Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Haebolate—Go e Thibela Le go E Laola

Haebolate—Go e Thibela Le go E Laola

 Haebolate—Go e Thibela Le go E Laola

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BRAZIL

MARIAN o ne a tshogile! Ka tshoganyetso fela, o ne a tshologa madi a mantsi ka dinko. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke akanya gore ke tlile go swa.” Ngaka e ne e boleletse Marian gore mokola oo o ne o bakilwe ke haebolate. Marian o a re: “Mme ke ikutlwa ke siame.” Ngaka e ne ya araba jaana: “Batho ba bantsi ga ba itse gore ba na le haebolate ka gonne ba se na matshwao a yone.”

Go tweng ka kgatelelo ya gago ya madi? A tsela e o tshelang ka yone gone jaanong e ka go bakela haebolate mo isagweng? O ka dirang go laola kgatelelo ya gago ya madi? *

Kgatelelo ya madi ke maatla a madi a tsamayang ka one mo ditshikeng tsa madi. E lekanngwa ka sedirisiwa se se pompiwang, se se thathelelwang mo lebogong la motho se golagantswe le sedirisiwa se se bontshang gore kgatelelo ya madi e kana kang. Go bonwa dipalo tse pedi. Ka sekai: 120/80. Palo ya ntlha e bidiwa kgatelelo ya madi ya pelo ka gonne e bontsha kgatelelo ya madi fa pelo e itaya, mme palo ya bobedi e bidiwa kgatelelo ya madi fa pelo e sa ntse e sa iteye. Kgatelelo ya madi e lekanngwa ka dimilimitara tsa mekhuri, mme dingaka di bolela gore balwetse ba na le kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi fa kgatelelo ya bone ya madi e feta 140/90.

Ke eng se se oketsang kgatelelo ya madi? A re tseye gore o nosetsa tshingwana ya gago. Fa o bula tshitswana e e mo molomong wa lethompo kgotsa o fokotsa bogolo jwa molomo wa yone, o oketsa kgatelelo e metsi a tswang ka yone. Go diragala jalo le ka kgatelelo ya madi: Go oketsa lebelo la go elela ga madi kgotsa go fokotsa tshika ya madi go oketsa kgatelelo ya madi. Go tla jang gore motho a nne le haebolate? E bakwa ke dilo di le dintsi.

Mabaka A o Ka se A Laoleng

Babatlisisi ba lemogile gore fa motho a na le ba losika ba ba nang le haebolate, le ene o ka tsenwa ke bolwetse joo. Dipatlisiso di bontsha gore gantsi mawelana a a tshwanang a ka tsenwa ke haebolate go feta mawelana a a sa tshwaneng. Patlisiso nngwe e bua ka go “batlisisa dijini tse di bakang haebolate,” tse tsotlhe di netefatsang kgang ya gore haebolate e a fetela. Fa motho a ntse a gola o nna mo kotsing ya go tshwarwa ke haebolate e e kwa godimo thata mme seno se direga thata mo banneng ba batho ba bantsho.

Mabaka A o Ka a Laolang

Ela tlhoko gore o ja eng! Letswai le ka oketsa kgatelelo ya madi mo bathong bangwe, segolobogolo mo bathong ba ba nang le bolwetse jwa sukiri, ba ba nang le haebolate e e kwa godimo thata, batho ba ba  godileng, le batho ba bangwe ba bantsho. Go nna le mafura a mantsi thata mo mading go ka dira gore go nne le kholeseterole mo teng ga ditshika tsa madi (go omelela ditshika), mme seo se fokotsa bogolo jwa tsone go bo go oketsa kgatelelo ya madi. Batho ba bokete jwa bone jwa mmele bo leng kwa godimo thata ka diperesente di le 30 ba ka tshwarwa ke haebolate. Dipatlisiso di bontsha gore go ja dijo tse di nang le potassium le calcium go ka fokotsa kgatelelo ya madi.

Go goga motsoko go baya motho mo kotsing e kgolo ya go omelela ditshika, go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri, go ema pelo le seterouku. E re ka go ntse jalo, fa o goga motsoko e bile o na le haebolate seno se ka nna kotsi thata mo go ka felelang go dirile gore o tshwarwe ke malwetse a pelo. Le mororo bosupi bo sa dumalane le seno, kafeine—e e leng mo kofing, mo teeng le mo dinōtsididing tsa khola—le go tshwenyega mo maikutlong le letsapa la mmele di ka gakatsa haebolate. Mo godimo ga moo, borasaense ba a itse gore go nwa bojalwa go feta tekano le go sa itshidile mmele go ka oketsa kgatelelo ya madi.

Mokgwa o o Itekanetseng wa Botshelo

O tla bo o dira phoso fa o emela pele gore o tshwarwe ke haebolate pele o tsaya dikgato tse di tshwanetseng tsa go dira gore e se ka ya go tshwara. O tshwanetse go nna le mokgwa o o itekanetseng wa botshelo go tloga o sa le monnye. Go itlhokomela gone jaanong go tla dira gore o nne le botshelo jo bo itekanetseng gone jaanong.

The Third Brazilian Consensus on Arterial Hypertension e ne ya tlhalosa diphetogo tse motho a tshwanetseng go di dira mo mokgweng wa gagwe wa botshelo tse di ka thusang go fokotsa haebolate. Go dira diphetogo tseno go thusa batho ba ba nang le haebolate le ba ba se nang yone.

Babatlisisi ba akantsha gore batho ba bakima ka tsela e e feteletseng ba je sentle mme ba se ka ba ja dijo tse di ba nayang maatla a mantsi, ba tile go itima dijo ka tsela e e feteletseng ba batla go fokotsa mmele “ka bonako,” mme ba ntse ba ngaparetse thulaganyo ya go ikatisa mmele ka tsela e e lekaneng. Ba akantshitse gore go jewe digerama tse di sa feteng di le thataro tsa letswai ka letsatsi kgotsa leswana le lennye la letswai. * Fa motho a dira jalo, go raya gore o fokotsa letswai le a le dirisang fa a apaya dijo, le go fokotsa go ja dijo tse di apeetsweng ruri tse di tsentsweng mo dithining, dinama tse di segeletsweng tse di jewang di le tsididi (jaaka salami, ham, boroso le tse dingwe), le dijo tse di apewang ka mosi. O ka fokotsa selekanyo sa letswai le o le jang ka go fokotsa go tshela letswai fa o ja le ka go leba sephuthelwana sa dijo tse di baakanyeditsweng ruri go bona gore di na le letswai le le kana kang.

The Brazilian Consensus gape e akantsha go ja dijo tse dintsi tse di nang le potassium ka gonne e ka tswa e kgona go “thibela haebolate.” E re ka go ntse jalo, dijo tse di itekanetseng “di tshwanetse go nna le le letswai le le kwa tlase mme di nne le potassium e ntsi,” jaaka dinawa, merogo e metala thata, dipanana, magapu, di-carrot, dibeteruti, ditamati le dinamune. Gape  go botlhoka gore o nwe bojalwa ka tekatekano. Babatlisisi bangwe ba bolela gore banna ba ba nang le haebolate ga ba a tshwanela go nwa bojalwa jo bo fetang dimililitara di le 30 ka letsatsi; mme basadi kgotsa batho ba boima jwa bone jwa mmele bo leng kwa tlase thata ga ba a tshwanela go nwa bojalwa jo bo fetang dimililitara di le 15. *

The Brazilian Consensus e konela ka gore go ikatisa mmele ka metlha go fokotsa kgatelelo ya madi e bile go fokotsa dikotsi tsa go tshwarwa ke haebolate. Go ikatisa mmele ka tekatekano jaaka go tsamaya, go palama baesekele le go thuma, ka metsotso e ka nna 30 go ya go e le 45, gararo kana ga tlhano ka beke go mosola. * Ditsela tse dingwe tsa go tshela botshelo jo bo itekanetseng di akaretsa go tlogela go goga motsoko, go laola selekanyo sa mafura mo mading le bolwetse jwa sukiri, go ja dijo tse di nang le calcium le magnesium e e lekaneng, le go laola letsapa la mmele le go tshwenyega mo maikutlong. Diokobatsi dingwe tse di jaaka melemo ya dinko, dilo tse di fokotsang asiti mo mmeleng tse di nang le letswai le lentsi, dilo tse di laolang keletso ya dijo le dipilisi tse di nang le kafeine tse di okobatsang tlhogo e e opang thata.

Eleruri, fa o na le haebolate, ngaka ya gago e ka kgona go go gakolola gore o je eng le gore o tshele jang go ya ka maemo a gago. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege boemo jwa gago, go nna le mokgwa o o itekanetseng wa botshelo o santse o le monnye go mosola ka dinako tsotlhe, e seng fela mo bathong ba ba nang le haebolate mme mo malokong otlhe a lelapa. Marian, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno o ne a tshwanelwa ke go dira diphetogo mo tseleng e a tshelang ka yone. Gone jaanong o dirisa melemo e bile o tshela botshelo jo bo tlwaelegileng fela go sa kgathalesege mathata a gagwe a botsogo. Go tweng ka wena? Fa o sa ntse o letetse nako e batho botlhe ba tla bong ba tshela botshelo jo bo itekanetseng ka yone e bile “go [se] monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola,’” laola kgatelelo ya gago ya madi!—Isaia 33:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Tsogang! ga e buelele kalafi epe, ka gonne e tlhaloganya gore ke kgang ya botho.

^ ser. 15 Tlotla le ngaka ya gago gore o tlhoka go ja letswai le potassium e e kana kang fa o na le haebolate, kgotsa bolwetse jwa pelo, jwa sebete, kgotsa jwa diphilo e bile o nwa melemo letsatsi le letsatsi.

^ ser. 16 Dimililitara di le 30 tsa bojalwa di lekana le dimililitara di le 60 tsa dinō (tse di jaaka whiskey, vodka le tse dingwe), dimililitara di le 240 tsa beine kgotsa dimililitara di le 720 tsa biri.

^ ser. 17 Botsa ngaka ya gago ka ditsela tse o ka ikatisang ka tsone.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

GO LWANTSHA HAEBOLATE

1. Ditsela Tse di ka Thusang go Laola Haebolate

• Fokotsa boima jwa mmele

• Fokotsa letswai le o le jang

• Ja dijo tse di nang le potassium e ntsi

• Fokotsa selekanyo sa bojalwa jo o bo nwang

• Ikatise mmele ka metlha

2. Ditsela Tse Dingwe Tse di ka Nnang Tsa Thusa go Laola Kgatelelo ya Madi

• Melemo e e oketsang calcium le magnesium

• Go ja merogo e e nang le faeba e ntsi

• Kalafi e e fokotsang go tshwenyega mo maikutlong

3. Ditsela Tse Dingwe

• Tlogela go goga motsoko

• Laola selekanyo sa kholeseterole ya gago

• Laola sukiri e e mo mading a gago

• Tila diokobatsi tse di ka oketsang kgatelelo ya gago ya madi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dintlha dingwe di tserwe go tswa go Third Brazilian Consensus on Arterial Hypertension—Revista Brasileira de Clínica & Terapêutica.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go ikatisa mmele ka metlha le go ja dijo tse di nang le dikotla go thusa go thibela le go laola haebolate