Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa o Nna Morutabana?

Ke ka Ntlha Yang fa o Nna Morutabana?

 Ke ka Ntlha Yang fa o Nna Morutabana?

“Barutabana ba le bantsi ba tlhopha tiro ya bone ka gonne ke tiro e e thusang batho. [Go ruta ke] maitlamo a go tlisa diphetogo mo matshelong a bana.”—Teachers, Schools, and Society.

LEMORORO barutabana bangwe ba dira gore go ruta go lebege go le motlhofo, go ka tlala ka mathata a le mantsi a motho a tshwanetseng go lebana le one—baithuti ba bantsi thata mo tlelaseng, go tshwanelwa ke go tshwaya dipampiri tse dintsi, botsamaisi jwa melao e mentsintsi, baithuti ba ba sa utlweng le dituelo tse di potlana. Pedro, morutabana wa kwa Madrid, Spain, o ne a bolela jaana: “Ga go motlhofo go nna morutabana. Go tlhoka gore o itime dilo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, le mororo go ruta go na le mathata a gone, ke sa ntse ke go leba e le tiro e e molemo thata go feta go dira tiro nngwe mo go tsa kgwebo.”

Kgwetlho e ka nna e kgolo mo dikolong tse di mo ditoropong tse dikgolo tsa dinaga tse dintsi. Diokobatsi, bokebekwa, boitsholo jwa maemo a a kwa tlase mme ka dinako tse dingwe go sa kgathale ga batsadi di ama maemo a kwa sekolong thata di bo di ame le kotlhao e e tshwanetseng go diragadiwa. Boikutlo jwa botsuolodi bo fitlhelwa mo mafelong otlhe. Ka jalo he, ke ka ntlha yang fa jaanong batho ba le bantsi ba ba rutegileng ba tlhopha go nna barutabana?

Leemarys le Diana ke barutabana kwa New York City. Ba ruta bana ba ba nang le dingwaga di le tlhano go ya go di le lesome. Botlhe ba kgona go bua dipuo tse pedi sentle (Seesemane le Se-Spain) e bile ba ruta thata bana ba ba buang Se-Spain le Sepotokisi. Potso ya rona e ne e le . . .

Ke Eng se se Tlhotlheletsang Morutabana?

Leemarys o ne a bolela jaana: “Ke tlhotlhelediwa ke eng? Go rata bana. Ke itse gore mo baneng bangwe ke nna fela yo ke ba emang nokeng mo maitekong a bone.”

Diana o ne a re: “Ke ne ke ruta ngwana wa ga nkgonne yo o nang le dingwaga di le robedi, yo o neng a na le bothata kwa sekolong—segolobogolo ka go bala. Go ne go itumedisa tota go mmona a ithuta le ba bangwe! Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke batla go ruta, mme ke ne ka tlogela tiro ya me ya kwa bankeng.”

Tsogang! e ne ya botsa barutabana ba ba mo dinageng tse di farologaneng potso e e tshwanang, mme seno ke sekai sa dikarabo tse di amogetsweng.

Giuliano, Montadiana yo o mo dingwageng tsa bo40, o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ka tlhopha tiro eno ka gonne ke ne ka kgatlhiwa ke yone fa ke ne ke le moithuti (kafa mojeng). Ke ne ke e bona e le e e itumedisang e bile e mpha  dipaka tse dintsi tsa go kgothatsa ba bangwe. Tlhagafalo e ke neng ke na le yone kwa tshimologong e ne ya nthusa go fenya mathata a ke neng ka nna le one fa ke simolola tiro ya me.”

Nick, go tswa kwa New South Wales, kwa Australia, o ne a re: “Go ne go se na tiro e ntsi mo tirong ya me ya go dira dipatlisiso ka dikhemikale, mme e ne e le ntsi thata mo go tsa thuto. Fa e sa le ka nako eo, ke lemogile gore ke itumelela go ruta e bile le baithuti ba bonala ba itumelela go bo ke ba ruta.”

Ba le bantsi ba ba tlhophang go nna barutabana ba ile ba kgothadiwa ke sekao sa batsadi ba bone. William, go tswa kwa Kenya, o ne a araba potso ya rona jaana: “Keletso ya me ya go ruta e ne ya tlhotlhelediwa thata ke rre, yo e neng e le morutabana ka 1952. Go itse gore ke bopa megopolo ya bana ke lebaka le le dirang gore ke tshwarelele mo tirong eno.”

Rosemary, yo le ene a tswang kwa Kenya, o ne a re bolelela jaana: “Ke ne ke na le keletso ya go thusa batho ba maemo a a kwa tlase ka dinako tsotlhe. Ka jalo ke ne ke tshwanetse go tlhopha magareng ga go nna mooki kgotsa morutabana. Tiro ya gore ke nne morutabana e ne ya tla pele. Lebaka la go bo ke le mmabana le lone le dirile gore ke rate tiro eno thata.”

Berthold, go tswa Düren, Jeremane, o ne a na le lebaka le le farologaneng la go ruta: “Mosadi wa me o ne a dira gore ke dumele gore nka nna morutabana yo o molemo.” Mme go ne ga bonala gore o ne a bua boammaaruri. O ne a oketsa jaana: “Gone jaanong tiro e ke e dirang e dira gore ke itumele thata. Fa morutabana a sa bone thuto e le selo se se botlhokwa e bile gape a sa kgatlhegele bana, ga go kgonege gore e nne morutabana yo o molemo, yo o atlegileng, yo o lorato e bile a kgotsofetse.”

Morutabana mongwe wa Mojapane, Masahiro, go tswa Nakatsu City, o ne a bolela jaana: “Se se dirileng gore ke nne morutabana e ne e le gore ke ne ke na le morutabana yo o molemo ka ngwaga wa me wa ntlha wa sekolo sa bogareng. O ne a re ruta ka pelo yotlhe. Mme lebaka la konokono la go bo ke tsweletse pele ka tiro eno ke gore ke rata bana.”

Yoshiya, yo o nang le dingwaga di le 54 gone jaanong e bile a tswa kwa Japane le ene, o ne a bereka tiro e e duelang tota mo feketiring mme o ne a na le maikutlo a gore o ne a fetogile lekgoba la tiro le gore o ne a tlhola a le mo tseleng fela ka metlha. “Letsatsi lengwe ke ne ka akanya jaana: ‘Ke tlile go tswelela ke tshela jaana ka lobaka lo lo kae?’ Ke ne ka swetsa ka gore ke batle tiro e e neng e dira thata ka batho go feta ka dilo. Go ruta go tlhomologile. O bereka le bana. O dira selo se se tswelang motho yo mongwe mosola.”

Valentina, go tswa kwa St. Petersburg, kwa Russia, le ene o anaanela seo ka go nna morutabana. O ne a bolela jaana: “Go ruta ke tiro e ke itlhophetseng yone. Ke ntse ke le morutabana wa sekolo se sepotlana ka dingwaga di le 37. Ke rata go dira le bana, segolobogolo ba bannye. Ke rata tiro ya me, mme ke ka ntlha ya moo ke iseng ke e tlogele.”

 William Ayers, yo le ene eleng morutabana, o ne a kwala jaana: “Batho ba tsewa gore ba rute ka gonne ba rata bana le basha kgotsa ka gonne ba rata go nna le bone, ba ba bona ba thuthuga, ba gola ba ba ba nna le bokgoni, ba nna ditswerere, ba nna le maatla mo lefatsheng. . . . Batho ba ruta . . . gore ba intshe dimpho mo bathong ba bangwe. Ke ruta ka gonne ke batla go dira lefatshe lefelo le le botoka.”

Ee, le mororo go ruta go na le mathata le dikgwetlho tsa gone, diketekete tsa banna le basadi di sa ntse di rata tiro eno. Mangwe a mathata a magolo a ba lebanang le one ke afe? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka potso eo.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Dikakantsho Tsa Kafa Batsadi le Barutabana ba ka Buisanang ka Teng

✔ Dira gore o itse batsadi ba ngwana. Seno ga se go senya nako. Ke go dirisa nako ka tsela e e tla lo solegelang molemo lotlhe. Ke sebaka se sentle sa gore o tlhagolele dikamano tse dintle le bao e ka nnang badirimmogo le wena ba ba molemolemo.

✔ Bua jaaka motho yo o mo seemong se se lekanang le sa motsadi—o se ka wa dira gore a ikutlwe gore ke wa maemo a a kwa tlase ga a gago. O se ka wa bua jaaka e kete o bua le morutabana yo mongwe.

✔ Fa o bua ka bana, gatelela thata dilo tse dintle ka bone. Go akgola go nna le matswela a mantle go feta go nyatsa. Tlhalosa gore ke eng se batsadi ba ka se dirang gore ba thuse bana go atlega.

✔ Dira gore batsadi ba itlhalose mme o reetse sentle.

✔ Dira gore o tlhaloganye seemo se ngwana a nnang mo go sone. Fa go kgonega, etela kwa a nnang gone.

✔ Dirang letsatsi le lo tla kopanang gape ka lone. Morago ga go tlotla, go botlhokwa go nna o tlhola nako le nako go bona gore dilo di tsamaya jang. Go bontsha gore o kgatlhega ka tsela ya mmatota.—Go ya ka Teaching in America.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

‘Rre le ene e ne e le morutabana.’—WILLIAM, KENYA

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Ke itumelela go bereka le bana.”—VALENTINA, RUSSIA

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

“Go ruta go tlhomologile. O bereka le bana.”—YOSHIYA, JAPAN