le gore seno se ne se tla felela ka matswela a a sa itumediseng. Le fa go le jalo, kgang eno e ne ya bolokiwa e le khupamarama.

Fa kgabagare ke tseelwa kwa kgotlatshekelong go ya go atlholwa, ke ne ka kgothadiwa ke batho ba ke neng ka tlotla le bone ka bodumedi jwa me. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le pedi, tse go neng ga okediwa ka tsone mo godimo ga tse thataro tsa molato ole wa ntlha, tse ke neng ka se ka ka di fetsa ka ntlha ya go itshwarelwa. Seno se bolela gore ke ne ke tlile go fetsa dingwaga di ka nna robedi ke le mo kgolegelong.

Go Lemoga Thuso ya Modimo

Gantsi ke ne ke kgona go lemoga thuso ya Modimo fa ke ntse ke fudusediwa mo dikampeng le mo dikgolegelong tse di farologaneng kwa Czechoslovakia. Fa ke goroga kwa kgolegelong ya Valdice, molaodi wa teng o ne a botsa gore ke eng fa ke le koo. Ke ne ka re: “Ke ganne go tsenela bosole. Tumelo ya me ga e ntetle go nna le seabe mo ntweng.”

O ne a araba jaana a ntlhomogela pelo: “Go ne go ka nna molemo fa batho botlhe ba ne ba ka nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gago.” Le fa go ntse jalo, morago ga gore a akanye go se kae o ne a re: “Mme ka go bo bontsi jwa batho ba se na boikutlo jo bo ntseng jalo, re tshwanetse go go otlhaya—re go otlhaye tota!”

Ke ne ka otlhaiwa ka go romelwa kwa lefapheng le le segang galase. Le mororo ke ne ke atlhotswe ka gonne ke ganne go nna lesole, ka go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke sa ntse ke tsewa ke le legolegwa la sepolotiki, ke ka moo ke neng ka newa tiro e e boima jalo. Go sega galase e e dirang mabone le e e dirang dilo tse dingwe tsa manobonobo ke tiro e e boima tota ka gonne dilo tseo di ne di sa tshwanela go nna le phosonyana epe. Gantsi fa bagolegwa ba sena go fetsa dilo tse ba di dirileng, bontlhanngwe jwa tsone bo ne bo busiwa mo letsatsing le le latelang gore di tle go baakanngwa. Ka jalo go ne go le thata tota go wetsa selekanyo sa tsone se ba se beetsweng.

Ka letsatsi le ke neng ka goroga ka lone kwa lefapheng la go sega galase, ke ne ka tshwanelwa ke go letela mookamedi wa lefapha. Fa a goroga, o ne a simolola go goa bagolegwa, a re ga ba bereke ka natla. Fa a ntse a feta fa go bone o ne a fitlha fa go nna a bo a re: “Wena? Ke eng fa o sa bereke?”

Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke mogolegwa yo mosha. O ne a ntseela kwa ofising ya gagwe mme a mpotsa potso e ke neng ke setse ke e tlwaetse ya gore ke tshwaretswe eng. O ne a bua jaana fa ke sena go mo tlhalosetsa: “Ehe, o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?”

Ke ne ka re: “Ee.”

O ne a reba maikutlo. A bo a re: “Se tshwenyege. Re nnile le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi mono. Re a ba tlotla ka gonne ke batho ba ba dirang ka natla le ba ba molemo. Ke tla go abela selekanyo sa tiro se o tla se kgonang.”

Ke ne ka gakgamadiwa thata ke tsela eno e mookamedi a neng a fetola maikutlo ka yone. Ke ne ka leboga Jehofa le bakaulengwe bao ba ke sa ba itseng ba ba dirileng gore Basupi ba tlotlwe mo kgolegelong eo. Tota nka re, ke ne ka bona kafa Jehofa a neng a nthusa ka teng ka nako eo yotlhe e ke neng ke le kwa kgolegelong ka yone.

Le fa maemo a ne a le thata, ka metlha ke ne ke solofela gore kgabagare ke tla kopana le bakaulengwe ba me ba Bakeresete. Ke ne ke tla itumelela go bona menyenyo ya bone e e itumedisang le dikgothatso tsa bone. Ke ne ke se kitla ke kgona go itshokela go nna mo kgolegelong fa e ne e se ka bone.

Go bonala bagolegwa ba le bantsi ba ne ba akanya fela ka go ipusolosetsa ka ntlha ya tsela e e makgwakgwa e ba neng ba tshwerwe ka yone. Mme nna ga ke ise nko ke ikutlwe jalo. Ke ne ke lemoga gore ke boga ka ntlha ya go ikobela melao ya Modimo e e siameng. Ka jalo ke ne ke  itse gore letsatsi lengwe le lengwe le ke le fetsang ke le mo kgolegelong, le ne le dira gore Jehofa a mpolokele malatsi a a itumedisang a a se nang palo mo lefatsheng le lesha la gagwe la Paradaise.—Pesalema 37:29; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

Go Itumelela Masego Gompieno

Kgabagare ke ne ka gololwa ka May 1968, morago ga go fetsa dingwaga di feta 15 mo kgolegelong. Kwa tshimologong ke ne ke sa kgone go bua le batho, e leng selo se se tlwaelegileng fa motho a feditse nako e ntsi ya botshelo jwa gagwe a tshela le bagolegwa le badisa ba kgolegelo. Mme gone bakaulengwe ba me ba Bakeresete ba ne ba nthusa go dira tiro ya go rera, e ba neng ba e dira le fa e ne e sa ntse e thibetswe.

Ke ne ka kopana le Eva dibeke di se kae morago ga ke sena go gololwa. Le fa ene le kgaitsadie ba ne ba ganediwa thata ke ba losika, o ne a emela boammaaruri jwa Baebele ka bopelokgale. Go ise go ye kae ke fa re simolola go rera mmogo. Gape re ne ra nna le seabe mo tirong ya go gatisa dikgatiso tsa rona tsa Baebele. Seno re ne re se dira ka sephiri mo magatisetsong a a ka fa tlase ga lefatshe. Re ne ra nyalana ka November 1969.

Re ne ra nna le ngwana wa rona wa ntlha ka 1970, e leng Jana. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka nna molebedi wa potologo wa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke dirisa mafelobeke go di etela ke di kgothatsa semoyeng. Fa ke ntse ke dira tiro eno, ke ne ka tshwarwa gape ka 1975 mme ka isiwa kgolegelong. Ka nako eno ke ne ka nna dikgwedi di se kae fela teng. Ka 1977, morwa wa rona Štěpán o ne a tsholwa.

Kgabagare ka September 1, 1993, Czech Republic e ne ya simolola go amogela Basupi ba ga Jehofa semolao. Mo ngwageng o o latelang oo morwadiarona, Jana, o ne a nyalana le Dalibor Dražan, yo e leng mogolwane wa Mokeresete. Morago ga moo, ka 1999, morwa wa rona e bong Štěpán, yo e leng motlhanka wa bodiredi o ne a nyalana le Blanka, yo e leng modiredi wa nako e tletseng. Gone jaanong rotlhe re kopanela le phuthego ya Prague. Rotlhe re tlhoafaletse nako ya fa go tla bo go na le lefatshe le lesha—mme segolobogolo ke tlhoafaletse nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le dikgolegelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1950.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ne ka dirisa kamo go kwala ditemana tsa Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Kampa ya Bytiz e ke neng ka tswalelwa mo go yone mme moragonyana ka kolobediwa mo go yone

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Letsatsi la rona la lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Nna le Eva re na le Štěpán le Blanka kafa molemeng le Jana le Dalibor kafa mojeng