Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo ya Batho ba ba Tshwerweng ke Ramatiki

Tsholofelo ya Batho ba ba Tshwerweng ke Ramatiki

 Tsholofelo ya Batho ba ba Tshwerweng ke Ramatiki

“RAMATIKI ga e bolaye batho jaaka bolwetse jwa pelo kgotsa kankere,” go rialo Dr. Fatima Mili, “mme gone e ama thata se motho a ka se dirang ka botshelo jwa gagwe.” Ramatiki e ka ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa motho. E le gore mangwe a mathata a batho ba ba tshwerweng ke ramatiki ba lebanang le one ke afe? A go a kgonega go a itshokela?

Katia, * yo o nang le dingwaga di le 28, go tswa kwa Italy, o bolela jaana: “Fa e sa le go lemogwa gore ke na le ramatiki fa ke ne ke na le dingwaga di le 20, botshelo jotlhe jwa me bo fetogile. Ke ile ka tshwanelwa ke gore ke tlogele tiro ya me le go tlogela tiro e ke neng ke e rata ya bodiredi jwa nako e e tletseng ka ntlha ya go opelwa.” Go opelwa ke sengwe se batho botlhe ba ba tshwerweng ke ramatiki ba lelang ka sone. Alan, yo o nang le dingwaga di le 63, go tswa kwa Engelane, o bolela jaana: “Ka metlha  go na le gongwe fa go leng botlhoko teng mo mmeleng wa gago, le fa gongwe botlhoko jwa teng bo ka tswa bo se bogale go le kalo.” Letsapa le le tseneletseng ke bothata jo bongwe. “Le fa o ka tswa o ne o ka kgona go itshokela botlhoko le go ruruga,” go rialo Sarah, yo o nang le dingwaga di le 21, “go lapa ga teng gone go thata go go itshokela.”

Botlhoko Jwa mo Maikutlong

Go ya ka Setsuko wa Japane, yo o nang le dingwaga di le 61, go utlwalelwa letsatsi le letsatsi ke botlhoko jo bo sa kgaotseng gape go ka “go monya maatla mo maikutlong le mo mogopolong.” Ebu, go tshwara fela pensele kgotsa thelefouno e ka nna bothata jo bogolo! Kazumi, yo o nang le dingwaga di le 47, o bua jaana ka khutsafalo: “Ke palelwa le ke go dira dilo fela tse di sa reng sepe tse le ngwana yo monnye a ka kgonang go di dira.” Janice yo o nang le dingwaga di le 60, yo o sa tlholeng a kgona go ema kgotsa go tsamaya lobaka lo loleele, o bolela jaana: “Go kgoba marapo tota ka gonne ga ke kgone go dira se ke neng ke kgona go se dira.”

Go palelwa ke go dira dilo ka tsela eno go ka go betisa pelo ga ba ga dira gore o nne le maikutlo a a sa siamang ka ga gago. Gaku, yo o nang le dingwaga di le 27, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o bolela jaana: “Gonne ke sa kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera kgotsa ke sa kgone go diragatsa dikabelo tsa me tsa phuthego ka botlalo, seno se dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe.” Francesca, yo o sa leng a ntse a tshwerwe ke ramatiki go tloga a sa ntse a na le dingwaga di le pedi, o bua ka “go hupediwa ke maikutlo a go itlhoboga.” Maikutlo ano a go itlhoboga a ka nna a nna le diphelelo tse di sa itumediseng mo semoyeng. Joyce, Mosupi mongwe mo Afrika Borwa, o dumela gore o ne a simolola go itlhaola mo dipokanong tsa Bokeresete. “Ke ne ke sa kgone go leba batho,” a rialo.

Gape motho yo o tshwerweng ke ramatiki a ka nna a bo a tlhobaela thata ka isagwe—go boifa gore o tlile go palelwa ke go tsamaya mme o ikaege fela ka batho ba bangwe, go boifa gore o tlile go tlogelwa fela o se na motho yo o go tlhokomelang, go boifa gore o tla wa mme o robe marapo a gago, go boifa gore ga o na o kgona go tlhokomela ba lelapa la gago. Yoko, yo o nang le dingwaga di le 52, o dumela jaana: “E ne e re fa ke bona karolo nngwe  e golafala mo go nna, ke ne ke tshoga gore e tlile go nna maswe thata.”

Ba lelapa le bone ba ka nna ba bo ba tshwenyega thata mo maikutlong, fa letsatsi le letsatsi ba bona jaaka moratiwa wa bone a boga. Banyalani bangwe ba ka nna ba bo ba nna le mathata a magolo mo manyalong a bone. Mosadi mongwe kwa Engelane, yo o bidiwang Denise, o bolela jaana: “Morago ga dingwaga di le 15 re ntse re nyalane, monna wa me o ne a mpolelela jaana, ‘Ke lapile jaanong ke ramatiki e ya gago!’ O ne a ntlogela le ngwana wa rona wa mosetsana wa dingwaga di le 5.”

Ka gone ramatiki e lere dikgwetlho tse dikgolo thata mo go ba e ba tshwereng le ba malapa a bone. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba kgona go itshoka ka katlego! A re bone gore ba bangwe ba dira jang.

Go Amogela Ditlhaelo Tsa Gago

Go ikhutsa mo go lekaneng go botlhokwa fa o tshwerwe ke ramatiki; go ka dira gore o se ka wa nna le letsapa le le tseneletseng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore jaanong o se ka wa tlhola o dira sepe fela. Timothy o tlhalosa jaana: “O tshwanetse go nna o tlhagafetse gore ramatiki e se ka ya go fekeetsa mo mogopolong ka gonne fa e ka go fekeetsa, o tla nna fela foo mme o utlwe botlhoko.” Ngaka ya malwetse a ramatiki e bong William Ginsburg, wa Mayo Clinic o akgela jaana: “Ga o itse gore ke leng o dirang go le gontsi thata le gore ke leng o dirang go le gonnye thata. Ka dinako tse dingwe batho ba tshwanelwa ke go gakololwa gore ba fokotse lobelo mme ba ele tlhoko bolwetse jwa bone.”

Seno se ka nna sa tlhoka gore o fetole tsela e o lebang ditlhaelo tsa gago ka yone. Daphne, wa mo Afrika Borwa, o bolela jaana: “Ke ile ka tshwanelwa ke gore ke lebe dilo fela jaaka di ntse mme ke lemoge gore ga se gore bokgoni jwa me jwa go dira dilo dingwe bo ile; ke fela gore ke tshwanetse go di dira ke iketlile go feta pele. Go na le gore ke tlhobaele kgotsa ke betwe ke pelo, ke dira fela go le gonnye nako le nako.”

Gape go gontle go tlwaelana le didirisiwa tse di farologaneng, tse di teng, tse di diretsweng go go thusa, gongwe o tlotle ka tsone le ngaka ya gago kgotsa moalafi yo o go thusang go katisa mmele. Keiko o bolela jaana: “Re tsentse ditepisi tse di itsamaisang. Go nna ke dikolosa dikonopo tsa setswalo go utlwisa magwejana a me botlhoko, ka jalo re ne ra di fetola. Jaanong ke kgona go bula ditswalo tsotlhe tsa ntlo ka go di kgorometsa ka tlhogo. Re ne ra tsenya matshwaro a a tlhokang go tsholediwa mo dithepeng tsotlhe tsa metsi mo ntlong gore bogolo ke kgone go dira tiro nngwe mo ntlong.” Yo mongwe yo o tshwerweng ke ramatiki yo o bidiwang Gail a re: “Dilotlolo tsa me tsa koloi le tsa ntlo di gokeletswe mo setshwarong se seleele, go dira gore ke kgone go di dikolosa motlhofo. Kama ya me le borashe jwa me di gokeletswe mo dilong tsa matshwaro a maleele mme di kgona go retolosetswa dintlheng tsotlhe gore ke kgone go ikama le go iborasha moriri sentle.”

Kemonokeng ya Lelapa—“Motswedi wa Nonofo”

Carla, go tswa Brazil, o bolela jaana: “Kemonokeng ya monna wa me e nthusitse fela thata. Go bo fela a ne a tsamaya le nna ka metlha fa ke ya go bona ngaka go ne go nkgothatsa. Re ne ra kgona go lemoga roobabedi gore bolwetse jono bo ama mmele wa me go le kana kang, gore matshwao a jone ke afe, le gore go tla tlhokega kalafi efe. Ke ne ke ikutlwa botoka ka gonne o ne a kgona go tlhaloganya gore ke utlwalelwa go le kana kang.” Ee, banna kgotsa basadi ba ba amogelang go palelwa ga balekane ba bone le ba ba iketleeditseng go itse ka boemo jwa bone ba ka kgona go nna motswedi o mogolo wa nonofo le thuso.

Ka sekai, Bette o ne a simolola go dira tiro ya go phepafatsa fa ramatiki ya monna wa gagwe e ne e sa tlhole e mo kgontsha go dira tiro ya gagwe ya go aga. Monna wa ga Kazumi ene ga a felela fela ka go tlhokomela mosadi wa gagwe mme gape o ne a dira ditiro tsa mo gae tse mosadi wa gagwe a neng a sa kgone go di dira. Mo godimo ga moo, o ne a thapisa bana ba bone go dira se ba neng ba ka kgona go se dira go thusa. Kazumi a re: “Monna wa me o nnile motswedi wa nonofo. Fa e ne e se ka thuso ya gagwe seemo sa me se ka bo se nnile maswe le go feta.”

Mosadi mongwe yo o bidiwang Carol, go tswa kwa Australia, o tlhagisa jaana: “Ela tlhoko gore o se ka wa tsenya ditiro tse dintsintsi mo thulaganyong ya gago. Go nna motlhofo fela gore ke nne le maikutlo a gore ke a tlhaela fa ke sa kgone go dira dilo ka lobelo lo lelapa la rona le dirang dilo ka lone.” Fa lelapa le go tshegetsa ka tsela e e bontshang gore le tlhaloganya tota e bile le a go akanyetsa, thuso ya lone e ka nna motswedi wa nonofo mo bathong ba ba lwalang.

Thuso ya Semoya

Katia a re: “Fa motho a lwala bolwetse jo bo tshwanang le jono, o dumela gore ga go na ope yo  o tlhaloganyang tsela e a ikutlwang ka yone. Seno se dira gore go nne botlhokwa go leba kwa go Jehofa Modimo, re itse gore ene o tlhaloganya boemo jwa rona jwa mo mmeleng le mo maikutlong. (Pesalema 31:7) Go nna le kamano e ntle le ene go nthusitse go nna le kagiso ya mogopolo gore ke tshele ka thetebalo ka bolwetse jwa me.” Go a tshwanela go bo Baebele e bitsa Jehofa e re ke “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

Ka gone thapelo e ka nna motswedi o o nonofileng thata wa kgomotso mo mothong yo o utlwang botlhoko jo bo sa feleng. Kazumi o bolela jaana: “Mo masigong a fa ke sa kgone go robala ka ntlha ya botlhoko, ke ne ke tshololela pelo ya me mo go Jehofa ke lela, ke mo kopa gore a mphe maatla a gore ke kgone go itshokela botlhoko jono le botlhale jwa gore ke kgone go lebana le mathata otlhe a me. Eleruri Jehofa o nkarabile.” Francesca le ene o bone thuso e e lorato ya Modimo. O bolela jaana: “Ke bone mafoko a a mo go Bafilipi 4:13 a diragadiwa: ‘Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.’”

Gantsi Jehofa Modimo o re thusa ka phuthego ya Bokeresete. Ka sekai, Gail o tlhalosa ka thuso e a neng a e amogela go tswa mo bakaulengweng ba gagwe le bokgaitsadi ba semoya mo phuthegong ya bone ya Basupi ba ga Jehofa. Gail a re: “Lorato lwa bone lo nthusitse gore ke se ka ka tshwenyega thata mo maikutlong.” Ka tsela e e tshwanang, fa Keiko a ne a bodiwa gore, “A go na le sengwe se o ka akanyang ka sone se se itumedisang mo botshelong jwa gago?,” o ne a araba jaana: “Ee, lorato lotlhe le kutlwelobotlhoko tse ke di bonang mo go mongwe le mongwe mo phuthegong!”

Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, balebedi ba di goga kwa pele mo go thuseng ka tsela eno. Setsuko o bolela jaana: “Ga ke kgone go tlhalosa gore motho yo o utlwalelwang ke bolwetse o ikutlwa jang fa bagolwane ba mo reetsa mme ba mo gomotsa.” Le fa go ntse jalo, jaaka motho mongwe yo o tshwerweng ke ramatiki yo o bidiwang Daniel a re gakolola, “bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya ba ka kgona go re thusa fa fela re ba letla gore ba re thuse.” Ka gone go botlhokwa gore batho ba ba lwalang ba nne ba ntse ba na le Bakeresete mmogo le bone, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. (Bahebera 10:24, 25) Fa ba le koo ba ka kgona go amogela kgothatso ya semoya e ba e tlhokang gore ba kgone go itshoka.

Pogo e Tla Fela

Batho ba ba tshwerweng ke ramatiki ba itumelela kgatelopele e ba tsa kalafi ba e dirileng go tla go fitlha jaanong. Le fa go ntse jalo, tota le mokgwa o o molemolemo wa tsa kalafi ga se yone kalafi ya mmatota. Kwa bofelong, batho ba ba tshwerweng ke ramatiki ba ka gomodiwa thata ke go amogela ditsholofetso tsa Modimo tsa lefatshe le lesha. * (Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4) Mo lefatsheng leo ‘setlhotsa se tla tlola fela jaaka kgama e tonanyana.’ (Isaia 35:6) Ramatiki le malwetse a mangwe otlhe a a bogisang batho a tla bo a etse ruri! Ka gone Peter, yo o tshwerweng ke ramatiki ya mo mokwatleng a re: “Ke na le tsholofelo le fa gone jaanong ke utlwalelwa ke manokonoko a ditlhabi.” Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Giuliana le ene o bolela jaana: “Ke leba letsatsi lengwe le lengwe le le fetang e le phenyo, ke utlwa go fetile letsatsi le le losi la go itshoka pele ga bokhutlo bo tla!” Ee, nako ya fa go tla bo go fedile e seng ramatiki fela mme gape go fedile pogo yotlhe e atametse!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 24 Fa e le gore o ka rata gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a go etele go go tlhalosetsa ka ditsholofetso tsa Baebele, ikopanye le phuthego ya lefelo la lona ya Basupi ba ga Jehofa kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go na le dilo di le dintsi tse di diretsweng go thusa batho ba ba nang le ramatiki go dira dilo tse dintsi mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Thuso e e lorato e ka bonwa mo dipokanong tsa Bokeresete