Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Dirang Mafelo a go Berekelwang Kwa go One Kotsi

Se se Dirang Mafelo a go Berekelwang Kwa go One Kotsi

 Se se Dirang Mafelo a go Berekelwang Kwa go One Kotsi

“Batho ba le bantsi ba swela kwa mmerekong go feta mo dikotsing tsa dikoloi.” Ke setlhogo se se kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo mo polakateng e e neng e bontshiwa ke WorkCover, mokgatlho wa pabalesego kwa New South Wales, kwa Australia.

GONE mme, dikotsi tse di bolayang ke karolo fela ya bothata jono. Ngwaga le ngwaga dimilione di gobala mo go maswe kwa mafelong a bone a tiro, dikgobalo tse di ka fetolang le e leng matshelo a bone. Ba bangwe ba le bantsi ba swa pele ga nako ka gonne ba bereka ka dilo tse di kotsi kwa tirong kgotsa ka ntlha ya go gatelelwa thata mo maikutlong le mo mogopolong kwa tirong.

E re ka dintsho le dikgobalo tse di maswe tse di diregang kwa tirong di diragala mo e batlang e le mo dikarolong tsotlhe tsa madirelo le kgwebo, go a tshwanela go botsa jaana: Tota o sireletsegile go le kana kang kwa o berekang gone? Ke maemo afe koo a a ka nnang kotsi mo botsogong le mo botshelong jwa gago?

Maemo a a Gatelelang

Gantsi badiri ba a tle ba gatelelwe gore ba tlhagise dikungo di le dintsi. Kwa Japane lefoko karoshi—“go swa ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo”—le simolotse le dirisiwa fa ba malapa a baswi ba ne ba kopa go phimolwa dikeledi. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng koo dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, diperesente di le 40 tsa badiri ba Majapane ba ba berekang mo ofising ba ne ba tshaba gore ba ka nna ba swa ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo. Agente nngwe e e berekang ka dikopo tseo e ne ya fopholetsa gore go ne go na le “bobotlana batho ba ba ka nnang 30 000 ba ba swang ka ntlha ya karoshi kwa Japane ngwaga le ngwaga.”

Mapodise a kwa Japane a akanya gore mathata a a amanang le tiro ke one a konokono a a dirang gore palo ya batho ba ba ipolayang ba ba nang le dingwaga di le 50 go ya go tse 59 e oketsege jaana. Go ya ka buka ya The Violence-Prone Workplace, kgotlatshekelo nngwe e ne ya baya mothapi mongwe molato ka ntlha ya go ipolaya ga mothapiwa yo o neng a faraferwe ke matshwenyego a kwa tirong.

Lokwalodikgang la kwa Australia lwa The Canberra Times lo ne lwa bolela gore ‘batho ba Amerika ba gaisitse Majapane ka go bereka diura di le dintsi go gaisa tsa ba bangwe botlhe mo lefatsheng.’ Ka jalo, ditlhogo tse dikgolo tsa dikgang tse di tshwanang le “Go Bereka Lobaka lo Loleele go Bolaya Batho” di bolela ka badiri ba ba nang le letsapa le le tseneletseng, ba ba tshwanang le bakgweetsi ba diambulense, bakgweetsi ba difofane, badiri ba ba agang le bakgweetsi ba dipalangwa le ba ba berekang bosigo ba ba swang kwa mmerekong.

Jaaka fa dikhampani di rulaganya sesha le go fokotsa badiri gore di kgone go dira lotseno lo lontsinyana, badiri ba gatelelwa gore ba bereke thata gore ba tlhagise dikungo. British Medical Journal e ne ya bega gore go fokodiwa ga badiri go ama boitekanelo jwa bone ka tsela e e sa siamang.

 Tirisodikgoka Kwa Tirong

Bathapiwa ba ba berekisiwang thata le ba ba gateletsweng thata mo maikutlong le mo mogopolong ga ba kotsi mo go bone fela. Patlisiso ya kwa Boritane e ne ya fitlhela gore badiri ba le bantsi ba diofisi ba fetsa bontsi jwa letsatsi la bone la tiro ba lwa le badirimmogo le bone le gore dikgotlhang tse di ntseng jalo gantsi di baka bothubaki.

“Badiri ba Amerika ba ba ka nnang 15 ba bolaiwa mo tirong beke le beke,” go bolela jalo makasine wa Business Week. Harvard Business Review e bolela jaana: “Ga go na manejara ope yo o ratang go bua ka bothubaki jwa kwa tirong. Mme gone boammaaruri ke gore ngwaga le ngwaga makgolokgolo a bathapiwa a tlhasela kgotsa le eleng go bolaya badirimmogo le bone.”

Mo letlhakoreng le lengwe, ba le bantsi ba itewa ke batho ba ba rekang mo go bone kwa tirong. Pego ya baitse ba bokebekwa kwa Australia e bolela gore dingaka dingwe di boifa go tlhaselwa mo e leng gore ba tsamaya le batlhokomedi fa ba etela balwetse kwa magaeng a bone. Ba bangwe ba ba leng mo kotsing ke mapodise le barutabana.

Mokgwa o mongwe wa tirisodikgoka kwa tirong ke go utlwisiwa botlhoko mo maikutlong, e leng selo se se lemogiwang ke International Labor Organization e le go utlwisiwa botlhoko mo tlhaloganyong. Mokgwa o mogolo wa tshotlo eno ke go kgerisa.

Porofesa Robert L. Veninga wa Yunibesithi ya Minnesota, U.S.A., o bolela gore “go ikutlwa o gateletswe thata mo maikutlong le mo mogopolong le malwetse a a bakiwang ke gone go ama badiri mo e batlang e le mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe.” O ne a akgela ka gore “modi wa bothata go ya ka Pego ya Badiri ya Lefatshe ya 1993 e e ntshitsweng ke International Labor Organization ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ke gore go ikutlwa o gateletswe thata mo maikutlong le mo mogopolong go bakiwa gantsi ke mafelo a go berekelwang kwa go one a a lapisang pelo, a a fetogetseng ruri le a gantsi a seng botsalano.”

Ka jalo potso ke gore, Ke eng se bathapi le bathapiwa ba ka se dirang go dira gore lefelo le ba berekelang mo go lone e nne le le sireletsegileng? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong se se latelang.