Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amogela Ntwa?

A Modimo o Amogela Ntwa?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Amogela Ntwa?

GANTSI bajenerale, babusi le eleng baruti tota ba ema ntwa nokeng mo leineng la Modimo! Ka 1095, go ne ga romelwa setlhopha sa Ntlha sa Batlhabanelatumelo gore se ye go gapa “Motse o o Boitshepo” wa Jerusalema la bobedi, se o gapela Labokeresete. Mme pele ba fitlhelela mokgele wa bone, setlhopha sengwe sa Batlhabanelatumelo se ne sa nyelediwa ke Ba-Turk ba ba neng ba tlhagafaletse Allah ka tsela e e tshwanang le e Batlhabanelatumelo ba neng ba tlhagafetse ka yone mo thutong ya Tharonngwe.

Ka August 1914, Mojeremane mongwe yo mmotlana o ne a kwala jaana a le kwa bothibelelong jwa Ntwa ya Lefatshe I: “Fa e le gore Modimo o kaela ditiragalo tsa hisitori, e leng se ke tlhomamisegileng gore se a direga—re tshwanetse go fenya.” Mo go yone kgwedi eo Czar Nicholas II o ne a romela masole a Russia gore a ye go tlhabana le Jeremane a bolela jaana: “Ke romela ditumediso tsa me tse di lorato kwa masoleng a me a a pelokgale le kwa dinageng tse di tlhomologileng tsa semphato. Modimo o na le rona!”

Masole a le dimilione a ne a ya kwa ntweng jalo a le pelokgale, a dumela ka botlalo gore Modimo o ne a a eme nokeng. Batho ba bantsi ba akanya gore Modimo o dumelela gore go tlhabanwe ka tsela e e ntseng jalo go bona kgololesego, mme ba umaka dintwa tse go kwadilweng ka tsone mo Dikwalong Tsa Sehebera (tse ka tlwaelo di bidiwang Tesetamente e Ntšha) gore ba tshegetse se ba se buang. A ba tlhalosa Lefoko la Modimo ka tsela e e siameng?

Dintwa Tsa Iseraele wa Bogologolo

Jehofa Modimo o ne a laela gore Iseraele e tlhabane gore e tlose Bakanana ba ba bosula kwa Nageng e e Solofeditsweng. (Lefitiko 18:1, 24-28; Duteronome 20:16-18) Fela jaaka Modimo a ne a otlhaya badirabosula ka morwalela mo motlheng wa ga Noa le ka molelo ka nako ya Sodoma le Gomora, o ne a dirisa setšhaba sa Iseraele gore a diragatse kotlhao ya gagwe.—Genesise 6:12, 17; 19:13, 24, 25.

Go ya ka Baebele, Iseraele e ile ya tlhabana ditlhabano tse dingwe e kaelwa ke Modimo, gantsi e le go lwantsha matshosetsi a baba ba ba neng ba ba rumola. Fa setšhaba se ne se utlwa Jehofa, se ne se fenya dintwa tse se neng se di tlhabana. (Ekesodo 34:24; 2 Samuele 5:17-25) Mme gantsi go ne go nna le masetlapelo fa Iseraele e ne e leka go tlhabana e sa kaelwe ke Modimo. Sekaseka kgang ya ga Kgosi Jeroboame. O ne a tlhokomologa tlhagiso e e tlhamaletseng ya boporofeti mme a romela masole a gagwe a mantsi gore a ye go tlhabana le Juda mo ntweng ya selegae. Fa ntwa eo e ne e khutla, go ne go sule masole a le 500 000 a ga Jeroboame. (2 Ditiragalo 13:12-18) Le Kgosi Josia yo o ikanyegang o ne a kile a tsenela ntwa e e neng e sa mo lebana. Tshwetso eo ya boeleele e ne ya felela ka gore a swe.—2 Ditiragalo 35:20-24.

Ditiragalo tseno di bontsha eng? Gore kwa Iseraele wa bogologolo, tshwetso ya go tlhabana e ne e dirwa ke Modimo. (Duteronome 32:35, 43) O ne a batla gore batho ba gagwe ba tlhabane ka ntlha ya maikaelelo mangwe a a rileng. Le fa go ntse jalo,  maikaelelo ano ga a bolo go diragadiwa. Mo godimo ga moo, Jehofa o boleletse pele gore ba ba mo direlang “go ela kwa bofelong jwa metlha” ba ne ba tla “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma” mme ba ne ba se kitla “ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:2-4) Go phepafetse gore dintwa tsa motlha wa Baebele ga di buelele dintwa tsa motlha wa segompieno, tse go se nang dipe tsa tsone tse di tlhabanwang ka kaelo ya Modimo kgotsa tse a laelang gore di tlhabanwe.

Melemo ya Thuto ya ga Keresete

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa go ka emisediwang letlhoo ka teng ka lorato lo lo seng pelotshetlha, fa a ne a laela jaana: “Lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 15:12) Gape o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso.” (Mathaio 5:9) Fano, lefoko la Segerika le le rayang “kagiso” le raya se se fetang go itumelela thetebalo. Le kopanyeletsa go tlhagolela kagiso, go dira ka natla go rotloetsa molemo.

Fa Jesu a ne a tshwarwa, moaposetoloi Petere o ne a leka go mo sireletsa ka sebetsa se se bolayang. Mme Morwa Modimo o ne a mo kgalema, a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dirisa mafoko ao jang? Ela tlhoko dinopolo tse di latelang.

“Go sekaseka tshedimosetso yotlhe e e leng teng ka kelotlhoko [go bontsha] gore, go fitlha ka motlha wa ga Marcus Aurelius [121-180 C.E.], go ne go se na Mokeresete ope yo o neng a nna lesole; e bile go se na lesole lepe le le neng la tswelela mo tirelong ya sesole fa le sena go nna Mokeresete.”—The Rise of Christianity.

“Boitshwaro jwa Bakeresete [ba pele] bo ne bo farologane thata le jwa Baroma. . . . E re ka Keresete a ne a rera kagiso, ba ne ba gana go nna masole.”—Our World Through the Ages.

E re ka barutwa ba ga Keresete ba ne ba gana go direla mo mephatong ya sesole ya mmusimogolo, Baroma ba ne ba bolaya bontsi jwa bone. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ne ba sa ratege jaana? Ka gonne Jesu o ne a ba rutile go rata kagiso.

Ntwa ya Segompieno

Akanya gore boemo bo ne bo ka nna maswe jang fa balatedi ba ga Keresete ba ne ba ka tlhabana mo mephatong e e lwantshanang ya sesole, ba leka go bolaana. Tiragalo e e ntseng jalo e ne e tla bo e sa dumalane le melaometheo ya Bokeresete. Tota, ba ba utlwang Modimo wa Baebele ba ka se gobatse ope—le fa e le baba ba bone. *Mathaio 5:43-45.

Go phepafetse gore, Modimo ga a segofatse dintwa tsa batho tsa motlha wa segompieno. E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba rata kagiso, ba buelela kagiso e e tla tlhomamisiwang lefatshe ka bophara kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Baebele e umaka “Hara-Magedona,” e gape e bidiwang “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” Eno ga se ntwa ya batho, mme ke fa Modimo a tla bo a fedisa badirabosula fela. Ka jalo, Haramagedona e ka se dirisediwe go buelela dintwa tsa batho tsa motlha wa segompieno kgotsa gore Modimo o a di segofatsa.—Tshenolo 16:14, 16; 21:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mojenerale Francisco Franco wa Spain, a itsaya senepe le baruti ba le mmalwa ba Katoliki

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Giorgos Nissiotis

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Masole a segofadiwa ke baruti ba Greek Orthodox pele ga a ya Kosovo ka June 11, 1999

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. National Archives photo