Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Rerela Jang Bana ba ke Tsenang Sekolo le Bone?

Nka Rerela Jang Bana ba ke Tsenang Sekolo le Bone?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Rerela Jang Bana ba ke Tsenang Sekolo le Bone?

“Ke ne ke dule ke ile go rera fa ka tshoganyetso ke ne ke kopana le mongwe yo ke mo itseng. Ke ne ka gamarega! Motho yo ke neng ke tsamaya le ene o ne a tshwanelwa ke go tsenelela gore a tlotle le ene mo boemong jwa me.”—Alberto.

 “Ke ne ke itse gore mongwe wa batho ba ke tsenang le bone mo tlelaseng o nna fa mmileng ono, mme ke ne ka dira gore nkgonne a bue mo matlong otlhe. Morago ga nakonyana o ne a lapa mme a nkopa gore ke bue mo ntlong e e latelang. Ke ne ka kokota, ijo, mme ka fitlhela e le ene! Ke ne ke tshogile tota!”—James.

BASHA ka dinako tse dingwe ba akanya gore go bua ka bodumedi ke selo sa maemo a a kwa tlase. Le fa go ntse jalo, mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri, basha ba anaanela tshiamelo ya bone e ba e neilweng ke Modimo ya go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone. Ka ntlha ya moo, basha ba le diketekete ba Basupi ba ga Jehofa ba nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Mme ba bangwe ba dira jalo ba na le poifo ya gore ba ka nna ba kopana le mongwe yo ba mo itseng yo ba tsenang sekolo le ene. Le fa Jennifer a alogile mo sekolong se segolo dingwaga tse dintsi tse di fetileng, o bolela jaana: “Ke sa ntse ke tshoga fa ke kopana le batho ba ke neng ke tsena sekolo le bone.”

Fa e le gore o Mokeresete yo mmotlana, o ka nna wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka dinako tse dingwe. Ke boammaaruri gore rotlhe re tshaba go sa tshwarwe sentle, ka jalo go tlwaelegile go tlhobaela go sekae fa o tshwanetse go bua le motho yo o tsenang sekolo le ene ka bodumedi. * Mme ga go tlhokege gore o letle letshogo le go thibele go dira jalo. A o gakologelwa monna yo Baebele e mmitsang “Josefa wa Arimathea”? O ne a dumela dilo tse a neng a di ithuta mo go Jesu. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa Josefa e re ke “yo e neng e le morutwa wa ga Jesu, mme a loba seno ka ntlha ya go bo a boifa Bajuda.” (Johane 19:38) Jaanong o ne o ka ikutlwa jang ka tsala e e neng e batla gore botsala jwa lona e nne sephiri? (Luke 12:8, 9) Ga go gakgamatse he go bo Modimo a lebeletse gore Bakeresete botlhe ba ‘bolele phatlalatsa’ tumelo ya bone. (Baroma 10:10) Seo se akaretsa go bua le basha kwa sekolong se o tsenang kwa go sone.

Josefa wa Arimathea o ne a fenya poifo ya gagwe, go ya bokgakaleng jwa gore a kope tetla ya go fitlha setopo sa ga Jesu. O ka fenya jang poifo ya gago?

Go Tlhagolela Tlhoafalo ya go Rera

Moaposetoloi Paulo o ne a sa tlhabiwe le e seng ke ditlhong go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe. Mo go Baroma 1:15, o itlhalosa a na le tlhagafalo ya go bolela molaetsa wa Baebele. Ke eng se se neng se dira gore a tlhagafale jalo? Jaaka go kwadilwe mo go temana 16, o bolela jaana: “Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, tsone ke maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.” Go tweng ka wena? A ruri o iponetse boammaaruri? (Baroma 12:2) A o tlhatswegile pelo ka bowena gore molaetsa wa Baebele ke “maatla a Modimo a poloko”?

Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le batsadi ba gago ga go a lekana. Mosha mongwe yo o bidiwang Deborah o bolela jaana: “Go motlhofo go ya dipokanong, ka gonne batsadi ba gago ba go bolelela gore o dire jalo. Mme fa batho ba ne ba mpotsa dipotso ka Baebele, ke ne ke sa itse gore ke di arabe jang.” Ka tsela e e tshwanang, mosha mongwe yo o bidiwang Mi Young o dumela jaana: “Re tshwanetse go iponela ka borona gore seno ke boammaaruri.”

Ke eng se se ka go rotloetsang go bolelela ba bangwe kitso e o nang le yone ya Baebele? Go e ithuta o le nosi. Mosha mongwe yo o bidiwang Sean o bolela jaana: “Fa o simolola go dira thuto ya gago ya botho ya Baebele, o simolola go dira boammaaruri gore e nne jwa gago. O a ithuta ka bowena.” Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo ka tlholego a kgothaletseng go ithuta. Shevon o bolela jaana: “Ga ke rate go bala. Ka jalo kwa tshimologong ke ne ke thatafalelwa ke go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! kgotsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka simolola go dira jalo.”

Matswela a go ithuta ka tlhoafalo ke eng? Moaposetoloi Paulo a re: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Fa tumelo ya gago le go tlhomamisega ga gago di gola, boikutlo jwa gago bo tla fetoga. Mosha mongwe wa kwa Brazil yo o bidiwang Elisângela o ne a konela ka go re: “Go nna Mokeresete ke tlotla, ga se sengwe sa go se tlhabelwa ke ditlhong.” Eleruri, fa tumelo ya gago e ntse e gola, o iphitlhela o patelesega go bua le ba bangwe—go kopanyeletsa ba o tsenang le bone mo tlelaseng. Paulo o ne a re: “Re . . . supa tumelo mme re a bua.” (2 Bakorintha 4:13) Gape, o ka nna jang “phepa mo mading” a ba bangwe fa o sa bolele basha ba o ba bonang letsatsi le letsatsi ka kitso e e nayang botshelo?—Ditiro 20:26, 27.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba babotlana ba ikutlwa ba sa tlhomelelwa ka mo go lekaneng go bua le ba bangwe ka Baebele. Mosha mongwe yo o bidiwang Joshua o bolela jaana: “Fa o sa itse gore o reng, go rera ga go monate.” Gape, go nna le kitso e e boteng ya Baebele go tla go thusa go rera sentle. (2 Timotheo 2:15) Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, basha ba ka atamela bagolwane ba phuthego mme ba kope thuso ka namana gore ba lootse bokgoni jwa bone jwa go ruta. Mosha mongwe wa Mojeremane, yo o bidiwang Matthias, o bolela jaana: “Ke ne ka simolola go itumelela go rera fa ke ne ke simolola go buisana le batho, e seng fela go ba naya dibuka tsa Baebele.”

La bofelo, o ka rapela Modimo gore a go thuse go bua ka bopelokgale. (Ditiro 4:29) Moaposetoloi Paulo o ne a iponela thuso ya Modimo mo go seno. Mo go 1 Bathesalonika 2:2, o bolela jaana: ‘Re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona ka gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.’ Go ya ka buka nngwe, polelwana eo e ka nna ya ranolwa ka go re, “Modimo o  ne a tlosa poifo mo dipelong tsa rona.” Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa rapele mme o kope Modimo gore a tlose poifo mo pelong ya gago?

Go Ipolela Gore o Mokeresete

Go dumalana le thapelo eo, o ka tsaya kgato ya bopelokgale thata. Mosha mongwe wa kwa Boritane yo o bidiwang Chic o gakolola jaana: “Bolelela bana ba o tsenang sekolo le bone gore o Mokeresete.” Ga o batle go nna ‘morutwa wa sephiri.’ Mosha mongwe yo o bidiwang Rebecca o dumela gore go na le nako e a neng a tshaba go kopana le motho yo a mo itseng mo tirong ya go rera. Mme o bolela gore o lemogile gore “fa o ba bolelela gore o Mokeresete le gore o tsamaya ka ntlo le ntlo, ka dinako tse dingwe ba tla botsa jaana, ‘A mme o tla tla kwa gaetsho?’”

Mme ke ka ntlha yang fa o emela go kopana le motho ka tshoganyetso? Batla ditsela tsa go bolela ka tumelo ya gago kwa sekolong. Gakologelwa dipotso tse di neng tsa bodiwa ke moaposetoloi Paulo: “Ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Gape, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” (Baroma 10:14) O mo boemong jo bo molemo thata jwa go thusa ba o tsenang le bone mo tlelaseng gore ba utlwe. Mosha mongwe yo o bidiwang Iraida o bolela jaana: “Sekolo ke tshimo ya go rera e e ka fitlhelelwang fela ke rona.” Ka jalo basha ba bantsi ba dirisa boemo jono ka tsela e e molemo ka go rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go na le dikabelo tse lo di newang mo tlelaseng tse di go nayang sebaka sa go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Mosha mongwe wa kwa Boritane yo o bidiwang Jaimie o bolela jaana: “Re ne re bua ka thutotlhagelelo mo tlelaseng ya saense, mme ke ne ka bolela se ke se dumelang. Mongwe wa basimane o ne a ntshotla a re Basupi ba ga Jehofa ke dieleele e bile ga ba a tshwanela go bo ba tsena sekolo. Gone fela foo, bana ba bangwe mo tlelaseng ba ne ba mpuelela.” Go bonala tsela e a neng a itsege ka yone jaaka Mokeresete yo o tlhomang sekao e ne ya nna le matswela a a molemo. Jaimie o oketsa ka go re: “Ka ntlha ya seo, ke ne ka feleletsa ke tsamaiseditse mosetsana yo ke tsenang le ene mo tlelaseng buka ya Is There a Creator Who Cares About You?” *

Mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga tse 14, wa kwa Romania, yo o bidiwang Roxana o bolela maitemogelo a a tshwanang: “Morutabana wa me o ne a itsise gore mo tlelaseng go ne go tlile go nna le puisano ka bojalwa, motsoko, le diokobatsi. Ka jalo ke ne ka tla ka makasine wa Tsogang! wa April 8, 2000 o o nang le setlhogo se se reng ‘Se O ka Se Dirang Gore o Tlogele go Goga.’ Mongwe yo ke tsenang le ene mo tlelaseng o ne a bona makasine ono mme a o tsaya, a gana go o busa. Fa a sena go o bala, o ne a mpolelela gore o ne a ikemiseditse go tlogela go goga motsoko.”

Ga se ka metlha o tla kopanang le batho ba ba arabelang ka tsela e e ntseng jalo e e siameng. Mme Moreri 11:6 e re rotloetsa jaana: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng.” Le fa o sa kopane le bape ba ba arabelang sentle, go bolela se o se dumelang kwa sekolong go tla thaya motheo wa gore o nne le dipuisano tse di molemo fa go ka direga gore o kopane le motho yo o tsenang sekolo le ene o le mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo. Mosha mongwe wa kwa Boritane yo o bidiwang Jessica a re: “Go neela batho ba o ba itseng ba o tsenang sekolo le bone bosupi go motlhofo ka gore o setse o ntse o ba itse.” O ka nna wa gakgamadiwa ke kafa bangwe ba o tsenang sekolo le bone ba ka ratang go itse se o se dumelang ka teng.

Ke boammaaruri gore ga se botlhe ba ba tla go amogelang ka tsela e ntle. Mme Jesu o ne a ntsha kgakololo eno e e mosola: “Gongwe le gongwe fela koo ope a sa lo tsholeng gone kgotsa a sa reetseng mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo . . . lo tlhotlhoreng lorole mo dinaong tsa lona.” (Mathaio 10:14) Ka mafoko a mangwe, o se ka wa tsaya gore ga ba amogele wena ka bowena. Tsamaya ka kagiso mme o batle mongwe yo o tla ratang go reetsa. Go ise go ye kae o tla kopana le batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ba nyoretsweng boammaaruri mme ba rata go reetsa. A go tla bo go se molemo fa mongwe wa bone e ne e le moithuti mmogo le wena? Fa go ntse jalo, o tla itumelela gore o ne wa fenya poifo ya gago ya go bolelela batho ba o tsenang sekolo le bone ka tumelo ya gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Go Tweng fa ke Kopana le Mongwe yo ke Tsenang Sekolo le Ene?,” e e mo makasineng wa rona wa March 8, 2002.

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

“Fa o simolola go ithuta Baebele ka namana, o simolola go dira gore boammaaruri e nne jwa gago.”—Sean.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

O se ka wa tshaba go ipolela gore o Mokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Gantsi dikabelo tsa mo tlelaseng di bula sebaka sa go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele