Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna le Seabe mo Meketeng ya go Itumelela Ngwaga o Mosha?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna le Seabe mo Meketeng ya go Itumelela Ngwaga o Mosha?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Nna le Seabe mo Meketeng ya go Itumelela Ngwaga o Mosha?

“KA THAPAMA e morago ga yone e tla bong e le Maitsiboa pele ga Ngwaga o Mosha go didimetse ka tsela e e sa tlwaelegang,” go rialo Fernando, ngaka ya kalafi kwa Brazil. “Go tswa foo, mo e ka nnang ka ura ya bo11, ba simolola go goroga—balwetse ka go latelana ga bone ba ba tlhabilweng ka dithipa kgotsa ba ba thuntshitsweng ka ditlhobolo, basha ba gobetse mo dikotsing tsa tsela, le basadi ba ba iteilweng. Mo e ka nnang ka metlha yotlhe selo se segolo se se bakang bothata jono ke bojalwa.”

Fa o akanya ka maemo a a tlhalosiwang fa godimo, ga go gakgamatse go bona lokwalopaka longwe lwa Brazil lo bitsa letsatsi la ntlha la ngwaga lo re ke letsatsi la boditšhabatšhaba lwa babalasi. Lekwalodikgang lengwe la Yuropa lone la re “Letsatsi la Ngwaga o Mosha ke letsatsi la boramenatenate le bommamenatenate ba ba sa direng sepe,” le bo le oketsa ka gore ke “tikologo e nngwe gape ya ntwa e e sa khutleng e mo go yone go lwang motho kgatlhanong le bojalwa.”

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o ketekang Letsatsi la Ngwaga o Mosha ka go nwa bobe le go dira ditiro tsa thubakanyo. Tota e bile ba le bantsi ba itumela tota fa ba gakologelwa ditiragalo tsa letsatsi leno. “Fa re sa ntse re le bana, re ne re sa kgone go leta fa re itse gore Maitseboa a pele ga Ngwaga o Mosha a gaufi,” go rialo Fernando, yo o nopotsweng pelenyana. “Ka metlha go ne go na le metshameko e le mentsi, dijo, le dino. Mo garegare ga bosigo re ne re tle re tlamparelane, re atlane, re bo re eleletsana ‘Ngwaga o Mosha o o Itumedisang!’”

Ka tsela e e tshwanang, ba le bantsi gompieno ba na le maikutlo a gore ba keteka mekete ya go itumelela Ngwaga o Mosha kwa ntle ga gore ba feteletse dilo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go tlhatlhoba gore mokete o o ratwang ke batho ba le bantsi jaana o simologile kae le gore tota o kayang. A mekete ya go itumelela Ngwaga o Mosha e thulana le se Baebele e se rutang?

Dintlha Tsa mo Nakong e e Fetileng

Mekete ya go itumelela Ngwaga o Mosha ga se selo se sesha. Mekwalo ya bogologolo e bontsha gore e ne e ketekwa kwa Babelona fa e sa le ka sekete sa boraro  sa dingwaga B.C.E. Mokete ono, o o neng o ketekwa mo bogareng jwa March, o ne o le botlhokwa thata. “Ka nako eno modimo Maraduke o ne a laolela gale se se tlileng go diragalela naga eno mo ngwageng o o latelang,” go rialo The World Book Encyclopedia. Mokete wa Babelona wa go itumelela ngwaga o mosha o ne o tsaya malatsi a le 11 mme o ne o akaretsa go ntsha ditlhabelo, mekoloko le meetlo ya go tsadisa.

Ka lobakanyana Baroma le bone ba ne ba simolola ngwaga wa bone mo kgweding ya March. Mme ka 46 B.C.E., Mmusimogolo Julius Caesar o ne a laela gore o tshwanetse go simolola ka letsatsi la ntlha la January. Letsatsi leo le ne le setse le beetswe kwa thoko gore e nne la ga Janus, modimo wa ditshimologo, mme jaanong gape le ne le tla tshwaya letsatsi la ntlha la ngwaga wa Baroma. Letsatsi le ne la fetoga, mme boemo jwa go itlhapedisa jone ga bo a ka jwa fetoga. Ka letsatsi la ntlha la January, batho “ba ne ba iteseletsa go tlhapelwa ka tsela e e feteletseng,” go rialo Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, “le mo ditumelong tsa mefutafuta tsa botlhodi tsa boheitane.”

Tota le gompieno, meetlo ya go dumela mo botlhoding e a dirisiwa mo meketeng ya go itumelela Ngwaga o Mosha. Ka sekai, mo dikarolong dingwe tsa Amerika Borwa, ba le bantsi ba amogela ngwaga o mosha ba eme ka lonao lwa moja. Ba bangwe ba letsa dinaka ba bo ba thuntsha dikirikete. Ka Se-Czech, Maitseboa a go tsogwa e le Ngwaga o Mosha ke nako ya go ja sopo ya lentele, mme ka Se-Slovakia gone batho ba baya madi kgotsa makape a tlhapi mo tlase ga letsela le le alwang mo tafoleng. Meetlo e e ntseng jalo, e e direlwang go tlosa bomadimabe le go tlhomamisa motho o tlile go atlega, e tsweletsa fela tumelo ya bogologolo ya gore go simolola ga ngwaga o mosha ke nako ya go laolela gale se se tla go diragalelang.

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Baebele e gakolola Bakeresete gore ba ‘tsamaye ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa.’ * (Baroma 13:12-14; Bagalatia 5:19-21; 1 Petere 4:3) Gonne mekete ya go itumelela Ngwaga o Mosha gantsi e na le go feteletsa dilo go Baebele e go nyatsang, Bakeresete ga ba nne le seabe mo go yone. Seno ga se reye gore Bakeresete ba gagametse. Go na le moo, ba a itse gore gangwe le gape Baebele e bolelela baobamedi ba Modimo wa boammaaruri gore ba itumele—le gone ba itumelela dilo di le mmalwa. (Duteronome 26:10, 11; Pesalema 32:11; Diane 5:15-19; Moreri 3:22; 11:9) Gape Baebele e a amogela gore dijo le dino gantsi di nna teng fa go itumetswe.—Pesalema 104:15; Moreri 9:7a.

Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mekete ya go itumelela Ngwaga o Mosha e simologile le ditlwaelo tsa boheitane. Kobamelo ya maaka e leswe e bile e makgapha mo matlhong a ga Jehofa Modimo, mme Bakeresete ba gana go amogela ditlwaelo tse di simologileng moo. (Duteronome 18:9-12; Esekiele 22:3, 4) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale?” Ka lebaka le le utlwalang he Paulo o ne a oketsa jaana: “Lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:14-17a.

Gape Bakeresete ba a lemoga gore go nna le seabe mo meetlong ya go dumela mo botlhoding ga go na go raya gore motho o tla nna a itumetse e bile a atlegile—bogolo jang ka gonne go nna le seabe mo ditlwaelong tse di ntseng jalo go ka nna ga dira gore motho a se ka a amogelwa ke Modimo. (Moreri 9:11; Isaia 65:11, 12) Mo godimo ga moo, Baebele e gakolola Bakeresete go nna tekatekano le go ikgapa mo boitshwarong jwa bone. (1 Timotheo 3:2, 11) Go a bonala sentle gore go tla bo go sa tshwanela gore motho yo o ipolelang gore o latela dithuto tsa ga Keresete a nne le seabe mo moketeng o mo go one go nnang le tlhapelo e e feteletseng.

Le fa mekete eno ya go itumelela Ngwaga o Mosha e ka bonala e kgatlha jang e bile e ikuela go le kana kang, Baebele e re bolelela gore re “tlogele go ama selo se se seng phepa” le go ‘intlafatsa leswe lengwe le lengwe la nama le moya.’ Ba ba dirang tumalanong le seo, Jehofa o ba tlhomamisetsa jaana ka lorato: “Ke tla lo amogela. . . . Ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake.” (2 Bakorintha 6:17b–7:1) Ee ruri, ba ba ikanyegang mo go ene o ba solofetsa masego a a sa khutleng le katlego.—Pesalema 37:18, 28; Tshenolo 21:3, 4, 7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Fa Paulo a ne a bua ka ‘mediro ya ditlhapelo le mediro ya botagwa’ a ka nna a bo a ne a akaretsa le e e neng e dirwa mo meketeng ya go itumelela Ngwaga o Mosha, ka gonne eno e ne e tumile thata kwa Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga.