Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikutlwa o le Molato—A ka Metlha Ga go A Siama?

Go Ikutlwa o le Molato—A ka Metlha Ga go A Siama?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Ikutlwa o le Molato—A ka Metlha Ga go A Siama?

BATHO ba bantsi gompieno ba leba go ikutlwa o le molato e le selo se se sa rategeng. Ba ikutlwa jaaka rafilosofi wa Mojeremane Friedrich Nietzche, yo o neng a re: “Go ikutlwa o le molato ke bolwetse jo bo maswe go a feta otlhe jo bo kileng jwa tlhasela motho.”

Mme babatlisisi bangwe jaanong ba dira konelo e e farologaneng. Susan Forward Ph.D., yo e leng moalafi le mokwadi yo o itsegeng o bolela jaana: “Go ikutlwa o le molato ke karolo ya botlhokwa ya go nna motho yo o nang le maikutlo le yo o nang le maikarabelo. Ke karolo ya segakolodi.” Ka jalo he, a maikutlo otlhe a go ikutlwa o le molato a phoso? A go na le maemo mangwe a mo go one go ikutlwa o le molato go ka thusang?

Molato ke Eng?

Go ikutlwa re le molato go gakadiwa ke fa re lemoga gore re utlwisitse mongwe yo re mo ratang botlhoko kgotsa fa re palelwa ke go tshela go ya ka melao e re akanyang gore re tshwanetse go tshela ka yone. Jaaka buka nngwe e tlhalosa, molato o amana le “go ikutlwa ga motho a na le sekoloto ka ntlha ya molato wa go palelwa ke sengwe, tlolomolao kgotsa boleo.”

Mo Dikwalong Tsa Sehebera, molato o ne o amanngwa le fa Moiseraele a palelwa ke go tshela go ya ka Molao wa Modimo—bontsi jwa molato oo bo umakiwa mo dibukeng tsa Baebele tsa Lefitiko le Dipalo. Go a kgatlha gore lefoko leno le batla le sa umakiwe gotlhelele mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mme makgetlho a sekae a le tlhagang mo go one, le amana le melato e e masisi kgatlhanong le Modimo.—Mareko 3:29; 1 Bakorintha 11:27.

Go utlwisa botlhoko gore re ka nna ra ikutlwa re le molato mme gone tota re se molato. Ka sekai, fa motho e le wa mofuta o o sa amogeleng diphoso mme a ipeela ditekanyetso tse di kwa godimo thata, fa dilo di sa tsamaye kafa tshwanelong o ka nna a ikutlwa a le molato go sa tlhokege. (Moreri 7:16) Kgotsa re ka nna ra letla go utlwa botlhoko mo go tshwanetseng ka ntlha ya go bo re dirile phoso nngwe ga re dira gore re tlhabiwe ke ditlhong mme ga felela ka gore re ikotlhae go sa tlhokege. He, go ikutlwa o le molato go ka nna le molemo ofe?

 Go Ikutlwa o le Molato go ka Nna Molemo

Go ikutlwa o le molato go ka nna molemo bobotlana ka ditsela di le tharo. Sa ntlha, go re bontsha gore re itse melao e e amogelwang. Go re bontsha gore digakolodi tsa rona di a bereka. (Baroma 2:15) Tota e bile, buka e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Amerika wa Malwetse a Tlhaloganyo e leba go tlhoka go ikutlwa o le molato e le boitsholo jo bo kotsi mo setšhabeng. Bao ba nang le digakolodi tse di senyegileng kgotsa tse di suleng ba na le bothata jwa go sa kgone go farologanya molemo le bosula, mme seo se ka nna kotsi.—Tito 1:15, 16.

Sa bobedi, segakolodi se se molato se ka re thusa go tila go dira ditiro tse di sa rategeng. Fela jaaka setlhabi sa mo mmeleng se re tlhagisa gore re ka nna ra nna le bothata bongwe jwa botsogo, go utlwa botlhoko mo maikutlong mo go tsamaisanang le go ikutlwa re le molato go re tlhagisa gore go na le bothata jwa boitsholo kgotsa jwa semoya jo re tshwanetseng go bo tlhokomela. Fa re setse re itse gore bokoa bo fa kae, re tla tila go ikutlwisa botlhoko, go utlwisa batho ba re ba ratang botlhoko, kgotsa go utlwisa ba bangwe botlhoko gape mo nakong e e tlang.—Mathaio 7:12.

La bofelo, go ipolela molato go ka thusa yo o molato le yo o leofetsweng. Ka sekai, molato wa ga Kgosi Dafide o ne o tsamaisana le go utlwa botlhoko thata mo maikutlong. O ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke didimala marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe.” Mme fa la bofelo a ne a ipobola mo Modimong, Dafide o ne a opela jaana ka boitumelo: “O tla ntikanyetsa ka mekgosi ya boipelo fa o mphalotsa.” (Pesalema 32:3, 7) Go ipobola go ka dira gore le motho yo o diretsweng phoso a ikutlwe botoka ka gonne go dumela molato go ka mo tlhomamisetsa gore yo o mo diretseng phoso o a mo rata mo a ikwatlhaelang go bo a mo utlwisitse botlhoko jo bo kalo.—2 Samuele 11:2-15.

Go Leba go Ikutlwa o le Molato ka Tsela e e Lekalekaneng

Gore o lebe molato ka tsela e e lekalekaneng, ela tlhoko pharologanyo e kgolo mo tseleng e Jesu le Bafarasai ba neng ba leba baleofi le boleo ka teng. Mo go Luke 7:36-50, re bala ka mosadi yo o neng a na le boitsholo jo bo maswe yo o neng a tsena mo ntlong ya Mofarasai , mo Jesu a neng a jela gone. O ne a atamela Jesu, a mo tlhapisa dinao ka dikeledi tsa gagwe, mme a di tlotsa leokwane le le tlhwatlhwakgolo le le nkgang monate.

Mofarasai yo o ineetseng mo tumelong o ne a nyatsa mosadi yono gore ga a tshwanelwe ke go mmontsha seriti le tlhokomelo. O ne a ipolelela a re: “Monna yono [Jesu], fa e ne e le moporofeti, o ne a tla itse gore mosadi yo o mo amang yono ke mang le gore ke wa mofuta ofe, gore ke moleofi.” (Luke 7:39) Jesu ka bonako o ne a baakanya tsela e monna yoo a neng a akanya ka yone. Jesu o ne a re: “O ne wa se ka wa tlotsa tlhogo ya me ka leokwane; mme mosadi yono ene o ne a tlotsa dinao tsa me ka leokwane le le nkgang monate. Ka ntlha ya seno, ke a go bolelela ka re, maleo a gagwe, le fa a le mantsi, a itshwaretswe, ka gonne o ratile thata.” Ga go na pelaelo gore mafoko ano a bopelonomi a ne a kgothatsa mosadi yoo mme a itumedisa pelo ya gagwe.—Luke 7:46, 47.

Jesu o ne a sa mpampetse boitsholo jo bo maswe le e seng. Mme tota, o ne a ruta Mofarasai yo o boikgogomoso yoo kafa lorato lo leng botlhokwa ka teng go rotloetsa motho go direla Modimo. (Mathaio 22:36-40) Ee, go ne go tshwanetse gore mosadi yoo a ikutlwe a le molato ka ntlha ya boitsholo jwa gagwe jo bo maswe jwa mo nakong e e fetileng. Go phepafetse gore o ne a ikwatlhaya, ka gonne o ne a lela, ga a ka a leka go direla boitsholo jwa gagwe jwa mo nakong e e fetileng diipato, mme a tsaya dikgato tse di tshwanetseng gore a tlotle Jesu phatlalatsa. Fa Jesu a bona seno, o ne a mo raya a re: “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”—Luke 7:50.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Mofarasai o ne a tswelela a mo tseela kwa tlase jaaka moleofi. Gongwe o ne a solofetse go ‘tsenya go boifa Modimo mo go ene’ le go mo tlhabisa ditlhong. Mme go leka go dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba le molato fa ka metlha ba sa dire dilo ka tsela e re akanyang gore ba tshwanetse go di dira ka yone ga go bontshe lorato, e bile kwa bofelong, ga go kitla go nna le matswela a a molemo. (2 Bakorintha 9:7) Matswela a a molemo go gaisa a nna teng fa re etsa Jesu—ka go tlhoma sekao se se siameng, go akgola ba bangwe ka bopeloephepa, le ka go bontsha gore re a ba tshepa le fa ka dinako tse dingwe go ka tlhokega kgalemelo le kgakololo.—Mathaio 11:28-30; Baroma 12:10; Baefeso 4:29.

Fa re dirile sengwe se se phoso, go ikutlwa re le molato go ka nna molemo, e bile go ka tlhokega. Diane 14:9 (Knox) ya re: “Dieleele di dira gore molato o o tlhokang tetlanyo e nne e kete ga se wa sepe.” Segakolodi se se molato se ka kgona, e bile se tshwanetse, go re tlhotlheletsa gore re ipolele molato mme re tseye kgato e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, lebaka la konokono la go bo re direla Jehofa e tshwanetse go nna ka ntlha ya lorato e seng ka go bo re ikutlwa re le molato. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Baebele e re tlhomamisetsa gore fa batho ba ba molemo ba kgothadiwa e bile ba lapolosiwa ka tsela eno, ba tla dira sotlhe se ba se kgonang. Se se botlhokwa le go feta, ba tla itumelela go dira jalo.