Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka go Ipusolosetsa?

Ke Eng se se Phoso ka go Ipusolosetsa?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng se se Phoso ka go Ipusolosetsa?

“O ntlhapaditse.”—Conneel, yo o nang le dingwaga di le 15, o mo kgolegelong ka ntlha ya polao.

Andrew yo o nang le dingwaga di le 14, yo o neng a bolaya morutabana kwa tantsheng ya sekolo, o ne a bolela fa a tlhoile barutabana le batsadi ba gagwe le gore o galefetse basetsana ka go bo ba mo gana.

MAKASINE wa Time o bitsa seno “mokgwa o o diphatsa.” Mosha mongwe yo o galefileng o tsena ka bokhukhuntshwane ka sethunya mo sekolong, mme o thuntshakaka bana ba a tsenang sekolo le bone le barutabana. Ditiragalo tsa go nna jalo tse di utlwisang botlhoko di simolotse go tlwaelega thata kwa United States mo e leng gore seteishene sengwe sa dikgang tsa thelebishene se ne sa tlhalosa mokgwa ono se re ke “go phatloga ga bothubaki.”

Ka lesego, dithuntshano tsa kwa sekolong e sa ntse e le selo se se diregang sewelo. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tsa bosheng jaana tsa bokebekwa tse di bakiwang ke kgalefo di bontsha fela kafa basha bangwe ba kgonang go galefa ka gone. Ke eng se go bonalang se baka kgalefo eno? Go bonala bangwe ba basha bano ba ne ba galefisiwa ke tshiamololo nngwe e e kileng ya direga kgotsa ke go bo batho bangwe ba ba ikarabelang ba sa ba tshware sentle. Ba bangwe go bonala fa ba ne ba galefisiwa ke go bo ba sotlwa nako le nako ke balekane ba bone. Mosimane mongwe wa dingwaga di le 12 yo o ileng a thuntsha moithutikaene—mme morago ga moo a ithuntsha—o ne a tlhola a sotlwa ka bokima jwa gagwe.

Ke boammaaruri gore basha ba le bantsi ba ne ba ka se akanyetse go dira thubakanyo e e maswe go le kalo. Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go dira gore go tlhaolwa ka ntlha ya lotso, go kgerisiwa, kgotsa go sotlwa di se ka tsa go utlwisa botlhoko. Fa Ben a akanya ka nako ya fa a ne a tsena sekolo, o bolela jaana: “Ka metlha ke ne ke le mokhutshwane mo go ba le bantsi ba dithaka tsa me. Mme ka gonne ke ne ke nna ke beotse tlhogo, bana ba bangwe ba ne ba ntshotla ka dinako tsotlhe e bile ba rata go mpatola mo tlhogong. Seno se ne se nkgalefisa. Se se neng sa dira dilo maswe le go feta ke gore fa ke ne ke ile go kopa thuso mo go ba ba nang le maikarabelo, ba ne ba intlhokomolosa. Seo se ile sa nkgalefisa le go feta!” Ben o oketsa jaana: “Lebaka le le lengwe fela le le dirileng gore ke se ka ka tsaya sethunya mme ka ba thuntsha e ne e le gore ke ne ke se na sone.”

O tshwanetse wa leba jang basha ba ba batlang go ipusolosetsa mo bathong ba ba ileng ba ba utlwisa botlhoko? Mme ke eng se o tshwanetseng go se dira fa wena ka bowena o sa tshwarwe sentle? Go araba dipotso tseno akanyetsa se Lefoko la Modimo le se bolelang.

Boikgapo—Sesupo sa Gore Motho o Nonofile!

Go se tshwarwe sentle le tshiamololo ga se dilo tse di simololang go diragala. Mokwadi mongwe wa  Baebele o ile a ntsha kgakololo eno: “Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pesalema 37:8) Gantsi fa motho a galefile o a bo a sa kgone go itshwara mme o galefa jaana a sa kgathalele ditlamorago tsa gone. Go itetlelela go “bela” go ka feleletsa ka gore o phatloge ka bogale. Go ka felela ka eng?

Akanya ka sekai sa Baebele sa ga Kaine le Abele. ‘Kaine o ile a tukela morwarraagwe, e bong Abele, bogale jo bogolo.’ Ka ntlha ya seo, “fa ba le kwa nageng Kaine a tlhasela Abele monnawe mme a mmolaya.” (Genesise 4:5, 8) Sekai se sengwe sa go retelelwa ke go laola bogale ke sa ga Kgosi Saulo. E re ka a ne a fufegela botswerere jwa ga Dafide yo mmotlana mo ntweng, o ile a mo konopa ka marumo, e seng ene fela mme gape le Jonathane morwawe!—1 Samuele 18:11; 19:10; 20:30-34.

Ke boammaaruri gore go na le dinako tse dingwe tseo go siameng gore motho a galefe. Mme le fa go ntse jalo, go galefa ka tsela e e siameng go ka feleletsa go bakile bosula fa kgalefo eno e sa laolwe sentle. Ka sekai, Simeone le Lefi, eleruri ba ne ba na le tshwanelo ya gore ba galefele Shekema fa ba utlwa gore o ile a betelela kgaitsadiabone e bong Dina. Mme go na le gore ba kokobetse makgwafo, ba ile ba tlala bogale jaaka go bontshiwa ke mafoko a ba neng ba a bua moragonyana: “A go na le motho ope yo o tshwanetseng go tshwara kgaitsadiarona jaaka seaka?” (Genesise 34:31) Mme e ne ya re fa bogale jwa bone bo setse bo feteletse, “mongwe le mongwe wa bone a tsaya tšhaka ya gagwe mme ba ya kwa motseng ba sa belaelwe mme ba bolaya monna mongwe le mongwe” yo o dulang mo motseng wa ga Shekema. Tšhakgalo ya bone e ne ya ba ya fetela le mo go ba bangwe ka gonne “bomorwa Jakobe ba bangwe” le bone ba ne ba kopanela le bone mo polaong. (Genesise 34:25-27) Le eleng dingwaga di le dintsi moragonyana, Jakobe, rraagwe Simeone le Lefi, o ile a kgala bogale jwa bone jo bo sa laolesegeng.—Genesise 49:5-7.

Re ithuta sengwe sa botlhokwa go tswa mo go seno: Kgalefo e e sa laolesegeng ga e supe gore motho o nonofile mme e supa gore o bokoa. Diane 16:32 e bolela jaana: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.”

Boeleele Jwa go Ipusolosetsa

Ka jalo Dikwalo di gakolola jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Lo se ka lwa ipusolosetsa.” (Baroma 12:17, 19) Go ipusolosetsa—e ka ne e le ka ditiro tsa bothubaki kgotsa mafoko fela a a tlhabang—ga go a siama. Mo godimo ga moo, go ipusolosetsa go go ntseng jalo, ga go thuse ka sepe e bile ga go botlhale. Lebaka ke gore, bothubaki gantsi bo felela ka gore go nne le bothubaki jo bongwe gape. (Mathaio 26:52) Gape mafoko a a tlhabang gantsi a felela ka mafoko a mangwe gape a mantsi a a tlhabang. Gakologelwa gape gore fa motho a galefa gantsi o a bo a se na lebaka le le utlwalang la go galefa jalo. Ka sekai, a o a tlhomamisa tota gore motho yo o go kgopisitseng o a go ila? A e ka tswa e le gore gongwe motho yono o dirile fela ka go sa akanye kgotsa a sa kgathale? Mme gone tota le fa a dirilwe ke gore o go tlhoile, a se a se dirileng se dira gore go bo go siame go ipusolosetsa?

Akanya ka mafoko a Baebele a a mo go Moreri 7:21, 22: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong, gore o tle o se ka wa utlwa motlhanka wa gago a go hutsa. Gonne pelo ya gago e itse sentle gore wena, e leng wena, o hutsitse ba bangwe gantsi.” Ee, ga go itumedise gore batho ba bue dilo tse di sa siamang kaga gago. Mme Baebele e dumela gore gone go a diragala. A ga se boammaaruri gore gongwe le wena o kile wa bua dilo dingwe ka batho tseo go ka bong go ile ga nna botoka gore o se di bue? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go galefa fa yo mongwe a bua sengwe se se sa siamang ka wena? Gantsi selo se se molemo se o ka se dirang fa motho a go sotla ke go mo itlhokomolosa.

Ka mo go tshwanang, ga se selo se se botlhale gore o galefe fa o na le maikutlo a gore ga wa tshwarwa sentle. Mosha mongwe yo o bidiwang David o gakologelwa seo se ileng sa diragala fa a ne a tshameka baseketebolo le Bakeresetekaene. David a re: “Mongwe go tswa mo setlhopheng se re tshamekang le sone o ne a nkonopa ka bolo.” Gonne David a ne a itlhaganelela go tsaya gore o dirile jalo ka gonne a mo tlhoile, o ne a ipusolosetsa, le ene a konopa motshameki yo mongwe yoo ka bolo. David o dumela jaana: “Ke ne ke galefile tota.” Mme David o ile a rapela Jehofa pele ga seemo se nna maswe le go feta. O ne a ipotsa jaana: ‘Ke tsenwe ke eng, ke batla go lwantsha mokaulengwe wa me wa Mokeresete?’ Moragonyana, ba kopana maitshwarelo.

Ke selo se se molemo go gakologelwa sekao sa ga Jesu Keresete mo maemong a a ntseng jalo. “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga a se ka a tshosetsa.” (1 Petere 2:23) Ee, fa o gateletswe mo maikutlong ka tsela nngwe, go na le gore o  ipusolosetse, rapela Modimo mme o mo kope gore a go thuse go ikgapa. Ka bopelotshweu o tla ‘naya ba ba mo kopang moya o o boitshepo.’ (Luke 11:13) Go na le gore o ipusolosetse fa mongwe a go kgopisitse, gongwe o ka mo atamela mme lo buisane kaga seo. (Mathaio 5:23, 24) Kgotsa fa e le gore nako le nako o tlhola o nnetse go tlhorontshiwa, gongwe ke modipa mongwe kwa sekolong, o se ka wa batla go mo lwantsha. Go na le moo, o tshwanetse go tsaya dikgato tse di molemo go itshireletsa. *

Mosha yo o Ileng a Tlogela go Nna Bogale

Basha ba le bantsi ba ile ba dirisa melaometheo eno ya Baebele mme matswela ya nna a a molemo. Ka sekai, Catrina, o ne a newa mmè mongwe gore a mo ikgodisetse fa a ne a sa ntse a le mmotlana. A re: “Ke ne ke tle ke galefe thata ka ntlha ya gore ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa mmè yo o ntsetseng a ne a nnaya mmè yo mongwe gore a nkgodise. Ka jalo ke ne ke tlhola ke ntshetsa bogale jwa me mo go mmè yono yo o neng a nkgodisa. Ka boeleele, ke ne ke ithaya ke re fa ke mo utlwisa botlhoko, ka tsela nngwe ke ne ke ipusolosetsa mo go mmè yo o ntsetseng. Ka jalo ke ne ka dira sengwe le sengwe—ke mo roga, ka tiba fa fatshe ka dinao, ke ingadisa. Ke ne ke rata thata go itaanya mejako. Gape ke ne ke tle ke mo reye ke re, ‘Ke go tlhoile!’—gono gotlhe e le ka gonne ke ne ke galefile thata. Fa ke lebelela kwa morago, ga ke dumele gore ke ne ka dira dilo tseno.”

Ke eng se se thusitseng Catrina go laola kgalefo ya gagwe? O araba jaana: “Go bala Baebele! Seno se botlhokwa thata ka gonne Jehofa o itse kafa re ikutlwang ka gone.” Catrina o ile a gomotsega fa ba lelapa la gagwe le ene ba ne ba bala ditlhogo tsa Tsogang! tse di neng di tlotla ka boemo jo bo tshwanang le jwa lelapa la bone. * O gakologelwa jaana: “Rotlhe re ne ra kgona go utlwana mmogo le go tlhaloganyana tsela e re ikutlwang ka yone.”

Le wena o ka kgona go ithuta go laola maikutlo a go nna bogale. Fa o sotliwa, o kgerisiwa, kgotsa o sa tshwarwa sentle, gakologelwa mafoko a Baebele a a mo go Pesalema 4:4: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa.” Mafoko ao a ka go thusa gore o se ka wa galefagalefa fela ka tsela e e kotsi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Go bona dikgakololo tse di molemo tsa kafa o ka dirisanang ka gone le barutabana ba ba sa go tshwareng sentle, bakgerisi ba kwa sekolong, le ba ba tlhorontshang ba bangwe, bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse di mo go February 8, 1984; August 22, 1985; le August 8, 1989, mo ditokololong tsa Tsogang! (ka Seesemane).

^ ser. 21 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka boitumelo le dikgwetlho tsa go ikopela ngwana, o o tlhagelelang mo tokololong ya May 8, 1996 ya Tsogang!

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gantsi, selo se se molemo se o ka se dirang fa motho a go sotla ke go mo itlhokomolosa